Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A go tla tsamaya go nna le tshiamiso mo lefatsheng?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

“Ke itse sentle gore Jehofa o tla diragatsa kopo e e kafa molaong ya yo o bogisiwang, katlholo ya bahumanegi.” (Pesalema 140:12) Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisa tshiamiso mo lefatsheng.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Modimo o bona tshiamololo e e diregang mo lefatsheng mme o tlile go e baakanya.—Moreri 5:8.

  • Fa Modimo a tlisa tshiamiso, go tla nna le kagiso le polokesego mo lefatsheng. —Isaia 32:16-18.

A go na le setlhopha sa batho ba Modimo a ba ratang thata go feta ba bangwe?

Batho bangwe ba dumela gore go na le batho bangwe ba Modimo a ba segofaditseng le ba a hutsitseng mme batho bangwe ba dumela gore Modimo o dirisana le rona rotlhe ka tsela e e tshwanang. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

“Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Modimo o tsaya batho ka go tshwana.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Baebele e na le “dikgang tse di molemo” tse batho ba ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme,’ ba ka itumelelang go di utlwa.—Tshenolo 14:6.