SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA MONGWE YO O MO RATANG A TLHOKAFALA
A go Hutsafala go Phoso?
A o kile wa kubugelwa ke bolwetse ka nakwana? Gongwe o ile wa fola ka bonako wa ba wa lebala ka tiragalo eo. Mme gone, go hutsafala ga go a nna jalo. Dr. Alan Wolfelt o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya, Healing a Spouse’s Grieving Heart: “Ga go ka ke gatwe khutsafalo e a fela.” Le fa go ntse jalo, o ne a oketsa jaana: “Fa nako e ntse e ya e bile ba bangwe ba go ema nokeng, khutsafalo ya gago e tla kokobela.”
Ka sekai, ela tlhoko kafa tlhogo ya lotso e bong Aborahame a ileng a itshwara ka teng fa a ne a tlhokafalelwa ke mosadi. Baebele ya re ‘Aborahame o ne a simolola go hutsafalela Sara le go mo lelela.’ Mafoko a a reng ‘o ne a simolola,’ a naya kgopolo ya gore go ne ga tsaya nako a ntse a lepalepana le khutsafalo. * Sekai se sengwe ke sa ga Jakobe, yo a neng a tsiediwa gore a dumele gore morwawe e bong Josefa o bolailwe ke sebatana. O ne a hutsafala “malatsi a le mantsi” mme ba lelapa la gagwe ga ba a ka ba kgona go mo gomotsa. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, loso lwa ga Josefa lo ne lo sa ntse lo mo amile maikutlo.—Genesise 23:2; 37:34, 35; 42:36; 45:28.
Go ntse jalo le gompieno ka batho ba le bantsi ba ba hutsafaditsweng ke loso lwa ba ba atamalaneng thata le bone. Ela tlhoko dikai tse pedi tse di latelang.
-
“Monna wa me e bong Robert, o ne a tlhokafala ka July 9, 2008. Moso wa fa a tla tlhokafala mo kotsing ya koloi, o ne o tshwana fela le malatsi a mangwe. Morago ga sefitlholo, fela jaaka re tlwaetse go dira fa a ya tirong, re ne ra atlana, ra tlamparelana re bo re laelana ka gore ‘ke a go rata.’ Le fa go fetile dingwaga di le thataro, ke sa ntse ke utlwile botlhoko. Ga ke dumele gore ke tla tsamaya ke kgaotsa go hutsafalela Rob.”—Gail wa dingwaga tse 60.
-
“Le fa go fetile dingwaga di feta 18 mosadi wa me yo ke mo ratang thata a tlhokafetse, ke sa ntse ke mo gopola e bile ke mo hutsafalela. Nako le nako fa ke bona sengwe sa tlholego se se kgatlhang, ke akanya ka ene, e bile ke akanya kafa a neng a tla itumela ka teng fa a bona se ke se bonang.”—Etienne wa dingwaga tse 84.
Tota ke ga tlholego gore motho a nne le maikutlo ao a a utlwisang botlhoko e bile e le ka lobaka lo loleele. Mongwe le mongwe o hutsafala ka tsela ya gagwe, ka jalo, go tla bo go se botlhale go atlhola motho yo mongwe ka ntlha ya tsela e a tsibogelang masetlapelo ka yone. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlhoka go tila go ikatlhola fa go bonala e kete re tsibogela masetlapelo ka tsela e e feteletseng. Re ka lepalepana jang le khutsafalo?
^ ser. 4 Morwa Aborahame e bong Isake le ene o ne a hutsafala lobaka lo loleele. Jaaka go tlhalosiwa mo setlhogong se se reng, “Etsa Tumelo ya Bone,” se se mo makasineng ono, Isake o ne a sa ntse a hutsafaditswe ke loso lwa ga mmaagwe e bong Sara, le fa go ne go setse go fetile dingwaga di le tharo.—Genesise 24:67.