Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA MONGWE YO O MO RATANG A TLHOKAFALA

Go Lepalepana le Khutsafalo

Go Lepalepana le Khutsafalo

Go na le dikgakololo di le dintsi malebana le kgang eno. Le fa go ntse jalo, ga se gore tsotlhe di ka go thusa. Ka sekai, bangwe ba ka nna ba re o se ka wa lela kgotsa wa bontsha gore o ikutlwa jang. Ba bangwe ba ka nna ba go bolelela se se farologaneng, ba re o senole maikutlo a gago. Baebele e leba kgang eno ka tsela e e tekatekano, tsela e e dumalanang le dipatlisiso tsa bosheng.

Mo ditsong dingwe, gatwe monna ga a lele go lela mosimane. A mme gone go a tlhokega gore o tlhabisiwe ditlhong ke go lela, tota le mo gare ga batho? Baitse ba tsa botsogo jwa tlhaloganyo ba dumela gore go lela ke karolo e e tlwaelegileng ya go hutsafala. E bile fa nako e ntse e ya, go hutsafala go ka go thusa go tswelela ka botshelo go sa kgathalesege gore o latlhegetswe thata go le kana kang. Le fa go ntse jalo, go gatelela maikutlo go ka nna ga go gobatsa. Baebele ga e dumalane le kgopolo ya gore go lela go phoso kgotsa ya gore monna nku o lelela teng. Ka sekai, akanya ka Jesu. Tota le fa a ne a itse gore o na le maatla a go tsosa baswi, o ne a lela phatlalatsa kwa losong lwa tsala ya gagwe e bong Lasaro!—Johane 11:33-35.

Gantsi go nna o phatloga ka bogale ke karolo ya go hutsafala, segolobogolo mo maemong a fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafetse ka tshoganyetso. Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore motho yo o tlhokafaletsweng a galefe, a a jaaka fa mongwe yo o tlotlegang a bua a sa akanye e bile a bua sengwe se se seng boammaaruri. Monna mongwe wa kwa Afrika Borwa e bong Mike a re: “Ke ne ke le dingwaga di le 14 fa rre a tlhokafala. Fa re le kwa phitlhong ya gagwe, moruti mongwe wa kereke ya Anglican o ne a re Modimo o tlhoka batho ba ba molemo mme o ba tseela kwa go ene ka bonako. * Seno se ne sa nkgalefisa ka gonne re ne re tlhoka rre fela thata. Le fa go setse go fetile dingwaga di le 63, kgang eno e sa ntse e nkutlwisa botlhoko.”

Go tweng ka go itshwaya phoso? Motho yo o tlhokafaletsweng a ka nna a nnela go akanya jaana, ‘seno se ka bo se sa direga fa nka bo ke ile ka dira jaana le jaana,’ segolobogolo fa loso loo lo diragetse ka tshoganyetso. Gongwe e bile labofelo fa o ne o bua le motho yo o tlhokafetseng, lo ne lo omana. Seno se ka dira gore o itshwaye phoso le go feta.

Fa o tshwenngwa ke maikutlo a a jaaka go itshwaya phoso le go galefa, go botlhokwa gore o se ka wa swa senku. Go na le moo, bua le tsala e e tla go reetsang le go go tlhomamisetsa gore gantsi batho ba ba tlhokafaletsweng ba nna le maikutlo ao. Baebele e re gakolola jaana: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Tsala e e molemo go gaisa e motho yo o tlhokafaletsweng a ka nnang le yone ke Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. Mmulele mafatlha ka thapelo ka gonne ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Mo godimo ga moo, o solofetsa gore botlhe ba ba dirang jalo, ba tla sidilega maikutlo le dikakanyo ka ntlha ya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafilipi 4:6, 7) Gape, letla Modimo gore a go thobe maikutlo ka Lefoko la gagwe le le gomotsang e bong Baebele. Dira lenaane la ditemana tse di gomotsang. (Bona  lebokose le le mo setlhogong seno.) Gongwe e bile o ka rata go tshwara dingwe tsa tsone ka tlhogo. Go nna le ditemana tse di ntseng jalo tse o ka tlhatlhanyang ka tsone, go ka go thusa segolobogolo bosigo fa o le nosi e bile o sa kgone go robala.—Isaia 57:15.

Bosheng jaana, monna mongwe wa dingwaga tse 40 yo re tla mmitsang Jack, o ne a tlhokafalelwa ke mosadi ka ntlha ya kankere. Jack a re ka dinako dingwe o jewa ke bodutu fela thata. Mme o lemogile gore thapelo e a mo thusa. O tlhalosa jaana: “Fa ke rapela Jehofa, ga ke ikutlwe ke jewa ke bodutu. Gantsi ke a phadimoga gare ga bosigo ke bo ke palelwa ke go robala gape. Fa ke sena go bala le go tlhatlhanya ka Ditemana tse di gomotsang ke bo ke tshololela Modimo maikutlo ka thapelo, ke ikutlwa ke ritibetse e bile ke na le kagiso e kgolo, mme seno se dira gore mogopolo le pelo ya me di ritibale ke bo ke kgona go robala.”

Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vanessa o ne a tlhokafalelwa ke mmaagwe ka ntlha ya bolwetse. Le ene o ne a bona gore thapelo e maatla. A re: “Ka dinako tsa fa ke ne ke utlwile botlhoko thata, ke ne ke bitsa leina la Modimo ke bo ke thubega ka selelo. Jehofa o ne a reetsa dithapelo tsa me e bile ka metlha o ne a nnonotsha.”

Bagakolodi bangwe ba ba gakololang batho ba ba tlhokafaletsweng, ba akantsha gore batho ba ba lwantshanang le khutsafalo ba thuse ba bangwe kgotsa ba ithaopele go dira tirelo nngwe ya setšhaba. Go dira jalo go ka ipedisa motho ga ba ga fokotsa khutsafalo e a nang le yone. (Ditiro 20:35) Bakeresete ba le bantsi ba ba tlhokafaletsweng ba lemogile gore go thusa ba bangwe, go ba gomotsa fela thata.—2 Bakorintha 1:3, 4.

^ ser. 5 Thuto eno ga e tswe mo Baebeleng. Baebele e bua ka dilo tse tharo tse di bakang loso.—Moreri 9:11; Johane 8:44; Baroma 5:12.