Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

Ke Eng Se se Ka re Thusang Gore re Tswelele re Ratana?

Ke Eng Se se Ka re Thusang Gore re Tswelele re Ratana?

“A re tsweleleng re ratana, ka gonne lorato lo tswa kwa Modimong.”​—1 JOH. 4:7.

PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. (a) Goreng moaposetoloi Paulo a ne a re lorato ke nonofo e kgolo thata? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

 FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a bua ka tumelo, tsholofelo le lorato, o ile a re “se segolo thata mo go tsone ke lorato.” (1 Bakor. 13:13) O ile a bua jalo ka gonne kwa lefatsheng le lesha, re tla bo re sa tlhole re tlhoka tumelo ka gonne Jehofa o tla bo a diragaditse dilo tsotlhe tse a neng a di solofeditse. Le fa go ntse jalo, re tlile go tswelela re rata Jehofa le batho ba bangwe. Tota e bile, tsela e re ba ratang ka yone e tla nna e oketsega.

2 E re ka re tlile go tswelela re rata Jehofa le batho ba bangwe, re tlile go tlotla ka dipotso tseno tse tharo: Goreng re tshwanetse go ratana? Re ka bontsha jang gore re rata ba bangwe? Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re ratana?

GORENG RE TSHWANETSE GO RATANA?

3. Goreng re tshwanetse go ratana?

3 Goreng go le botlhokwa gore re ratane? Fa re ratana, re bontsha gore re Bakeresete ba boammaaruri. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.” (Joh. 13:35) Gape lorato lo re thusa go nna seoposengwe. Paulo o ile a re lorato “lo dira gore batho ba utlwane.” (Bakol. 3:14) Mme gone, go na le lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo re tshwanetse go ratana. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Ope fela yo o ratang Modimo o tshwanetse go rata le mokaulengwe wa gagwe.” (1 Joh. 4:21) Ka jalo, fa re ratana re bontsha gore re rata Modimo.

4-5. Tsela e re ratang Modimo ka yone, e amana jang le e re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone? Dira sekai.

4 Tsela e re ratang bakaulengwe ka yone e amana le e re ratang Jehofa Modimo ka yone. Re raya jang? Ka sekai, pelo e amana le dikarolo tse dingwe tsa mmele. Ka jalo fa ngaka e re tlhatlhoba ka go tshwara ditshika tse di mo letsogong, e kgona go lemoga gore a pelo ya rona e iteela kwa tlase kgotsa e itaya sentle. Re ka ithuta eng mo go seno?

5 Fela jaaka ngaka e kgona go lemoga gore pelo ya rona e itaya jang ka go tshwara ditshika tse di mo letsogong, le rona re ka kgona go lemoga gore re rata Modimo go le kana kang fa re tlhatlhoba tsela e re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone. Fa re lemoga gore ga re tlhole re ba rata ka tsela e re neng re ba rata ka yone pele, seo se ka tswa se bontsha gore tsela e re ratang Modimo ka yone e a fokotsega. Mme gone, fa re nna re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi, seo se bontsha gore re rata Modimo.

6. Goreng re tshwanetse go dira sengwe fa re lemoga gore ga re tlhole re rata bakaulengwe le bokgaitsadi jaaka pele? (1 Johane 4:​7-9, 11)

6 Fa o lemoga gore ga o tlhole o rata bakaulengwe le bokgaitsadi jaaka pele, o tshwanetse go dira sengwe go baakanya bothata joo ka gonne seo se ka tswa se bontsha gore ga o tlhole o atamalane le Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Joh. 4:20) Seno se re ruta gore Jehofa o tla re amogela fa fela “re ratana.”​—Bala 1 Johane 4:​7-9, 11.

RE KA BONTSHA JANG GORE RE A RATANA?

7-8. Re ka dira eng go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi?

7 Gangwe le gape Lefoko la Modimo le re laela gore ‘re ratane.’ (Joh. 15:​12, 17; Bar. 13:8; 1 Bathes. 4:9; 1 Pet. 1:22; 1 Joh. 4:11) Mme gone, lorato ke sengwe se batho ba bangwe ba sa kgoneng go se bona. Ka jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka lemoga jang gore re a ba rata? Ka se re se buang le se re se dirang.

8 Go na le dilo di le dintsi tse re ka di dirang go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata. Ka sekai, Baebele e a re: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe.” (Seka. 8:16) “Lo tshedisane ka kagiso.” (Mar. 9:50) “Nnang ba ntlha go tlotla ba bangwe.” (Bar. 12:10) “Amogelanang.” (Bar. 15:7) “Tswelelang lo . . . itshwarelana.” (Bakol. 3:13) “Tswelelang lo thusana merwalo ya lona.” (Bagal. 6:2) “Nnang lo gomotsane.” (1 Bathes. 4:18) “Nnang . . . lo agane.” (1 Bathes. 5:11) ‘Rapelelanang.’​—Jak. 5:16.

Re ka thusa jang modumedimmogo le rona fa a na le mathata? (Bona serapa 7-9)

9. Goreng re ka re fa re gomotsa ba bangwe re bontsha gore re a ba rata? (Bona le setshwantsho.)

9 A jaanong re tlotle ka sengwe se se umakilweng mo serapeng se se fetileng, se re ka se dirang go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata. Paulo o ile a re: “Nnang lo gomotsane.” Goreng re ka re fa re gomotsa ba bangwe re bontsha gore re a ba rata? Go ya ka buka nngwe e e tlhalosang Baebele, lefoko go “gomotsa” le Paulo a le dirisitseng, le kaya “go ema gaufi le motho yo o nang le mathata gore o mo kgothatse.” Ka jalo fa re gomotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o nang le mathata, re mo thusa gore a tswelele a direla Jehofa ka boikanyegi. Nna o gopotse gore nako le nako fa o gomotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, o bontsha gore o a mo rata.​—2 Bakor. 7:​6, 7, 13.

10. Goreng re re go tlhomogela ba bangwe pelo le go ba gomotsa ke diya thoteng di bapile?

10 Go tlhomogela ba bangwe pelo le go ba gomotsa ke diya thoteng di bapile. Goreng re rialo? Fa motho a tlhomogela yo mongwe pelo fa a mmona a boga, o dira sotlhe se a ka se kgonang go mo gomotsa le go mo thusa. Ka jalo, go tlhomogela batho ba bangwe pelo go dira gore re ba gomotse. Re kgona go bona seo mo tseleng e Paulo a ileng a tlhalosa Jehofa ka yone. A re Jehofa ke “Rara yo o kutlwelobotlhoko le Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe.” (2 Bakor. 1:3) Ka jalo e re ka e le “Rara yo o kutlwelobotlhoko,” o re tlhomogela pelo mme seo se mo tlhotlheletsa gore a re gomotse fa re ‘wetswe ke diteko dipe fela.’ (2 Bakor. 1:4) Fela jaaka metsi a a tsididi a lapolosa motho yo o tshwerweng ke lenyora, Jehofa le ene o a re gomotsa e bile o a re lapolosa fa re na le mathata. Re ka mo etsa jang? Re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne le dinonofo tse di tla re thusang go tlhomogela ba bangwe pelo le go ba gomotsa. Dingwe tsa dinonofo tseo ke dife?

11. Go ya ka Bakolosa 3:12 le 1 Petere 3:​8, ke dinonofo dife tse di tla re thusang go tlhomogela ba bangwe pelo le go ba gomotsa?

11 Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re rata ba bangwe le gore re nne re ba gomotsa letsatsi le letsatsi? Re tshwanetse go leka ka natla go nna pelotlhomogi, go nna pelonomi le go rata ba bangwe. (Bala Bakolosa 3:12; 1 Petere 3:8.) Go nna le dinonofo tseno go tla re thusa jang? Fa re tlhomogela bakaulengwe le bokgaitsadi pelo e bile re amega ka bone, seo se tla re tlhotlheletsa gore re ba gomotse fa ba na le mathata. Jesu o ile a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong. Motho yo o molemo o ntsha dilo tse di molemo mo letlotlong la gagwe le le molemo.” (Math. 12:​34, 35) Fa re gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi, re bontsha gore re a ba rata.

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GORE RE TSWELELE RE RATANA?

12. (a) Goreng re tshwanetse go ikela tlhoko? (b) Re tla tlotla ka potso efe?

12 Re batla go ‘tswelela re ratana.’ (1 Joh. 4:7) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a re “lorato lwa batho ba le bantsi lo [ne lo] tla fela.” (Math. 24:12) Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe ba le bantsi ba ne ba ka se ka ba tlhola ba ratana. Mme gone, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra feleletsa re tshwana le batho ba lefatshe leno ba ba sa rataneng. Ke eng se se ka re thusang go lemoga gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi go le kana kang?

13. Ke eng se se ka re thusang go lemoga gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi go le kana kang?

13 Tsela e re itshwarang ka yone mo maemong mangwe e ka re thusa go lemoga gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi go le kana kang. (2 Bakor. 8:8) Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a re: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang thata, ka gonne motho yo o nang le lorato o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe ka metlha.” (1 Pet. 4:8) Ka jalo tsela e re itshwarang ka yone fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira diphoso, kgotsa ba dira sengwe se se re utlwisang botlhoko, e tla re thusa go lemoga gore re ba rata go le kana kang.

14. Go ya ka 1 Petere 4:​8, re tshwanetse go ratana jang? Dira sekai.

14 Mma jaanong re sekaseke se Petere a ileng a se bua. Mo karolong ya ntlha ya temana 8, o ile a re re ‘ratane thata.’ Fa lefoko “thata” le ranolwa jaaka le ntse, le kaya go “phutholola.” Mo karolong ya bobedi ya temana eno, o tlhalosa gore go ratana thata go tla re thusa gore re dire eng. A re go tla re thusa gore re itshwarelane. Ka sekai, a re re o na le tafole e e nang le mengapo e mentsi. O ka phuthololela letsela mo go yone gore le fitlhe mengapo eo gore e se ka ya bonala. Letsela leo ga le kitla le fitlha mongapo o le mongwe fela, mme le tla e fitlha yotlhe. Ka tsela e e tshwanang, fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi thata, re tla ba itshwarela, le fa ba re direla diphoso di le dintsi.

15. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi thata, re tla kgona go dira eng? (Bakolosa 3:13)

15 Re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi thata jaana mo re kgonang go ba itshwarela fa ba re diretse diphoso, tota le fa go dira jalo go se motlhofo. (Bala Bakolosa 3:13.) Fa re ba itshwarela, re bontsha gore re ba rata thata, le gore re batla go itumedisa Jehofa. Ke eng gape se se ka re thusang gore re itshwarele bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba re direla diphoso kgotsa ba dira sengwe se re sa se rateng?

Fela jaaka re phimola dinepe tse di sa tswang sentle mme re tlogela tse di siameng, ga re nnele go akanya ka diphoso tse di sa reng sepe tsa bakaulengwe le bokgaitsadi, go na le moo re akanya ka dilo tse dintle tse ba di dirang (Bona serapa 16-17)

16-17. Ke eng gape se se ka re thusang gore re lebale diphoso tse ba bangwe ba re direlang tsone? Dira sekai. (Bona le setshwantsho.)

16 Tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang, e seng mo diphosong tsa bone. Ka sekai, a re re o iketlile le bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe, lo itumetse mme pele lo kgaogana lo itsaya dinepe tse tharo. Fa o ntse o lebile dinepe tseo, o lemoga gore mo go se sengwe, mokaulengwe mongwe o sosobantse sefatlhego. O tla dira eng ka sone? O tla se phimola o bo o sala ka tse pedi tse di duleng sentle.

17 Re ka tshwantsha dinepe tse di duleng sentle le dilo tse dintle tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang. Go le gantsi re itumelela go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme a re re fa o ntse o na le bone, mongwe wa bone o dira sengwe se o sa se rateng. O tla dira eng? Leka go lebala se a se dirileng, fela jaaka o ne o ka phimola senepe se se sa tswang sentle. (Diane 19:11; Baef. 4:32) Fa re nna re akanya ka dilo tse dintle tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang, go tla nna motlhofo gore re lebale diphoso tse di sa reng sepe tse ba di dirang.

GORENG RE TSHWANETSE GO RATANA?

18. Re ithutile dintlha dife tsa botlhokwa mo setlhogong seno?

18 Goreng re tshwanetse go tswelela re ratana thata? Jaaka re setse re bone, fa re bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata, re bontsha gore re rata Jehofa. Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi? Re ka dira jalo ka go ba gomotsa. Fa re ba tlhomogela pelo, re ka kgona go ‘nna re ba gomotsa.’ Mme gone, re ka dira jang gore re tswelele re rata ba thata? Re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re ba itshwarele, tota le fa go le thata.

19. Goreng go le botlhokwa gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi?

19 Goreng go le botlhokwa thata gore re ratane? Petere o ile a re: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Ka jalo, . . . ratanang thata.” (1 Pet. 4:​7, 8) Go tlile go direga eng fa lefatshe leno le ntse le ya bokhutlong? Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Ditšhaba tsotlhe di tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me.” (Math. 24:9) Gore re kgone go tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa re tlhoilwe, re tshwanetse go nna seoposengwe. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi, Satane ga a ka ke a kgona go re kgaoganya, ka gonne lorato “lo dira gore batho ba utlwane.”​—Bakol. 3:14; Bafil. 2:​1, 2.

PINA 130 Lo Itshwarelane

a Go botlhokwa gore re bontshe bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata. Goreng re rialo, mme re ka dira seo jang?