Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke mo Diatleng Tse di Sireletsegileng

Ke mo Diatleng Tse di Sireletsegileng

FA BATHO ba mpotsa ka botshelo jwa me mo tirelong ya ga Jehofa, gantsi ke ba raya ke re: “Ke tshwana le bêkê e Jehofa a tsamayang ka yone gongwe le gongwe!” Fela jaaka le nna ke tsaya bêkê fa ke ya gongwe, ke batla gore Jehofa le phuthego ya gagwe ba nkaele go ya gongwe le gongwe kwa ba batlang gore ke ye teng. Ke ile ka amogela dikabelo tse di thata e bile ka dinako dingwe di le kotsi. Le fa go ntse jalo, ke ithutile gore fa ke tshepa Jehofa, o tla ntshireletsa.

LOETO LO A SIMOLOGA

Ke tshotswe ka 1948, kwa motsaneng mongwe kwa Nigeria. Ka nako eo, Rangwane Moustapha le nkgonne e bong Wahabi, ba ne ba kolobediwa gore e nne Basupi ba ga Jehofa. Fa ke na le dingwaga di le robongwe, rre o ne a tlhokafala. Pelo ya me e ne ya rotha madi! Wahabi o ne a mpolelela gore re tla bona rre gape fa a sena go tsosiwa. Seo se ne sa nkgomotsa thata mo ke neng ka simolola go ithuta Baebele. Ka 1963 ke ne ka kolobediwa, mme moragonyana bonkgonne ba babedi le nnake, le bone ba ne ba kolobediwa.

Ka 1965, ke ne ka ya go nna le nkgonne e bong Wilson kwa Lagos. Ke ne ke itumelela go fetsa nako le babulatsela ba ka metlha kwa Phuthegong ya Igbobi. Ke ne ke rata tsela e ba neng ba le matlhagatlhaga ka yone e bile ba itumetse. Ka jalo, ka January 1968 le nna ke ile ka nna mmulatsela.

Mokaulengwe Albert Olugbebi yo o neng a direla kwa Bethele, o ne a rulaganya pokano e e kgethegileng gore a bue le basha. Kwa pokanong eo, o ile a re bolelela gore go tlhokega babulatsela ba ba kgethegileng kwa bokone jwa Nigeria. Ke sa ntse ke gopola tsela e Mokaulengwe Olugbebi a neng a re rotloetsa ka yone a re: “Lo sa le basha, dirisang matlhagatlhaga a lona mo tirong ya ga Jehofa. Masimo a siametse go rojwa!” E re ka ke ne ke batla go ya gongwe le gongwe kwa Jehofa a batlang gore ke ye gone jaaka moporofeti Isaia, ke ne ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng.​—Isa. 6:8.

Ka May 1968, ke ne ka kopiwa gore ke ye go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa toropong ya Kano, kwa bokone jwa Nigeria. Ka nako eo, go ne go na le ntwa ya selegae kwa bokone jwa Nigeria e e neng e simologile ka 1967 e bo e fela ka 1970. Ntwa eo e ne ya baka mahutsana a a seng kana ka sepe, e bile go ile ga bolawa batho ba le bantsi, morago ga moo e bo e fetela kwa botlhaba jwa Nigeria. Mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwenyegile ka nna o ne a re ke se ka ka amogela kabelo eo ka gonne go le kotsi. Ke ne ka mo raya ka re: “Ke lebogela gore o amega ka nna. Mme fa e le gore Jehofa o batla gore ke dire kabelo eno, o tla ntshireletsa.”

KE TSHEPA JEHOFA MO LEFELONG LE LE SENTSWENG KE NTWA

Go ne go utlwisa botlhoko thata go bona tsela e ntwa ya selegae e sentseng toropo eo ka yone. Fa re le mo bodireding, re ne re tle re bone ditopo tsa batho ba ba bolailweng ka nako ya ntwa. Le fa go ne go na le diphuthego di le mmalwa kwa Kano pele ga ntwa, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba siile. Go ne go setse baboledi ba ka nna 15, mme ba ne ba tshogile e bile ba kgobegile marapo. Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ile ba itumela tota fa nna le babulatsela ba bangwe ba ba kgethegileng ba batlhano re goroga. Re ne ra ba kgothatsa, mme ba ne ba boa ba nna matlhagatlhaga. Gape re ne ra ba thusa gore ba boe ba tshware dipokano, ba rere, ba romele dipego tsa tshimo le gore ba tsenye diotara tsa dikgatiso kwa ofising ya lekala.

Nna le babulatsela ba bangwe ba ba kgethegileng, re ne ra simolola go ithuta Se-Hausa. Batho ba le bantsi ba ne ba itumelela go utlwa molaetsa wa Bogosi ka puo ya bone. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tsena kereke e e neng e itsege thata mo lefelong leo, ba ne ba sa rate tiro ya rona. Ka jalo, re ne re tlhoka go nna podi matseba. Nako nngwe nna le mokaulengwe yo ke neng ke tsamaya le ene, re ne ra kopana le monna mongwe yo o neng a batla go re tlhaba ka thipa, ka jalo re ne ra tlhanola direthe. Le fa lefelo leo le ne le le kotsi, Jehofa o ne a dira gore re nne ka “polokesego” e bile baboledi ba ile ba oketsega. (Pes. 4:8) Gompieno go na le baboledi ba feta 500 mo diphuthegong di le 11 kwa Kano.

RE A BOGISIWA KWA NIGER

Ke le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Niamey, kwa Niger

Morago ga dikgwedi di le mmalwa re le kwa Kano, ka August 1968, nna le babulatsela ba bangwe ba babedi ba ba kgethegileng, re ne ra kopiwa go ya kwa Niamey, kwa Niger. Go ne go le mogote tota kwa Niger. Fa re ntse re leka go tlwaela go rera mo lefelong leo le le mogote, gape re ne re tshwanelwa ke go ithuta Se-French. Le fa go ne go le thata, re ne ra tshepa Jehofa mme ra tswelela re rera le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa ba lefelo leo. Go ise go ye kae, batho ba le bantsi kwa Niamey ba ne ba na le buka ya setlhogo se se reng, Boammaarure jo bo Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Batho ba bangwe ba ne ba tlhola ba tla kwa go rona ba tla go e kopa.

Re ne ra lemoga gore balaodi ga ba re beye sebete. Ka July 1969, re ile ra tshwara kopano ya ntlha ya potologo mo nageng eo mme go ne ga tla batho ba ka nna 20. Re ne re itumetse tota ka gonne go ne go tlile go kolobediwa baboledi ba le babedi. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la ntlha la kopano, mapodise a ne a emisa thulaganyo. Ba ne ba isa babulatsela ba ba kgethegileng le molebedi wa potologo kwa seteisheneng sa mapodise. Fa ba sena go re botsolotsa, ba ne ba re laela gore re boe mo letsatsing le le latelang. Re ile ra lemoga gore ga e ntšha e kgologolo, ka jalo re ile ra rulaganya gore puo ya kolobetso e tshwarelwe kwa legaeng la mokaulengwe mongwe, go tswa foo baboledi bao ba bo ba ya go kolobediwa kwa nokeng.

Dibeke di le mmalwa moragonyana, puso e ne ya laela nna le babulatsela ba bangwe ba batlhano ba ba kgethegileng gore re tswe mo Niger. Re ne re filwe malatsi a le mabedi fela gore re tsamaye e bile re ne re tshwanetse go ipona ka go fetsa gore re tswa jang mo nageng eo. Re ne ra ya kwa ofising ya lekala ya kwa Nigeria, mme re ne ra newa dikabelo tse dingwe.

Ke ne ka kopiwa gore ke ye kwa motseng mongwe o o bidiwang Orisunbare kwa Nigeria. Ke ne ke itumelela go rera le go tshwara dithuto tsa Baebele le baboledi ba le mmalwa ba mo motseng oo. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le thataro, ofisi ya lekala e ne ya kopa gore ke boele kwa Niger. Kwa tshimologong ke ne ke gakgametse e bile ke tshogile. Mme moragonyana ke ne ka itumelela gore ke tla boa ke kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Niger.

Ke ne ka boela kwa Niamey. Fa ke sena go goroga, rakgwebo mongwe wa kwa Nigeria o ne a lemoga gore ke Mosupi a bo a simolola go mpotsa dipotso tse dintsi ka Baebele. Re ne ra simolola go ithuta, mme fa nako e ntse e tsamaya o ne a tlogela go goga le go nwa ka tsela e e feteletseng a bo a kolobediwa. Ke ne ke itumelela go rera le bakaulengwe le bokgaitsadi mo mafelong a a farologaneng kwa Niger, le go bona fa batho ba ntse ba amogela boammaaruri. Fa ke goroga lekgetlo la ntlha, go ne go na le Basupi ba le 31 mo nageng eo. Mme fa ke tsamaya ba ne ba le 69.

‘GA RE ITSE GORE BAKAULENGWE BA KWA GUINEA BA NTSE BA YA JANG’

Ka December 1977, ke ne ka boela kwa Nigeria gore ke ye go katisiwa. Morago ga dibeke tse tharo, Mokaulengwe Malcolm Vigo wa Komiti ya Lekala o ne a re ke bale lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala ya kwa Sierra Leone. Bakaulengwe ba koo ba ne ba batla mokaulengwe wa mmulatsela yo o sa nyalang, yo o buang Seesemane le Se-French gore e nne molebedi wa potologo kwa Guinea. Mokaulengwe Vigo o ne a mpolelela gore ke ne ke katisediwa kabelo eo. O ne a tlhalosa gore kabelo eo ga e motlhofo. Ka jalo, o ne a nthaya a re: “Akanya thata ka yone pele o dira tshwetso.” Mme ke ne ka mo raya ka re: “Jehofa ke ene a nthomang, ke tla ya.”

Ke ne ka ya kwa Sierra Leone ka sefofane ke bo ke kopana le bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala. Mokaulengwe mongwe mo komiting ya lekala o ne a nthaya a re: “Ga re itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Guinea ba ntse ba ya jang.” Le fa ba ne ba abetswe go tlhokomela tiro ya go rera kwa Guinea, ba ne ba sa kgone go ikgolaganya le baboledi ba kwa Guinea ka ntlha ya maemo a dipolotiki a mo nageng eo. Ba ne ba lekile ka makgetlo a le mantsi go romela mokaulengwe, mme go ne go sa kgonege. Ka jalo, ke ne ka kopiwa gore ke ye kwa Guinea, kwa Conakry gore ke ye go kopa tetla ya go nna mo nageng eo.

“Jehofa ke ene a nthomang, ke tla ya”

Fa ke goroga kwa Conakry, ke ne ka ya kwa ntlong ya boemedi ya Nigeria ke bo ke kopana le moemedi. Ke ne ka mmolelela gore ke batla go rera mo Guinea. O ne a re ke boele gae ka gonne nka tshwarwa kgotsa ka gobadiwa. O ne a re: “Tsamaya o ye go rera kwa Nigeria.” Mme nna ke ne ka mo raya ka re: “Ke batla go rera mono.” Ka jalo, o ne a kwalela modiredi mongwe wa puso gore a nthuse. Mme o ne a dira jalo.

Ke ne ka boela kwa ofising ya lekala ya kwa Sierra Leone ke bo ke bolelela bakaulengwe gore ke neilwe tetla ya go nna kwa Guinea. Ba ne ba itumela tota ka gonne Jehofa o ne a segofaditse matsapa a rona.

Ke le molebedi wa potologo kwa Sierra Leone

Go simolola ka 1978 go fitlha ka 1989, ke ne ka nna molebedi wa potologo kwa Guinea le kwa Sierra Leone, e bile ke ne ka nna molebedi wa potologo wa nakwana kwa Liberia. Kwa tshimologong ke ne ke nna fela ke lwala. Ka dinako tse dingwe ke ne ke lwala ke le kwa mafelong a a kgakala. Le fa go ntse jalo, ka metlha bakaulengwe ba ne ba dira sotlhe se ba se kgonang gore ba nkise kwa bookelong.

Nako nngwe ke ne ke lwala thata ke tshwerwe ke malaria e bile ke na le dibokwana mo maleng. Fa ke sena go fola, bakaulengwe ba ne ba mpolelela gore ba ne ba akanya gore ke tlile go swa e bile ba ne ba ipotsa gore ba tla mphitlhela kae. Le fa ke ne ke diragalelwa ke dilo tseno tse di utlwisang botlhoko, ga ke a ka ka akanya go tlogela kabelo ya me. Ke tlhatswegile pelo gore Jehofa ke ene a kgonang go re sireletsa ka gonne le fa re ka swa o tla re tsosa.

NNA LE MOSADI WA ME RE TSHEPA JEHOFA

Fa re ne re nyalana ka 1988

Ka 1988 ke ne ka kopana le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Dorcas. O ne a rata Jehofa e bile a le boikokobetso. Re ne ra nyalana mme ra dira mmogo mo tirong ya potologo. Dorcas o ne a dira ka natla mo kabelong ya rona e bile o ne a itshokela dilo di le dintsi. Re ne re tsamaya dikilometara di ka nna 25 ka maoto re tshwere merwalo fa re etela diphuthego. Fa re etela diphuthego tse di kwa kgakala thata, re ne re dirisa sepalangwa sengwe le sengwe fela, re tsamaya mo ditseleng tse di dikhuti e bile di tletse diretse.

Dorcas o pelokgale tota. Ka dinako tse dingwe, re ne re tshwanelwa ke go kgabaganya noka e e nang le dikwena. Letsatsi lengwe re ne ra kgabaganya noka ka mokoro ka gonne borogo bo ne bo senyegile. Fa Dorcas a tswa mo mokorong, o ne a wela mo metsing. Re ne re sa itse go thuma e bile noka eo e ne e na le dikwena. Makawana mangwe a ne a itatlhela mo metsing a bo a mo ntsha. Morago ga moo, go ne ga feta lobakanyana re lora ditoro tse di tshosang. Mme gone, re ne ra tswelela ka kabelo ya rona.

Bana ba rona, e bong Jahgift le Eric, ke dimpho tse di tswang kwa go Jehofa

Fa ngwaga wa 1992 o simologa, re ne re gakgametse tota fa re lemoga gore Dorcas o imile. Re ne ra tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a re tla tswelela re le babulatsela ba ba kgethegileng kgotsa nnyaa. Re ile ra ipolelela gore “Jehofa o re neile mpho!” Ka jalo, re ne ra bitsa morwadiarona Jahgift. Morago ga dingwaga di le nnê, re ne ra nna le ngwana wa mosimane e bong Eric. Ruri bana ba rona ke dimpho tse di tswang kwa go Jehofa! Jahgift o ile a direla ka nakwana kwa ofising ya thanolo kwa Conakry, Eric ene ke motlhanka wa bodiredi.

Dorcas o ile a tshwanelwa ke go tlogela go nna mmulatsela yo o kgethegileng, mme o ne a tswelela e le mmulatsela wa ka metlha fa a ntse a godisa bana ba rona. Jehofa o ne a nthusa gore ke tswelele ke le mmulatsela yo o kgethegileng. Fa bana ba rona ba sena go gola, Dorcas o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng gape. Gone jaanong re barongwa mo Conakry.

JEHOFA O A RE SIRELETSA

Ke ne ka ya gongwe le gongwe kwa Jehofa a neng a re ke ye gone. Go le gantsi nna le mosadi wa me re ne re lemoga gore Jehofa o a re sireletsa le gore o a re segofatsa. Go mo tshepa go na le go tshepa dikhumo go re thusitse gore re se ka ra wela mo mathateng. Se se re diragaletseng mo botshelong se ne sa re thusa go bona gore “Modimo wa poloko ya rona” e bong Jehofa, ke ene fela a ka re sireletsang. (1 Ditir. 16:35) Ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla sireletsa botlhe ba ba mo tshepang e bile o tla ba tlhokomela.​—1 Sam. 25:29.