Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1 Ithute go Ikanya Baebele

1 Ithute go Ikanya Baebele

1 Ithute go Ikanya Baebele

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

O KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Batho ba le bantsi ba re Baebele ke buka fela e e nang le botlhale jwa motho. Bangwe ba dumela gore dipego tse di mo go yone tsa hisitori ga di boammaaruri. Ba bangwe ba re kgakololo ya Baebele ga e na mosola e bile e feletswe ke nako.

O KA FENYA KGWETLHO EO JANG? Gantsi batho ba ba sa ikanyeng Baebele kgotsa ba ba akanyang gore ga e na mosola, ga ba ise ba batlisise dintlha ka botlalo. Ba bua fela se ba utlwileng batho ba bangwe ba se bua. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Go na le gore o dumele sengwe le sengwe fela se batho ba se buang, ke eng o sa latele sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa Berea, e gone jaanong e leng Gerika bokone? Ba ne ba sa amogele fela dilo tse batho ba bangwe ba neng ba di bua. Go na le moo, ba ne ba itsege ka go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) Mma re sekasekeng ka bokhutshwane mabaka a le mabedi a go bo o ka ikanya Baebele gore ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.

Dipego tsa hisitori tse di mo Baebeleng di boammaaruri. Go ralala dingwaga, batho ba ba belaelang ba ile ba bontsha gore ga ba ikanye Baebele fa go tliwa mo kgannyeng ya maina a batho le a mafelo a go buiwang ka one mo Baebeleng e bile le gompieno ba sa ntse ba belaela. Le fa go ntse jalo, nako le nako bosupi bo ile jwa bontsha gore batho bano ba phoso le gore pego ya Baebele e ka ikanngwa.

Ka sekai, nako nngwe baithuti ba Baebele ba ne ba belaela gore Kgosi ya Asiria e bong Saragone yo o umakilweng mo go Isaia 20:1 o kile a nna gone. Le fa go ntse jalo, ka bo1840, baithutamarope ba ne ba simolola go epolola ntlo ya segosi ya kgosi eno. Gone jaanong, Saragone ke mongwe wa dikgosi tsa Asiria tse di itsegeng thata.

Batshwayadiphoso ba ile ba belaela gore Ponto Pilato, mmusi wa Roma yo o neng a laela gore Jesu a bolawe a o kile a nna gone. (Mathaio 27:1, 22-24) Mme ka 1961 go ne ga fitlhelwa letlapa le le nang le leina la ga Pilato le maemo a gagwe gaufi le toropo ya Kaesarea kwa Iseraele.

Kgatiso ya U.S.News & World Report ya October 25, 1999 e ne ya bua jaana malebana le go nna boammaaruri ga hisitori ya Baebele: “Thutamarope ya segompieno e bontshitse ka ditsela tse di tlhomologileng gore Tesetamente e Kgologolo le e Ntšha di boammaaruri—e tlhomamisa dipego tsa hisitori e e malebana le ditlhogo tsa lotso tsa setšhaba sa Iseraele, go Fuduga ga bone go tswa kwa Egepeto, bogosi jwa ga Dafide le kafa botshelo bo neng bo le ka gone mo motlheng wa ga Jesu.” E re ka go dumela mo Baebeleng go sa ikaega ka dilo tse baithutamarope ba di ribolotseng, o ka lebelela gore buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e nne boammaaruri fa e bua ka ditiragalo tsa hisitori.

Botlhale jo bo mosola jo bo mo Baebeleng bo solegela batho ba ditso tsotlhe molemo. Bogologolo pele ga go lemogiwa ditshedi tse dinnye thata le se di se dirang go anamisa bolwetse, Baebele e ne ya buelela mekgwa ya go nna phepa e e sa ntseng e dira le gompieno. (Lefitiko 11:32-40; Duteronome 23:12, 13) Maloko a lelapa a a dirisang kgakololo ya Baebele e e malebana le tsela e ba tshwanetseng go tshwarana ka yone a itumetse. (Baefeso 5:28–6:4) Motho yo o dirisang melaometheo ya Baebele mo botshelong a ka nna mothapiwa yo o dirang ka natla kgotsa mothapi yo o tekatekano. (Baefeso 4:28; 6:5-9) Go dirisa melaometheo ya Baebele go molemo tota le mo botsogong jwa motho. (Diane 14:30; Baefeso 4:31, 32; Bakolosa 3:8-10) Re lebeletse kgakololo e e ntseng jalo e e mosola mo Mmoping wa rona.

MELEMO YA GO IKANYA BAEBELE KE EFE? Botlhale jo bo mo Baebeleng bo ka tlhalefisa le motho yo o se nang maitemogelo. (Pesalema 19:7) Mo godimo ga moo, fa re sena go ikanya Baebele, e ka re thusa go feta buka le fa e le epe fela gore re tseye kgato e e latelang ya go nonotsha tumelo ya rona.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 2 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * mo setlhogong se se reng “Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.