Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

3 Ithute Boammaaruri Kaga Jesu

3 Ithute Boammaaruri Kaga Jesu

3 Ithute Boammaaruri Kaga Jesu

“Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

O KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Batho bangwe ba ka dira gore o dumele gore Jesu e ne e se motho wa mmatota. Ba bangwe ba dumela gore o kile a nna teng mme ba gatelela gore e ne e le motho yo o tlwaelegileng fela yo o ileng a swa bogologolo.

O KA FENYA KGWETLHO EO JANG? Etsa morutwa Nathanaele. * Tsala ya gagwe e bong Filipo o ne a mmolelela gore o ne a akanya gore o bone Mesia—“Jesu, morwa Josefa, wa kwa Nasaretha.” Le fa go ntse jalo, Nathanaele o ne a se ka a dumela gore Filipo o bone Jesu fela ka gonne Filipo a re o mmone. Tota e bile, o ne a mo araba jaana: “A go ka tswa sengwe se se molemo mo Nasaretha?” Le fa gone a ne a belaela, o ne a amogela taletso ya ga Filipo fa a ne a mo raya a re “tla o bone.” (Johane 1:43-51) Le wena o tla solegelwa molemo ke go tlhatlhoba bosupi jo bo kaga Jesu. O ka dira eng?

Sekaseka bosupi jwa hisitori jwa gore Jesu e ne e le motho wa mmatota. Josephus le Tacitus e ne e le borahisitori ba ba tlotlegang ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme e se Bakeresete. Ba re Jesu Keresete e ne e le motho wa mmatota yo o kileng a tshela. Fa Tacitus a ne a tlhalosa kafa Mmusimogolo wa Moroma e bong Nero a neng a pega Bakeresete molato ka gone ka ntlha ya molelo o o neng wa nna teng kwa Roma ka 64 C.E., a re: “Nero o ne a latofatsa Bakeresete ba ba neng ba tlhoilwe ke Baroma ka ntlha ya ditiro tsa Bokeresete tse ba neng ba di dira e bile ba ne ba ba bogisa mo go maswe. Christus [Keresete], yo [Bakeresete] ba tsereng leina la bone mo go ene, o ne a bogisiwa ke mongwe wa moemedi wa mmusi wa rona e bong Ponto Pilato, ka nako ya puso ya ga Tiberio.”

Fa buka ya tshedimosetso ya Encyclopædia Britannica ya 2002 e bua ka se borahisitori ba lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga ba se buileng kaga Jesu le Bakeresete ba bogologolo ya re: “Dipego tseno tse di sa kwalwang ka nako e le nngwe tse di neng tsa ganediwa ka lekgetlho la ntlha e bile e se ka mabaka a a utlwalang kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo18, la bo19 le mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, di bontsha gore mo motlheng wa bogologolo le batho ba ba neng ba ganetsa Bokeresete ba ne ba sa belaele gore Jesu o ne a tshela.” Ka 2002 setlhogo sengwe mo kgatisong ya The Wall Street Journal se ne sa re: “Bontsi jwa bakanoki, kwantle ga batho ba le mmalwa ba ba sa dumeleng mo Modimong ba setse ba amogetse Jesu wa Nasaretha jaaka motho wa mmatota yo o kileng a tshela.”

Sekaseka bosupi jwa gore Jesu o ne a tsosiwa mo baswing. Fa Jesu a ne a tshwarwa ke baganetsi ba gagwe, ditsala tsa gagwe tse a neng a atamalane thata le tsone di ne tsa mo tlogela mme tsala ya gagwe e bong Petere o ne a mo itatola ka ntlha ya go boifa batho. (Mathaio 26:55, 56, 69-75) Fa Jesu a sena go tshwarwa, balatedi ba gagwe ba ne ba phatlalala. (Mathaio 26:31) Go ise go ye kae, barutwa ba gagwe ba ne ba nna matlhagatlhaga gape. Petere le Johane ba ne ba lebana ka bopelokgale le batho ba ba neng ba loga maano a go bolaya Jesu. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhotlheletsega go anamisa dithuto tsa gagwe mo Mmusomogolong otlhe wa Roma, ba bona go le botoka gore ba swe go na le gore ba ineele.

Ke eng se se neng sa dira gore ba fetole tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone ka bonako jaana? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a tsosiwa mo baswing mme a “bonala mo go Kefase [Petere], go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.” Paulo o oketsa jaana: “Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe.” Bontsi jwa basupi ba ba boneng ka matlho ba ne ba sa ntse ba tshela fa Paulo a ne a kwala mafoko ao. (1 Bakorintha 15:3-7) Go ne go ka nna motlhofo gore batho ba ba belaelang ba se dumele bosupi jwa mosupi a le mongwe yo o boneng ka matlho kgotsa jwa ba le babedi. (Luke 24:1-11) Mme bosupi jwa basupi ba ba boneng ka matlho ba ba fetang makgolo a le matlhano bo ne bo bontsha gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing.

MOLEMO WA GO ITHUTA BOAMMAARURI KAGA JESU KE OFE? Batho ba ba dumelang mo go Jesu le go mo ikobela ba ka itshwarelwa maleo le go nna le segakolodi se se phepa. (Mareko 2:5-12; 1 Timotheo 1:19; 1 Petere 3:16-22) Fa ba swa Jesu o solofetsa gore o tla ba tsosa “ka letsatsi la bofelo.”—Johane 6:40.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 4 e e nang le setlhogo se se reng, “Jesu Keresete ke Mang?” le kgaolo 5 e e nang le setlhogo se se reng “Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Go lebega bakwadi ba Diefangele e bong Mathaio, Mareko le Luke ba ne ba re Nathanaele ke Barotholomeo.

^ ser. 10 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka Nathanaele, sekaseka bosupi jo bo kaga Jesu