Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Jehofa A ne A Bolelela Moshe Dinonofo Tsa Gagwe

Fa Jehofa A ne A Bolelela Moshe Dinonofo Tsa Gagwe

Atamalana le Modimo

Fa Jehofa A ne A Bolelela Moshe Dinonofo Tsa Gagwe

Ekesodo 34:6, 7

O NE o ka tlhalosa Modimo jang—dinonofo tsa gagwe le tsela e a dirang dilo ka yone mo maemong mangwe? Akanya fa o ne o ka botsa Modimo ka ene mme o bo o reetsa jaaka a tlhalosa dinonofo tsa gagwe. Moporofeti Moshe o ne a dira jalo. Se se itumedisang ke gore o ne a tlhotlhelediwa go kwala se se diragetseng.

Fa Moshe a ne a le kwa Thabeng ya Sinai, o ne a kopa Jehofa jaana: “Tsweetswee, ntira gore ke bone kgalalelo ya gago.” (Ekesodo 33:18) Letsatsi le le latelang, moporofeti yono o ne a nna le tshiamelo ya go bona lemme la kgalalelo ya Modimo. * Moshe o ne a se ka a tlhalosa ka botlalo se a se boneng mo ponatshegelong eo e ntlentle. Go na le moo, o ne a kwala sengwe se se botlhokwa thata—se Modimo a neng a se bua. A re sekasekeng se Jehofa a se buileng, jaaka go kwadilwe mo go Ekesodo 34:6, 7.

Selo sa ntlha se Jehofa a se senolang ka ene ke gore ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle.” (Temana 6) Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “kutlwelobotlhoko” le kaya “bopelotlhomogi jwa lorato [jwa Modimo], fela jaaka jwa rre go bana ba gagwe.” Lefoko le le ranotsweng e le “bopelontle” le amana le lediri le le “tlhalosang motho yo o tlhotlhelediwang ke pelo ya gagwe go thusa mongwe yo o tlhokang thuso.” Eleruri Jehofa o batla gore re itse gore o tlhokomela baobamedi ba gagwe jaaka batsadi ba tlhokomela bana ba bone ka lorato lo logolo e bile o amega thata ka dilo tse ba di tlhokang.—Pesalema 103:8, 13.

Sa bobedi, Jehofa a re o “bonya go galefa.” (Temana 6) Ga a galefele batlhanka ba gagwe motlhofo fela. Go na le moo, o pelotelele le bone e bile o itshokela diphoso tsa bone fa a ntse a ba naya nako ya gore ba fetole ditsela tsa bone tse di sa siamang.—2 Petere 3:9.

Modimo o tswelela ka gore o na le “bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” (Temana 6) Bopelonomi jwa lorato kgotsa lorato lo lo ikanyegang, ke nonofo e e botlhokwa thata e Jehofa a dirang kgolagano e e nonofileng e e nnelang ruri fa gare ga gagwe le batho ba gagwe. (Duteronome 7:9) Gape Jehofa ke motswedi wa boammaaruri. A ka se tsietse kgotsa a tsiediwa. E re ka e le “Modimo wa boammaaruri,” re ka nna le tumelo e e nonofileng mo go sengwe le sengwe se a se buang, go akaretsa le se a se solofetsang mo isagweng.—Pesalema 31:5.

Boammaaruri jo bongwe jo bogolo jo Jehofa a batlang re bo itse ka ene ke gore o itshwarela “phoso le tlolo le boleo.” (Temana 7) O “iketleeleditse go itshwarela” baleofi ba ba ikwatlhayang. (Pesalema 86:5) Go ntse go le jalo, Jehofa ga a itlhokomolose bosula. A re ‘ga a kitla a golola mo kotlhaong ka gope.’ (Temana 7) Modimo yo o boitshepo le yo o siameng ga a kitla a tlogela batho ba ba leofang ka boomo ba sa otlhaiwa. Go ise go ye kae ba tla bona matswela a ditiro tsa bone tse di sa siamang.

Tsela e Jehofa a tlhalosang dinonofo tsa gagwe ka yone e bontsha sentle gore o batla gore re mo itse le gore re itse botho jwa gagwe le tsela e a dirang dilo ka yone. A ga o tlhotlheletsege go ithuta mo go oketsegileng ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Moshe ga a ka a bona Jehofa ka tlhamalalo, ka gonne ga go na motho ope yo o ka bonang Modimo a bo a sala a tshela. (Ekesodo 33:20) Go bonala Jehofa a ne a bontsha Moshe ponatshegelo ya kgalalelo ya gagwe, a buisana le ene ka moengele.