Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmala o go Ama Jang?

Mmala o go Ama Jang?

Ka dinako tsotlhe, fa o lebile dilo tse di go dikologileng, matlho le boboko jwa gago di dirisana mmogo go kgobokanya tshedimosetso. Ka sekai, o bona leungo mme o dira tshwetso ya gore a o tla le ja kgotsa nnyaa. O leba loapi mme o ipolela gore pula ga e kitla e na gompieno. O bona mafoko a o a balang gone jaanong mme o leka go tlhaloganya se a se bolelang. Tota mo maemong ano otlhe o amiwa ke mmala. A mme gone go ntse jalo?

Mmala wa leungo le o le boneng o go thusa go bona gore le budule go le kana kang le gore a le monate. Mmala wa loapi o go thusa gore o itse maemo a bosa. Fa o ntse o bala mafoko ano, matlho a gago ga a kgorelediwe ke tsela e ditlhaka di tlhagelelang ka yone mo pampiring. Eleruri, gongwe le fa wena o sa lemoge, gantsi o dirisa mebala go go thusa go tlhaloganya le go tsibogela dilo tse o di bonang letsatsi le letsatsi. Gape mmala o ama maikutlo a gago.

KAFA MMALA O AMANG MAIKUTLO A RONA KA GONE

Fa o ntse o tsamaya mo lebenkeleng o bona mefutafuta ya mabokose, dithini mmogo le dibeke tse di kgatlhang. O ka tswa o lemoga kgotsa nnyaa, mme gone babapatsi ba tlhopha mefuta ya mebala e e farologaneng go dira gore e go kgatlhe ka ntlha ya dikeletso tsa gago, bong jwa gago le dingwaga tsa gago. Batho ba ba kgabisang matlo, ba ba rokang diaparo mmogo le bataki le bone ba a itse gore mebala e ka ama maikutlo a rona.

Batho ba ka nna ba tlhaloganya mebala e kaya dilo tse di farologaneng go ikaegile ka lefelo le ba nnang mo go lone le ditlwaelo tsa lone. Ka sekai, batho ba bangwe kwa Asia ba tsaya mmala o mohibidu e le mmala o o kayang lesego le boitumelo, mme mo dikarolong dingwe tsa Afrika mmala oo ke mmala wa khutsafalo. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore motho o godisitswe jang, batho ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka mebala e e rileng. Mma re sekaseke mebala e le meraro le kafa e ka go amang ka gone.

BOHIBIDU ke mmala o o bonalang sentle. Gantsi bohibidu bo amanngwa le maatla, ntwa, kgotsa kotsi. Ke mmala o o amang maikutlo ka selekanyo se segolo mme gape o ka godisa selekanyo se mmele o silang dijo ka sone, wa oketsa selekanyo se re hemang ka sone, e bile wa dira gore kgatelelo ya madi e ye kwa godimo.

Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera e leng “bohibidu” le tswa mo lefokong le le kayang “madi.” E le go dira gore mmadi a nne le setshwantsho sa mogopolo se a kitlang a se lebala, Baebele e dirisa bohibidu jo bo galolang, kgotsa jo bo letlhololo, go tlhalosa seaka se se bolayang se se apereng bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo se palame ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo. . .se tletse maina a tlhapatso.’—Tshenolo 17:1-6.

BOTALA bo ama maikutlo ka tsela e e farologaneng le e bohibidu bo dirang ka yone, ka gore botala jone bo fokotsa selekanyo se mmele o silang dijo ka sone e bile gape jone bo dira gore motho a ikutlwe a ritibetse. Botala ke mmala o o ritibatsang maikutlo mme gantsi o amanngwa le kagiso. Re ikutlwa re ritibetse fa re bona masimo a matala le dithaba tse ditala. Pego ya Genesise e e buang ka popo e bolela gore Modimo o neile batho bojang le dimela tse ditala.—Genesise 1:11, 12, 30.

BOSWEU jone gantsi bo amanngwa le lesedi, pabalesego le bophepa. Gape bo dirisiwa go tlhalosa dinonofo tse di jaaka molemo, go tlhoka molato le go itsheka. Bosweu ke mmala o o umakiwang thata  mo Baebeleng. Mo diponatshegelong, batho le baengele ba bonala ba apere bosweu, e leng sengwe se se gatelelang tshiamo le go nna phepa mo semoyeng. (Johane 20:12; Tshenolo 3:4; 7:9, 13, 14) Dipitse tse ditshweu tse di nang le bapalami ba ba apereng leloba le lesweu le le phepa, di tshwantshetsa ntwa ya tshiamo. (Tshenolo 19:14) Modimo o dirisa mmala o mosweu go gatelela ntlha ya gore o iketleeditse go itshwarela maleo: “Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.”—Isaia 1:18.

MMALA O KA DIRISIWA GO GO THUSA GO GOPOLA DILO

Tsela e Baebele e dirisang mmala ka yone e bontsha gore Modimo o tlhaloganya gore mmala o ama maikutlo a batho jang. Ka sekai, buka ya Baebele ya Tshenolo e bolelela pele ka se gone jaanong se re diragalelang, go akaretsa dintwa, leuba le loso lo e seng lwa tlholego lo lo ka bakiwang ke tlhaelo ya dijo kgotsa leroborobo. E le go re thusa go gakologelwa dintlha tseno, ponatshegelo e e kgatlhang e re bontsha bapalami ba dipitse—mme e seng dipitse fela tse di tlwaelegileng, nngwe le nngwe e na le mmala wa yone.

Sa ntlha, go na le pitse e tshweu, e e tshwantshetsang ntwa ya kagiso ya ga Keresete Jesu. Morago ga foo, re bona pitse e e bohibidu jwa mmala wa molelo, e e tshwantshetsang ntwa gare ga ditšhaba. Pitse eno e latelwa ke ya mmala wa bontsho jo bo tshosang, e e tshwantshetsang leuba. Go tswa foo re bona “pitse e tshetlha; mme leina la yo o e pagameng e ne e le Loso.” (Tshenolo 6:1-8) Mmala wa nngwe le nngwe ya dipitse tseno o ka dira gore re ikutlwe ka tsela e e tshwanelang se dipitse tseo di se tshwantshetsang. Re kgona go gakologelwa dipitse tseno motlhofo fela, mmogo le se di re rutang sone malebana le motlha wa rona.

Go na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tse di dirisang mebala go dira dipapiso tse di utlwalang sentle. Eleruri, Mmopi wa lesedi, mmala le matlho a motho, o dirisa mebala ka botswerere go re ruta le go dira ditshwantsho tse di tlhaloganyesegang e bile di sa lebalesege. Mebala e re thusa go kgobokanya tshedimosetso le go e tlhaloganya. Mebala e ama maikutlo a rona. Mebala e ka re thusa go gakologelwa dilo tsa botlhokwa. Mmala ke mpho e e lorato e e dirang gore re itumelele botshelo, e e tswang kwa Mmoping wa rona.