Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Re Tsaya Kae Madi a go Tshegetsa Tiro ya Rona?

Re Tsaya Kae Madi a go Tshegetsa Tiro ya Rona?

Ngwaga le ngwaga re gatisa le go aba Dibaebele le dikgatiso tse di buang ka Baebele di le dimilione di le dintsi. Re aga diofisi tsa makala le mafelo a go gatisa lefatshe lotlhe e bile re direla mo go one. Diphuthego di le diketekete di kopanela mo meagong e mentle e di obamelang mo go yone, e e bidiwang Diholo Tsa Bogosi. Madi a go duelela dilo tseno a tswa kae?

Tiro ya rona e tshegediwa ka madi a batho ba a ntshang ka go rata. (2 Bakorintha 9:7) Ka 1879, kgatiso ya bobedi ya makasine ono e ne ya re: “Re dumela gore ‘Zion’s Watch Tower’ [jaaka makasine ono o ne o bidiwa] e tshegediwa ke JEHOFA, mme fa a ntse a dira jalo ga e kitla e kopa kgotsa e lopa batho gore ba e tshegetse.” Seno ga ise se fetoge.

Madi ano a romelwa kwa diofising tsa makala kgotsa a tsenngwa mo mabokosong a meneelo a a mo Diholong Tsa Bogosi. Ga re kope ditsabosome, koleke kgotsa go duedisetsa batho tiro kgotsa dikgatiso tsa rona. Ga re duelelwe go bolelela batho molaetsa wa Baebele, go ruta mo phuthegong kgotsa go thusa go aga meago ya kobamelo. Tota e bile, Jesu o ne a re: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Batho botlhe ba ba dirang kwa diofising tsa makala le kwa ntlokgolo, go akaretsa le maloko a Setlhopha se se Laolang a Basupi ba ga Jehofa ga ba duelwe.

“Jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira, go tshegetsa bodumedi ka madi go tshwanetse go dirwa ka go rata, mongwe le mongwe a ntsha ‘madi’ go ya kafa a ikaeletseng ka gone le ka makgetlo a a tla a kgonang.”—Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, 2011

Gape madi ao a dirisediwa go thusa ka dinako tsa masetlapelo. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itumelela go thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo. (Baroma 15:26) Le rona re thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo ka go ba agela matlo le meago e ba obamelang mo go yone le ka go ba naya dijo, diaparo le thuso ya tsa kalafi.