Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Go Bona Sengwe se se Botoka go Gaisa Bontle

Go Bona Sengwe se se Botoka go Gaisa Bontle

Mo bosigong bongwe ka 1984 fa ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka nna motho yo o tumileng. Ke ne ka nna Mmabontle wa Hong Kong. Setshwantsho sa me se ne se le mo tsebeng ya ntlha ya dimakasine le makwalodikgang. Ke ne ke opela, ke kgothatsa batho, ke tshwara dithulaganyo tsa thelebišhene, ke apara diaparo tse dintle e bile ke bonwa ke na le batho ba maemo a a kwa godimo jaaka mmusi wa Hong Kong.

Mo ngwageng o o lateng, ke ne ka simolola go diragatsa mo difiliming mme ga ntsi ke le mogaka. Babegadikgang ba ne ba batla go mpotsolotsa, batsayaditshwantsho ba ba batla setshwantsho sa me, batho ba batla gore ke nne gone kwa meletlong ya go gololwa ga difilimi le fa go bulwa mafelo, kwa dijong tsa motshegare le tsa bosigo. Batho ba ne ba nkgatlhegela thata.

Mo filiming ya ntwa

Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore seno se ne se sa kgatlhe jaaka ke ne ke akanya. Ke ne ke diragatsa thata mo dibidiong tsa ntwa, mme go ne go le kotsi. Go farologana le jaaka go ne go dirwa gantsi mo difiliming tsa kwa Amerika, badiragatsi ba kwa Hong Kong bone ba ne ba sa dirise batho ba ba nang le bokgoni bongwe mo difiliming tsa bone gore e nne jaaka e kete ke bone, ka jalo, ke ne ke dira dikarolo tseo ka bonna, jaaka go tlola koloi ka sethuthuthu. Difilimi di le dintsi tse ke neng ke le mogaka mo go tsone, e ne e le tsa ntwa e bile di na le boitsholo jo bo sa siamang. Tse dingwe di ne di na le bodimona.

Ka 1995, ke ne ka nyalwa ke motlhami wa difilimi. Le fa ke ne ke lebega ke na le sengwe le sengwe se se neng se ka dira gore ke itumele—bontle, dikhumo le monna yo o nthatang—ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ke sa itumela. Ka jalo, ke ne ka tlogela go diragatsa.

GO GOPOLA TUMELO YA FA KE NE KE SA LE MONNYE

Ke ne ka gopola tumelo e ke neng ke na le yone fa ke ne ke le monnye. Ka nako eo, nna le nkgonne re ne re tlhola re etela lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa ka Matlhatso mongwe le mongwe. Rre wa lelapa leo e bong Joe McGrath, o ne a ithuta Baebele le rona le bomorwadie ba bararo. Ba ne ba le botsalano gape ba le lorato e bile “malome Joe” o ne a tlotla mosadi le bana ba gagwe. Gape ke ne ke itumelela go ya le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka dinako dingwe re ne re ya kwa dikopanong tse dikgolo. Tseo e ne e le dinako tse di monate. Ke ne ke ikutlwa ke sireletsegile fa ke na le Basupi.

Go farologana le seo, kwa lapeng go ne go direga dilo tse di neng di nkutlwisa botlhoko. Tsela e rre a neng a tshela ka yone e ne ya utlwisa mmè botlhoko mme o ne a tshwenyega thata mo maikutlong. Fa ke le dingwaga di le lesome, Mmè o ne a emisa go ikamanya le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka tswelela fela ke ya dipokanong, le fa e ne e se ka pelo yotlhe, mme ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 17. Moragonyana, ke ne ka itshwara ka tsela e e sa siamang mme ke ne ke sa tlhole ke le karolo ya phuthego.

KE NE KA SWETSA KA GORE KE BOE

Morago ga lenyalo la me, balebedi ba babedi ba Basupi ba ga Jehofa ba mo phuthegong e e gaufi ba ne ba nketela. Ba ne ba ntlhalosetsa gore nka dira jang gore ke boele kwa go Jehofa Modimo, mme ba rulaganya gore morongwa mongwe yo o bidiwang Cindy a nthuse. Mme mo lekgetlhong leno ke ne ke sa tlhole ke dumela thata mo Modimong, ka jalo, ke ne ka mo kopa gore a ntshe bosupi jwa gore tota Baebele ke Lefoko la Modimo. O ne a mpontsha ka dikai tsa boporofeti jwa Baebele jo bo diragaditsweng. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra nna ditsala mme a nkopa gore ke ithute dithuto tsa motheo tsa Baebele le ene. Ke ne ka dumela. Ke ne ka lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o lorato, yo o batlang gore ke itumele.

Fa ke simolola go ya dipokanong gape, ke ne ka lemoga gore ke itumelela go ikamanya le Basupi go na le batho ba ke neng ke dira difilimi le bone. Mme dilo tse di ntiragaletseng fa ke le monnye di ne tsa dira gore ke se ka ka tlhola ke ikanya ope le gore ke se ka ka ithata. Mongwe mo phuthegong o ne a nthusa ka go mpontsha go tswa mo Baebeleng gore nka fenya jang go tshwenyega mo maikutlong, e bile ke ne ka ithuta go dira ditsala tsa mmatota.

SENGWE SE SE BOTOKA GO NA LE BONTLE

Ka 1997, nna le monna wa me re ne ra fudugela kwa Hollywood, California, U.S.A. Fa ke le koo, ke ne ka tshwarega thata ka go thusa batho gore ba solegelwa molemo ke botlhale jo bo tswang mo Lefokong la Modimo. Go ruta batho Baebele go dirile gore ke kgotsofale go na le go nna montle le go diragatsa mo difiliming. Ka sekai, ka 2002 ke ne ka kopana le motho yo ke neng ke mo itse go tswa kwa Hong Kong e bong Cheri. Botshelo jwa rona bo ne bo tshwana ka dilo di le dintsi. O ne a nna Mmabontle wa Hong Kong ngwaga pele ga me. Tota e bile, fa ke nna Mmabontle, ke ene yo o neng a nthwesa serwalo. Le ene o ne a nna modiragatsi mme moragonyana a nna motlhami wa difilimi a bereka le batsamaisi ba difilimi ba ba tumileng. O ne a fudugetse kwa Hollywood.

Ke ne ka utlwela Cheri botlhoko fa ke utlwa gore o ne a latlhegelwa ke mokapelo wa gagwe yo ka tshoganyetso a neng a bolawa ke bolwetse jwa pelo. Ga a ka a bona kgomotso mo bodumeding jwa gagwe jwa Bobuda. Le ene o ne a tshela botshelo jwa manobonobo jo batho ba bo eletsang, le fa go ntse jalo, o ne a sa itumela e bile a sa ikanye ope. Ke ne ka simolola go mmolelela dilo tse ke di ithutileng mo Baebeleng mme dilo tse a neng a di rutilwe kwa kerekeng ya gagwe ya Bobuda, di ne di dira gore go nne thata go amogela seo.

Tsala ya me Cheri a ipaakanyeditse go diragatsa mo filiming

Letsatsi lengwe ka 2003, Cheri o ne a nteletsa mogala a le kwa Vancouver, kwa Canada, kwa a neng a dira filimi gone. O ne a mpolelela gore o ntse a kgweetsa e bile a itumelela go bona bontle jwa naga eno, mme ka tshoganyetso a simolola go rapela a re: “Mpolelele, a o Modimo wa boammaaruri? Leina la gago ke mang?” Ka nako eo, o ne a feta gaufi le Holo ya Bogosi mme a bona leina Jehofa. O ne a akanya gore eo e ne le karabo e e tswang kwa Modimong, e bile o ne a batla go kopana le Basupi ba ga Jehofa ka bonako. Ke ne ka dira dithulaganyo mme morago ga malatsinyana, o ne a ya pokanong nngwe kwa phuthegong ya Se-China kwa Vancouver.

Moragonyana Cheri o ne a nthaya a re: “Eleruri batho bano ba a nkgatlhegela. Ke kgona go ba bulela mafatlha.” Ke ne ka itumela thata fa ke utlwa seo ka gonne fa Cheri a ne a dira difilimi, o ne a se na ditsala. Cheri o ne a tswelela a ya dipokanong. Mme ka 2005, o ne a saena tumalano ya go dira difilimi tse pedi kwa China, gore a kgone go boela kwa Hong Kong. Se se itumedisang ke gore ka 2006, Cheri o ne a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa kwa kopanong ya Basupi kwa Hong Kong. Le fa a ne a batla go direla Jehofa ka nako e e tletseng, tiro e a neng a e dira mo kgwebong ya difilimi e ne e sa mo letle mme seo se ne se sa mo itumedise.

GO ITUMELELA GO THUSA BATHO BA BANGWE

Ka 2009, seemo sa ga Cheri se ne sa fetoga. O ne a tlogela tiro kwa khampaning ya go dira difilimi gore a kgone go direla Jehofa ka metlha. O ne a itirela ditsala tse disha mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a nna moreri wa ka metlha wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi e bile a itumelela go thusa batho ba bangwe go tshela botoka.—Mathaio 24:14.

Moragonyana Cheri o ne a ithuta Se-Nepal gore a kgone go thusa setlhopha sa Basupi ba ba buang Se-Nepal kwa Hong Kong. Boammaaruri ke gore batho ba le bantsi ba ba buang Se-Nepal kwa Hong Kong ba a tlhokomologiwa kgotsa ba a nyadiwa ka gonne ba sa itse Seesemane kgotsa Se-China sentle le ka gonne meetlo ya bone e farologane. Cheri o ne a mpolelela gore o itumelela go thusa batho bano go tlhaloganya Baebele. Ka sekai, letsatsi lengwe fa a bolelela batho molaetsa wa Baebele mo matlong a bone, o ne a kopana le mosadi wa Mo-Nepal yo o neng a itse go le gonnye ka Jesu mme a sa itse sepe ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Cheri o ne a mmontsha go tswa mo Baebeleng gore Jesu o ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong. Fa mosadi yono a lemoga gore a ka kgona go rapela Modimo wa boammaaruri, yo leina la gagwe e leng Jehofa, o ne a amogela ka pelo yotlhe go ithuta Baebele. Go ise go ye kae, monna wa gagwe le morwadiagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele.—Pesalema 83:18; Luke 22:41, 42.

Cheri gompieno

Fa ke bona Cheri a itumelela go bolelela batho molaetsa wa Baebele ka metlha, ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke eng se se nthibelang go dira jaaka ene?’ Ka nako eo, ke ne ke boetse kwa Hong Kong. Ke ne ka dira diphetogo mo botshelong jwa me gore ke kgone go ruta batho boammaaruri jwa Baebele ka metlha. Ke ne ka lemoga gore go reetsa batho le go ba thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo go dira gore ke itumele.

Ke lemogile gore go thusa batho go tlhaloganya Lefoko la Modimo go dira gore ke itumele

Ka sekai, ke ne ka ithuta Baebele le mosadi wa Mo-Vietnam yo o neng a nna fela a utlwile botlhoko e bile a geletse dikeledi. Gone jaanong o itumelela botshelo le go ikamanya le phuthego.

Nna le Cheri re bone sengwe se se botoka go gaisa bontle. Le fa gone go dira difilimi go ne go itumedisa e bile go dira gore re tume, go ruta batho ka Jehofa gone, go dira gore re kgotsofale ka gonne go a mo galaletsa. Re itemogetse boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.