Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 136

Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

(Tshenolo 11:15; 12:10)

  1. Jehofa, o sa le o le teng,

    O tla nnela ruri.

    O neile Jesu Bogosi;

    Gammogo le taolo.

    Bogosi jaanong bo’a busa;

    Bo tla busa ’fatshe lotlhe.

    (KHORASE)

    Jaanong re letetse

    Poloko ’gosi le maatla.

    Bogosi bo’a busa.

    Ra re: “A bo tle, A bo tle!”

  2. Satane o tloga a fediswa;

    Re tlhaloganya seo.

    Le fa go tletse mathata,

    A tla fela otlhe.

    Bogosi jaanong bo’a busa;

    Bo tla busa ’fatshe lotlhe.

    (KHORASE)

    Jaanong re letetse

    Poloko ’gosi le maatla.

    Bogosi bo’a busa.

    Ra re: “A bo tle, A bo tle!”

  3. Baengele kwa magodimong

    Ba goa ka boipelo.

    Satane ga a sa le teng;

    Go rena kagiso.

    Bogosi jaanong bo’a busa;

    Bo tla busa ’fatshe lotlhe.

    (KHORASE)

    Jaanong re letetse

    Poloko ’gosi le maatla.

    Bogosi bo’a busa.

    Ra re: “A bo tle, A bo tle!”