Pina 138
Leina la Gago ke Jehofa
-
Modimo wa nnete—
Mmopi wa dilo tsotlhe
Mo ’kokomaneng tsotlhe—
O bitswa Jehofa.
Re motlotlo tota
Go nna batho ba gago.
Go ralala lefatshe,
Re’a go galaletsa.
(KHORASE)
Jehofa, Jehofa,
Ga go Modimo ’pe.
Ga go ope mo lefatsheng
Le kwa magodimong.
Ke wena Mothatayotlhe,
A botlhe ba itse.
Jehofa, Jehofa,
Wena Modimo wa rona.
-
O mmopi wa rona
Sepe se o se tlhokang,
Re tla se diragatsa—
O bitswa Jehofa.
Re Basupi ba’go
O re biditse jalo.
Re itumelela seno—
Go nna batho ba ’go.
(KHORASE)
Jehofa, Jehofa,
Ga go Modimo ’pe.
Ga go ope mo lefatsheng
Le kwa magodimong.
Ke wena Mothatayotlhe,
A botlhe ba itse.
Jehofa, Jehofa,
Wena Modimo wa rona.
(Bona le 2 Ditir. 6:14; Pes. 72:19; Isa. 42:8.)