Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 141

Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

(Luke 10:6)

  1. Jesu o laetse gore go rerwe.

    Le fa maemo, a le thata,

    O ne a rerela botlhe.

    A rata batho ba a ba rutang.

    A tsamaya gotlhe

    a rera ‘tsatsi lotlhe.

    Ka ntlo le ntlo le mo mmileng,

    Re rerela batho botlhe

    Dikgang tsa gore pogo e tla fela.

    (KHORASE)

    Re senka

    Ditsala tsa kagiso gotlhe,

    Re senka

    Ba ba dipelo di siameng,

    Ga re tlhaole

    Motho ope.

  2. Ga go na nako, a re tsweleleng.

    Go na le batho ba bantsi,

    Re leka go ba boloka.

    Ka ntlha’a lorato re nna re rera.

    Re ka thusa

    yo o pelo e phatlogileng.

    Re senka batho gotlhe,

    Fa re bona yo’o kgatlhegang,

    Re ipelela go mo ruta ka Jah.

    (KHORASE)

    Re senka

    Ditsala tsa kagiso gotlhe,

    Re senka

    Ba ba dipelo di siameng,

    Ga re tlhaole

    Motho ope.