Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 142

Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

(1 Timotheo 2:4)

  1. Re batla go etsa Modimo Jah,

    Ga re batle go tlhaola ope.

    O batla batho ba bolokiwe;

    O amogela merafe yotlhe.

    (KHORASE)

    Ga re lebe kwa ba tswang;

    Ga re lebe ponalo.

    Re bolela molaetsa go botlhe.

    Ka gonne re ba rata,

    Re tswelela re rera:

    “Gore ba tle ba itse Jehofa.”

  2. Ga go re sepe gore ba nna kae

    Kgotsa la ntlha ba sa re reetse.

    Sa botlhokwa ke boemo jwa pelo—

    Se tota Jehofa a se bonang.

    (KHORASE)

    Ga re lebe kwa ba tswang;

    Ga re lebe ponalo.

    Re bolela molaetsa go botlhe.

    Ka gonne re ba rata,

    Re tswelela re rera:

    “Gore ba tle ba itse Jehofa.”

  3. Jehofa o amogela botlhe

    Ba ba tlogelang mekgwa ya ’fatshe.

    Re ithutile seo mo Baebeleng,

    Ka jalo re rera ’tshabeng tsotlhe.

    (KHORASE)

    Ga re lebe kwa ba tswang;

    Ga re lebe ponalo.

    Re bolela molaetsa go botlhe.

    Ka gonne re ba rata,

    Re tswelela re rera:

    “Gore ba tle ba itse Jehofa.”