Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 150

Go Dira ka Natla

Go Dira ka Natla

(Mathaio 9:37, 38)

  1. Jah o itse se se tla re

    Ipedisang mo botshelong.

    Jalo o re naya rotlhe

    ’Tsela tsa go mo direla.

    (KHORASE)

    Re dira ka natla

    mo tirong ya Jah.

    Mme fa go tlhokega badiri,

    re tla ithaopa.

  2. Tiro e ntsi, go tlhokega

    Baboledi ba Bogosi.

    Fa re bontsha go amega,

    Re tla thusa le go aba.

    (KHORASE)

    Re dira ka natla

    mo tirong ya Jah.

    Mme fa go tlhokega badiri,

    re tla ithaopa.

  3. Tiro e nngwe ke go aga

    Mafelo a kobamelo.

    Re ithuta ’puo di sele

    Re rerela batho botlhe.

    (KHORASE)

    Re dira ka natla

    mo tirong ya Jah.

    Mme fa go tlhokega badiri,

    re tla ithaopa.