Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 151

Go Senolwa ga Bana ba Modimo

Go Senolwa ga Bana ba Modimo

(Baroma 8:19)

  1. Jaanong ke nako ya gore

    Jehofa’a senole

    Ba ba yang kwa legodimong

    Go busa le Jesu.

    (KHORASE)

    Modimo o tla senola,

    Batlodiwa botlhe.

    Ba tla bo ba na le Jesu

    Fa’a tla bo a fenya.

  2. Batlodiwa ba ba setseng

    Ba tloga ba bitswa.

    Kgosi ya dikgosi e tla

    ba isa kwa go Jah.

    (KHORASE)

    Modimo o tla senola,

    Batlodiwa botlhe.

    Ba tla bo ba na le Jesu

    Fa’a tla bo a fenya.

    (BRIDGE)

    Mme Jesu le batlodiwa

    Ba tla lwa le mmaba

    Mme lenyalo la ga Kwana

    Le tla nnela ruri.

    (KHORASE)

    Modimo o tla senola,

    Batlodiwa botlhe.

    Ba tla bo ba na le Jesu

    Fa’a tla bo a fenya.