Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 154

Re Tla Tswelela re Itshoka

Re Tla Tswelela re Itshoka

(Mathaio 24:13)

  1. A re ka itshoka

    Fa re boga mme re lekwa?

    Fa Jesu’a boga

    O ne’a lebile kwa pele,

    go bona tshiamiso,

    ya ga Jah e dirwa.

    (KHORASE)

    Re tlhoka boitshoko.

    Go nna le tumelo.

    Lorato lwa Modimo,

    lo re thusa gore re itshoke.

  2. Lefatshe leno

    Le re leretse botlhoko;

    le fa re lela,

    re solofela mo go Jah,

    go bona, kgololo,

    mo ’fatsheng le lesha.

    (KHORASE)

    Re tlhoka boitshoko.

    Go nna le tumelo.

    Lorato lwa Modimo,

    lo re thusa gore re itshoke.

  3. Ga re ineele

    Ga re tshoge le go boifa

    Re direla Jah

    go fitlha bokhutlo bo tla.

    A re nneng re’itshoka.

    Nako e fitlhile.

    (KHORASE)

    Re tlhoka boitshoko.

    Go nna le tumelo.

    Lorato lwa Modimo,

    lo re thusa gore re itshoke.