Pina 139
Ba Rute go Nitama
-
Go ruta batho ba Modimo
Go a itumedisa.
Re bone fa a ba kaela
Mo ditseleng tsa gagwe.
(KHORASE)
Jehofa, re’a go rapela
Gore o ba tlhokomele.
Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;
E kete ba ka nitama.
-
Ka metlha, fa ba ne ba lekwa,
Ne re ba rapelela.
E bile re ba tlhokomela;
Jaanong ba nonofile.
(KHORASE)
Jehofa, re’a go rapela
Gore o ba tlhokomele.
Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;
E kete ba ka nitama.
-
A botlhe ba nne pelokgale,
Ba ikanye Modimo.
Fa ba ka nna ba itshokile,
Ba tla bona botshelo.
(KHORASE)
Jehofa, re’a go rapela
Gore o ba tlhokomele.
Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;
E kete ba ka nitama.
(Bona le Luke 6:48; Dit. 5:42; Bafil. 4:1)