Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 16

Dwilila u Amuchila Chibayilo che ku Tengunugwa

Dwilila u Amuchila Chibayilo che ku Tengunugwa

“Nkololo we Nthu . . . wa ka zha . . . kufa e fila ku sungunugwa kwe bathu ba li banji.”—MAKO 10:45.

LUMBO 18 Re Lebogela Thekololo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Chibayilo che ku tengunugwa ini, ngono ini chi sheteka?

FA ADAME a ne a leofa, o ile a latlhegelwa ke tshono ya go tshelela ruri. Mme ka ntlha ya se a se dirileng, bana ba gagwe le bone ba ne ba se kitla ba tshelela ruri. Adame o ile a leofa ka boomo. Mme gone, bana ba gagwe bone ba ne ba sa dira sepe se se phoso e bile ga ba a ka ba mo tlhotlheletsa gore a leofe. (Bar. 5:12, 14) Ka ntlha ya se Adame a se dirileng, o ne a tshwanelwa ke go swa. Le fa go ntse jalo, a go ne go na le sengwe se Jehofa a neng a ka se dira gore ditlogolwana tsa ga Adame tsone di tshelele ruri? Ee, se gone! Morago fela ga gore Adame a leofe, Jehofa o ile a tlhalosa gore o tla golola jang bana ba ga Adame mo boleong le mo losong. (Gen. 3:15) Ka nako e e siameng, Jehofa o ne a tla romela Morwawe mo lefatsheng, gore a tle “go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Mar. 10:45; Joh. 6:51.

2 Thekololo e ne ya duelwa jang? E ne ya duelwa fa Jesu a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo gore a re rekolole mo boleong jwa ga Adame. (1 Bakor. 15:22) Goreng go ne go tlhokega gore a dire jalo? Ka gonne molao wa ga Jehofa o ne o re go tshwanetse go ntshiwa botshelo mo boemong jwa botshelo. (Ekes. 21:23, 24) Fa Adame a sena go leofa o ne a sa tlhole a itekanetse e bile o ne a tlile go swa mme o ne a fetisetsa boleo mo baneng ba gagwe. E le go duelela botshelo mo boemong jwa botshelo, Jesu o ne a tshwanetse go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le setlhabelo. (Bar. 5:17) Ka ntlha ya seo, Jesu o nna “Rara wa Bosakhutleng” wa batho botlhe ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe.—Isa. 9:6; Bar. 3:23, 24.

3. Ku yenda na Johani 14:31 na 15:13, ini Jesu a ka be a ka zwimisila ku dusa buchilo gugwe gwe nthu wa ka zwilizanila?

3 Jesu o ne a ikemiseditse go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo ka gonne a rata Rraagwe e bile a re rata. (Bala Johane 14:31; 15:13.) Ka ntlha ya seo, o ne a ikemiseditse go tswelela a ikanyega botshelo jwa gagwe jotlhe le go diragatsa thato ya ga Rraagwe. Ka ntlha ya se Jesu a ileng a se dira, boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho le lefatshe, bo tlile go diragadiwa. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore ke eng fa Jehofa a ile a letla gore Jesu a boge thata jaana pele a swa. Gape re tla tlotla ka gore mokwadi mongwe wa Baebele o ile a bontsha jang gore o anaanela setlhabelo sa ga Jesu. Mme re tla ithuta gore re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone, le gore re ka nonotshang jang tsela e re anaanelang setlhabelo se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone.

INI JESU A KA LECHEDZEGWA KU DZIYIDZIKA?

Akanya ka botlhoko jo Jesu a ileng a tlhoka go bo itshokela gore a re ntshetse thekololo! (Bona serapa 4)

4. Chenesa se kwa Jesu a ka fa.

4 Akanya ka se se diragetseng mo letsatsing la bofelo pele Jesu a bolawa. Le fa gone Jesu a ne a ka kgona go bitsa Baengele ba le bantsi gore ba mo thuse, ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ile a letla masole a Roma gore a mo tshware le go mo itaya mo go botlhoko. (Math. 26:52-54; Joh. 18:3; 19:1) Ba ne ba dirisa seme go mo itaya, mme fa ba ntse ba mo itaya seme seo se ne se gagola letlalo la gagwe. Moragonyana, ba ne ba mo rwesa kota e e bokete mo mokwatleng o o neng o tshologa madi. Jesu o ile a leka go goga kota eo go fitlha kwa lefelong le ba neng ba tlile go mmolaela kwa go lone. Mme fa a ntse a ya koo, masole a Roma a ile a laela monna yo mongwe gore e nne ene a gogang kota eo. (Math. 27:32) Fa Jesu a fitlha kwa lefelong leo, masole a ile a kokotela diatla le dinao tsa gagwe mo koteng. Fa a ntse a le mo koteng dipekere tseo di ne di gagola diatla le dinao tsa gagwe. Ditsala tsa gagwe di ne di utlwile botlhoko mme mmaagwe o ne a lela. Mme baeteledipele ba Bajuda bone ba ne ba mo sotla. (Luke 23:32-38; Joh. 19:25) Jesu o ile a fetsa diura di le mmalwa a ntse a le mo botlhokong. Ka ntlha ya tsela e a neng o kokotetswe ka yone mo koteng, pelo ya gagwe le makgwafo a gagwe di ne di tshwanetse go kgaratlha ka thata, mme go ne go se bonolo gore a kgone go hema. Jesu o ne a itse gore o feditse botshelo jwa gagwe jotlhe a ikanyega. Mme pele a swa, o ile a rapela Jehofa lekgetlho la bofelo. Go tswa foo, o ne a oba tlhogo a bo a neela botshelo jwa gagwe. (Mar. 15:37; Luke 23:46; Joh. 10:17, 18; 19:30) Ruri Jesu o ile a bolawa ka tsela e e tlhabisang ditlhong, mme o ile a swa loso lo lo botlhoko!

5. Mu na Jesu, ini cha ka be cha ka bipa ku pinda zila ya a ka bulawa nayo?

5 Jesu o ne a sa tshwenngwe ke tsela e a neng a tla bolawa ka yone. Mme o ne a tshwenngwa ke se a neng a latofadiwa ka sone e le gore a tle a bolawe. O ne a latofadiwa ka gore ke motlhapatsi, e leng motho yo o sa tlotleng Modimo kgotsa yo o sa tlotleng leina la Gagwe. (Math. 26:64-66) E re ka Jesu a ne a itse gore batho ba ne ba tla mo latofatsa ka gore ga a tlotle Modimo, o ne a tshwenyegile thata e bile a eletsa gore Rraagwe a se ka a letlelela gore a tlhabisiwe ditlhong ka tsela eo. (Math. 26:38, 39, 42) Goreng Jehofa a ile a letla gore Morwawe yo a mo ratang a boge a bo a swe? A re tlotleng ka mabaka a le mararo.

6. Ini kwa ka be ku sheteka kuti Jesu a bambuligwe mu bango?

6 Sa ntlha, Jesu o ne a tlhoka go pegiwa mo koteng gore a golole Bajuda mo phutsong e ba neng ba lebane le yone. (Bagal. 3:10, 13) Ba ne ba hutsegile ka gonne ba ikanne ka gore ba tla ikobela Molao wa Modimo mme ga ba a ka ba o ikobela. Mo godimo ga moo, e re ka e ne e le bana ba ga Adame, ba ne ba atlholetswe loso. (Bar. 5:12) Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o re fa motho a dirile boleo jo bo neng bo tshwanelwa ke loso, o ne a tlhoka go bolawa. Moragonyana mmele wa motho yoo o ne o pegiwa mo koteng. * (Dute. 21:22, 23; 27:26) Ka jalo, e re ka Jesu a ile a pegiwa mo koteng, setlhabelo sa gagwe se ne se tlile go thusa Bajuda ba ba neng ba mo ganne gore ba gololwe mo phutsong.

7. I libaka gupi gwe bubili gwa ka thama kuti Ndzimu a lechedzele Nkololo uwe ku dziyidzika?

7 Mma re tlotle ka lebaka la bobedi la go bo Modimo a ile a letla gore Morwawe a boge. Jehofa o ne a katisetsa Jesu nako ya fa e tla bo e le Moperesiti yo Mogolo. Jesu o ile a utlwa gore go thata jang go ikobela Modimo fa o lekwa. O ne a ikutlwa a gateletswe thata jaana mo a neng a rapela a kopa thuso “ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” E re ka Jesu a ile a diragalelwa ke dilo tseno, o tlhaloganya dilo tse re di tlhokang e bile ‘o kgona go re tswa thuso’ fa re ‘lekwa.’ Ruri re leboga go bo Jehofa a re neile Moperesiti yo Mogolo, yo o kutlwelobotlhoko, yo o kgonang go “re utlwela botlhoko ka makoa a rona”!—Baheb. 2:17, 18; 4:14-16; 5:7-10.

8. I libaka gupi gwe butatu gwa ka thama kuti Ndzimu a lechedzele Jesu ku likiwa kwa ka pindilila?

8 Lebaka la boraro la go bo Jehofa a ile a letla gore Jesu a bogisiwe mo go botlhoko e ne e le gore a kgone go araba potso e Satane a neng a e tsositse ya gore: A batho ba ka kgona go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa fa ba lekwa? Satane ene a re ga go kgonege! A re batho ba direla Modimo fela ka gonne ba lebeletse gore a ba neye sengwe. E bile o dumela gore batho ba tshwana fela le Adame, ga ba rate Jehofa. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) E re ka Jehofa a ne a tlhomamisegile gore Jesu o tla tswelela a ikanyega, o ile a letla gore a lekiwe ka tsela e go seng motho ope a kileng a lekwa ka yone. Jesu o ile a tswelela a ikanyega e le go bontsha gore Satane o maaka.

NKWALI WE BAIBILI WA KA ZWILAKIDZA HA E AMUCHILA DUMBU CHIBAYILO CHE KU TENGUNUGWA

9. Mpostolo Johani wa ka ti bigila chilakidzilo chipi?

9 Bakeresete ba le bantsi ba ile ba nonotshiwa tumelo ke kgang ya thekololo. Ba tswelela ba rera le fa gone ba ganediwa mme ba itshokela diteko, botshelo jwa bone jotlhe. Akanya ka sekai sa ga moaposetoloi Johane. Gongwe o ile a fetsa dingwaga di feta 60 a rerela batho ka Jesu Keresete le ka setlhabelo sa gagwe. Fa a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 100, Baroma ba ne ba akanya gore o kotsi mme ba ne ba mo tsenya mo kgolegelong kwa setlhaketlhakeng sa Patamose. Ke eng se a neng a se dirile? Go ne gotwe o phoso ka gonne a “bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshen. 1:9) Ruri Johane o ile a tlhoma sekao se se molemo sa go itshoka le go nna le tumelo!

10. Hwalo dza Johani dzo lakidza chini kuti wa ka be e amuchila chibayilo che ku tengunugwa?

10 Mo dibukeng tsa Baebele tse Johane a ileng a di kwala o ile a bua kafa a ratang Jesu ka gone, le gore o lebogela setlhabelo sa gagwe. O ile a bua ka setlhabelo sa ga Jesu kgotsa dilo tse setlhabelo seo se dirang gore di kgonege, ka makgetlho a feta 100. Ka sekai, o ile a re: “Fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami.” (1 Joh. 2:1, 2) Gape dilo tse Johane a ileng a di kwala di gatelela botlhokwa jwa go “naya bosupi ka Jesu.” (Tshen. 19:10) Tota Johane o ne a bontsha gore o lebogela setlhabelo sa ga Jesu. Rona re ka bontsha jang gore re a se lebogela?

U NGA LAKIDZA CHINI KUTI U NO BOKELA CHIBAYILO CHE KU TENGUNUGWA?

Fa e le gore tota re anaanela setlhabelo sa ga Jesu, ga re kitla re ineela fa re raelwa (Bona serapa 11) *

11. Ini chi nga ti batsha ku mililana ne ndiko?

11 Gana fa o raelwa go dira boleo. Fa re lebogela setlhabelo sa ga Jesu ga re kitla re akanya gore ga re tlhoke go dira sotlhe se re ka se kgonang go gana fa re raelwa. E bile ga re kitla re akanya gore re ka kgona go dira boleo ka gonne re itse gore re tla kopa Jehofa gore a re itshwarele. Go na le moo, fa re raelwa go dira sengwe se se sa siamang, re tla akanya ka dilo tse Jehofa le Jesu ba re diretseng tsone. Mo godimo ga moo, re ka kopa Jehofa gore a re neye maatla le gore a re thuse gore re se ka ra ineela fa re raelwa.—Math. 6:13.

12. Ti nga shingisa chini gumbuludzo li mu na 1 Johani 3:16-18?

12 Rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi re a bo re bontsha gore re lebogela setlhabelo sa ga Jesu. Goreng re re jalo? Ka gonne le bone Jesu o ba swetse. Ka jalo, fa Jesu a ne a ikemiseditse go ba swela, go raya gore le bone o a ba rata. (Bala 1 Johane 3:16-18.) Re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ka tsela e re le bone ka yone. (Baef. 4:29, 31–5:2) Ka sekai, re a ba thusa fa ba lwala, fa ba lebane le diteko le fa ba wetswe ke masetlapelo a tlholego. Mme gone, re tshwanetse go dira eng fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a bua kgotsa a dira sengwe se se re utlwisang botlhoko?

13. Ini ta ka fanila ku zwibatigwa bangwe?

13 A ka dinako dingwe go a tle go nne thata go itshwarela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe yo o go utlwisitseng botlhoko? (Lefi. 19:18) Fa e le gore go ntse jalo, dirisa kgakololo eno e e mo Baebeleng e e reng: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakol. 3:13) Nako le nako fa re itshwarela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o re utlwisitseng botlhoko, re a bo re bontsha Jehofa gore re lebogela setlhabelo sa ga Jesu. Mme gone, re ka dira eng gore tsela e re anaanelang setlhabelo sa ga Jesu ka yone e gole?

U NGA KUDZA CHINI KU AMUCHILA CHIBAYILO CHE KU TENGUNUGWA?

14. I zila ipi ingwe ya ti nga kudza ku amuchila chibayilo che ku tengunugwa?

14 Leboga Jehofa go bo a go neile thekololo. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 83 yo o nnang kwa India yo o bidiwang Joanna a re: “Ke akanya gore letsatsi le letsatsi fa ke rapela go botlhokwa gore ke leboge Jehofa ka setlhabelo sa ga Jesu.” Letsatsi le letsatsi fa o rapela bolelela Jehofa gore ke diphoso dife tse o di dirileng mme o mo kope gore a go itshwarele. Mme gone, fa o dirile boleo jo bo masisi o tla tlhoka go kopa thuso kwa bagolwaneng. Ba tla go reetsa ba bo ba go naya kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo. Ba tla rapela le wena, ba bo ba kopa Jehofa gore a go itshwarele gore o kgone go nna tsala ya gagwe gape.—Jak. 5:14-16.

15. Ini ta ka fanila ku zwipa chibaka che ku bala ne kwe chibayilo che ku tengunugwa ne ku chi kumbulila?

15 Akanya ka thekololo. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 73 yo o bidiwang Rajamani, a re: “Nako le nako fa ke bala ka tsela e Jesu a ileng a boga ka yone, matlho a me a gelela dikeledi.” Le wena o ka nna wa amiwa ke tsela e Morwa Modimo a ileng a boga ka yone. Mme fa o ntse o akanyetsa kwa teng ka setlhabelo sa ga Jesu, o tla rata Jesu le Rraagwe le go feta. Gore o kgone go dira jalo, gongwe o ka ipha nako ya go dira dipatlisiso ka thekololo.

Jesu o ile a bontsha balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go gopola loso lwa gagwe jang ngwaga le ngwaga. Mme o ne a dira jalo ka dijo tse di motlhofo (Bona serapa 16)

16. Ku diya bangwe ne kwe chibayilo che ku tengunugwa ku nga ti batsha chini? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

16 Ruta ba bangwe ka thekololo. Nako le nako fa re bolelela ba bangwe ka thekololo, tsela e re e anaanelang ka yone e tla gola. Re na le dikgatiso le dibidio tse di ka re thusang go tlhalosetsa ba bangwe lebaka la go bo Jesu a ne a tlhoka go re swela. Ka sekai, re ka dirisa thuto 4 ya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! Thuto eo e na le setlhogo se se reng, “Jesu Keresete ke Mang?” Kgotsa re ka nna ra dirisa kgaolo 5 ya buka ya Baebele e re Ruta Eng? Kgaolo eo e na le setlhogo se se reng, “Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong.” Mme ngwaga le ngwaga re dira gore tsela e re anaanelang thekololo ka yone e gole fa re nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu le fa re laletsa ba bangwe kwa go sone. Ruri Jehofa o re neile tshiamelo e kgolo ya go ruta ba bangwe ka Morwawe!

17. Ini chibayilo che ku tengunugwa ili chipo che Ndzimu chi no zwi pinda zose mu bathu?

17 Re na le mabaka a le mantsi a go tswelela re anaanela thekololo. Setlhabelo sa ga Jesu se re thusa go nna ditsala tsa ga Jehofa le fa gone re na le boleo. Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, ditiro tsa ga Diabolo di tlile go senngwa. (1 Joh. 3:8) Mme gape, setlhabelo sa ga Jesu se dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe bo diragadiwe. Lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. Mme mongwe le mongwe yo o tla bong o kopana le ene o tla bo a rata Jehofa e bile a mo direla. Ka jalo, a re batleng ditsela tsa go bontsha gore re lebogela mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe e Jehofa a e neileng batho, e leng, setlhabelo sa ga Jesu!

LUMBO 20 O re Neile Morwao yo o Rategang

^ ndi. 5 Goreng Jesu a ile a bogisiwa a bo a bolawa setlhogo? Re tlile go araba potso eno mo setlhogong seno. Gape setlhogo seno se tla re thusa gore re leboge Jehofa le go feta ka go bo a ile a re naya Morwawe gore a re swele.

^ ndi. 6 Baroma ba ne ba tlwaetse go kokotela kgotsa go bofelela, dikebekwa mo koteng fa di sa ntse di tshela. Mme Jehofa o ile a letla gore Morwawe a bolawe ka tsela eo.

^ ndi. 55 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Bakaulengwe ba gana go ineela fa ba raelwa. Wa ntlha o tsiboga ka bonako fa go tlhaga ditshwantsho tse di sa siamang mo founong ya gagwe. Wa bobedi o gana go ineela fa ba bangwe ba mo pateletsa gore a goge motsoko. Wa boraro o a gana fa a newa pipamolomo.