Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 15

Ku Zwidiya mu Matama a Jesu e Bupelo

Ku Zwidiya mu Matama a Jesu e Bupelo

“Oyu ndiye Nkololo wangu, u no dika, ndo shatha kwazo nge kukwe. Mu nhwilile!”—MAT. 17:5.

LUMBO 17 “Ke a Batla”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Chenesa chimo Jesu cha a ka be a li mu chilli ha e leba matama awe e bupelo a li nthu.

KE MOTSHEGARE wa Nisane 14, 33 C.E. Fa Jesu a sena go latofadiwa ka maaka a bo a bonwa molato wa sengwe se a sa se dirang, o a sotliwa a bo a itewa ka tsela e e setlhogo mme morago ga moo, o kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso. Fa a ntse a le mo koteng, dipekere di gagola diatla tsa gagwe le dinao tsa gagwe. Fa a re o a hema kgotsa o a bua o utlwa botlhoko. Mme gone, o patelesega go bua ka gonne go na le dilo dingwe tsa botlhokwa tse a tlhokang go di bua.

2 A re tlotleng ka mafoko a Jesu a neng a a bua fa a ne a tloga a tlhokafala a le mo koteng ya tlhokofatso, le ka se re ka ithutang sone mo mafokong ao. Tota re ka re, a re “mo reetseng.”—Math. 17:5.

“TATE, MU BA ZWIBATIGWE”

3. Jesu u nga dwa a ka be e dwa yani ha eti “Tate, mu ba zwibatigwe”?

3 Jesu o ile a reng? Morago ga gore Jesu a kokotelwe mo koteng, o ne a rapela a re: “Rara, ba itshwarele.” Jesu o ne a batla gore Rraagwe a itshwarele bomang? Mafoko a Jesu a ileng a a bua morago ga moo a re thusa go tlhaloganya gore o ne a bua ka bomang. O ne a re: “Ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:33, 34) Gongwe o ne a bua ka masole a Baroma a a neng a kokotela dipekere mo diatleng le mo dinaong tsa gagwe. Ba ne ba sa itse gore Jesu ke mang. Kgotsa gongwe o ne a akantse ka batho ba bangwe ba ba neng ba goa, ba batla gore a bolawe, ba moragonyana ba neng ba tla dumela mo go ene. (Dit. 2:36-38) Jesu o ne a sa dira sepe se se neng se dira gore a tshwanelwe ke go bolawa. Mme gone, ga a ka a galefa kgotsa a gana go itshwarela batho ba ba neng ba mmogisa. (1 Pet. 2:23) Go na le moo, o ne a kopa Jehofa gore a itshwarele batho ba ba neng ba tloga ba mmolaya.

4. Ti nga zwidiyani mu zila Jesu ya a no zwibatigwa ba no n’nyanyayidza?

4 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Fela jaaka Jesu, le rona re tshwanetse go nna re ikemiseditse go itshwarela batho ba bangwe. (Bakol. 3:13) Batho bangwe, tota le ba masika a rona ba ka re bogisa. Ba ka dira jalo ka gonne ba sa tlhaloganye se re se dumelang kgotsa tsela e re tshelang ka yone. Ba ka nna ba bua maaka ka rona, ba re tlhabisa ditlhong, ba senya dikgatiso tsa rona kgotsa ba re tshosetsa ka gore ba tlile go re gobatsa. Go na le go ba tshwara ka pelo, re ka ba rapelela re kopa Jehofa gore a ba thuse gore letsatsi lengwe ba ithute ka ene. (Math. 5:44, 45) Ka dinako dingwe go ka nna thata gore re ba itshwarele, segolobogolo fa ba re dirile sengwe se se re utlwisitseng botlhoko thata. Mme fa re nna re galefetse mongwe, re ikutlwisa botlhoko. Kgaitsadi mongwe o ile a re: “Fa ke itshwarela mongwe, ga go reye gore ke a re se a se dirileng se siame kgotsa ke batla gore a tswelele a ntshwara ka tsela e e sa siamang. Go raya fela gore ga ke batle go tswelela ke galefile.” (Pes. 37:8) Fa re dira tshwetso ya go itshwarela mongwe, re a bo re tlhopha gore re se ka ra tswelela re mo galefetse ka ntlha ya se a re dirileng sone.—Baef. 4:31, 32.

“U NOWO BE NAMI MU PARADAISI”

5. Jesu wa ka thembesani nngwe we zwigebenga zwa a ka be a ka bambugwa nazo, ngono ini a ka thembisa ne zila ya ka jalo?

5 Jesu o ile a reng? Dinokwane tse pedi di ne di kokotetswe go bapa le Jesu. Kwa tshimologong, ba ne ba mo sotla. (Math. 27:44) Mme moragonyana, yo mongwe o ne a tlogela go sotla Jesu. O ne a lemoga gore Jesu o ne a sa dira sepe se se phoso. (Luke 23:40, 41) Mme gape, o ne a bontsha gore o dumela gore letsatsi lengwe Jesu o tla tsosiwa a bo a busa e le kgosi. O ile a raya Jesu a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” (Luke 23:42) Ruri monna yoo o ne a bontsha gore o na le tumelo! Jesu o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna [e seng mo Bogosing mme] mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Ela tlhoko mafoko a Jesu a neng a a dirisa fa a ne a bua le monna yoo, a a bontshang gore o ne a bua le monna yoo e seng batho ba bangwe. O ile a dirisa mafoko a a jaaka “o” le “nna.” Jesu o ne a ka kgona go solofetsa monna yoo gore o tla tshela kwa paradaiseng ka gonne o ne a itse gore Rraagwe o kutlwelobotlhoko.—Pes. 103:8.

6. Ti nga zwidiyani mu matama Jesu a a ka budza chigebenga ichecho?

6 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Jesu o tshwana le Rraagwe. (Baheb. 1:3) Jehofa o batla go re itshwarela le go re utlwela botlhoko. Mme o tla re itshwarela fela fa re ikwatlhaela maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng e bile re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. (1 Joh. 1:7) Batho bangwe ga ba dumele gore Jehofa a ka ba itshwarela ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Fa go direga gore o ikutlwe jalo, akanya ka seno: Pele ga fa Jesu a swa, o ne a bontsha senokwane se se neng se sa tswa go bontsha gore se dumela mo go ene kutlwelobotlhoko. Fa Jehofa a kgonne go itshwarela senokwane seo, ga re belaele gore o tla itshwarela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba lekang ka natla go ikobela melao ya gagwe.—Pes. 51:1; 1 Joh. 2:1, 2.

“NKOLOLO WENYU HWOYO . . . ABO MMEYABO”

7. Jesu wa ka dwa Mariya na Johani e tini, mu mbiko i mu na Johani 19:26, 27, ngono ne kutini?

7 Jesu o ile a reng? (Bala Johane 19:26, 27.) Jesu o ne a tshwenyegile ka mmaagwe yo gongwe ka nako eo e neng e le motlholagadi. Bomonnawe Jesu ba ne ba ka mo tlhokomela ka dilo tse a neng a di tlhoka. Mme ke mang yo o neng a tla mo thusa gore a tswelele a direla Jehofa? Ga go na bosupi jwa gore bomonnawe Jesu e ne e setse e le barutwa ba gagwe ka nako eo. Mme Johane ene, e ne e le moaposetoloi yo o ikanyegang wa ga Jesu e bile e le tsala ya gagwe. Jesu o ne a tsaya batho ba ba obamelang Jehofa e le ba lelapa la gagwe. (Math. 12:46-50) E re ka Jesu a ne a rata Marea e bile a batla go tlhomamisa gore go na le mongwe yo o tla mo tlhokomelang, o ne a kopa Johane gore a sale a mo tlhokometse. Seno ke ka gonne o ne a itse gore Johane o ne a tla thusa Marea gore a tswelele a direla Jehofa. Ka jalo, o ile a raya mmaagwe a re: “Bona! Morwao!” Mme a raya Johane a re: “Bona! Mmago!” Go tloga ka letsatsi leo, Johane o ne a tlhokomela Marea fela jaaka morwa a ne a ka tlhokomela mmaagwe. Jesu o ne a bontsha gore o rata mosadi yo o sa bolong go mo tlhokomela go tloga fela e sa ntse e le lesea, e bile ka nako eo a ne a eme gaufi le ene fa a ne a bolawa.

8. Ti nga zwidiyani mu matama a Jesu a a lebeleka na Mariya na Johani?

8 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Re ka ikutlwa re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi go gaisa tsela e re atamalaneng le ba malapa a rona ka yone. Ba masika a rona ba ka re ganetsa ba bo ba re itatola. Mme fela jaaka Jesu a solofeditse, fa re nna re atamalane le Jehofa le phuthego ya Gagwe re tla amogela dilo tse di fetang tse di re latlhegetseng “go menagane ga lekgolo.” Re tla nna le bana le batsadi ba ba lorato. (Mar. 10:29, 30) O ikutlwa jang go bo o na le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong, ba ba kopanngwang ke go bo ba rata Jehofa, ba ratana le go bo ba na le tumelo?—Bakol. 3:14; 1 Pet. 2:17.

“NDZIMU WANGU, APA MA NDI LASHILANI KENE?”

9. Matama a Jesu a ka kwagwa mu na Matewu 27:46 a no ti diyani?

9 Jesu o ile a reng? Pele ga fa Jesu a swa o ile a goa a re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” (Math. 27:46) Baebele ga e tlhalose gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a bua mafoko ano. Mme gone, akanya ka se re ka ithutang sone mo go one. Re lemoga gore Jesu o ile a diragatsa boporofeti jo bo leng mo go Pesalema 22:1. * Gape mafoko ao a bontsha gore Jehofa o ne a sa tlhoma ‘legora go dikologa’ Morwawe. (Jobe 1:10) Jesu o ne a tlhaloganya gore Rraagwe o ne a letla gore batho ba ba neng ba mmogisa ba leke tumelo ya gagwe go fitlha a swa. Ga go na motho ope yo o kileng a lekiwa jaaka Jesu. Mme gape mafoko ano a ne a bontsha gore o ne a sa dira phoso epe mo a neng a tshwanelwa ke loso.

10. Ti nga zwidiyani mu matama a Jesu a a ka lebeleka na Tate babe?

10 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Selo sa ntlha se re ithutang sone ke gore ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a re sireletse gore re se ka ra lebana le diteko tse di ka lekang tumelo ya rona. Fela jaaka Jesu a ile a bogisiwa, le rona re ka lebelela gore re ka nna ra bogisiwa mme ra tlhoka go tswelela re ikanyega go fitlha re swa. (Math. 16:24, 25) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a letla gore re raelwe go feta kafa re ka itshokang ka gone. (1 Bakor. 10:13) Sengwe gape se re ka ithutang sone ke gore, fela jaaka Jesu, le rona re ka bogisiwa re sa dira sepe se se phoso. (1 Pet. 2:19, 20) Batho ba ba re bogisang ga ba re bogise ka gonne re dirile sengwe se se phoso, mme ke ka gonne re se karolo ya lefatshe le go bo re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Joh. 17:14; 1 Pet. 4:15, 16) Jesu o ne a tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a letlile gore a bogisiwe. Mme batlhanka bangwe ba ga Jehofa bone, ka dinako dingwe fa ba ne ba bogisiwa, ba ne ba ipotsa gore ke eng fa Jehofa a letlile gore ba diragalelwe ke dilo tse di botlhoko. (Hab. 1:3) E re ka Modimo wa rona a le kutlwelobotlhoko e bile a le pelotelele, o a itse gore ga ba dire jalo ka gonne ba se na tumelo. Ba tlhoka go gomodiwa mme Jehofa ke ene fela a ka kgonang go ba gomotsa.—2 Bakor. 1:3, 4.

“NDINA NYOTA”

11. Ini Jesu a ka leba matama a muna Johani 19:28?

11 Jesu o ile a reng? (Bala Johane 19:28.) Ke eng fa Jesu a ile a re: “Ke nyorilwe”? O ile a bua jalo “gore lokwalo lo tle lo diragadiwe.” O ne a diragatsa boporofeti jo bo mo go Pesalema 22:15 jo bo reng: “Maatla a me a kgadile jaaka kapetla ya sejana sa letsopa, loleme lwa me lo ngaparediwa mo marinining a me.” Gape, e re ka Jesu a ile a utlwisiwa botlhoko jo bo ngomolang pelo a bo a kokotelwa mo koteng, o tshwanetse a bo a ne a nyorilwe. O ne a tlhoka gore mongwe a mo neye sengwe se se ka mo timolang lenyora.

12. Ti nga zwidiyani mu matama a Jesu a noti “Ndina nyota”?

12 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Jesu o ne a sa tshabe go bolelela ba bangwe gore o ikutlwa jang. Ka jalo, le rona ga re a tshwanela go tshaba go bolelela ba bangwe gore re ikutlwa jang. Gantsi fa re tlhoka sengwe, re tlhopha go didimala go na le go kopa ba bangwe gore ba re thuse. Mme gone, fa re tlhoka thuso, ga re a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso. Ka sekai, fa re tsofetse kgotsa re lwala, re ka nna ra tlhoka gore mongwe a re ise kwa dishopong kgotsa kwa ngakeng. Fa re kgobegile marapo, re ka nna ra tlhoka go bua le mogolwane kgotsa Mokeresete yo o tlhomang sekao se se molemo. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ka re kgothatsa. (Dia. 12:25) O se ka wa lebala gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba a go rata e bile ba batla go go thusa ka “nako ya fa go na le matshwenyego.” (Dia. 17:17) Mme gone, ga ba ka ke ba itse gore re akanya eng, re ikutlwa jang kgotsa gore re tlhoka thuso, fa re sa ba bolelele.

“KWA PELA!”

13. Jesu wa ka khonani mu ku thembeka ku swikilila lufu gugwe?

13 Jesu o ile a reng? Ka Nisane 14, mo e ka nnang ka ura ya boraro thapama Jesu o ile a goa a re: “Go diragaditswe!” (Joh. 19:30) Mafoko a Jesu a ileng a a bua a re ruta gore pele Jesu a swa, o ne a itse gore o dirile sotlhe se Jehofa a neng a batla gore a se dire. E re ka Jesu a ile a kgona go tswelela a ikanyega go fitlha a swa, o ile a kgona go fitlhelela dilo di le dintsi. Sa ntlha, o ile a bontsha gore Satane o maaka. O ile a bontsha gore motho yo o itekanetseng kgotsa yo o se nang boleo a ka kgona go tswelela a ikanyega go sa kgathalesege gore Satane a ka mo dira eng. Sa bobedi, o ile a ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo. Ka ntlha ya setlhabelo sa gagwe, batho ba ba sa itekanelang ba kgona go nna ditsala tsa ga Jehofa le go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri. Sa boraro, o ile a bontsha gore Jehofa ke mmusi yo o molemo. Gape o ile a tlotlomatsa leina la Modimo le le neng le gogobisitswe mo seretseng.

14. Ta ka fanila ku zwimisila ku chila chini zhuba ne zhuba? Chenesa.

14 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang letsatsi le letsatsi gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa. Ela tlhoko se Mokaulengwe Maxwell Friend yo e neng e le motlhatlheledi kwa Sekolong sa Gileade a ileng a se bua. Fa Mokaulengwe Friend a ne a neile puo e e buang ka boikanyegi kwa kopanong ya boditšhabatšhaba o ile a re: “Fa go na le sengwe se o tlhokang go se bua kgotsa go se dira, o se ka wa se beela nako e e tlang kgotsa letsatsi le le latelang. Ka gonne ga o a tlhomamisega gore kamoso o tla bo o sa ntse o tshela. Letsatsi le letsatsi fa o dira sengwe, se dire e kete ga o kitla o nna le tshono e nngwe gape go ipontsha gore o tshwanelega go tshelela ruri.” Ka jalo, a letsatsi le letsatsi re lekeng go tshela e kete ga re kitla re nna le tshono e nngwe gape go bontsha Jehofa gore re ikanyega mo go ene! Mme fa go ka direga gore re swe re tla kgona go bua re re: “Jehofa, ke dirile sotlhe se nka se kgonang go tswelela ke ikanyega mo go wena, go bontsha gore Satane ke moaki, le go tlotlomatsa leina le bolaodi jwa gago!”

“NDO LONGA MEYA YANGU MU MABOKO ENYU”

15. Ku yenda na Luka 23:46, Jesu wa ka lakidza ku galabgwe muni?

15 Jesu o ile a reng? (Bala Luke 23:46.) Jesu o ile a re: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.” Mme o ile a bua mafoko ano a tlhatswegile pelo. Jesu o ne a itse gore a ka kgona go tshela gape fela fa Jehofa a ka mo tsosa, mme o ne a tlhomamisegile gore Rraagwe ga a kitla a mo lebala.

16. To zwidiyani muna cha ka shingikalila Nfakazi we makole a li 15?

16 Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu? Tswelela o ikanyega mo go Jehofa le fa botshelo jwa gago bo le mo kotsing. Gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go ‘ikanya Jehofa ka pelo ya gago yotlhe.’ (Dia. 3:5) Akanya ka se mosha mongwe wa Mosupi wa dingwaga di le 15 yo o bidiwang Joshua a ileng a se dira. Joshua o ne a tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo kotsi jo bo neng bo tlile go mmolaya. Mme o ile a gana go amogela kalafi e e neng e le kgatlhanong le molao wa Modimo. Pele a tlhokafala, o ile a raya mmaagwe a re: “Mama, botshelo jwa me bo mo diatleng tsa ga Jehofa. . . . Ke tlhomamisegile gore Jehofa o tlile go ntsosa fa a tsosa baswi. Jehofa o a itse gore ke akanya eng le gore ke ikutlwa jang e bile ke a mo rata.” Rotlhe re tshwanetse go ipotsa gore, ‘Fa nka lebana le maemo a a lekang tumelo ya me a a ka dirang gore ke feleletse ke swa, a ke tla tswelela ke ikanyega mo go Jehofa le go tshepa gore o tla nkgakologelwa fa a tsosa baswi?’

17-18. Ta zwidiyani? (Bona bokisi li noti “ Se re Ithutang Sone mo Mafokong a Bofelo a Jesu a Ileng a a Bua Pele a Tlhokafala.”)

17 Go na le dilo di le dintsi tse re ka ithutang tsone mo mafokong a bofelo a Jesu a ileng a a bua. Mafoko ao a re thusa go lemoga gore re tlhoka go itshwarela ba bangwe le go dumela gore Jehofa o tla re itshwarela. Re itumelela go bo re na le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ba ikemiseditseng go re thusa. Mme le rona fa re tlhoka thuso re tshwanetse go ba kopa. Re a itse gore Jehofa o tla re thusa go itshokela bothata bongwe le bongwe jo re kopanang le jone. Gape re bona botlhokwa jwa gore letsatsi le letsatsi re tshele jaaka e kete ga re kitla re nna le tshono e nngwe go bontsha Jehofa gore re ikanyega mo go ene, le go tlhomamisega gore Jehofa o tla re tsosa fa re ka swa.

18 Ruri mafoko a Jesu a ileng a a bua fa a tloga a swa mo koteng ya tlhokofatso, a ka re ruta dilo di le dintsi! Fa re dirisa se re ithutileng sone mo mafokong a ga Jesu re tla bo re reetsa se Jehofa a ileng a se bua ka Morwawe fa a ne a re: “Mo reetseng.”—Math. 17:5.

LUMBO 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

^ ndi. 5 Mathaio 17:5 e re bolelela gore Jehofa o batla gore re reetse Morwawe. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse re ithutang tsone mo mafokong a bofelo a ga Jesu a a neng a a bua fa a ne a tloga a swa mo koteng ya tlhokofatso.

^ ndi. 9 Go bona mabaka a go bo Jesu a ile a nopola mafoko a a mo go Pesalema 22:1, bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng ono.