Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 16

“Hazwadzi Iyo Inowomuka!”

“Hazwadzi Iyo Inowomuka!”

“Jesu kan’dwa kati [Mata], ‘Hazwadzi iyo inowomuka.’”—JOH. 11:23.

LUMBO 151 O Tla Bitsa

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Mbisana nngwe wa ka lakidza thembo iye chini mu ku musiwa kwe bafi?

 MOSIMANYANA mongwe yo o bidiwang Matthew o ne a lwala thata e bile a tshwanelwa ke go dirwa dikaro tse dintsi. Fa a na le dingwaga di le supa, letsatsi lengwe ene le ba lelapa la gaabo ba ne ba lebeletse JW Broadcasting®. Fa e ela kwa bofelong, go ne ga tshameka bidio ya mmino e e neng e bontsha batho ba tsosiwa. b Fa e sena go fela, Matthew o ne a tshwara diatla tsa batsadi ba gagwe a bo a re: “Mama le Papa, le fa nka swa, ke tla tsosiwa. Go tla siama, re tla boa re kopana.” Batsadi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela tota fa ba lemoga gore morwaabone o dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa.

2-3. Ini kwa ka lulwama kuti ti alakane ne kwe thembiso ye ku musiwa kwe bafi?

2 Re tshwanetse go nna re akanya ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore baswi ba tla tsosiwa. (Joh. 5:28, 29) Ka ntlha ya eng? Ka gonne re ka lwala thata kgotsa ra tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang re sa lebelela. (Mor. 9:11; Jak. 4:13, 14) Go itse gore baswi ba tlile go tsosiwa go tla re thusa gore re kgone go itshokela maemo ao a a thata. (1 Bathes. 4:13) Baebele e re bolelela gore Rraarona yo o kwa legodimong o re itse sentle e bile o a re rata. (Luke 12:7) E re ka Jehofa a re itse, o tlile go re tsosa re na le botho jo re neng re na le jone pele re tlhokafala e bile re gopola dilo tse di ileng tsa re diragalela. Gape o re rata thata e bile o batla gore re tshelele ruri. Tota le fa re ka swa, o tla re tsosa.

3 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka mabaka a a dirang gore re dumele gore baswi ba tlile go tsosiwa. Go tswa foo, re tla tlotla ka pego ya Baebele e mafoko a temana ya rona ya setlhogo a tswang mo go yone. Mafoko ao a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” (Joh. 11:23) Kwa bofelong, re tla bona gore re ka dira eng gore re tlhatswege pelo le go feta gore baswi ba tlile go tsosiwa.

MABAKA E KU DUMA MU THEMBISO YE KU MUSIWA KWE BAFI

4. Kuti ti dume cha ti no thembesiwa ta ka fanila sukika moyo ne kweni? Lakidzila.

4 Fa motho a re solofetsa sengwe, re ka mo dumela fa re itse gore o batla go dira se a se solofeditseng e bile o na le bokgoni jwa go dira jalo. Ka sekai, a re re ntlo ya gago e sentswe ke setsuatsue, mme tsala nngwe ya gago e bo e go solofetsa jaana: ‘Ke tlile go go thusa go e baakanya.’ O bua a tiisitse mme o a itse gore o batla go go thusa. Fa e le gore tsala ya gago e itse go aga e bile e na le dithulusu tse di tlhokegang, seo se dira gore o dumele gore o tla kgona go go thusa. Mme re ka reng ka tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tsosa baswi? A o batla go dira se a se solofeditseng, e bile o na le bokgoni jwa go dira jalo?

5-6. Ini ti nga themba kuti Jehova u no shaka ku musa bafi?

5 A Jehofa o batla go tsosa baswi? Ee, o batla go ba tsosa. O ile a dira gore batho bangwe ba ba neng ba kwala Baebele, ba kwale ka tsholofetso eo ya gore o tla tsosa baswi mo nakong e e tlang. (Isa. 26:19; Hos. 13:14; Tshen. 20:11-13) Fa Jehofa a solofetsa sengwe, ka metlha o a se dira. (Josh. 23:14) Tota e bile, Jehofa o swegaswega pelo go tsosa batho ba ba tlhokafetseng. Goreng re rialo?

6 Akanya ka se Jobe a ileng a se bua. O ne a tlhatswegile pelo gore le fa a ka swa, Jehofa o tla mo tsosa. (Jobe 14:14, 15) Jehofa o ikutlwa jalo ka batlhanka botlhe ba gagwe ba ba tlhokafetseng. O batla go ba tsosa gore ba tshele ba itumetse e bile ba sa lwale. Mme gone, Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba le bantsintsi ba ba ileng ba swa ba sa nna le tshono ya go ithuta ka ene? Le bone o batla go ba tsosa. (Dit. 24:15) O batla gore ba nne le tshono ya go nna ditsala tsa gagwe le gore ba tshelele ruri mo lefatsheng. (Joh. 3:16) Ruri Jehofa o batla go tsosa batho ba ba tlhokafetseng!

7-8. Ini ti nga themba kuti Jehova u na masimba e ku musa bafi?

7 A Jehofa o na le bokgoni jwa go tsosa baswi? Ee, o na le jone ka gonne ke “Mothatayotlhe.” (Tshen. 1:8) O na le maatla a go fedisa mmaba mongwe le mongwe wa rona, go akaretsa le loso. (1 Bakor. 15:26) Seno se a re kgothatsa e bile se a re gomotsa. Akanya ka se se ileng sa diragalela Kgaitsadi Emma Arnold. Tumelo ya gagwe le ya ba lelapa la gagwe e ile ya lekiwa thata ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe. Nako nngwe morwadie o ne a utlwile botlhoko thata ka gonne batho ba a ba ratang ba ne ba tlhokafaletse kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi. Emma o ne a mo gomotsa a re: “Fa e le gore batho ba ba tlhokafetseng ga ba kitla ba tsoga, seo se raya gore loso lo maatla go feta Modimo, mme seo ga se kgonege.” Jehofa ga a palelwe ke sepe. E re ka e le ene a bopileng batho, ga a ka ke a palelwa ke go tsosa batho ba ba tlhokafetseng.

8 Sengwe gape se se dirang gore re dumele gore Modimo o tla kgona go tsosa baswi, ke gore ga a lebale. O itse naledi nngwe le nngwe ka leina. (Isa. 40:26) Ka jalo, o gopola batho ba ba tlhokafetseng. (Jobe 14:13; Luke 20:37, 38) Jehofa o itse sengwe le sengwe ka batho ba a tlileng go ba tsosa. O a itse gore ba ne ba lebega jang, ba na le botho jo bo ntseng jang le gore ba diragaletswe ke eng mo botshelong.

9. Ini u dumila mu thembiso ya Jehova ye ku musiwa kwe bafi mu chibaka chi no zha?

9 Jaaka re bone, re ka dumela gore Jehofa o tla tsosa baswi mo nakong e e tlang ka gonne re a itse gore o batla go dira jalo e bile o na le bokgoni. Gape re dumela gore o tla tsosa baswi ka gonne o ile a dira jalo mo nakong e e fetileng. Ka nako ya fa Baebele e kwalwa, o ile a naya banna bangwe ba ba ikanyegang go akaretsa le Jesu, maatla a go tsosa baswi. A re tlotleng ka pego e e buang ka mongwe yo Jesu a ileng a mo tsosa e e mo go Johane kgaolo 11.

JESU U NO FIGWA NE NKHWINYA WA A NO DA

10. Ko shingikalani ha Jesu e ntse e diya seli kwe Jorodani ku dwa ku Bhetani, ngono ku dwapo u no thamani? (Johani 11:1-3)

10 Bala Johane 11:1-3. Akanya ka se se ileng sa direga kwa Bethani kwa bowelong jwa ngwaga wa 32 C.E. Ditsala tsa ga Jesu e bong Lasaro le bokgaitsadie e bong Marea le Maratha, ba ne ba nna kwa motseng oo. (Luke 10:38-42) Ka nako eo, Lasaro o ile a lwala mme bokgaitsadie ba ne ba tshwenyegile thata. Jesu o ne a le kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane, ka jalo ba ne ba roma mongwe gore a ye go mmolelela gore Lasaro o a lwala. Go tswa kwa Bethani go ya kwa Jesu a neng a le gone e ne e le loeto lwa malatsi a ka nna mabedi. (Joh. 10:40) Ka maswabi, fa motho yo ba neng ba mo romile a goroga kwa go Jesu, Lasaro o ne a tlhokafala. Le fa Jesu a ne a itse gore tsala ya gagwe e tlhokafetse, ga a ka a ya kwa Bethani ka yone nako eo. O ne a nna malatsi a mabedi kwa a neng a le teng, mme e bo e nna gone a yang. Ka jalo fa a goroga kwa Bethani, Lasaro o ne a na le malatsi a le manê a tlhokafetse. Jesu o ne a tlile go dira sengwe se se neng se tlile go thusa ditsala tsa gagwe le go galaletsa Modimo.—Joh. 11:4, 6, 11, 17.

11. To zwidiyani ne kwe bukhwinya ku dwa mu mbiko iyeyi?

11 Pego eno e re ruta sengwe ka go nna tsala e e molemo. Fa Marea le Maratha ba ne ba romelela Jesu molaetsa, ga ba a ka ba mo kopa gore a tle kwa Bethani. Ba ile ba mmolelela fela gore tsala ya gagwe e a lwala. (Joh. 11:3) Fa Lasaro a sena go swa, Jesu o ne a ka kgona go mo tsosa a le kwa a neng a le teng. Mme ga a ka dira jalo, go na le moo, o ne a ya kwa Bethani gore a ye go gomotsa Marea le Maratha. A le wena o na le tsala e e ntseng jalo, e e kgonang go go thusa le fa o sa mo kopa? O a itse gore o tla go thusa “ka dinako tsa matshwenyego.” (Diane 17:17) E kete le rona re ka nna ditsala tse di ntseng jalo. A re boneng gore go ile ga direga eng gape mo pegong eno.

12. Jesu u no thembesani Mata, ngono ini isi thembiso koga isina malebeswa? (Johani 11:23-26)

12 Bala Johane 11:23-26. Maratha o ne a utlwela gore Jesu o gaufi le Bethani. O ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha a bo a mo raya a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.” (Joh. 11:21) Boammaaruri ke gore Jesu a ka bo a ile a kgona go fodisa Lasaro. Mme go na le sengwe se se kgatlhang se a neng a batla go se dira. O ne a solofetsa Maratha a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” O ne a batla gore Maratha a nne le lebaka le lengwe la go dumela se a mo solofetsang sone. O ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” Modimo o ne a mo neile maatla a go tsosa baswi. Fela fa mosetsanyana mongwe a sena go swa, Jesu o ne a mo tsosa. Gape o ne a tsosa lekawana lengwe ka letsatsi le le neng la swa ka lone. (Luke 7:11-15; 8:49-55) A mme o ne a ka kgona go tsosa motho yo o nang le malatsi a le manê a tlhokafetse e bile mmele wa gagwe o simolotse go bola?

“LAZARO, BHUDA!”

Jesu o ile a utlwa botlhoko fa a bona ditsala tsa gagwe di hutsafetse (Bona serapa 13-14)

13. Mu na Johani 11:32-35, Jesu u no zwihwa chini ha e bona Mariya ne bangwe be lila? (Bona itshwantsho.)

13 Bala Johane 11:32-35. Akanya ka se se ileng sa direga morago ga moo. Marea le ene o ne a ya go kgatlhantsha Jesu. O ne a bua se Maratha a ileng a se bua. O ne a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.” Marea le batho ba a neng a na le bone, ba ne ba utlwile botlhoko thata. Jesu o ile a utlwa botlhoko tota fa a ba bona ba lela. O ile a lela ka gonne o ne a utlwela ditsala tsa gagwe botlhoko. O ne a itse gore motho o utlwa botlhoko thata fa a tlhokafaletswe ke mongwe yo a mo ratang. E re ka loso lwa ga Lasaro lo ne lo ba utlwisitse botlhoko, o ne a batla go mo tsosa.

14. Ti nga zwidiyani ne kwa Jehova mu ku zwibata kwa Jesu ha e bona Mariya e lila?

14 Se Jesu a ileng a se dira fa a bona Marea a lela se re bontsha gore Jehofa ke Modimo yo o pelotlhomogi thata. Goreng re rialo? Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Jesu o etsa tsela e Rraagwe a akanyang ka yone le e a ikutlwang ka yone. (Joh. 12:45) E re ka Jesu a ile a lela fa a bona ditsala tsa gagwe di utlwile botlhoko, seo se raya gore Jehofa o utlwa botlhoko fa a re bona re hutsafetse. (Pes. 56:8) A seno ga se dire gore o batle go atamalana thata le Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko?

Jesu o ile a bontsha gore o na le maatla a go tsosa baswi (Bona serapa 15-16)

15. Sekwa ku no lakidziwa mu na Johani 11:41-44, ini chi no shingikala ku ikumbu cha Lazaro? (Bona itshwantsho.)

15 Bala Johane 11:41-44. Fa Jesu a goroga kwa lebitleng la ga Lasaro, o ne a kopa gore leje le le tswetseng lebitla le tlosiwe. Maratha o ne a re le se ka la tlosiwa ka gonne mmele wa ga Lasaro o tshwanetse wa bo o nkga. Jesu o ne a mo raya a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela o tla bona kgalalelo ya Modimo?” (Joh. 11:39, 40) Fa Jesu a sena go bua jalo, o ne a leba kwa legodimong a bo a rapela. O ne a batla gore batho ba itse gore Jehofa ke ene a mo neileng maatla a go dira se a neng a tloga a se dira. Fa a sena go rapela o ne a re: “Lasaro, tswa!” Mme Lasaro o ne a tswa mo lebitleng. Jesu o ile a dira sengwe se batho ba neng ba akanya gore se ka se kgonege.

16. Mbiko i mu na Johani ndima 11 i no simisa dumilo yedu chini mu thembiso ye ku musiwa kwe bafi?

16 Pego e e mo go Johane kgaolo 11 e re thusa go dumela gore baswi ba tla tsosiwa. E re thusa jang? Gopola gore Jesu o ne a raya Maratha a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” (Joh. 11:23) Fela jaaka Rraagwe, Jesu o na le maatla a go tsoga baswi, e bile o na le bokgoni jwa go dira jalo. Fa a ne a lela, o ne a bontsha gore o batla go tsosa baswi le go fedisa kutlobotlhoko e e bakiwang ke loso. O ile a bontsha gore o na le maatla a go tsosa baswi ka gonne o ile a kgona go tsosa Lasaro. Gape akanya ka se a ileng a se bolelela Maratha. O ne a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela o tla bona kgalalelo ya Modimo?” (Joh. 11:40) Re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Modimo o tla tsosa baswi. Mme re ka dira eng gore re tlhatswege pelo le go feta gore seno se tla direga?

SE KWA TI NGA THAMA KUTI THEMBISO YE KU MUSIWA KWE BAFI IBE CHITHU CHE MALEBESWA MU TILI

17. Ta ka fanila kumbulani ha ti bala mbiko dze Baibili dzi no lebeleka ne kwe ku musiwa kwe bafi?

17 Bala dipego tse di buang ka batho ba ba ileng ba tsosiwa o bo o akanyetse kwa teng ka tsone. Mo Baebeleng go na le dipego di le robedi tsa batho ba ba ileng ba tsosediwa mo lefatsheng. c Iphe nako ya go bala dipego tseno ka kelotlhoko. Fa o ntse o bala, gopola gore dipego tseo ga se ditlhamane, go buiwa ka batho ba mmatota. Leka go bona gore pego nngwe le nngwe e bontsha jang gore Jehofa o batla go tsosa baswi le gore o na le bokgoni jwa go dira jalo. Mo godimo ga moo, iphe nako ya go bala le go akanya ka pego e e botlhokwa e e buang ka go tsosiwa ga ga Jesu. Nna o gopotse gore batho ba le bantsi ba ile ba bona Jesu fa a sena go tsosiwa le gore tsogo ya gagwe e re tlhatswa pelo gore eleruri baswi ba tlile go tsosiwa.—1 Bakor. 15:3-6, 20-22.

18. Ti nga shingisa zwibuyanana chini njimbo dzedu dzi no lebeleka ne kwe thembo yedu ye ku musiwa kwe bafi? (Bona nkwalo u kusi.)

18 Reetsa “dipina tsa kobamelo” tse di buang ka tsogo ya baswi, di opele o bo o akanye ka tsone. d (Baef. 5:19) Dipina tseno di dira gore re tlhatswege pelo gore baswi ba tla tsosiwa e bile di a re kgothatsa. Di reetseng, di opeleng, lo bo lo tlotle ka mafoko a tsone fa lo tshwere kobamelo ya lelapa. Leka go tshwara mafoko a tsone ka tlhogo le go akanyetsa kwa teng ka one. Fa o lwala thata kgotsa o tlhokafaletswe ke motho yo o mo ratang, moya wa ga Jehofa o tla go thusa go gopola dipina tseo mme di tla go gomotsa e bile di tla go kgothatsa.

19. Ti ngana ti ka kumbulani ne kwe ku musiwa kwe bafi? (Bona bokisi i no ti “ O ka Rata go ba Botsa Eng?”)

19 Leka go ipona o le kwa paradaiseng. Jehofa o re neile bokgoni jwa go akanya gore go tla bo go ntse jang kwa lefatsheng le lesha. Kgaitsadi mongwe a re: “Ke fetsa nako e ntsi ke akanya ka Paradaise, mo e leng gore ka dinako tse dingwe go nna jaaka e kete ke utlwa monko o o monate wa malômô a re tlileng go a jala.” Leka go ipona o kopana le banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. O batla go kopana le mang? O ka rata go mmotsa dipotso dife? Gape leka go ipona o kopana le batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. Akanya gore o tlile go ba raya o reng, o tlile go ba amogela jang le gore o tla bo o itumetse jang fa o ba bona.

20. Ta ka fanila zwimisilani?

20 Re itumelela gore Jehofa o re solofetsa gore o tlile go tsosa baswi. Re tlhatswegile pelo gore o tla dira jalo ka gonne o batla go ba tsosa e bile o na le bokgoni joo. Ka jalo, a re tsweleleng re dira dilo tse di tla re tlhatswang pelo gore baswi ba tlile go tsosiwa. Fa re dira jalo, re tla atamalana thata le Modimo yo o re solofetsang gore o tlile go tsosa batho ba re ba ratang.

LUMBO 147 Tsholofetso ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

a Fa e le gore mongwe yo o mo ratang o tlhokafetse, go itse gore o tlile go tsosiwa go a go gomotsa. Mme gone, a o ka kgona go tlhalosetsa batho ba bangwe lebaka la go bo o dumela gore o tla tsosiwa? Ke eng se se ka go tlhatswang pelo le go feta gore baswi ba tlile go tsosiwa? Setlhogo seno se kwaletswe go re tlhatswa pelo gore baswi ba tla tsosiwa.

b Bidio eo ya mmino e na le setlhogo se se reng Just Around the Corner. E ne ya tlhaga mo thulaganyong ya JW Broadcasting ya November 2016 ka Seesemane.

c Bona lebokoso le le reng, “Batho ba le Robedi ba mo Baebeleng ba ba Ileng ba Tsosiwa” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2015, ts. 4.

d Bona dipina tse di latelang mo bukeng ya Opelelang Jehofa ka Boitumelo:Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha” (Pina 139), “Leba Kwa Mokgeleng!” (Pina 144) le “O tla Bitsa” (Pina 151). Gape bona pina e e reng “Just Around the Corner” ka Seesemane, e e reng “Lefatshe le Lesha” le e e reng “Tla o Bone” mo JW Library.