Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 14

LUMBO 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri

“Dwililani mu Kula”

“Dwililani mu Kula”

“Tidwilile [ti kula].”​—BAH. 6:1.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore Mokeresete yo o godileng sentle o akanya jang le gore o dira dilo jang go dumalana le thato ya ga Jehofa. Gape re tla bona gore o dira jang ditshwetso tse di siameng.

1. Jehova U no shaka kuti ti thameni?

 BANYALANI ba itumela tota fa ba nna le ngwana. Le fa go ntse jalo, ga ba batle gore ngwana wa bone a nnele losea ruri. Boammaaruri ke gore ba tla tshwenyega tota fa a sa gole, ka gonne ga twe ngwana ga se pitsana, ga a golele tlase. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa re simolola go ithuta ka ene, mme gone ga a batle gore re felele foo. (1 Bakor. 3:1) Go na le moo, o batla gore re nne Bakeresete “ba ba godileng.”​—1 Bakor. 14:20.

2. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tseno: Go nna Mokeresete yo o godileng sentle go kaya eng? Re tshwanetse go dira eng gore re nne Bakeresete ba ba godileng sentle? Go ithuta dithuto tse di boteng tse di mo Lefokong la Modimo go tla re thusa jang go nonotsha botsala jwa rona le Jehofa? Goreng re sa tshwanela go itshepa thata?

KO DWANI KU BE NKIRISITI WA CHI KULA?

3. Ko dwani ku be Nkirisiti wa chi kula kwa ka pelela?

3 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “monna yo o godileng,” gape le ka kaya gore Mokeresete o tshwanetse go nna le dinonofo tse Jehofa a batlang gore re nne le tsone. a (Baef. 4:13) Fela jaaka ngwana a tswelela a gola go fitlha a nna mogolo, le rona re tshwanetse go tswelela re nonotsha botsala jwa rona le Jehofa go fitlha re nna Bakeresete ba ba godileng sentle. Mme gone, tota le fa re setse re dirile jalo, re tshwanetse go tswelela re gatela pele. (1 Tim. 4:15) Mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go nna Mokeresete yo o godileng sentle, go akaretsa le basha. Mme gone, ke eng se se bontshang gore motho ke Mokeresete yo o godileng sentle?

4. Ini chi no lakidza kuti Nkirisiti wa chi kula?

4 Mokeresete yo o godileng sentle o dira sengwe le sengwe se Jehofa a reng a se dire, e seng se ene a se batlang. Gone ke boammaaruri gore o tla dira diphoso ka gonne a na le boleo. Le fa go ntse jalo, o dira sotlhe se a ka se kgonang letsatsi le letsatsi go akanya le go dira dilo ka tsela e Jehofa a e batlang. Ga a tlhole a dira dilo jaaka a ne a di dira pele e nna Mokeresete, e bile o leka go akanya jaaka Jehofa. (Baef. 4:22-24) Gape Mokeresete yo o godileng sentle o dirisa melao le melaometheo e e mo Baebeleng gore a dire ditshwetso tse di siameng, ka jalo ga a tlhoke melao e mentsintsi e e tlhalosang gore a dire eng. Mo godimo ga moo, fa a ikaeletse go dira sengwe, o a se dira.​—1 Bakor. 9:26, 27.

5. Nkirisiti u sathu a ka kula u no lingisana ne mathatha api? (Baefeso 4:14, 15)

5 Mokeresete yo o sa golang sentle, a ka tsiediwa ke “dithuto tse di seng boammaaruri tsa batho ba ba tsietsang ba bangwe.” Ka sekai, a ka nna a dumela dilo tse di seng boammaaruri tse di buiwang mo dikgannyeng le mo metsweding ya go ikgolaganya le batho e bile a ka tsiediwa ke batlhanogi. b (Bala Baefeso 4:14, 15.) Gape Mokeresete yo o sa golang sentle a ka fufegela ba bangwe, a nna le dikgotlhang le bone kgotsa a kgopisega motlhofo. Mo godimo ga moo, a ka nna a ineela fa a raelesega go dira dilo tse di sa siamang.​—1 Bakor. 3:3.

6. Zila ye ku kula i nga fanidzanyiwa neni? (Bona itshwantsho.)

6 Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, Baebele e tshwantsha tsela e Mokeresete a golang ka yone le e ngwana a golang ka yone. Go na le dilo di le dintsi tse ngwana a sa di itseng, ka jalo o tlhoka motho yo o godileng gore a mo thuse. Ka sekai, mmê a ka tshwara morwadie ka seatla fa ba kgabaganya tsela. Fa ngwana yoo a ntse a gola, mmaagwe a ka mo letla gore a kgabaganye tsela a le nosi, mme a bo a mo laela gore a lebe mo matlhakoreng oomabedi pele a kgabaganya. Fa a setse a godile, ga a tlhoke go bolelwa gore a dire eng. Ka jalo, fela jaaka ngwana a tlhoka mogolo gore a mo thuse gore a se ka a tsena mo mathateng, Mokeresete yo o sa golang sentle o tlhoka Bakeresete ba ba godileng sentle go mo thusa gore a se ka a senya botsala jwa gagwe le Jehofa le gore a dire ditshwetso tse di siameng. Mme fa a nna Mokeresete yo o godileng sentle, o kgona go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng go bona gore Jehofa o akanya eng fa a tlhoka go dira ditshwetso. Go tswa foo, o dira se se siameng.

Mokeresete yo o sa golang sentle o tshwanetse go dirisa melaometheo ya Baebele gore a kgone go dira ditshwetso tse di siameng (Bona serapa 6)


7. Bakirisiti ba chi kula ba no sheta batsho ye bangwe?

7 A seno se raya gore Bakeresete ba ba godileng sentle ga ba tlhoke go thusiwa? Nnyaa. Ka dinako dingwe ba ka kopa batho ba bangwe gore ba ba thuse. Motho yo a iseng a gole sentle o batla gore ba bangwe ba mmolelele gore a dire eng le gore ba mo direle ditshwetso tse a tshwanetseng go di itirela. Mokeresete yo o godileng sentle ene o a itse gore le fa a ka kopa ba bangwe gore ba mo thuse, o tshwanetse go itirela ditshwetso, e bile o a itse gore “o tla rwala morwalo wa gagwe.”​—Bagal. 6:5.

8. Bakirisiti ba chi kula ba no leyana ne zila dzipi?

8 Fela jaaka batho ba ba godileng ba sa tshwane, Bakeresete ba ba godileng sentle le bone ba na le dinonofo tse di sa tshwaneng. Ka sekai, ba bangwe ba botlhale mme ba bangwe ba pelokgale. Ba bangwe ba pelontle mme ba bangwe bone ba pelotlhomogi. Gape Bakeresete ba ba godileng sentle ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng mme gone di sa thulane le melao ya Modimo, segolobogolo ditshwetso tse di amang segakolodi. Mo maemong ao, ga go ope wa bone yo o tsayang gore o botoka mo go yo mongwe, go na le moo ba dirisana sentle ka kutlwano.​—Bar. 14:10; 1 Bakor. 1:10.

TI NGA KULA MU ZILA YE BUKIRISITI CHINI?

9. Ku kula kwedu kwe Bukirisiti ko zwizhila koga? Chenesa.

9 Bana ba ikgolela fela, mme gone go ka se itiragalele fela gore rona re nne Bakeresete ba ba godileng sentle. Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Korintha ba ile ba ithuta boammaaruri, ba kolobediwa, ba amogela moya o o boitshepo ba bo ba ithuta dilo di le dintsi mo go moaposetoloi Paulo. (Dit. 18:8-11) Le fa go ntse jalo, dingwaga di le dintsi fa ba sena go kolobediwa, ba ne ba ise ba nne Bakeresete ba ba godileng sentle. (1 Bakor. 3:2) Re ka dira eng gore seo se se ka sa re diragalela?

10. Ti nga thamani kuti ti kule mu zila ye Bukirisiti? (Juta 20)

10 Motho a ka se nne Mokeresete yo o godileng sentle fa a se na keletso ya go dira jalo. Ka jalo, ba ba ‘ratang go tlhoka maitemogelo’ e ka se nne Bakeresete ba ba godileng sentle. (Diane 1:22) Ga re batle go tshwana le motho yo o batlang gore batsadi ba gagwe ba mo direle ditswetso le fa a setse a godile. Go na le moo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tsaya matsapa go nonotsha botsala jwa gagwe le Jehofa. (Bala Jude 20.) Fa e le gore o batla go nna Mokeresete yo o godileng sentle, kopa Jehofa gore a go thuse go nna le ‘keletso le maatla a gore o dire jalo.’​—Bafil. 2:13.

11. Ti nga batshiwa neni kuti ti dwilile ti kula? (Baefeso 4:11-13)

11 Jehofa o re thusa gore re nne Bakeresete ba ba godileng sentle. O dirisa bagolwane mo phuthegong gore ba re thuse go gola “go fitlha mo selekanyong se Keresete a neng a godile ka sone.” (Bala Baefeso 4:11-13.) Gape Jehofa o re naya moya o o boitshepo go re thusa gore re ‘akanye jaaka Keresete.’ (1 Bakor. 2:14-16) Mo godimo ga moo, o re kwaletse dibuka tse nnê mo Baebeleng tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu le ka bodiredi jwa gagwe. Fa o akanya ka tsela e Jesu a neng a akanya ka yone e bile o dira dilo jaaka ene, o ka kgona go nna Mokeresete yo o godileng sentle.

NSHINGO WE ZOJIWA ZWE BUNDZIMU ZWA KA BATA

12. Ini “dumbu chi no legwa ne kwa Kirisiti”?

12 Fa motho a simolola go ithuta boammaaruri, o rutiwa ka botlhokwa jwa go ikwatlhaya, go nna le tumelo, go kolobediwa le ka tsogo ya baswi. Le fa go ntse jalo, gore e nne Mokeresete yo o godileng sentle, ga a a tshwanela fela go ithuta “dithuto tsa ntlha ka ga Keresete.” (Baheb. 6:1, 2) Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go dumela dithuto tseo. Ke gone ka moo Petere a neng a bua ka tsone fa a ne a rerela batho ka Pentekosete. (Dit. 2:32-35, 38) Gore motho e nne morutwa wa ga Keresete, o tshwanetse go dumela dithuto tseo. Ka sekai, Paulo o ne a re ga go kgonege gore motho e nne morutwa wa ga Keresete fa a sa dumele gore baswi ba tla tsosiwa. (1 Bakor. 15:12-14) Mme gone, ga re a tshwanela go kgotsofalela fela go itse dithuto tseo.

13. Ti nga thamani kuti ti khone bona zojiwa zwe bundzimu zwa ka bata zwi mu na Bahebera 5:14? (Bona itshwantsho.)

13 Dithuto tse di boteng ga di akaretse fela melao ya ga Jehofa. Gape di akaretsa melaometheo e e re thusang go tlhaloganya tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Gore di re tswele mosola, re tshwanetse go ithuta Baebele, go akanyetsa kwa teng ka se re se balang le go dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa se re se ithutileng. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira ditshwetso tse di tla itumedisang Jehofa. c​—Bala Bahebera 5:14.

Go ithuta dithuto tse di boteng tse di mo Baebeleng go re thusa go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa (Bona serapa 13) d


14. Paulo wa ka batsha Bakorinta chini kuti ba kule?

14 Gantsi Bakeresete ba ba sa golang sentle ba thatafalelwa ke go dira ditshwetso fa go se na melao. Bangwe ba ka nna ba akanya gore ba ka dira sengwe le sengwe fela se ba batlang go se dira fa go se na melao. Ba bangwe ba ka batla go beelwa melao go sa tlhokege. Ka sekai, go lebega Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba batla gore Paulo a ba beele melao ya gore a ba ka ja dijo tse di neng di iseditswe medingwana kgotsa nnyaa. Go na le gore Paulo a ba bolelele gore ba dire eng, o ne a tlhalosa gore ba tshwanetse go dirisa digakolodi tsa bone go “itirela ditshwetso.” O ile a tlotla le bone ka melaometheo mengwe e e neng e tla ba thusa go dira tshwetso e e neng e tla dira gore ba se ka ba ikutlwa molato le gore ba se ka ba kgopisa ba bangwe. (1 Bakor. 8:4, 7-9) Fa a ne a dira jalo, o ne a ba thusa gore e nne Bakeresete ba ba godileng sentle ba ba kgonang go itirela ditshwetso go na le go batla gore batho ba bangwe ba ba direle ditshwetso kgotsa ba ba beele melao.

15. Paulo wa ka batsha Bakirisiti be Bahebera chini kuti ba kule mu zila ye bundzimu?

15 Go na le sengwe gape sa botlhokwa se re ka se ithutang mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba Bahebera. Bangwe ba bone e ne e ise e nne Bakeresete ba ba godileng sentle. Tota e bile, ba ne ba sa ntse ba “tlhoka mashi jaaka bana, e seng dijo tse di tiileng.” (Baheb. 5:12) Ba ne ba sa ithute dilo tse disha tse Jehofa a neng a ba ruta tsone a dirisa phuthego ya gagwe e bile ba ne ba sa di amogele. (Diane 4:18) Ka sekai, bontsi jwa Bakeresete ba e neng e le Bajuda ba ne ba sa ntse ba dumela gore batho ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe, tota le fa go ne go setse go fetile dingwaga di le 30 setlhabelo sa ga Jesu se o fedisitse. (Bar. 10:4; Tito 1:10) Ka jalo, Paulo o ne a leka go ba thusa gore ba amogele dithuto tse di boteng tse a neng a ba ruta tsone. Mo lekwalong le a neng a ba kwalela lone, o ne a ba thusa go lemoga gore tsela e ba neng ba obamela Jehofa ka yone e ne e le botoka go na le e ba neng ba mo obamela ka yone pele. Gape o ne a ba rotloetsa gore ba tswelele ba rera le fa Bajuda ba ne ba ba ganetsa.​—Baheb. 10:19-23.

LAMBA KU ZWITHEMBA KWA KA PINDILILA

16. Pezhugwi kwe ku dwilila ti kula, ta ka fanila thamani?

16 Fa re sena go nna Bakeresete ba ba godileng sentle, ga re a tshwanela go felela foo. Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re nonotsha botsala jwa rona le Jehofa. Seno se raya gore ga re a tshwanela go itshepa thata. (1 Bakor. 10:12) Go na le moo, re tshwanetse go ‘nna re itlhatlhoba’ go bona gore a re sa ntse re gatela pele.​—2 Bakor. 13:5.

17. Likwalo gwa Paulo gwa a ka kwalila Bakolosa go lakidza chini kuti ti dwilile ti kula?

17 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakolosa, o ne a boa gape a gatelela botlhokwa jwa go se itshepe thata. Le fa Bakolosa e ne e setse e le Bakeresete ba ba godileng sentle, Paulo o ne a ba bolelela gore ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba tsiediwa ke tsela e batho ba ba sa obameleng Jehofa ba akanyang ka yone. (Bakol. 2:6-10) Epaforase o ne a itse Bakeresete ba kwa Kolosa sentle e bile le ene o ne a rapelela gore ba ‘eme ba tlhomame’ kgotsa ba tswelele ba atamalane le Jehofa. (Bakol. 4:12) Seno se dira gore re lemoge gore fa re batla go tswelela re le Bakeresete ba ba godileng sentle, re tshwanetse go tsaya matsapa. Gape re tlhoka gore Jehofa a re thuse. Paulo le Epaforase ba ne ba batla gore Bakolosa ba tswelele e le Bakeresete ba ba godileng sentle le fa ba ne ba na le mathata.

18. Nkirisiti wa chi kula u nga shingikalilgwa neni? (Bona itshwantsho.)

18 Paulo o ne a tlhagisa Bahebera gore tota le Mokeresete yo o godileng sentle a ka senya botsala jwa gagwe le Jehofa fa a se kelotlhoko. Fa a sa ikobele Jehofa, a ka nna a dira dilo tse di bosula a bo a sa ikwatlhaye, mme Jehofa a bo a sa mo itshwarele. Se se itumedisang ke gore Bakeresete ba Bahebera ga ba a ka ba dira jalo. (Baheb. 6:4-9) Mme go tweng ka Bakeresete ba ba sa tlholeng ba direla Jehofa kgotsa ba ba kgaotsweng? Fa ba ikwatlhaya, ba bontsha gore ga ba tshwane le ba Paulo a neng a bua ka bone ba Modimo a se kitlang a ba itshwarela. Le fa go ntse jalo, fa ba boela kwa go Jehofa ba tla tlhoka thuso. (Esek. 34:15, 16) Ka sekai, bagolwane ba ka kopa Mokeresete yo o godileng sentle gore a ba thuse go atamalana le Jehofa gape.

Jehofa o batla go thusa ba ba batlang go boa ba atamalana le ene gape (Bona serapa 18)


19. Ta ka fanila ku be ne mazwimisilo api?

19 Fa e le gore o batla go nna Mokeresete yo o godileng sentle, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o fitlhelele mokgele oo. Tswelela o ithuta dithuto tse di boteng tse di mo Baebeleng, mme o leke go akanya ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Fa e le gore o setse o le Mokeresete yo o godileng sentle, nna o gatela pele.

U NGA DABILA CHINI?

  • Ko dwani ku be Nkirisiti wa chi kula?

  • Ti nga kula mu zila ye Bukirisiti chini?

  • Ini ta ka fanila ku lamba ku zwithemba kwa ka pindilila?

LUMBO 65 Gatelang Pele!

a Le fa Dikwalo Tsa Sehebera di sa bue ka “motho yo o godileng sentle” le “yo o sa golang sentle,” di dirisa mafoko mangwe a a tsamaisanang le ao. Ka sekai, mo bukeng ya Diane go buiwa ka motho yo mosha e bile a se na maitemogelo le yo o botlhale e bile a na le tlhaloganyo.​—Diane 1:4, 5.

b Bona setlhogo se se reng, “Protect Yourself From Misinformation” mo karolong ya “Article Series,” “More Topics” mo jw.org le mo JW Library.®

c Bona karolo ya “Porojeke ya go Ithuta” mo makasineng ono.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o dirisa se a se ithutileng mo Baebeleng fa a tlhopha se a se lebelelang mo thelebisheneng.