Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 31

Apa wa ka Zwimisila ku Lindila Jehova?

Apa wa ka Zwimisila ku Lindila Jehova?

“Ndolindila Ndzimu Ntjidzi wangu.”MIK. 7:7.

LUMBO 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

O IKUTLWA jang fa o letetse sengwe se o se tlhokang thata mme se sa goroge ka nako e o neng o e lebeletse? A ga o tshwenyege? Gongwe o ne o ka ikutlwa jaaka go tlhalosiwa mo go Diane 13:12 e e reng: “Fa selo se motho a se letetseng se tsaya nako go diragala, seo se ka mo hutsafatsa.” Mme o ne o ka ikutlwa jang fa o utlwa gore go na le mabaka a a utlwalang a go bo se o neng o se letetse se sa tla ka nako? Seo se ne se tla dira gore o lete ka bopelotelele.

2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e le mmalwa e e tla re thusang go tswelela re ‘letile ka bopelotelele.’ (Mika 7:7) Go tswa foo, re tlile go tlotla ka dikarolo tse pedi tse mo go tsone re tshwanetseng go letela Jehofa ka bopelotelele gore a tseye kgato. Kwa bofelong, re tlile go tlotla ka masego a batho ba ba ikemiseditseng go letela Jehofa ba tla a bonang.

MILAYONTEWO YE BAIBILI I NO TI DIYA KU BE NE MOYONLEFU

3. Nlayontewo wa ka kwagwa mu na Zwiani 13:11 u no lakidzani?

3 Diane 13:11 e na le sekai se se re bontshang botlhokwa jwa go nna pelotelele. E a re: “Dikhumo tse di bonwang ka bonako di tla fokotsega, mme khumo ya yo o e kokoanyang ka iketlo ka iketlo e tla oketsega.” Temana eno e na le molaomotheo ofe? Motho yo o botlhale o dira dilo ka kelotlhoko e bile a le pelotelele, mme seo se dira gore a atlege.

4. Nlayontewo wa ka kwagwa mu na Zwiani 4:18 u no lakidzani?

4 Diane 4:18 e a re: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la moso le le phatsimang le le nnang le phatsima go ya pele go fitlha go nna motshegare.” Mafoko ano a bontsha gore Jehofa o senolela batho ba gagwe boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato. Gape mafoko a temana eno a re bontsha kafa Mokeresete a ka dirang diphetogo ka gone mo botshelong jwa gagwe gore a atamalane le Jehofa. Go tsaya nako gore motho a atamalane le Jehofa. Fa re ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko, re bo re dirisa kgakololo ya lone le e phuthego ya ga Jehofa e re nayang yone, re tla nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete fa nako e ntse e tsamaya. Gape re tla itse Modimo botoka. A re sekaseke setshwantsho se Jesu a se dirisitseng go tlhalosa ntlha eno.

Fela jaaka sejalo se gola ka iketlo, fa motho a reetsa molaetsa wa Bogosi a bo a o amogela, o dira diphetogo ka iketlo (Bona serapa 5)

5. Jeso wa ka fanisa chini ku kula kwa ka dwilila?

5 Jesu o dirisitse setshwantsho go tlhalosa kafa molaetsa wa Bogosi o re o rerang o tshwanang ka gone le peo e nnye e e golang ka iketlo mo dipelong tsa batho ba ba ratang se se siameng. O ne a re: “Peo e ne ya tlhoga e bo e golela kwa godimo, mme [mojadi] o ne a sa itse gore seo se diragetse jang. Mmu o ntsha dijalo ka bonya, sa ntlha go tswa lotlhaka, go tswa foo seako, la bofelo go tlhoga korong e e tletseng mo seakong.” (Mar. 4:27, 28) Jesu o ne a kaya eng? O ne a tlhalosa gore fela jaaka semela se gola ka iketlo, motho yo o amogelang molaetsa wa Bogosi le ene o tla tsaya nako go dira diphetogo. Ka sekai, fa motho yo re ithutang Baebele le ene a atamalana le Jehofa re ka simolola go bona diphetogo tse dintle tse a di dirang. (Baef. 4:22-24) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa ke ene a dirang gore peo eo e nnye e gole.—1 Bakor. 3:7.

6-7. To zwidiyani mu zila Jehova ya a ka bumba shango nayo?

6 Jehofa o pelotelele mme o tsaya nako e e tlhokegang go dira sengwe le sengwe se a tlhokang go se dira. O dira seo gore leina la gagwe le galalediwe le go thusa ba bangwe. Ka sekai, fa Jehofa a ne a bopa lefatshe gore batho ba nne mo go lone, o ile a dira seo kgato ka kgato.

7 Fa Baebele e tlhalosa kafa Jehofa a bopileng lefatshe ka gone, e a re o ne “a le lekanya,” a ‘nwetsa metheo ya lone’ a bo “a baya leje la lone sekhutlo.” (Jobe 38:5, 6) O ne a bo a ipha nako ya go tlhatlhoba tiro ya gagwe. (Gen. 1:10, 12) Akanya fela gore baengele ba ne ba ikutlwa jang fa ba bona sengwe le sengwe se sesha se Jehofa a neng a se bopile. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota! Mme seo se ne sa dira gore ba simolole “go goa ba mmaka.” (Jobe 38:7) Re ithuta eng? Go tsere Jehofa dingwaga di le diketekete gore a fetse tiro eo e e duleng diatla, mme fa a sena go leba sengwe le sengwe se a neng a se dirile, o ne a re “se ne se le molemo tota.”—Gen. 1:31.

8. Towo zwidiya ne kweni?

8 Dikai tse re tlotlileng ka tsone di re bontshitse gore go na le melaometheo e mentsi mo Lefokong la Modimo e e re rutang gore re tshwanetse go nna pelotelele. Mma jaanong re tlotle ka dikarolo tse pedi tse re tshwanetseng go letela Jehofa mo go tsone.

NDI LINI PA TA KA FANILA LINDILA JEHOVA?

9. Ndi ngai pa ta ka fanila lindila Jehova?

9 Re ka nna ra tlhoka go letela Jehofa gore a arabe dithapelo tsa rona. Fa re rapela re kopa Jehofa gore a re nonotshe gore re itshokele bothata bongwe, kgotsa a re thuse gore re tlogele go dira sengwe se a sa se rateng, re ka nna ra bona e kete Jehofa o tsaya lobaka go araba dithapelo tsa rona. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa arabe dithapelo tsa rona tsotlhe ka yone nako eo?

10. Ini ku sheteka moyonlefu ha ti tembezela?

10 Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona ka kelotlhoko. (Pes. 65:2) Fa re mo rapela ka tlhoafalo, o tsaya seo e le bosupi jwa gore re na le tumelo mo go ene. (Baheb. 11:6) E bile fa re rapela re kopa Jehofa gore a re thuse gore re dire thato ya gagwe, o batla go bona gore a re ikemiseditse go dira se re mo kopileng sone fa re rapela. (1 Joh. 3:22) Ka jalo, fa re kopa Jehofa gore a re thuse go tlogela go dira sengwe se a sa se rateng, re ka nna ra tshwanelwa ke go nna pelotelele mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go tlogela mokgwa oo o o sa siamang. Jesu o ne a re thusa go tlhaloganya gore dingwe tsa dithapelo tsa rona di ka nna tsa se ka tsa arabiwa ka yone nako eo. O ne a re: “Nnang lo kope mme lo tla newa; nnang lo batle mme lo tla bona; nnang lo kokote mme lo tla bulelwa; gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, mongwe le mongwe yo o batlang o a bona, e bile mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.” (Math. 7:7, 8) Fa re dirisa kgakololo eo mme re ‘tswelela re rapela,’ re ka tlhomamisega gore Rraarona yo o kwa legodimong o utlwa dithapelo tsa rona, mme o tla di araba.—Bakol. 4:2.

Fa re ntse re letetse Jehofa, re tswelela re mo rapela re na le tumelo (Bona serapa 11) *

11. Bahebera 4:16 i no ti batsha chini ha ku lingika mitembezelo yedu i si nga dabigwe chinyolocho?

11 Le fa go ka lebega e kete Jehofa o tsaya lobaka go araba dithapelo tsa rona, o re solofetsa gore o tla di araba “ka nako e e tshwanetseng.” (Bala Bahebera 4:16.) Ka jalo, ga re a tshwanela go pega Jehofa molato fa a sa arabe thapelo ya rona ka nako e rona re neng re e lebeletse. Ka sekai, batho ba le bantsi ga ba a bolo go rapelela Bogosi Jwa Modimo gore bo fedise lefatshe leno le le bosula. Tota le Jesu o ile a re re tshwanetse go rapelela kgang eno. (Math. 6:10) Ruri e tla bo e le boeleele fa mongwe a ka letla gore tumelo ya gagwe e koafale ka gonne bokhutlo bo sa tla ka nako e batho ba neng ba e lebeletse! (Hab. 2:3; Math. 24:44) Go tla bo go le botlhale go leta Jehofa le go mo rapela re na le tumelo ya gore o tla araba dithapelo tsa rona. Bokhutlo bo tla tla ka nako e e tshwanetseng ka gonne Jehofa o setse a tlhophile ‘letsatsi le ura’ e a tla bo tlisang ka yone. Mme eo e tla bo e le nako e e siametseng botlhe.—Math. 24:36; 2 Pet. 3:15.

Re ka ithuta eng ka go nna pelotelele mo sekaong sa ga Josefa? (Bona serapa 12-14)

12. Ku be moyonlefu kwedu ku nga likiwa kwazo mu zwimo zwa ka tini?

12 Re ka nna ra tshwanelwa ke go nna pelotelele fa re letile gore dilo di dirwe ka tshiamiso. Gantsi batho ba sotla ba bangwe ka ntlha ya bong, lotso, mmala, setso kgotsa morafe wa bone. Ba bangwe ba sotla batho ba ba nang le bogole jo bo rileng kgotsa ba ba sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong. Batho ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela tshiamololo ka ntlha ya se ba se dumelang. Fa le rona re sotliwa, re tshwanetse go gopola mafoko a ga Jesu a a reng: “Yo o itshokileng go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.” (Math. 24:13) Mme go tweng fa o lemoga gore mongwe mo phuthegong o dirile boleo jo bo masisi? Fa bagolwane ba sena go itse ka kgang eo, a o tla nna pelotelele le go tshepa gore ba tla dira dilo ka tsela ya ga Jehofa? Ke eng se bagolwane ba tshwanetseng go se dira?

13. Ini chi no sheteka kuti ti shinge zwithu ne zila ya Jehova?

13 Fa bagolwane ba lemoga gore mongwe mo phuthegong o dirile boleo jo bo masisi, ba rapelela “botlhale jo bo tswang kwa godimo” gore ba kgone go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. (Jak. 3:17) Maikaelelo a bone ke gore fa go kgonega, ba thuse “moleofi gore a tlogele go dira boleo.” (Jak. 5:19, 20) Gape ba batla go dira sotlhe se ba ka se kgonang go sireletsa phuthego le go gomotsa ba ba utlwisitsweng botlhoko. (2 Bakor. 1:3, 4) Fa bagolwane ba lemoga gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, sa ntlha ba tshwanetse go batlisisa gore tota go diregile eng, mme seo se ka tsaya nako. Go tswa foo, ba a rapela mme ba naya motho yoo kgakololo e e tswang mo Dikwalong, ba bo ba mo thusa kafa go “tshwanetseng” ka gone. (Jer. 30:11) Bagolwane ga ba dire tshwetso ka lepotlapotla, mme gone ga ba eme lobaka lo loleele. Fa ba latela kaelo ya ga Jehofa, phuthego yotlhe e tla solegelwa molemo. Gone boammaaruri ke gore, le fa bagolwane ba ka dira dilo ka tsela e e siameng, motho yo o amilweng ke phoso ya moleofi, o sa ntse a ka utlwa botlhoko. Fa e le gore o utlwile botlhoko, ke eng se o ka se dirang?

14. I chilakidzilo chipi che Baibili chi nga ku batsha ha wa hwisiwa zogwadza kwazo ne Nkirisiti nngwe?

14 A mongwe o kile a go utlwisa botlhoko, gongwe e bile e le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi? O ka fitlhela dikai tse di molemo mo Lefokong la Modimo, tse di re rutang go letela Jehofa gore a baakanye dilo. Ka sekai, le fa bomogoloe Josefa ba ne ba sa mo tshware sentle, ga a ka a letla gore diphoso tsa bone di dire gore a se ka a itumela. Go na le moo, o ile a direla Jehofa ka bojotlhe, mme Jehofa o ile a mo segofatsa ka gonne a ne a le pelotelele le ka gonne a ile a itshoka. (Gen. 39:21) Fa nako e ntse e tsamaya, Josefa o ile a kgona go itshwarela bomogoloe, mme Jehofa o ne a mo segofatsa. (Gen. 45:5) Fela jaaka Josefa, le rona re a gomotsega fa re atamalana le Jehofa re bo re mo letla gore a baakanye dilo ka nako e e tshwanetseng.—Pes. 7:17; 73:28.

15. Ini cha ka batsha azwadzi ingwe ku kangangwa zwithu zwa ka bipa zwa ka nshingikalila?

15 Gone ga re lebane le tshiamololo e e tshwanang le e Josefa a ileng a lebana le yone, mme rotlhe re utlwa botlhoko fa re sa tshwarwe sentle ka tsela nngwe. Fa mongwe a sa go tshware sentle, tota le motho yo a sa obameleng Jehofa, go dirisa melaometheo ya Baebele go ka go thusa. (Bafil. 2:3, 4) Akanya ka sekai seno. Kgaitsadi mongwe o ne a utlwile botlhoko tota fa a lemoga gore mongwe wa batho ba a berekang le bone o ne a tlhola a bolelela batho ba bangwe dilo tse di seng boammaaruri ka ene. Go na le gore kgaitsadi yono a tseege maikutlo, o ile a ipha nako ya go akanya ka sekai sa ga Jesu. Fa Jesu a ne a tlhapadiwa, ga a ka a ipusolosetsa. (1 Pet. 2:21, 23) Sekao seo se ile sa dira gore a tlogele kgang eo. Moragonyana o ile a utlwa gore motho yoo yo a neng a bereka le ene o ne a lwala fela thata le gore go na le dilo dingwe tse di neng di mo tshwenya. Kgaitsadi yoo o ne a swetswa ka gore gongwe motho yoo o buile jalo e se ka maikaelelo. Ka jalo, o ile a itumelela go bo a ile a itshoka fa a ne a sa tshwarwe sentle, mme seo se ile sa dira gore a nne le kagiso ya mogopolo.

16. U nga gadziwamoyo neni ha u singa batiwe zwibuyanana? (1 Pita 3:12)

16 Fa e le gore o itshoketse tshiamololo kgotsa sepe fela se se go utlwisang botlhoko, gopola gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” (Pes. 34:18) O a go rata ka gonne o le pelotelele e bile o latlhela mokgweleo wa gago mo go ene. (Pes. 55:22) Ke Moatlhodi wa lefatshe lotlhe. O bona sengwe le sengwe se se diragalang. (Bala 1 Petere 3:12.) Fa o lebane le mathata mangwe a o sa kgoneng go a rarabolola, gopola gore go botlhokwa gore o letele Jehofa gore a tseye kgato.

KU KOMBOLEGWA KU SINGA PELE KWE BA NO LINDILA JEHOVA

17. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Izaya 30:18, Jehova u no ti thembesani?

17 Go ise go ye kae, Rraarona yo o kwa legodimong o tla re segofatsa, a dirisa Bogosi jwa gagwe. Isaia 30:18 e a re: “Jehofa o letile ka bopelotelele gore a lo tlhomogele pelo, mme o tla go utlwela botlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa tshiamiso. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” Ba ba nnang ba lebeletse mo go Jehofa ba tla segofadiwa thata gone jaanong le mo lefatsheng le lesha le le tlang.

18. Ta ka lindila ku kombolegwa kupi?

18 Fa batho ba Modimo ba tsena mo lefatsheng le lesha, ga ba kitla ba tlhoka go itshokela mathata ape fela a ba ka tswang ba lebana le one gompieno. Tshiamololo le kutlobotlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. (Tshen. 21:4) Ga re kitla re tlhoka go tshwenyega ka dilo tse re di tlhokang ka gonne mongwe le mongwe o tla bo a na le sengwe le sengwe se a se tlhokang. (Pes. 72:16; Isa. 54:13) Ruri seo se tla bo se itumedisa!

19. Jehova u no dwilila e ti baakanyila chimo chipi ngwenu?

19 Gone jaanong, fa re fenya mekgwa epe fela e e sa siamang e re ka tswang re na le yone mme re lwela go nna le botho jo bo itumedisang, Jehofa o a bo a re baakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha. O se ka wa kgobega marapo o bo o tlogela go direla Jehofa. O letetswe ke botshelo jo bo monate tota kwa pele! Fa re ntse re emetse nako eo, a re leteleng Jehofa ka bopelotelele gore a dire dilo tse a re solofeditseng tsone.

LUMBO 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

^ ndi. 5 A o kile wa utlwa motho yo o godileng yo o nang le lobaka lo loleele a direla Jehofa a re: ‘Ke ne ke sa solofela gore mo nakong eno, ke tla bo ke sa ntse ke tshela mo lefatsheng leno le le bosula’? Rotlhe re eletsa go bona Jehofa a fedisa lefatshe leno le le bosula, bogolo jang mo nakong eno e e thata. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna pelotelele. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go letela Jehofa gore a tseye kgato. Gape re tla tlotla ka dikarolo tse pedi tse re tshwanetseng go letela Jehofa ka bopelotelele mo go tsone. Kwa bofelong, re tlile go tlotla ka masego a batho ba ba ikemiseditseng go letela Jehofa ba tla a bonang.

^ ndi. 56 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o simolotse go rapela Jehofa a sa ntse a le monnye. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo ruta go rapela fa e sa ntse e le ngwana. Fa a le mosha o ne a nna mmulatsela, mme gantsi o ne a kopa Jehofa gore a segofatse bodiredi jwa gagwe. Dingwaga moragonyana, o ile a kopa Jehofa gore a mo neye maatla a gore a itshoke fa monna wa gagwe a ne a lwala fela thata. Gone jaanong ke motlholagadi, mme o tswelela a rapela Jehofa e bile o na le tumelo ya gore Rraagwe yo o kwa legodimong o tla nna a araba dithapelo tsa gagwe, fela jaaka a ntse a dira.