Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 34

“Labila” Ndulamo ya Jehova—Chini?

“Labila” Ndulamo ya Jehova—Chini?

“Labilani mubone kuti Yahwe bakalulwama; kwakashatha ibabo banotizhila mubali.”—PIS. 34:8.

LUMBO 117 Nonofo ya Bomolemo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Ku yenda ne Pisalema 34:8, ti nga zwidiya chini ne kwe ndulamo ya Jehova?

AKANYA mongwe a go naya dijo tse o iseng o tsamaye o di je. O ka ithuta sengwe ka tsone ka go di leba, ka go utlwa monko wa tsone, go botsa gore di tsentswe eng, di apeilwe jang le go botsa batho ba bangwe gore di ntse jang. Le fa go ntse jalo, gore o itse gore a o a di rata kgotsa ga o di rate, o tshwanetse go di ja gore o utlwe gore di ntse jang.

2 Re ka ithuta sengwe mo tseleng e Jehofa a leng molemo ka yone ka go bala Baebele le dikgatiso tsa rona, le ka go utlwa ba bangwe ba bua ka dilo tse di molemo tse Jehofa a ba diretseng tsone. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go bona gore Jehofa o molemo go le kana kang fa re mo ‘leka’ mme re bona gore o molemo. (Bala Pesalema 34:8.) A re bone sekai sa gore re ka dira seo jang. A re re re batla go direla Jehofa mo tirelong ya nako e e tletseng, mme e le gore re kgone go fitlhelela mokgele oo, re tshwanetse go tlhofofatsa matshelo a rona. Gongwe re badile ka tsholofetso ya ga Jesu ya gore fa re baya Bogosi Jwa Modimo kwa pele, Jehofa o tlile go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang, mme gongwe ga re ise re bone tsholofetso eo e diragadiwa mo go rona. (Math. 6:33) E re ka re dumela mo tsholofetsong ya ga Jesu, re fokotsa diura tsa tiro ya rona ya boitshediso le tsela e re dirisang madi a rona ka yone, re bo re dira sotlhe se re se kgonang mo tirong ya go rera. Fa re dira jalo, re lemoga gore Jehofa o re naya se re se tlhokang. Re ‘leka’ Jehofa e bile re bona gore o molemo.

3. Ku yenda ne Pisalema 16:1, 2, ndi boyani ba no amuchila ndulamo ya Jehova?

3 Jehofa o molemo “mo ditsheding tsotlhe” tota le mo bathong ba ba sa mo itseng. (Pes. 145:9; Math. 5:45) Mme batho ba ba ratang Jehofa le ba ba mo direlang ka bojotlhe, o ba segofatsa le go feta. (Bala Pesalema 16:1, 2.) A re tlotleng ka dilo dingwe tse di molemo tse Jehofa a re diretseng tsone.

4. Jehova u no lakidza ndulamo iye chini mu na ba no sedzela pejo naye?

4 Nako le nako fa re dirisa se Jehofa a re rutang sone, re kgona go bona gore se re thusa jang. Fa re ne re ithuta ka ene mme re simolola go mo rata, o ile a re thusa gore re tlogele go akanya le go dira dilo tse a sa di amogeleng. (Bakol. 1:21) Fa re ne re ineela mo go Jehofa mme re kolobediwa, o ile a re naya dilo tse dingwe gape tse di molemo tse di jaaka go nna le segakolodi se se siameng le go atamalana le ene.—1 Pet. 3:21.

5. To bona ndulamo ya Jehova chini mu nshingo wedu we ku rera?

5 Re nna re bona gore Jehofa o molemo fa re dira tiro ya go rera. A o motho yo o ditlhong? Bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa ba ditlhong. Gongwe pele ga o nna motlhanka wa ga Jehofa o ne o sa akanye gore o ka kgona go kokota mo lebating la motho yo o sa mo itseng gore o mmolelele ka molaetsa wa Baebele. Mme gone, gompieno o dira jalo ka metlha. Mo godimo ga moo, Jehofa o go thusitse gore o itumelele tiro ya go rera! Jehofa o go thusitse ka ditsela tse dingwe tse dintsi. O ne a go thusa gore o wele makgwafo fa mongwe mo bodireding a ne a sa go tshware sentle. Gape o ne a go thusa gore o gopole temana e o ka e dirisang fa o ne o bua le motho yo o kgatlhegang mo bodireding. E bile o ne a go naya maatla a gore o tswelele o rera le fa batho ba ne ba sa batle go go reetsa.—Jer. 20:7-9.

6. Ku diyiwa na Jehova ko lakidza ndulamo iye chini?

6 Tsela e nngwe e Jehofa a re bontshang ka yone gore o molemo ke ka go re katisa gore re kgone go dira tiro ya go rera. (Joh. 6:45) Mo dipokanong tsa mo gare ga beke, re reetsa dikai tse di molemo tsa se re ka se buang fa re rera e bile re kgothalediwa go dirisa dikakantsho tseo mo bodireding. Kwa tshimologong, re ka nna ra tshaba go dirisa mokgwa o mongwe wa go rera, mme fa re o dirisa, re ka bona gore dikakantsho tseo di a bereka mo tshimong ya rona. Gape kwa dipokanong le kwa dikopanong re kgothalediwa gore re leke ditsela tse di farologaneng tsa go rera tse re iseng re ko re di dirise. Seno se ka re tshosa, mme fa re di leka, Jehofa o tla re segofatsa. Jaanong a re boneng gore ke dilo dife tse dingwe tse di molemo tse Jehofa a tla re nayang tsone fa re mo tshepa re bo re dirisa ditsela tse di farologaneng go mo direla ka bojotlhe go sa kgathalesege maemo a re lebaneng le one. Go tswa foo, re tla bona gore re ka oketsa bodiredi jwa rona jang.

JEHOVA U NO KOMBOLELA IBABO BA NO NTHEMBA

7. To kombolegwa chini ha ti tola thambo ye ku paphidza nshingo wedu we ku rera?

7 Re atamalana thata le Jehofa. Akanya ka sekai sa mogolwane mongwe yo o bidiwang Samuel, * yo o direlang kwa Colombia le mosadi wa gagwe. Banyalani bano ba ne ba itumelela go nna babulatsela kwa phuthegong ya bone, mme ba ne ba batla go oketsa bodiredi jwa bone ka go thusa phuthego e go neng go na le tlhokego e ntsi kwa go yone. Gore ba kgone go fitlhelela mokgele oo, ba ne ba tshwanetse go tlogela dilo dingwe tse ba neng ba di rata. Samuel a re: “Re ile ra dirisa kgakololo e e mo go Mathaio 6:33 re bo re tlogela go reka dilo tse re neng re sa di tlhoke. Mme selo se se neng se le thata le go feta, e ne e le go fuduga mo foleteng ya rona. E ne e agilwe ka tsela e re neng re e batla mme re ne re sa e kolote.” Fa ba fudugela kwa phuthegong e nngwe, ba ne ba sa tlhoke madi a le mantsi a go itshedisa jaaka pele. Samuel a re: “Re bone gore Jehofa o a re kaela le gore o araba dithapelo tsa rona. Re kgona go lemoga gore re itumedisa Jehofa le gore o a re rata.” A go na le tsela e o ka kgonang go oketsa bodiredi jwa gago ka yone? Tlhomamisega gore fa o ka dira jalo, o tla atamalana le Jehofa le gore o tla go tlamela ka sengwe le sengwe se o se tlhokang.—Pes. 18:25.

8. To zwidiyani mu na cha ka legwa na Ivan na Viktoria?

8 Re itumelela bodiredi. Ela tlhoko se banyalani bangwe ba e leng babulatsela kwa Kyrgyzstan e bong Ivan le Viktoria ba ileng ba se bua. Ba ile ba tlhofofatsa matshelo a bone gore ba kgone go ithaopela go dira kabelo nngwe le nngwe go akaretsa le diporojeke tsa dikago. Ivan a re: “Re ne re dira ka natla mo kabelong nngwe le nngwe e re neng re e neilwe. Le fa re ne re lapile kwa bokhutlong jwa letsatsi, re ne re ikutlwa re itumetse ka gonne re ne re dirisitse maatla a rona go direla Jehofa. Gape re ne re itumedisiwa ke go dira ditsala tse disha le go nna le maitemogelo a a molemo.”—Mar. 10:29, 30.

9. Azwadzi wa ka be a ka lingisana ne zwimo zwa ka sima wa ka thamani ku paphidza nshingo uwe we ku rera, ngono ku ka pelela neni?

9 Re itumelela bodiredi le fa re lebana le maemo a a thata. Ka sekai, Mirreh ke motlholagadi yo o godileng yo o nnang kwa Afrika Bophirima, yo o ithutetseng bongaka. O ne a simolola go nna mmulatsela fa a sena go tlogela tiro. Mirreh o tshwerwe ke bolwetse jwa ramatiki mme o kgona go bereka ura e le nngwe fela mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, o kgona go fetsa nako e ntsi mo bodireding jwa phatlalatsa. E bile o na le batho ba le bantsi ba e leng dipoelo le dithuto tsa Baebele, mme bangwe ba bone o tlotla le bone ka founo. Ke eng se se neng sa dira gore Mirreh a batle go direla Jehofa mo go oketsegileng? A re: “Ke rata Jehofa le Jesu Keresete fela thata. E bile ke nna ke rapela Jehofa gore a nthuse gore ke dire sotlhe se nka se kgonang go mo direla.”—Math. 22:36, 37.

10. Se kwa ku lakidziwa mu na 1 Pita 5:10, ba no amuchila nshingo mu gubungano ba no kombolegwa na Jehova chini?

10 Jehofa o re katisa mo go oketsegileng. Kenny yo e leng mmulatsela kwa Mauritius, o itse boammaaruri jwa seo. Fa a sena go ithuta boammaaruri, o ile a tlogela yunibesithi a bo a kolobediwa. Go tswa foo, o ile a tsenela tirelo ya nako e e tletseng. A re: “Ke leka go tshwana le moporofeti Isaia yo o neng a re: ‘Ke fano! Roma nna!’” (Isa. 6:8) Kenny o ile a thusa mo diporojekeng di le mmalwa tsa kago e bile o ile a thusa go ranolela dikgatiso tsa rona mo puong e a e buang. A re: “Ke ile ka rutiwa tiro, mme seo se ile sa nthusa gore ke kgone go wetsa dikabelo tse ke neng ke di newa.” Mme ga a ka a ithuta tiro fela. Gape a re: “Ke ile ka lemoga se ke neng ke sa kgone go se dira le dinonofo tse ke neng ke tlhoka go nna le tsone gore ke nne motlhanka wa ga Jehofa yo o botoka.” (Bala 1 Petere 5:10.) Gongwe le wena o ka dira diphetogo gore Jehofa a go katise ka ditsela tse dingwe.

Banyalani ba rera kwa lefelong le go tlhokegang baboledi ba Bogosi gone; kgaitsadi yo mosha o thusa mo kagong ya Holo ya Bogosi; banyalani ba ba godileng ba rera ka founo. Botlhe ba itumelela tiro e ba e dirang (Bona serapa 11)

11. Boazwadzi be South Korea ba ka tola thambo dzipi ku shinga nshingo we ku rera, ngono ku ka pelela neni? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

11 Tota le batho ba ba sa bolong go nna Basupi, ba tlhoka go katisiwa fa ba tsenela mofuta o mongwe wa tirelo. Ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19, bagolwane ba phuthego nngwe kwa Korea Borwa ba ne ba kwala jaana: “Bangwe ba ba neng ba sa kgone go nna gone mo tirelong ya tshimo ka ntlha ya botsogo jwa bone, gone jaanong ba kgona go founela batho ba dirisa bidio. Bokgaitsadi bangwe ba ba mo dingwageng tsa bo80 ba ithutile go dirisa thekenoloji gore ba kgone go rera ka metlha.” (Pes. 92:14, 15) A o ka rata go oketsa bodiredi jwa gago mme o bone gore Jehofa o molemo? A re sekaseke dilo dingwe tse o ka di dirang gore o fitlhelele mokgele oo.

SE KWA U NGA AMUCHILA NSHINGO WE GUBUNGANO

12. Jehova u no thembesani ibabo ba no nthemba?

12 Ithute go ikaega ka Jehofa. O solofetsa go re direla dilo di le dintsi tse di molemo fa re mo tshepa mme re mo direla ka bojotlhe jwa rona. (Mal. 3:10) Kgaitsadi Fabiola wa kwa Colombia o ne a bona fa Jehofa a diragatsa tsholofetso eo. Fa a sena go kolobediwa, o ne a batla go nna mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanetse go bereka gore a tlamele ba lelapa la gagwe. Fa a fitlha mo dingwageng tsa go tlogela tiro, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse. A re: “Batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele pele ba ka bona madi a bone a phenshene fa ba sena go tswa mo tirong, mme a me one a ne a tsaya kgwedi fela gore ke a bone. Ruri seo e ne e le sengwe se ke neng ke sa se solofela!” Morago ga dikgwedi di le pedi, o ne a nna mmulatsela. Gone jaanong o mo dingwageng tsa bo70 mme o na le dingwaga di feta 20 e le mmulatsela. Mo nakong eo, o ne a thusa batho ba le robedi gore ba kolobediwe. A re: “Le fa ka dinako dingwe ke ikutlwa ke le bokoa, Jehofa o nthusa letsatsi le letsatsi gore ke kgone go tswelela ke le mmulatsela.”

Aborahame, Sara, Jakobe le baperesiti ba ba neng ba kgabaganya Noka ya Joredane, ba ne ba bontsha jang gore ba tshepa Jehofa? (Bona serapa 13)

13-14. I zwilakidzilo zwipi zwi nga ti batsha ku themba Jehova ne ku amuchila mishingo ye gubungano?

13 Ithute mo dikaing tsa ba ba ileng ba ikaega ka Jehofa. Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba direla Jehofa ka natla. Gantsi Jehofa o ne a ba segofatsa fa ba ne ba dira sengwe se se neng se bontsha gore ba a mo ikanya. Ka sekai, Jehofa o ne a segofatsa Aborahame fa a sena go tlogela legae la gagwe mme “a tsamaya le fa gone a ne a sa itse kwa a yang teng.” (Baheb. 11:8) Jehofa o ne a segofatsa Jakobe fa a sena go sokasokana le moengele. (Gen. 32:24-30) Fa Baiseraele ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ile ba kgona go kgabaganya Noka ya Joredane morago ga gore baperesiti ba tsenye dinao tsa bone mo go yone.—Josh. 3:14-16.

14 Gape o ka ithuta mo dikaong tsa Basupi ba mo motlheng wa rona ba ba ileng ba ikaega ka Jehofa ba bo ba oketsa tirelo ya bone. Ka sekai, mokaulengwe yo o bidiwang Payton le mosadi wa gagwe e bong Diana, ba ne ba rata go bala ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba direla Jehofa mo go oketsegileng jaaka ba go tlhalosiwang ka bone mo motseletseleng wa “Ba Ithaopile ka go Rata.” * Payton a re: “Fa re ne re bala maitemogelo a bone, e ne e kete re lebile mongwe a ja dijo tse di monate. Fa re ne re nna lobaka lo loleele re mo lebile, re ne ra batla go ‘leka Jehofa mme re bone gore o molemo.’” Fa nako e ntse e tsamaya, Payton le Diana ba ne ba fudugela kwa go neng go na le tlhokego gone. A o setse o badile motseletsele ono? A o setse o lebile bidio ya Go Rera mo Tshimong e e Kwa Thoko—Australiale bidio ya Seesemane ya Go Rera mo Tshimong e e Kwa Thoko—Irelandtse di mo jw.org? Dibidio le dikgatiso tseno, di ka go thusa gore o kgone go bona ditsela tsa go oketsa bodiredi jwa gago.

15. Bukhwinya gwa ka lulwama gu nga ti batsha chini?

15 Ela tlhoko gore o itsalanya le bomang. Gantsi re ka rata go utlwa gore dijo dingwe di ntse jang fa re fetsa nako le batho ba ba di ratang. Ka tsela e e tshwanang, fa re itsalanya le batho ba ba tsayang Jehofa a le botlhokwa mo matshelong a bone, re ka tlhotlheletsega go mo direla mo go oketsegileng. Seo ke se se diragaletseng banyalani ba ba bidiwang Kent le Veronica. Kent a re: “Ditsala le ba lelapa ba ile ba re kgothaletsa gore re leke mefuta e e farologaneng ya tirelo. Re ile ra lemoga gore go itsalanya le batho ba ba bayang Bogosi kwa pele, go ile ga re thusa gore re leke sengwe se sesha.” Gone jaanong Kent le Veronica ke babulatsela ba ba kgethegileng kwa Serbia.

16. Se kwa ku no lakidziwa mu itshwantsho cha Jeso chi mu na Luka 12:16-21, ini ta ka fanila shinga ne ku da?

16 Itime dilo dingwe gore o kgone go direla Jehofa. Ga re tlhoke go tlogela dilo tsotlhe tse re di ratang gore re kgone go itumedisa Jehofa. (Mor. 5:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa re tlhopha go sa direle Jehofa Modimo mo go oketsegileng ka go bo re sa batle go tlogela dilo dingwe tse re di ratang, re tla bo re dira phoso e e tshwanang le ya monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu yo o neng a bereka ka natla gore a nne le dilo tse dintle mme a bo a tlhopha go itlhokomolosa Modimo. (Bala Luke 12:16-21.) Mokaulengwe yo o bidiwang Christian yo o nnang kwa Fora a re: “Ke ne ke sa dirise nako e ntsi le maatla a me ke direla Jehofa le go thusa ba lelapa la me.” Ene le mosadi wa gagwe ba ile ba dira tshwetso ya go nna babulatsela. Mme e le gore ba fitlhelele mokgele oo, ba ne ba tshwanetse go tlogela ditiro tsa bone. Gore ba kgone go itshedisa, ba ile ba simolola kgwebo e nnye ya go phepafatsa, mme ba ne ba ithuta go kgotsofalela madi a mannye a ba neng ba kgona go a dira. A ba ne ba solegelwa molemo ke go tlogela dilo dingwe gore ba kgone go nna babulatsela? Christian a re: “Gone jaanong, re itumelela bodiredi le go feta e bile re itumelela go bona dipoelo le dithuto tsa rona di ithuta ka Jehofa.”

17. Ini chi nga ti dzibila ku paphidza nshingo wedu we ku rera?

17 Ikemisetse go leka mefuta e e farologaneng ya tirelo. (Dit. 17:16, 17; 20:20, 21) Shirley yo e leng mmulatsela kwa United States, o ile a tshwanelwa ke go fetola tsela e a rerang ka yone ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19. Kwa tshimologong, o ne a tshaba go rera ka founo. Mme fa a sena go katisiwa ka beke e molebedi wa potologo a neng a etetse kwa phuthegong ya bone, o ile a simolola go rera ka metlha a dirisa founo. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke tshoga, mme gone jaanong ke rata go rera ka founo. Re kgona go fitlhelela batho ba le bantsi go feta fa re ne re rera ka ntlo le ntlo!”

18. Ini chi nga ti batsha ku lingisana ne zwimo zwa ka sima ha ti gwisa ku paphidza nshingo wedu we ku rera?

18 Ipeele mokgele mme o leke go o fitlhelela. Fa re lebana le mathata, re kopa thuso ka thapelo re bo re akanya ka kelotlhoko gore re tla a rarabolola jang. (Diane 3:21) Sonia, yo e leng mmulatsela wa ka metlha mo setlhopheng sa puo ya Se-Romany kwa Yuropa a re: “Ke rata go kwala mekgele ya me mo pampiring ke bo ke e baya mo lefelong le ke tla kgonang go e bona motlhofo mo go lone. Mo tafoleng, ke beile setshwantsho sa mo ditsela di kopanelang gone. Fa ke dira tshwetso ke leba ditsela tseo ke bo ke akanya gore a tshwetso e ke e dirang e tla nthusa go fitlhelela mokgele wa me kgotsa nnyaa.” Sonia o leka go leba mathata a a lebanang le one ka tsela e e siameng. A re: “Fa maemo a me a fetoga, ke dira tshwetso ya gore a ke tlile go leba seo jaaka lebota le le nthibelang go fitlhelela mokgele wa me kgotsa jaaka borogo jo bo nthusang go o fitlhelela.”

19. Mazwimisilo edu ya ka fanila ku be ni?

19 Jehofa o re segofatsa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Re ka bontsha gore re lebogela dilo tse a re direlang tsone ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go mo galaletsa. (Baheb. 13:15) Seo se akaretsa le go batla ditsela tse disha tsa go oketsa bodiredi jwa rona, fa re dira jalo Jehofa o tlile go re segofatsa le go feta. Letsatsi le letsatsi a re batle ditsela tsa go ‘leka Jehofa mme re bone gore o molemo.’ Fa re dira jalo, re tlile go tshwana le Jesu yo o neng a re: “Dijo tsa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”—Joh. 4:34.

LUMBO 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

^ ndi. 5 Dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kwa go Jehofa. O direla batho botlhe dilo tse di molemo, tota le batho ba ba bosula. Le fa go ntse jalo, o itumelela thata go direla batlhanka ba gagwe dilo tse di molemo. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Jehofa o direla batlhanka ba gagwe dilo tse di molemo jang. Gape re tlile go ithuta gore fa batlhanka ba gagwe ba oketsa bodiredi jwa bone, o ba direla jang dilo tse di molemo ka tsela e e oketsegileng.

^ ndi. 7 Maina mangwe a fetotswe.

^ ndi. 14 Motseletsele ono o pele o neng o le teng mo makasineng wa Tora ya Tebelo, o teng mo jw.org. Ya kwa KAGA RONA > BASUPI BA GA JEHOFA > MAITEMOGELO A BASUPI BA GA JEHOFA > GO FITLHELELA MEKGELE MO TIRELONG YA MODIMO.