Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 32

Batshwa—Dwililani mu Tshambila Mbeli a mu Sina ku Dubikiwa

Batshwa—Dwililani mu Tshambila Mbeli a mu Sina ku Dubikiwa

‘Mu ludo, kulani mu na zose.’​—BAE. 4:15.

LUMBO 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Batshwa banjinji ba ka khona thama zwithu zwipi zwa ka lulwama?

 NGWAGA le ngwaga, go kolobediwa basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa. A le wena o sa tswa go kolobediwa? Fa e le gore go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go bo o kolobeditswe, e bile Jehofa le ene o a itumela. (Diane 27:11) Akanya ka dilo tse dintsi tse o setseng o di dirile. O ka tswa o feditse dingwaga di le mmalwa o ntse o ithuta Baebele, e bile se o se ithutileng se go tlhatswitse pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, o ne wa itse Mokwadi wa Baebele wa bo wa mo rata. Tsela e o ratang Jehofa ka yone e ne ya gola mo o neng wa ineela mo go ene wa bo wa kolobediwa. O dirile tshwetso e e siameng tota!

2. Towo leba ne kweni mu chidiyo ichechi?

 2 Ga go pelaelo gore pele ga o kolobediwa, o nnile le dikgwetlho tse di neng tsa dira gore go nne thata gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa. Mme fa o ntse o gola, o tla nna le dikgwetlho tse dingwe. Satane o tla leka go dira gore o tlogele go rata Jehofa le gore o tlogele go mo direla. (Baef. 4:14) O se ka wa mo letla gore a dire jalo. Ke eng se se tla go thusang gore o nne o ikanyega mo go Jehofa le gore o tswelele o mo direla fela jaaka o mo solofeditse? O tshwanetse go nna o gatela pele mme o dire gore tumelo ya gago e ‘tswelele e gola.’ (Baheb. 6:1) Mme gone, o ka dira seo jang?

U NGA KHONA KU TSHAMBILA MBELI CHINI SE NKIRISITI?

3. Wu tshambila mbeli kupi kwa ka fanila thamiwa ne Bakirisiti bose shule kwe ku dubikiwa?

3 Fa re sena go kolobediwa, re tshwanetse go dirisa kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya badumedimmogo le ene ba kwa Efeso. O ne a ba kgothaletsa gore e nne Bakeresete ba ba “godileng.” (Baef. 4:13) Seo se raya gore ba ne ba tshwanetse go tswelela ba gatela pele. Paulo o ne a tshwantsha go gola mo tumelong le tsela e ngwana a golang ka yone. Fa ngwana a tsholwa, batsadi ba a mo itumelela e bile ba a mo rata. Mme gone, ngwana yoo ga a ka ke a nnela lesea ruri. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla tshwanelwa ke go ‘latlha mekgwa ya bongwana.’ (1 Bakor. 13:11) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete le bone ba tshwanetse go gatela pele fa ba sena go kolobediwa. A re tlotleng ka dikakantsho dingwe tse di tla re thusang gore re dire jalo.

4. I buthu gupi gu nga ku batsha kuti u tshambile mbeli mu ku namata? Chenesa. (Bafilipi 1:9)

4 Dira gore lorato lo o ratang Jehofa ka lone lo gole. O setse o bontshitse gore o rata Jehofa fela thata. Mme gone, o sa ntse o ka dira gore lorato lo o mo ratang ka lone lo gole. O ka dira seo jang? Moaposetoloi Paulo o ne a umaka tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone mo go Bafilipi 1:9. (E bale.) Paulo o ne a rapelela gore lorato lwa Bakeresete ba kwa Filipi “lo gole fela thata.” Ka jalo, le rona re ka kgona go dira gore lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo gole. Re ka dira seo ka go dira gore ‘kitso ya rona le tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone e oketsege.’ Fa re ithuta ka Jehofa re tla mo rata le go feta e bile re tla itumelela tsela e a dirang dilo ka yone le botho jwa gagwe. Re tla dira sotlhe se re ka se kgonang gore re mo itumedise e bile re ka se batle go mo swabisa. Gape re tla dira bojotlhe gore re tlhaloganye gore ke eng se a batlang gore re se dire le gore re tshwanetse go se dira jang.

5-6. Ti nga paphidza chini zila ya ti no da Jehova nayo? Chenesa.

5 Fa re itse Jesu botoka re tla rata Jehofa fela thata ka gonne o ne a etsa botho jwa ga Jehofa. (Baheb. 1:3) Gore re kgone go itse Jesu botoka, re tshwanetse go ithuta Dibuka Tsa Baebele tse nnê tse di buang ka botshelo jwa gagwe. Fa e le gore ga o bale Baebele letsatsi le letsatsi, o ka simolola gone jaanong ka go bala dibuka tseo tse nnê. Fa o ntse o bala dipego tseo tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu, ela tlhoko botho jwa gagwe. Batho ba ne ba rata go bua le ene. O ne a rata bana e bile a ba kuka. (Mar. 10:13-16) Jesu o ne a le pelonomi, e bile barutwa ba gagwe ba ne ba sa tshabe go mmolelela se ba se akanyang. (Math. 16:22) Fa a ne a dira jalo, o ne a etsa sekao sa ga Jehofa ka gonne Jehofa le ene o letla batho gore ba bue le ene nako nngwe le nngwe ka thapelo. Fa re rapela re ka bolelela Jehofa sengwe le sengwe se re se akanyang le kafa re ikutlwang ka gone. Re a itse gore ga a kitla a re atlhola ka ntlha ya se re mmolelelang sone. O a re rata e bile o a re kgathalela.—1 Pet. 5:7.

6 Jesu o ne a tlhomogela batho pelo. Moaposetoloi Mathaio o ne a re: “Fa a bona boidiidi jwa batho, o ne a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) Jehofa ene o leba batho jang? Jesu o ne a re: “Rre yo o kwa legodimong ga a batle gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” (Math. 18:14) Ruri mafoko ano a a itumedisa! Fa re ntse re ithuta ka Jesu, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tla gola.

7. Ku shingidzana ne Bakirisiti ba ka dwilila mbeli ku nga ku batsha chini?

7 Selo se sengwe se se ka go thusang gore o rate Jehofa le gore o gatele pele, ke go itsalanya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba atamalaneng le Jehofa. Ela tlhoko kafa ba itumetseng ka gone. Ga ba ikwatlhaele go bo ba direla Jehofa. Ba kope gore ba go tlotlele maitemogelo mangwe a ba nnileng le one fa ba ntse ba direla Jehofa. Fa o tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe ya botlhokwa, ba kope gore ba go neye kgakololo. Gopola gore “fa go na le bagakolodi ba bantsi, go nna le katlego.”—Diane 11:14.

O ka dira eng gore o nne o ipaakanyeditse go tlhalosa se o se dumelang, fa go rutiwa thuto ya go fetoga ga ditshedi kwa sekolong? (Bona serapa 8-9)

8. U nga thamani ha i li kuti u no sola chi no legwa ne Baibili?

8 Dira dipatlisiso gore o fenye dipelaelo tse o ka tswang o na le tsone. Jaaka re bone mo  serapeng sa bobedi, Satane o tla leka go dira gore o se ka wa tswelela o atamalane le Jehofa. Tsela nngwe e a dirang seo ka yone, ke go dira gore o akanye gore dilo dingwe tse o ithutileng tsone mo Baebeleng ga di boammaaruri. Ka sekai, fa nako e ntse e tsamaya, batho bangwe ba ka leka go dira gore o dumele mo thutong ya go fetoga ga ditshedi. O ka tswa o ne o sa akanye ka thuto eno fa o ne o le monnye, mme gone jaanong o e rutiwa kwa sekolong. Se barutabana ba gago ba se buang se ka tswa se utlwala. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore ga ba ise ba batlisise gore a go na le Mmopi. Gopola molaomotheo o o mo go Diane 18:17, o o reng: “Motho wa ntlha go bua kgang ya gagwe o lebega a siame, go fitlha yo mongwe a tla a bo a mmotsolotsa.” Go na le gore o dumele sengwe le sengwe se o se rutiwang kwa sekolong, ithute Lefoko la Modimo e leng Baebele ka kelotlhoko. Dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba dumela mo thutong ya go fetoga ga ditshedi. Ba botse gore ke eng se se dirileng gore ba dumele gore go na le Mmopi yo o lorato. Go tlotla le bone go ka go thusa gore o bone gore go na le bosupi jwa gore go na le Mmopi.

9. U no zwidiyani mu na cha ka shingikalila Melissa?

9 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Melissa o ne a solegelwa molemo ke go dira dipatlisiso ka kgang ya popo. * O ne a re: “Tsela e thuto ya go fetoga ga ditshedi e rutiwang ka yone kwa sekolong, e ka dira gore motho a e dumele. Kwa tshimologong ke ne ke tshaba go dira dipatlisiso ka dilo tse ke neng ke di belaela. Ke ne ke boifa gore ke tla feleletsa ke dumela gore thuto ya go fetoga ga ditshedi e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore Jehofa o batla gore re nne le mabaka a se re se dumelang. Ka jalo, ke ile ka simolola go dira dipatlisiso. Ke ile ka bala buka ya Is There a Creator Who Cares About You? le boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking. Tota seno ke se ke neng ke se tlhoka. E kete nka bo ke sa bolo go dira jalo.”

10-11. Ini chi nga ku batsha kuti u dwilile u na mazwibato a ka lulwama? (1 Bathesalonika 4:3, 4)

10 Gana go dira boitsholo jo bo sa siamang. Fa o tsena mo dingwageng tsa bosha, o ka nna le keletso e e maatla ya go tlhakanela dikobo, mme batho ba bangwe ba ka go gatelela gore o dire boitsholo jo bo sa siamang. Ke sone se Satane a batlang gore o se dire. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa ineela fa o raelwa? (Bala 1 Bathesalonika 4:3, 4.) Fa o rapela, bolelela Jehofa kafa o ikutlwang ka gone o bo o mo kope gore a go nonotshe. (Math. 6:13) Gopola gore Jehofa o batla go go thusa, ga a go tseye o le motho yo o sa siamang. (Pes. 103:13, 14) Baebele le yone e ka go thusa. Melissa yo re buileng ka ene pelenyana, a re le ene o ne a na le bothata jwa go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang. A re: “Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go ne ga nthusa gore ke kgone go tswelela ke lwa le dikakanyo tse di sa siamang. Go ne ga nkgopotsa gore ke ineetse mo go Jehofa, le gore ke batla go tswelela ke mo direla.”—Pes. 119:9.

11 O se ka wa leka go rarabolola mathata a gago o le nosi. Bua le batsadi ba gago. Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go bua ka dikgang tseno, mme go botlhokwa gore o dire jalo. Melissa a re: “Ke ne ka kopa Jehofa gore a nneye bopelokgale, ke bo ke bua le rre ka bothata jo ke neng ke na le jone. Fa ke sena go bua le ene, ke ne ka ikutlwa ke imologile. Ke ne ke itse gore Jehofa o itumelela se ke se dirileng.”

12. U nga tola thambo dza ka lulwama chini?

12 Letla melaometheo ya Baebele gore e go kaele. Fa o ntse o gola, batsadi ba gago ba tla go letla gore o itirele ditshwetso. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse o sa di itseng. Ke eng se se tla go thusang gore o se ka wa dira diphoso tse di tla senyang botsala jwa gago le Jehofa? (Diane 22:3) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Kari o tlhalosa se se mo thusitseng go dira ditshwetso tse di siameng. O ne a lemoga gore Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng, ga ba tlhoke go beelwa molao mo go sengwe le sengwe. A re: “Ke ne ke tshwanetse go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone go na le go latela melao fela.” Fa o bala Baebele, ipotse jaana: ‘Temana eno e mpolelela eng ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone? A e na le melaometheo e e ka nthusang gore ke dire se se siameng? Fa e le gore go ntse jalo, ke tla solegelwa molemo jang fa ke e dirisa?’ (Pes. 19:7; Isa. 48:17, 18) Fa o bala Baebele o bo o akanyetsa kwa teng ka se o se badileng, go tla nna motlhofo gore o dire ditshwetso tse di itumedisang Jehofa. Fa tumelo ya gago e nonofa, o tla lemoga gore ga o tlhoke go beelwa molao mo go sengwe le sengwe ka gonne o tla bo o tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone.

Kgaitsadi yo mosha o tlhophile ditsala tse di ntseng jang?(Bona serapa 13)

13. Bakhwinya ba ka lulwama ba nga ku ama chini? (Zwiani 13:20)

13 Tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa. Jaaka re buile pelenyana, ditsala tse o di tlhophang di ka go thusa gore tumelo ya gago e nonofe. (Bala Diane 13:20.) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Sara o ne a sa tlhole a itumetse. Mme go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore a itumele gape. Sara a re: “Ke ne ka nna le ditsala tse di siameng ka nako e ke neng ke di tlhoka ka yone. Nna le kgaitsadi mongwe yo mosha re ne re bala Tora ya Tebelo beke le beke. Tsala e nngwe yone e ne ya nthusa gore ke kgone go arabela kwa dipokanong. Ditsala tsa me di ne tsa nthusa gore ke kgone go bona botlhokwa jwa go ithuta ke le nosi le go rapela. Botsala jwa me le Jehofa bo ne jwa gola, e bile ke ne ka simolola go itumela gape.”

14. Julien wa ka be ne bakhwinya ba ka lulwama chini?

14 O ka dira eng gore o nne le ditsala tse di siameng? Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Julien, yo gone jaanong e leng mogolwane a re: “Fa ke ne ke le mosha, ditsala tsa me e ne ya nna batho ba ke neng ke fetsa nako le bone mo bodireding. Ditsala tseno di ne di tlhagafetse, ka jalo di ne tsa nthusa gore ke bone gore nka kgona go itumelela bodiredi. Ke ne ka ipeela mokgele wa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. E bile ke ne ka lemoga gore mo nakong e e fetileng ke ne ke se na ditsala tse dintsi tse di siameng ka gonne ke ne ke batla go tsalana le dithaka tsa me fela. Moragonyana fa ke ne ke direla kwa Bethele, ke ne ka nna le ditsala tse dingwe tse di siameng. Sekao sa bone se ne sa nthusa gore ke kgone go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng, le gore ke atamalane le Jehofa.”

15. Paulo wa ka chenjedza Timoti chini ne kwe bakhwinya? (2 Timoti 2:20-22)

15 O tshwanetse go dira eng fa o lemoga gore mongwe yo o tsalaneng le ene mo phuthegong ga se tsala e e siameng? Paulo o ne a itse gore Bakeresete bangwe mo phuthegong ba ne ba sa dire dilo tse di siameng, ka jalo o ne a gakolola Timotheo gore a se ka a tsalana le bone. (Bala 2 Timotheo 2:20-22.) Botsala jwa rona le Jehofa bo botlhokwa. Re dirile ka natla gore re nne ditsala tsa ga Jehofa, ka jalo ga re a tshwanela go letla ope gore a senye botsala joo.—Pes. 26:4.

KU BE NE MAZWIMISILO KU NGA KU BATSHA CHINI KUTI U DWILILE MU KU NAMATA?

16. Wa ka fanila shalula mazwimisilo a ka tini?

16 Ipeele mekgele e e ka go solegelang molemo. Nna le mekgele e e ka go thusang gore o nne le tumelo e e nonofileng le gore o atamalane le Jehofa. (Baef. 3:16) Ka sekai, o ka ipeela mokgele wa go ithuta o le nosi le go bala Baebele ka metlha. (Pes. 1:2, 3) Kgotsa o ka ipeela mokgele wa go rapela gangwe le gape. Gongwe o ka tshwanelwa ke go nna kelotlhoko ka boitlosobodutu jo o bo tlhophang le nako e o e fetsang mo go jone. (Baef. 5:15, 16) Jehofa o tla itumela fa a bona o dira ka natla e bile o gatela pele.

Bileo ipeetse mekgele efe? (Bona serapa 17)

17. Ku batsha bangwe ku nga ku shathisa chini?

17 O tla nna le tumelo e e nonofileng fa o thusa batho ba bangwe. Jesu o ne a re: “Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.” (Dit. 20:35) O tla itumela thata fa o dirisa nako ya gago le maatla a gago go thusa batho ba bangwe. Ka sekai, o ka ipeela mokgele wa go thusa batho ba ba godileng le ba ba bokoa mo phuthegong. O ka ba ela dishopong kgotsa wa ba thusa go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki. Fa o le mokaulengwe, o ka ipeela mokgele wa go nna motlhanka wa bodiredi gore o thuse bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bafil. 2:4) Gape o ka bontsha batho ba e seng Basupi gore o a ba rata ka go ba rerela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Math. 9:36, 37) Fa go kgonega, ipeele mokgele wa go tsenela mofuta mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng.

18. Ku shinga mu bushingili gwe chibaka chi zhele ku nga ku batsha chini kuti u kule?

18 Tirelo ya nako e e tletseng e ka go thusa gore o nne le ditshono tse dingwe tsa go atamalana le Jehofa. Fa o le mmulatsela, o ka kgona go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. E bile o ka kgona go direla kwa Bethele kgotsa mo diporojekeng tsa go aga mafelo a kobamelo. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa mmulatsela yo o bidiwang Kaitlyn a re: “Go fetsa nako e ntsi kwa tshimong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratang Jehofa, go ne ga nthusa gore fa ke sena go kolobediwa ke tswelele ke atamalane le Jehofa. Sekao sa bone se ne sa nthusa gore ke iphe nako ya go ithuta Baebele le go tokafatsa tsela e ke rutang ka yone.”

19. Masego api a u nga shathila ha u dwilila u kula mu ku namata?

19 Fa o gatela pele, Jehofa o tla go naya dilo tse di molemo tse dintsi. Ga o kitla o senya maatla a gago ka go dira dilo tse di se nang mosola. (1 Joh. 2:17) E bile ga o kitla o utlwisiwa botlhoko ke go dira dilo tse di sa siamang. Go na le moo, o tla atlega o bo o itumele. (Diane 16:3) Sekao sa gago se se molemo se tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago botlhe. (1 Tim. 4:12) Sa botlhokwa le go feta, ga o kitla o tlhobaela, mme o tla kgotsofala ka gonne o itumedisa Jehofa e bile o tla atamalana le ene.—Diane 23:15, 16.

LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

^ Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba a itumela fa basha ba kolobediwa. Boammaaruri ke gore, fa motho a sena go kolobediwa, o tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a tswelele a nonotsha tumelo ya gagwe. Setlhogo seno se tlile go tlotla ka dilo tse nnê tse basha ba ba sa tswang go kolobediwa ba ka di dirang gore tumelo ya bone e tswelele e gola, mme gone, rotlhe mo phuthegong re tlile go solegelwa molemo ke dintlha tseo.

^ Maina mangwe a fetotswe.