Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 35

Dwilila u na moyonlefu

Dwilila u na moyonlefu

“Ibeni ne . . . moyonlefu.”​—BAK. 3:12.

LUMBO 114 “Nnang Pelotelele”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Ini u da bathu ba na moyonlefu?

 ROTLHE fela re rata batho ba ba pelotelele e bile re tlotla batho ba ba kgonang go leta ba sa fele pelo. Re itumelela gore batho ba bangwe ba pelotelele le rona fa re dira diphoso. Gape re itumelela gore batho ba ba neng ba re ruta Baebele, ba ne ba le pelotelele le rona fa go ne go se motlhofo go amogela sengwe se re neng re se ithuta le go se dirisa. Mo godimo ga moo, re itumelela gore Jehofa Modimo o pelotelele le rona.​—Bar. 2:4.

2. I zwimo zwipi zwa ti nga wana ta ka simigwa ne ku be ne moyonlefu?

2 Le fa re rata batho ba ba pelotelele, ka dinako dingwe go ka nna thata gore rona re nne pelotelele. Ka sekai, re ka fela pelo fa re le mo laeneng e telele, segolobogolo fa go na le sengwe se re tshwanetseng go se dira. Gape re ka nna ra galefa fa batho ba bangwe ba re kgopisa. Mme ka dinako tse dingwe, go ka nna thata gore re nne re letile lefatshe le lesha le Jehofa a le solofetsang. A o batla go nna pelotelele? Mo setlhogong seno, re tla bona gore go nna pelotelele go kaya eng le gore ke eng fa nonofo eno e le botlhokwa. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re nne pelotelele.

KU BE NE MOYONLEFU KO DWANI?

3. Nthu u na moyonlefu u no zwibata chini ha a sa togwa zwibuyanana?

3 Mma re tlotle ka ditsela di le nnê tse re ka bontshang ka tsone gore re pelotelele. Sa ntlha, motho yo o pelotelele ga a galefe ka bonako. O leka go ritibala fa batho ba bangwe ba mo kgopisa e bile ga a ipusolosetse. Gape ga a tshware batho ba bangwe makgwakgwa fa dilo di sa mo tsamaele sentle. Mafoko a a reng “ga a galefe ka bonako” a tlhaga lekgetlo la ntlha mo Baebeleng fa go tlhalosiwa gore Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.”​—Ekes. 34:6.

4. Nthu u na moyonlefu u no zwibata chini ha a ka fanila ku lindila chingwe?

4 Sa bobedi, motho yo o pelotelele o kgona go leta a ritibetse. Ga a tenege fa dilo di sa direge ka nako e a neng a lebeletse gore di direge ka yone. (Math. 18:26, 27) Go na le maemo a le mantsi a re tshwanetseng go leta re ritibetse mo go one. Ka sekai, re tshwanetse go reetsa mongwe fa a bua mme re sa mo tsene ganong. (Jobe 36:2) Gape re tshwanetse go nna pelotelele fa re thusa motho yo re ithutang le ene gore a tlhaloganye thuto nngwe mo Baebeleng kgotsa a tlogele mokgwa mongwe o o sa siamang.

5. I zila ipi ingwe ya u nga lakidza moyonlefu?

5 Sa boraro, motho yo o pelotelele ga a dire dilo ka lepotlapotla a sa akanye. Nnete ke gore ka dinako tse dingwe maemo mangwe a tlhoka gore re dire dilo dingwe ka bonako. Le fa go ntse jalo, fa motho yo o pelotelele a na le tiro nngwe e e botlhokwa, ga a leke go e dira ka bonako fela gore a e fetse. Go na le moo, o ipha nako ya go rulaganya tiro eo. Go tswa foo, a bo a e dira sentle.

6. Nthu u na moyonlefu u no zwibata chini ha a ka lingisana ne dzindiko kene ku dziyidzika?

6 Sa bonê, motho yo o pelotelele o itshokela mathata a sa ngongorege. Ka jalo, go nna pelotelele go tsamaisana le go itshoka. Mme seno ga se reye gore fa re na le mathata, ga re ka ke ra a bolelela mongwe yo re mo tshepang. Le fa go ntse jalo, fa motho yo o pelotelele a na le mathata, o akanya ka dilo tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa gagwe e bile o dira sotlhe se a ka se kgonang gore a tswelele a direla Jehofa a itumetse. (Bakol. 1:11) Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go bontsha gore ba pelotelele ka ditsela tse nnê tse re tlotlileng ka tsone. A jaanong re tlotleng ka mabaka a le mmalwa a go bo ba tshwanetse go dira jalo.

LIBAKA GWE KU BE MOYONLEFU I LI CHITHU CHIKULU

Fela jaaka molemirui a leta ka bopelotelele gore dijalo tsa gagwe di gole, le rona re leta ka bopelotelele gore Jehofa a dire dilo tse a di solofeditseng (Bona serapa 7)

7. Ku yenda na Jakubo 5:7, 8, ini ku be moyonlefu i li chithu chikulu? (Bona itshwantsho.)

7 Re tshwanetse go nna pelotelele gore re kgone go tshelela ruri. Fela jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, le rona re tshwanetse go letela Jehofa re le pelotelele gore a dire dilo tse a re solofeditseng tsone. (Baheb. 6:11, 12) Baebele e re tshwantsha le molemirui. (Bala Jakobe 5:7, 8.) Molemirui o dira ka natla go jala a bo a nosetsa dijalo tseo mme ga a itse gore di tla gola leng. Le fa go ntse jalo, o leta ka bopelotelele a tlhatswegile pelo gore di tla gola. Le rona re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, tota le fa re sa “itse letsatsi le Morena wa [rona] a tla tlang ka lone.” (Math. 24:42) Re leta ka bopelotelele re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng ka nako e e tshwanetseng. Fa re fela pelo, re ka lapa re bo re simolola go katogela kgakala le Jehofa. Gape re ka simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tse re akanyang gore di ka dira gore re itumele gone jaanong. Mme fa re le pelotelele, re tla itshoka go fitlha kwa bokhutlong re bo re bolokwa.​—Mik. 7:7; Math. 24:13.

8. Ku be ne moyonlefu ko ti batsha chini ha ti shigidzana ne bangwe? (Bakolosa 3:12, 13)

8 Go nna pelotelele go re thusa go dirisana sentle le ba bangwe. Fa re le pelotelele, re tla reetsa ba bangwe fa ba bua. (Jak. 1:19) Go nna pelotelele go re thusa go dirisana le ba bangwe ka kagiso, e bile ga re kitla re tseega maikutlo kgotsa re kgoba ba bangwe ka mafoko fa dilo di sa re tsamaele sentle. Gape re ka se galefe ka bonako fa ba bangwe ba re kgopisa. Mo godimo ga moo, fa mongwe a re utlwisitse botlhoko ga re kitla re ipusolosetsa, go na le moo re tla ‘tswelela re itshokelana e bile re itshwarelana ka pelo yotlhe.’​—Bala Bakolosa 3:12, 13.

9. Ku be ne moyonlefu ko ti batsha chini ha ta ka fanila shinga zwithu ne buchenjedu? (Zwiane 21:5)

9 Gape go nna pelotelele go ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Fa re le pelotelele, ga re potlakele go dira ditshwetso. Go na le moo, re ipha nako ya go dira dipatlisiso gore re dire ditshwetso tse di siameng. (Bala Diane 21:5.) Ka sekai, fa re batla tiro, re ka nna ra raelesega go tsaya tiro nngwe le nngwe le fa e tlile go re kgoreletsa go direla Jehofa. Mme fa re le pelotelele, re tla ipotsa gore tiro eo e kgakala go le kana kang le gore re tla tshwanelwa ke go bereka diura di le kae. Gape re tla ipotsa gore fa re ka amogela tiro eo a re tla nna le nako le ba malapa a rona le nako ya go direla Jehofa. Go nna pelotelele go tla re thusa gore re se ka ra dira ditshwetso tse re tla di ikwatlhaelang moragonyana.

SE KWA U NGA DWILILA U NA MOYONLEFU

10. Nkirisiti u nga dwilila a na moyonlefu chini?

10 Kopa Jehofa gore a go thuse. Bopelotelele ke nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, re ka kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo le gore a re thuse go nna le nonofo eno. Fa go tlhaga maemo a a thata, re tshwanetse go ‘nna re kopa’ moya o o boitshepo gore o re thuse go nna pelotelele. (Luke 11:9, 13) Gape re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go akanya jaaka ene. Fa re sena go rapela, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne pelotelele. Fa re nna re kopa Jehofa gore a re thuse gore re nne pelotelele e bile re leka ka natla go bontsha nonofo eno, Jehofa o tla re thusa gore re nne le yone.

11-12. Jehova Wa ka lakidza moyonlefu chini?

11 Akanyetsa kwa teng ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba le pelotelele. Go akanyetsa kwa teng ka bone, go ka re thusa go bona ditsela tse re ka bontshang bopelotelele ka tsone. Pele re bua ka bone, a re tlotleng ka Mongwe yo o pelotelele go gaisa botlhe, e bong Jehofa.

12 Kwa tshimong ya Edene, Satane o ile a senya Jehofa leina ka go leka go dira gore Efa a akanye gore Jehofa ga a ba rate le gore ga a ba buse sentle. Jehofa o ile a bontsha gore o pelotelele ka gonne ga a ka a nyeletsa Satane ka yone nako eo. O ne a itse gore go tla tsaya nako gore go bonale gore o busa batho sentle le gore o a ba rata. Fa e sa le go tloga ka nako eo, o ntse a itshokile fa leina la gagwe le gogiwa mo seretseng. Mo godimo ga moo, Jehofa o ntse a letile ka bopelotelele gore batho ba le bantsi ba nne le tshono ya go tshelela ruri. (2 Pet. 3:9, 15) Seo se dirile gore batho ba le bantsintsi ba kgone go mo itse. Fa re nna re akanya kafa bopelotelele jwa ga Jehofa bo re tswelang mosola ka gone, go tla nna motlhofo gore re nne re mo letile gore a fedise lefatshe leno le le bosula.

Bopelotelele bo tla re thusa gore re se ka ra galefa ka bonako fa batho ba re tlhaba ka mafoko (Bona serapa 13)

13. Jeso wa ka yedza bumoyonlefu gwa Tate babe ne zila ya ka pelela chini? (Bona itshwantsho.)

13 Jesu o pelotelele fela jaaka Rraagwe, mme o ne a bontsha seo fa a ne a le mo lefatsheng. Ntle le pelaelo, ka dinako tse dingwe go ne go se motlhofo gore a nne pelotelele le bakwadi le Bafarasai ba ba neng ba itira se ba seng sone. (Joh. 8:25-27) Mme gone, Jesu o ne a sa galefe ka bonako fela jaaka Rraagwe. Fa batho ba ne ba mo tlhapatsa kgotsa ba mo tlhaba ka mafoko, o ne a sa ipusolosetse. (1 Pet. 2:23) Jesu o ne a itshokela diteko a sa ngongorege. Ke gone ka moo Baebele e reng re ‘akanye ka kelotlhoko ka ene yo o itshoketseng mafoko a a tlhabang a baleofi.’ (Baheb. 12:2, 3) Le rona Jehofa a ka re thusa gore re itshokele diteko dipe fela tse re ka lebanang le tsone.

Fa re le pelotelele jaaka Aborahame, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re segofatsa gone jaanong, e bile o tla dira jalo le go feta kwa lefatsheng le lesha (Bona serapa 14)

14. Ti nga zwidiyani mu bumoyonlefu gwa Abraham? (Bahebera 6:15) (Bona itshwantsho.)

14 Bangwe ba rona re ka tswa re ne re solofetse gore bokhutlo bo tla tla dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Mme jaanong re tshwenyegile ka gonne re akanya gore bo tla tla re setse re sule. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re letile re le pelotelele? Akanya ka se se ileng sa diragalela Aborahame. Fa a ne a na le dingwaga di le 75 e bile a se na bana, Jehofa o ne a mo solofetsa a re: “Ke tla go dira setšhaba se segolo.” (Gen. 12:1-4) Aborahame ga a ka a bona tsholofetso eo e diragadiwa ka botlalo. Fa a sena go kgabaganya Noka ya Euferatese, o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di le 25 pele morwawe e bong Isake a tsholwa. Mme morago ga moo, o ne a leta dingwaga di le 60 pele ga ditlogolo tsa gagwe e bong Esau le Jakobe ba tsholwa. (Bala Bahebera 6:15.) Aborahame ga a ka a bona ditlogolwana tsa gagwe e nna setšhaba se segolo e bile di nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mme gone, monna yono yo o ikanyegang o ne a atamalane le Jehofa. (Jak. 2:23) Fa Aborahame a sena go tsosiwa o tla itumelela go itse gore tumelo le bopelotelele jwa gagwe, di ne tsa dira gore batho ba le bantsi ba segofadiwe. (Gen. 22:18) Re ithuta eng? Go ka direga gore re se ka ra bona dilo tsotlhe tse Jehofa a di solofeditseng di direga gone jaanong. Le fa go ntse jalo, fa re le pelotelele jaaka Aborahame, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re segofatsa gone jaanong e bile o tla dira jalo le go feta kwa lefatsheng le lesha.​—Mar. 10:29, 30.

15. Ti nga kumbulilani ha ti zwidiya ne bukwedu?

15 Baebele e bua ka batho ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba le pelotelele. (Jak. 5:10) O ka dira dipatlisiso ka bone fa o ithuta o le nosi. b Ka sekai, Dafide o ne a le mosha fa a ne a tlodiwa gore e nne kgosi ya Iseraele. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di le dintsi pele a busa. Simeone le Ana ba ne ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi fa ba ntse ba letetse Mesia yo o solofeditsweng. (Luke 2:25, 36-38) Fa o ntse o ithuta ka bone, ipotse dipotso tse di latelang: ‘Ke eng se se ka tswang se thusitse motho yono gore a nne pelotelele? Go nna pelotelele go mo thusitse jang? Nka mo etsa jang?’ Go ithuta ka batho ba ba ileng ba palelwa ke go nna pelotelele, le gone go ka go tswela mosola. (1 Sam. 13:8-14) O ka ipotsa go re: ‘Ke eng se se ka tswang se dirile gore motho yono a se ka a nna pelotelele? Seo se ile sa dira gore a diragalelwe ke dilo dife tse di utlwisang botlhoko?’

16. Ku be ne moyonlefu ku na mbayilo upi?

16 Akanya kafa go nna pelotelele go re tswelang mosola ka gone. Fa re le pelotelele re a itumela e bile re a ritibala. Gape go nna pelotelele go ka re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo le gore re se ka ra tshabelwa ke malwetse. Fa re le pelotelele, re tla kgona go dirisana sentle le ba bangwe. Go tla nna le kutlwano mo phuthegong. Fa mongwe a re kgopisa mme re sa galefe ka bonako, seo se tla dira gore dilo di se ka tsa nna maswe le go feta. (Pes. 37:8, ntlh.; Diane 14:29) Sa botlhokwa le go feta ke gore fa re le pelotelele, re etsa Jehofa e bile re atamalana le ene.

17. Ta ka fanila zwimisila ku thamani?

17 Bopelotelele ke nonofo e e botlhokwa e e re tswelang mosola. Le fa ka dinako tse dingwe go se motlhofo gore re nne pelotelele, Jehofa a ka re thusa gore re nne le nonofo eno. Fa re ntse re letetse lefatshe le lesha, re ka tlhatswega pelo gore “leitlho la ga Jehofa le lebile ba ba mmoifang, ba ba letetseng lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 33:18) E kete rotlhe re ka ikemisetsa go nna pelotelele.

LUMBO 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me

a Batho ba le bantsi gompieno ga ba pelotelele. Mme gone, Baebele e a re re nne pelotelele. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele le gore ke eng se se ka re thusang go nna le nonofo eno.

b Fa o batla go ithuta ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba le pelotelele bona setlhogo se se reng, “Botshelo Jwa Bokeresete” o bo o ya kwa “Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang” go tswa foo o bo o ya kwa setlhogwaneng se se reng “Bopelotelele,” mo Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa.