NSHOLO WE ZWIDIYO 33
Zwidiye mu na Cha ka Thangwa na Daniele
“Ngobe uli nthu unodika kwazo.”—DAN. 9:23.
LUMBO 73 Re Neye Bopelokgale
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a
1. Ini Bababiloni ba ka shathisiwa na mporofiti Daniele?
MOPOROFETI Daniele o ne a sa ntse a le mosha fa Bababelona ba ne ba mo tsaya kwa Jerusalema, ba bo ba mo isa kgakala le legae kwa Babelona. Le fa e ne e le mosha, go na le dilo dingwe tse badiredibagolo ba kwa Bababelona ba neng ba di rata ka ene. Ba ne ba kgatlhiwa ke gore o montle le gore o tswa mo lelapeng le le nang le maemo a a rileng. (1 Sam. 16:7) Ka jalo, ba ile ba mo katisetsa gore a direle mo ntlong ya segosi.—Dan. 1:3, 4, 6.
2. Jehova wa ka zwihwa chini ne kwa Daniele? (Ezekiele 14:14)
2 Jehofa o ne a rata Daniele ka ntlha ya botho jwa gagwe, e seng ka gonne a ne a le montle kgotsa a na le maemo mangwe mo ntlong ya segosi. Tota e bile, fa Jehofa a ne a re Daniele o tshwana le Noa le Jobe, Daniele a ka tswa a ne a na le dingwaga di ka nna 20. Ka jalo Jehofa o ne a tsaya Daniele a siame fela jaaka Noa le Jobe, ba go neng go fetile dingwaga di le dintsi ba mo direla ka boikanyegi. (Gen. 5:32; 6:9, 10; Jobe 42:16, 17; bala Esekiele 14:14.) Jehofa o ile a tswelela a rata Daniele botshelo jwa gagwe jotlhe.—Dan. 10:11, 19.
3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
3 Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka dinonofo di le pedi tse Daniele a neng a na le tsone, tse di neng di dira gore Jehofa a mo rate. Re tla simolola ka go tlhalosa nonofo nngwe le nngwe, re bo re bona gore Daniele o ile a e bontsha mo maemong afe. Go tswa foo, re tla bona gore ke eng se se thusitseng Daniele gore a nne le dinonofo tseo. Mme kwa bofelong, re tla bona gore re ka mo etsa jang. Le fa gone setlhogo seno se kwaletswe basha, rotlhe re ka ithuta go le gontsi mo go Daniele.
YEDZA KU SIMA SA DANIELE
4. Daniele wa ka lakidza chini kuti wa ka be a li mile a ka sima? Lakidzila.
4 Batho ba ba pelokgale ba a tle ba tshoge, mme gone seo ga se ba thibele gore ba se ka ba dira se se siameng. Daniele o ne a le pelokgale tota. O ile a bontsha gore o pelokgale dingwaga di ka nna pedi fa Bababelona ba sena go senya Jerusalema. Kgosi Nebukadenesare wa kwa Babelona o ne a lora toro e e tshosang. Mo torong eo, o ile a bona setshwantsho se segolo. O ne a laela banna ba gagwe ba ba botlhale mmogo le Daniele gore ba mmolelele gore o lorile eng le gore toro eo e kaya eng. Mme fa ba ne ba ka palelwa ke go dira jalo o ne a tla ba bolaya. (Dan. 2:3-5) Daniele o ne a tshwanetse go dira sengwe, go seng jalo batho ba le bantsi ba ne ba tla bolawa. O ne “a ya kwa kgosing mme a e kopa gore e mo neye nako ya gore a e bolelele tlhaloso ya toro eo.” (Dan. 2:16) Seno se bontsha gore Daniele o ne a le pelokgale e bile a na le tumelo. Goreng re rialo? Ga go na gope mo Baebele e re bolelelang gore Daniele o ne a kile a tlhalosa ditoro. O ile a kopa ditsala tsa gagwe e bong Shaderake, Meshake le Abedenego b gore “ba rapele Modimo yo o kwa legodimong gore a ba utlwele botlhoko mme a ba senolele sephiri seno.” (Dan. 2:18) Jehofa o ne a ba araba. O ne a thusa Daniele gore a tlhalose toro ya ga Nebukadenesare. Ka jalo, Daniele le ditsala tsa gagwe ga ba a ka ba bolawa.
5. Daniele wa ka likiwa kakale chini ku bona kuti wa ka be a li mile a ka sima?
5 Gape Daniele o ne a bontsha gore o pelokgale fa Nebukadenesare a ne a lora toro e nngwe e e tshosang. Mo torong eo, Nebukadenesare o ne a bona setlhare se se boitshegang. Daniele o ile a bolelela kgosi gore toro eo e kaya eng. Mo godimo ga moo, o ile a mmolelela gore o tlile go latlhegelwa ke tlhaloganyo le gore go ne go tla feta lobakanya e se kgosi. (Dan. 4:25) Tlhaloso eo e ne e ka dira gore kgosi a akanye gore Daniele o kgatlhanong le ene a bo a mmolaya. Mme gone, Daniele o ne a bontsha gore o pelokgale ka go tlhalosa toro eo.
6. Ini chi nga dwa cha ka batsha Daniele kuti a me a ka sima?
6 Ke eng se se ka tswang se ile sa thusa Daniele gore a nne pelokgale botshelo jwa gagwe jotlhe? Batsadi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba mo tlhomela sekao se sentle. Ba ne ba ikobela ditaelo tse Jehofa a neng a di neile batsadi ba Baiseraele e bile ba ile ba ruta Daniele Molao wa Modimo. (Dute. 6:6-9) Daniele o ne a itse Melao e e Lesome le Melao e mengwe e Jehofa a neng a e neile Baiseraele. Ka sekai, o ne a itse gore Baiseraele ba ne ba ka ja eng le gore ba ne ba sa tshwanela go ja eng. c (Lefi. 11:4-8; Dan. 1:8, 11-13) Gape o ne a itse gore batho ba Modimo ba ne ba diragalelwa ke eng mo nakong e e fetileng fa ba ne ba sa mo ikobele. (Dan. 9:10, 11) Dilo tse di diragaletseng Daniele mo botshelong, di ne tsa mo netefaletsa gore Jehofa le baengele ba ne ba tla mo thusa mo maemong ape fela a a neng a ka lebana le one.—Dan. 2:19-24; 10:12, 18, 19.
7. Ini kakale cha ka batsha Daniele kuti a me a ka sima? (Bona itshwantsho.)
7 Daniele o ile a ithuta se baporofeti ba Modimo ba ileng ba se kwala go akaretsa le boporofeti jwa ga Jeremia. Fa nako e ntse e tsamaya, seo se ile sa mo thusa go lemoga gore go ise go ye kae Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba tla gololwa. (Dan. 9:2) Daniele o ile a bona gore ka metlha se Jehofa a se buang se a direga. Ka jalo o ile a mo tshepa le go feta. Go tshepa Jehofa go ka dira gore motho a nne pelokgale thata. (Bapisa le Baroma 8:31, 32, 37-39.) Sengwe gape se se ileng sa thusa Daniele gore a nne pelokgale le go feta ke go rapela ka metlha. (Dan. 6:10) O ne a bolelela Jehofa maleo a gagwe le gore o ikutlwa jang. E bile o ne a mo kopa gore a mo thuse. (Dan. 9:4, 5, 19) Daniele o ne a tshwana fela le rona, ka jalo ga go a itiragalela fela gore a nne pelokgale. Go ithuta, go rapela le go tshepa Jehofa ke gone go ileng ga mo thusa gore a nne le nonofo eo.
8. Ti nga thamani kuti ti me ta ka sima?
8 Re tshwanetse go dira eng gore re nne pelokgale? Batsadi ba rona ba ka re rotloetsa gore re nne pelokgale, mme ga re ka ke ra kgona go nna le nonofo eo fela ka gonne bone ba na le yone. Go ithuta go nna le nonofo eno, go tshwana le go ithuta go nna le bokgoni bongwe. Fa o batla go nna le bokgoni bongwe, o ka ithuta ka go lebelela motho yo o nang le jone o bo o dira se a se dirang. Ka tsela e e tshwanang, re ka ithuta go nna pelokgale ka go lebelela batho ba ba nang le nonofo eno re bo re dira se ba se dirang. Ka jalo, re ithutile eng mo go Daniele? Re tshwanetse go itse Lefoko la Modimo sentle fela jaaka ene. Re tshwanetse go atamalana le Jehofa ka go bua le ene ka metlha re mmolelela gore re ikutlwa jang. E bile re tshwanetse go tshepa Jehofa re tlhatswegile pelo gore o tla re thusa. Fa re dira jalo, re tla nna pelokgale fa re lebana le mathata.
9. To bona mbayilo upi mu ku gala ta ka sima?
9 Go nna pelokgale go re tswela mosola ka ditsela di le dintsi. Akanya ka se se diragaletseng Ben. Kwa a neng a tsena sekolo gone kwa Germany, mongwe le mongwe o ne a dumela gore dilo ga di a bopiwa le gore se Baebele e se buang ka kgang eno ke ditlhamane fela. Letsatsi lengwe Ben o ne a kopiwa gore a tlhalosetse bana ba a tsenang tlelase le bone gore ke eng fa a dumela gore dilo di bopilwe. O ne a tlhalosa se a se dumelang a le pelokgale. Go ne ga felela jang? Ben a re: “Morutabana o ne a reetsa ka tlhoafalo, go tswa foo o ne a direla mongwe le mongwe mo tlelaseng khopi ya dintlha tse ke neng ke di dirisa go tlhalosa.” Gape a re: “Bontsi jwa bone ba ne ba reetsa mme ba mpolelela gore ba kgatlhilwe ke gore ke ne ka nna pelokgale go tlhalosa se ke se dumelang.” Se se diragaletseng Ben se re bontsha gore gantsi batho ba tlotla motho yo o pelokgale. Gape motho yo o pelokgale a ka kgona go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re nne pelokgale.
THEMBEKA SA DANIELE
10. Ku thembeka ko dwani?
10 Gantsi Baebele e bua ka “boikanyegi” kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng” lo Jehofa a lo bontshang ditsala tsa gagwe. Gape Baebele e bua ka boikanyegi jo batlhanka ba Modimo ba bo bontshanang. (2 Sam. 9:6, 7) Re ka ikanyega le go feta fa nako e ntse e tsamaya. A re boneng gore Daniele o ile a dira seo jang.
11. Ku galamoyo kwa Daniele kwa ka likiwa chini ha a chi kwegula? (Bona itshwantsho.)
11 Daniele o ile a lebana le maemo a mantsi mo botshelong a a neng a tlhoka gore a bontshe gore a o tla tswelela a ikanyega mo go Jehofa kgotsa nnyaa. Fa a na le dingwaga di feta 90, go ile ga direga sengwe se se neng se tla bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa go le kana kang. Ka nako eo, Bameda le Baperesia ba ne ba gapile Babelona e bile go ne go busa Kgosi Dario. Banna bangwe ba ba neng ba bereka mo ntlong ya kgosi, ba ne ba tlhoile Daniele e bile ba sa tlotle Modimo wa gagwe. Ka jalo, ba ile ba loga leano la go bolaya Daniele. Ba ne ba dira gore kgosi a saene molao o o neng o tla dira gore go bonale gore a Daniele o ikanyega mo Modimong kgotsa mo kgosing. Molao oo o ne o laela gore batho ba ne ba sa tshwanela go rapela modimo o mongwe kwantle ga kgosi malatsi a le 30. Mme Daniele ene o ne a tswelela a rapela Jehofa. Ka jalo, o ne a latlhelwa mo khuting e e nang le ditau. E re ka Daniele a ile a ikanyega mo go Jehofa, Jehofa o ile a dira gore ditau tseo di se ka tsa mmolaya. (Dan. 6:12-15, 20-22) Ke eng se se ka re thusang gore re ikanyege mo go Jehofa fela jaaka Daniele?
12. Daniele wa ka galamoyo chini mu na Jehova ne zila ya ka pelela?
12 Gore re kgone go ikanyega mo go Jehofa re tshwanetse go mo rata thata. Daniele o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa ka gonne o ne a mo rata tota. Ke eng se se thusitseng Daniele gore a rate Jehofa jalo? Ke gore o ne a ipha nako ya go akanya ka dinonofo tsa ga Jehofa le kafa a di bontshang ka gone. (Dan. 9:4) Gape Daniele o ne a akanyetsa kwa teng ka dilo tse dintle tse Jehofa a neng a mo diretse tsone le tse a neng a di diretse Baiseraele e bile o ne a di lebogela.—Dan. 2:20-23; 9:15, 16.
13. (a) Batshwa ba no lingisana ne ku likwa kwe ku galamoyo kupi? Lakidzila. (Bona itshwantsho.) (b) Se kwa ku lakidziwa mu video, u nga dabila chini ba no buzwa kuti a Bafakazi ba Jehova ba no dumana ne balume ba no shanganila ngubo?
13 Fela jaaka Daniele, basha ba Basupi ba tshela le batho ba ba sa tlotleng Jehofa le melao ya gagwe. Batho bao ba ka tswa ba sa rate batho ba ba dumelang dilo tse di farologaneng le tse ba di dumelang. Bangwe ba ka nna ba leka go pateletsa basha bao ba Basupi gore ba dire dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Ka sekai, akanya ka se se ileng sa diragalela mosha mongwe yo o bidiwang Graeme, yo o nnang kwa Australia. Letsatsi lengwe morutabana o ile a ba botsa gore ba ne ba ka dira eng fa mongwe a ne a ka ba bolelela gore o kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe. Morutabana yoo o ne a re ba ba dumelang gore go siame gore motho a ratane le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe ba eme ka mo letlhakoreng le lengwe, mme ba ba sa dumalaneng ba eme ka mo go le lengwe. Graeme a re: “Nna le mosha mongwe wa Mosupi e ne e le rona fela ba ba sa dumalaneng.” Dilo di ile tsa nna maswe e bile Graeme o ile a tshwanelwa ke go bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa. A re: “Go ne ga feta ura bana ba mo tlelaseng le morutabana ba re kgoba ka mafoko. Ke ile ka leka go tlhalosa se ke se dumelang ke ritibetse, mme ga ba a ka ba reetsa.” Seo se ile sa dira gore Graeme a ikutlwe jang? A re: “Ke ne ke sa itumelele go kgobiwa ka mafoko, mme ke ne ke itumeletse gore ke ile ka ikanyega mo go Jehofa le go emela se ke se dumelang.” d
14. Ti nga thamani kuti ti be ne ku galamoyo kwa ka pelela mu na Jehova?
14 Fela jaaka Daniele, re ka kgona go ikanyega mo go Jehofa fa re mo rata thata. Re ka kgona go rata Jehofa thata fa re ithuta ka dinonofo tsa gagwe. Ka sekai, re ka ithuta ka dilo tse a di bopileng. (Bar. 1:20) Fa e le gore o batla go rata le go tlotla Jehofa le go feta, o ka bala motseletsele wa ditlhogo tsa “A e tlhamilwe?” kgotsa wa leba dibidio tsa “A di Dirilwe ke Mongwe?” Gape o ka bala boroutšhara jwa Botshelo a ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa Denmark a re: “Diboroutšhara tseno di tlhalosa dintlha ka tsela e e utlwalang sentle. Ga di go bolelele gore o dumele eng, di go naya dintlha tse di go thusang gore o itirele tshwetso.” Ben yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Tshedimosetso eno e nonotshitse tumelo ya me. E ntlhatswitse pelo gore Modimo ke ene a bopileng sengwe le sengwe.” Fa o sena go ithuta tshedimosetso eno, o ka dumalana le se Baebele e se buang fa e re: “Wena Jehofa, Modimo wa rona yo o maatla, o tshwanelwa ke go galalediwa le go tlotliwa ke botlhe ka gonne o bopile dilo tsotlhe.”—Tshen. 4:11. e
15. Ti nga thamani kuti ti be pejo na Jehova kwazo?
15 Sengwe gape se se ka go thusang gore o rate Jehofa le go feta ke go ithuta ka botshelo jwa Morwawe e bong Jesu. Kgaitsadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Samira yo o nnang kwa Germany o ne a dira jalo. A re: “Go ithuta ka Jesu go nthusitse gore ke itse Jehofa botoka.” Fa Samira e sa ntse e le ngwana, go ne go le thata gore a tlhaloganye gore Jehofa a ka nna tsala ya gagwe le gore a ka mo rata. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go tlhaloganya tsela e Jesu a ikutlwang ka yone. A re: “Ke ne ke rata Jesu ka gonne o ne a le botsalano e bile a rata bana.” Go ithuta ka Jesu go ile ga mo thusa gore a itse Jehofa le gore a mo rate. A re: “Ke ile ka simolola go tlhaloganya gore Jesu o tshwana le Rraagwe. Gape ke ile ka lemoga gore leno ke lengwe la mabaka a go bo Jehofa a ile a romela Jesu mo lefatsheng gore re kgone go itse Jehofa botoka.” (Joh. 14:9) Fa e le gore o batla go atamalana thata le Jehofa, iphe nako ya go ithuta ka Jesu. Fa o dira jalo, o tla rata Jehofa le go feta e bile o tla ikanyega mo go ene.
16. To bona mbayilo upi ha ti thembeka? (Pisalema 18:25; Mika 6:8)
16 Gantsi batho ba ba ikanyegang ba nna le ditsala tse di ikanyegang mo go bone. (Ruthe 1:14-17) Batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba na le kagiso ya mogopolo. Goreng re rialo? Ka gonne Jehofa o solofetsa gore o tla ikanyega mo bathong ba ba ikanyegang mo go ene. (Bala Pesalema 18:25; Mika 6:8.) Ruri seno se a kgothatsa! Le fa Jehofa e le Mothatayotlhe, o solofetsa gore o tla nna a re rata. Fa Jehofa a atamalane le rona, ga go na sepe se se ka dirang gore a se ka a tlhola a re rata, tota le fa e ka nna diteko, baganetsi kgotsa loso. (Dan. 12:13; Luke 20:37, 38; Bar. 8:38, 39) Ka jalo, go botlhokwa gore re etse Daniele mme re tswelele re ikanyega mo go Jehofa!
DWILILA U ZWIDIYA MU NA DANIELE
17-18. Ti nga zwidiyani kakale mu na Daniele?
17 Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dinonofo di le pedi fela tse Daniele a neng a na le tsone. Mme go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang mo go ene. Ka sekai, Jehofa o ile a dira gore Daniele a bone diponatshegelo le gore a lore, e bile o ile a mo naya bokgoni jwa go tlhalosa boporofeti. Bontsi jwa boporofeti joo bo setse bo diragaditswe. Mme boporofeti jo bongwe bo bua ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang tse di tla amang mongwe le mongwe.
18 Mo setlhogong se se latelang, re tlile go sekaseka boporofeti bongwe jwa ga Daniele. Go tlhaloganya boporofeti joo go ka re thusa gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng gone jaanong, re ka tswa re godile kgotsa re le basha. Gape bo tla dira gore re nne pelokgale le gore re ikanyege mo go Jehofa, mme seo se tla re thusa gore re ipaakanyetse se se tla diregang mo bogautshwaneng.
LUMBO 119 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo
a Gantsi basha ba ba direlang Jehofa ba lebana le maemo a a tlhokang gore ba nne pelokgale e bile ba tswelele ba ikanyega. Bana ba ba tsenang sekolo le bone, ba ka ba kgoba ka mafoko ka gonne ba dumela gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Gape dithaka tsa bone di ka ba ja ditshego ka gonne ba direla Modimo e bile ba tshela ka melao ya gagwe. Mme gone, mo setlhogong seno re tlile go bona gore ruri batho ba ba etsang moporofeti Daniele le ba ba direlang Modimo ba le pelokgale e bile ba ikanyega, ba tla itumela.
b Bababelona ke bone ba neng ba ba neile maina ano.
c Go na le mabaka a mararo a a ka tswang a dirile gore Daniele a se ka a ja dijo tsa kwa Babelona: (1) Bababelona ba ka tswa ba ne ba ja nama ya diphologolo tse Baiseraele ba neng ba laetswe gore ba se ka ba di ja. (Dute. 14:7, 8) (2) Diphologolo tseo di ka tswa di ne di sa tshololwa madi sentle. (Lefi. 17:10-12) (3) Go ja dijo tseo go ka tswa go ne go bontsha gore motho o obamela medingwana.—Bapisa le Lefitiko 7:15 le 1 Bakorintha 10:18, 21, 22.
d Lebelela bidio ya setlhogo se se reng, “Diphelelo Tsa Tshiamo ya Boammaaruri e Tla Nna Kagiso” e e mo jw.org.
e Buka ya Atamalana le Jehofa le yone e ka go thusa gore o rate Jehofa le go feta. Buka eno e tlhalosa dinonofo tsa ga Jehofa le botho jwa gagwe.