Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 48

“Yengemalani”

“Yengemalani”

“Ibeni bayengemali namwibo, mu tjimwe ne tjimwe tjamunothama.”—1 PIT. 1:15.

LUMBO 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Mpostolo Pita wa ka kumbuludza ba no namata naye chini, ngono ini gumbuludzo lile la ka be li lingika li si nga ke li ka khoneka?

GO SA kgathalesege gore a re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re ka solegelwa molemo ke go sekaseka kgakololo e moaposetoloi Petere a ileng a e naya Bakeresete ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Petere o ne a re: “Nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona jaaka Ene yo o Boitshepo yo o neng a lo bitsa, ka gonne go kwadilwe jaana: ‘Lo nne boitshepo, ka gonne ke boitshepo.’” (1 Pet. 1:15, 16) Mafoko ano a re bontsha gore re ka kgona go etsa Jehofa, yo e leng sekao se se molemo thata sa go nna boitshepo. Re ka kgona go nna boitshepo mo boitshwarong, e bile re tshwanetse go dira jalo. Seo se ka lebega se sa kgonege ka gonne re na le boleo. Petere le ene o ile a dira diphoso di le dintsi, le fa go ntse jalo sekao sa gagwe se re bontsha gore re ka kgona ‘go nna boitshepo.’

2. Towo dabila buzo dzipi mu chidiyo ichechi?

2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tse di latelang: Go nna boitshepo go kaya eng? Baebele e re ruta eng ka go nna boitshepo ga ga Jehofa? Re ka nna boitshepo jang mo boitshwarong jwa rona? Go nna boitshepo go amana jang le botsala jwa rona le Jehofa?

KU YENGEMALA INI?

3. Bathu banjinji ba na nkumbulo upi ne kwe ku yengemala, ngono ti nga bona ngayi zibiso ya ka tambunuka?

3 Batho ba le bantsi ba akanya gore fa go buiwa ka motho yo o boitshepo, go buiwa ka motho yo o sa keng a tshega, yo o aparang diaparo tsa kereke e bile a nna a gogile sefatlhego. Mme seo ga se boammaaruri. Jehofa o boitshepo, mme gone o tlhalosiwa e le “Modimo yo o itumetseng.” (1 Tim. 1:11) Baebele e a re batho ba ba mo obamelang le bone ke batho ba ba ‘itumetseng.’ (Pes. 144:15) Jesu o ne a kgala batho ba ba neng ba apara diaparo tse di tlhomologileng e bile ba dira ditiro tse di molemo e le fela gore ba bonwe ke batho. (Math. 6:1; Mar. 12:38) Se Baebele e se buang se thusa Bakeresete ba boammaaruri gore ba itse gore go nna boitshepo go kaya eng. Re a itse gore Modimo o a re rata e bile ga a ka ke a lebelela gore re dire sengwe se a itseng gore ga re ka ke ra kgona go se dira. Ka jalo, fa Jehofa a re: “Lo nne boitshepo,” re a itse gore seo se a kgonega. Gone ke boammaaruri gore pele ga re ka nna boitshepo mo boitshwarong jwa rona, re tshwanetse go tlhaloganya gore go nna boitshepo go kaya eng.

4. Matama “yengemala” ne “ku yengemala” a no dwani?

4 Go nna boitshepo go kaya eng? Mo Baebeleng, lefoko “boitshepo” le kaya go nna phepa mo boitsholong le mo kobamelong. Gape le kaya batho ba Modimo a ba tlhophileng gore ba mo direle. Ka mafoko a mangwe, re tsewa re le boitshepo fa re na le boitsholo jo bo phepa, fa re obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang le fa re atamalane le ene. Go a kgatlha go itse gore le fa gone Jehofa a le boitshepo mme rona re na le boleo, o batla gore re atamalane le ene.

“BAKAYENGEMALA, BAKAYENGEMALA, BAKAYENGEMALA, YAHWE”

5. Ti nga zwidiyani ne kwa Jehova mu baengele babe ba no thembeka?

5 Jehofa o boitshepo e bile o phepa ka ditsela tsotlhe. Eno ke tsela e boserafe kgotsa baengele ba ba gaufi le setulo sa bogosi sa ga Jehofa ba neng ba mo tlhalosa ka yone. Bangwe ba bone ba ne ba re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo.” (Isa. 6:3) Baengele bano ba kgona go atamalana le Modimo wa bone yo o boitshepo ka gonne le bone ba le boitshepo. Ke gone ka moo mafelo a a mo lefatsheng a baengele ba neng ba isa melaetsa ya ga Jehofa kwa go one, a neng a nna boitshepo. Seno ke se se neng sa direga fa Moshe a ne a le kwa lefelong le le neng le na le setlhatshana se se mmitlwa se se neng se tuka.—Ekes. 3:2-5; Josh. 5:15.

Mafoko a a reng “Jehofa o boitshepo” a ne a kwadilwe mo letshwaong la gauta le le neng le le mo tukung ya moperesiti yo mogolo (Bona serapa 6-7)

6-7. (a) Ku yenda ne Ekezodo 15:1, 11, Mushe wa ka tshambilidza ku yengemala kwe Ndzimu chini? (b) Ku yengemala kwe Ndzimu kwa ka be ku sheteka kuti ku zibisiwe Baiziraela chini? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

6 Fa Moshe a sena go etelela Baiseraele pele go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, o ne a gatelela ntlha ya gore Modimo wa bone e bong Jehofa, o boitshepo. (Bala Ekesodo 15:1, 11.) Baegepeto ba ba neng ba obamela medimo ya maaka ba ne ba se boitshepo. Bakanana le bone ba ne ba se boitshepo, ka gonne le bone ba ne ba obamela medimo ya maaka. Kobamelo ya bone e ne e akaretsa go ntsha bana ditlhabelo le boitsholo jwa tlhakanelodikobo jo bo ferosang sebete. (Lefi. 18:3, 4, 21-24; Dute. 18:9, 10) Mme Jehofa ene ga a tshwane le medimo eo ya maaka. O ne a ka se bolelele baobamedi ba gagwe gore ba dire ditiro tseo tse di makgapha. O boitshepo ka ditsela tsotlhe. O ne a dirisa letshwao la gauta le le neng le le mo tukung ya moperesiti yo mogolo go gopotsa Baiseraele seo. Mo letshwaong leo, go ne go gabilwe mafoko a a reng: “Jehofa o Boitshepo.”—Ekes. 28:36-38.

7 Mafoko a a neng a kwadilwe mo letshwaong leo, a ne a tla tlhomamisetsa mongwe le mongwe yo o le bonang gore Jehofa o boitshepo tota. Mme go tweng ka Moiseraele yo o neng a sa kgone go bona letshwao leo ka gonne a sa kgone go atamela moperesiti yo mogolo? A o ne a tla itse gore Jehofa o boitshepo? Ee! Moiseraele mongwe le mongwe o ne a tla bo a utlwile kgang eo fa banna, basadi le bana ba ne ba balelwa Molao wa ga Moshe. (Dute. 31:9-12) Fa o ka bo o ne o le teng ka nako eo, o ka bo o utlwile mafoko ano: “Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, mme lo tshwanetse . . . go nna boitshepo ka gonne ke boitshepo.” “Lo tshwanetse go nna boitshepo mo go nna ka gonne nna Jehofa, ke boitshepo.”—Lefi. 11:44, 45; 20:7, 26.

8. Ini ta ka fanila kgathegela ku lingisisa Lifitiko 19:2 ne 1 Pita 1:14-16?

8 A jaanong re sekasekeng mafoko a a mo go Lefitiko 19:2 a Jehofa a neng a laela gore a balelwe Baiseraele. Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Lo nne boitshepo ka gonne nna Jehofa, Modimo wa lona, ke boitshepo.’” Petere a ka tswa a ne a nopola mafoko ano fa a ne a kgothaletsa Bakeresete gore ‘ba nne boitshepo.’ (Bala 1 Petere 1:14-16.) Boammaaruri ke gore rona gompieno ga re kaelwe ke Molao wa ga Moshe. Mme gone, se Petere a neng a se kwala se gatelela ntlha ya botlhokwa e e mo go Lefitiko 19:2, ya gore Jehofa o boitshepo le gore batho ba ba mo ratang ba tshwanetse go leka ka natla gore ba nne boitshepo. Re tshwanetse go nna boitshepo, go sa kgathalesege gore a re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.—1 Pet. 1:4; 2 Pet. 3:13.

“IBENI BAYENGEMALI . . . MU TJIMWE NE TJIMWE TJAMUNOTHAMA”

9. Ti nga bona mbayilo chini mu ku lingisisa Lifitiko ndima 19?

9 E re ka re batla go itumedisa Modimo wa rona yo o boitshepo, re ikemiseditse go ithuta gore re ka dira eng gore re nne boitshepo. Jehofa o re naya kgakololo ya gore re ka dira seo jang. Re ka bona kgakololo eo mo go Lefitiko kgaolo 19. Moithuti mongwe wa Baebele wa Mohebera e bong Marcus Kalisch o ne a re: “Eno e ka tswa e le kgaolo e e botlhokwa thata mo bukeng ya Lefitiko le mo dibukeng tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele.” A jaanong re sekasekeng ditemana di le mmalwa mo kgaolong eno gore re bone dithuto tsa botlhokwa thata tse di ka re thusang mo botshelong. Fa re ntse re sekaseka ditemana tseno, a re se ka ra lebala gore kgaolo eno e simolola ka mafoko a a reng: “Lo nne boitshepo.”

Molao o o buang ka batsadi o o mo go Lefitiko 19:3 o tshwanetse go tlhotlheletsa Bakeresete go akanya ka eng? (Bona serapa 10-12) *

10-11. I bumo gupi gwe ku yengemala gu no lakidziwa mu matama e kutanga e Lifitiko ndima 19, ngono ta ka fanila linga gumbuludzo ilelo chini?

10 Fa Jehofa a sena go laela Baiseraele gore ba nne boitshepo, o ne a ba raya a re: “Mongwe le mongwe wa lona a tlotle mmaagwe le rraagwe . . . Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.”—Lefi. 19:2, 3

11 Go bonala sentle gore go botlhokwa gore re ikobele taelo ya Modimo ya gore re tlotle batsadi ba rona. Gakologelwa se Jesu a ileng a se bua fa monna mongwe a mmotsa a re: “Ke eng se se molemo se ke tshwanetseng go se dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?” Sengwe sa dilo tse Jesu a neng a re monna yoo o tshwanetse go se dira, e ne e le gore a tlotle rraagwe le mmaagwe. (Math. 19:16-19) Jesu o ile a bo a kgala Bafarasai le bakwadi ka gonne ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba tlhokomela batsadi ba bone. Fa ba ne ba dira jalo, ba ne ba ‘dira lefoko la Modimo lefela.’ (Math. 15:3-6) “Lefoko la Modimo” le ne le akaretsa molao wa botlhano mo Melaong e e Lesome mmogo le se re se balang mo go Lefitiko 19:3. (Ekes. 20:12) Gakologelwa gore taelo e e mo go Lefitiko 19:3, ya gore motho a tlotle rraagwe le mmaagwe, e tla morago ga mafoko a a reng: “Lo nne boitshepo ka gonne nna Jehofa, Modimo wa lona, ke boitshepo.”

12. Ku yendidzana ne gumbuludzo li mu na Lifitiko 19:3, i buzo ipi ya ti nga zwibuzwa?

12 Fa re akanya ka taelo e Jehofa a re neileng yone ya gore re tlotle batsadi, re ka ipotsa potso eno, ‘A ke tlotla batsadi ba me?’ Fa e le gore o ntse o sa dire jalo, o ka kgona go dira diphetogo. Le fa gone o ka se ka wa fetola se se diragetseng mo nakong e e fetileng, o ka dira sotlhe se o ka se kgonang gone jaanong go thusa batsadi ba gago. Gongwe o ka rulaganya go fetsa nako le bone, wa ba rekela dilo tse ba di tlhokang, wa ba thusa gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa le gore ba mo direle. Gongwe e bile o ka ba gomotsa le go ba kgothatsa. Fa o dira jalo, o tla bo o ikobela taelo e e mo go Lefitiko 19:3.

13. (a) I gumbuludzo lipi kakale li no wangwa mu na Lifitiko 19:3? (b) Ti nga yedza chilakidzilo cha Jesu chini ngwenu, se kwa kwa ka kwagwa mu na Luka 4:16-18?

13 Lefitiko 19:3 e re ruta sengwe gape ka go nna boitshepo. E bua ka go boloka Sabata. Bakeresete ga ba kaelwe ke Molao wa ga Moshe, ka jalo ga re tlhoke go boloka Sabata. Mme gone, re sa ntse re ka ithuta sengwe mo tseleng e Baiseraele ba neng ba boloka Sabata ka yone le kafa go dira jalo go neng go ba solegela molemo ka gone. Ka Sabata, ba ne ba tshwanetse go tlogela go dira ditiro tse dingwe mme ba obamele Jehofa. * Ke lone lebaka la go bo Jesu a ne a ya kwa sinagogeng e e mo motseng wa gagabo ka letsatsi la Sabata gore a ye go bala Lefoko la Modimo. (Ekes. 31:12-15; bala Luke 4:16-18.) Taelo ya Modimo e e mo go Lefitiko 19:3 ya gore Baiseraele ba “boloke bosabata [ba gagwe],” e tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re iphe nako ya go obamela Modimo letsatsi le letsatsi. A o akanya gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe gore o ikobele taelo eno? Fa o ipha nako ya go obamela Jehofa ka metlha, o tla atamalana thata le ene, mme seo se tla go thusa gore o nne boitshepo.

SIMISA KU HWANANA KUKO NA JEHOVA

14. Malebeswa api e ntewo a no tshambilidzigwa mu na Lifitiko ndima 19 yose?

14 Lefitiko kgaolo 19 e boaboeletsa mafoko a a re thusang gore re nne re le boitshepo. Temana 4 e konela ka mafoko a a reng: “Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.” Mafoko ano le a a tshwanang le one, a fitlhelwa makgetlo a le 16 mo kgaolong eno. A re gopotsa taelo ya ntlha e e reng: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago . . . Ga o a tshwanela go nna le medimo epe e mengwe kwantle ga me.” (Ekes. 20:2, 3) Mokeresete mongwe le mongwe yo o batlang go nna boitshepo, o tshwanetse go tlhomamisa gore ga go na ope kgotsa sepe se se botlhokwa go feta kamano ya gagwe le Modimo. E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re ikemiseditse go tila go dira sepe fela se se tla tlontlololang kgotsa sa leswafatsa leina la gagwe le le boitshepo.—Lefi. 19:12; Isa. 57:15.

15. Ndimana dzi no wangwa mu na Lifitiko ndima 19 dzi no leba ne kwe zwibayilo dza ka fanila ku thama kuti ti thameni?

15 Fa Baiseraele ba ne ba ikobela melao ya ga Jehofa, ba ne ba bontsha gore ba mo tsaya e le Modimo wa bone. Lefitiko 18:4 e a re: “Lo diragatse ditshwetso tsa me tsa boatlhodi mme lo boloke melao ya me lo bo lo tsamaye mo go yone. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.” Kgaolo 19 e na le mengwe ya “melao” e Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e ikobela. Ka sekai, ditemana 5-8, 21 le 22 di bua ka ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ka diphologolo. Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ntsha ditlhabelo ka tsela e e neng e tla leswafatsa ‘selo se se boitshepo sa ga Jehofa.’ Ditemana tseno di tshwanetse go re tlhotlheletsa go itumedisa Jehofa le go mo ntshetsa ditlhabelo tsa pako tse a di amogelang jaaka go tlhalosiwa mo go Bahebera 13:15.

16. Ini chi nga ti kumbuludza kuti ti thubukanye ba no shingila Ndzimu ne ba si nga nshingile?

16 Fa re batla go nna boitshepo, re tshwanetse go ikemisetsa go farologana le batho ba ba sa direleng Modimo. Go ka nna thata go dira jalo. Ka dinako tse dingwe, batho ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone, ba masika ba e seng Basupi kgotsa batho ba bangwe, ba ka nna ba re gatelela gore re dire dilo tse di ka re thibelang go obamela Jehofa ka tsela e a e batlang. Fa ba dira jalo, re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. Ke eng se se ka re thusang gore re dire tshwetso e e siameng? Akanya ka molaomotheo ono o o kgatlhang o o mo go Lefitiko 19:19, o o reng: “Ga o a tshwanela go apara seaparo se se dirilweng ka ditlhale tsa mefuta e mebedi, di tlhakantswe.” Molao oo o ne o dira gore Baiseraele ba se ka ba tshwana le ditšhaba tse dingwe. E re ka gompieno re sa kaelwe ke Molao wa ga Moshe, ga go phoso gore Mokeresete a apare seaparo sa letsela le le dirilweng ka ditlhale tse di farologaneng, tse di jaaka cotton le polyester. Le fa go ntse jalo, ga re batle go tshwana le batho ba ditumelo tsa bone le ditiro tsa bone di sa dumalaneng le se Baebele e se rutang, tota le fa batho bao e le ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone kgotsa ba masika. Ke boammaaruri gore re rata ba masika a rona le baagelani ba rona. Le fa go ntse jalo, ditshwetso tse re di dirang, di bontsha gore re batla go ikobela Jehofa, tota le fa seo se dira gore re farologane le batho ba bangwe. Seno se botlhokwa ka gonne fa re batla go nna boitshepo, re tshwanetse go nna mo letlhakoreng la Modimo.—2 Bakor. 6:14-16; 1 Pet. 4:3, 4.

Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ile ba ithuta dithuto dife mo go Lefitiko 19:23-25, mme ke eng se o se ithutang mo ditemaneng tseo? (Bona serapa 17-18) *

17-18. Ti nga zwidiyani chikulu mu na Lifitiko 19:23-25?

17 Mafoko a a reng “ke nna Jehofa, Modimo wa lona,” a ne a tshwanetse go gopotsa Baiseraele gore ba tlhoka go tsaya kamano ya bone le Jehofa e le selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone. Ba ne ba tla dira seo jang? Lefitiko 19:23-25 e tlhalosa tsela nngwe e ba neng ba ka dira seo ka yone. (E bale.) Mafoko ao a ne a tla ruta Baiseraele eng fa ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? Fa motho a ne a jadile ditlhare, o ne a sa tshwanela go ja maungo a tsone ka dingwaga di le tharo. Mo ngwageng wa bonê, o ne a tshwanetse go kgetla maungo ao a bo a a isetsa Modimo kwa lefelong le le boitshepo. Mme mo ngwageng wa botlhano, e ne e tla nna gone a jang maungo a setlhare seo. Molao oo o ne o tshwanetse go thusa Baiseraele go itse gore dilo tse ba di tlhokang di ne di sa tshwanela go tla pele mo matshelong a bone. Jehofa o ne a batla gore ba itse gore o tla ba tlhokomela e bile o ne a batla gore ba dire gore kobamelo ya gagwe e nne yone e tlang pele. Modimo o ne a tla tlhomamisa gore ba na le dijo tse di lekaneng. E bile o ne a ba kgothaletsa gore ba mo ntshetse dimpho ka bopelotshweu kwa lefelong le ba neng ba mo obamela kwa go lone.

18 Mafoko a a mo go Lefitiko 19:23-25 a re gopotsa se Jesu a neng a se bua mo Therong ya Kwa Thabeng. O ne a re: “Tlogelang go tlhobaela . . . ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng.” Gape Jesu o ne a re: “Rraalona yo o kwa legodimong o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Modimo o tla re tlamela fela jaaka a tlamela dinonyane. (Math. 6:25, 26, 32) Ga re belaele gore Jehofa o tla re naya se re se tlhokang. Ka jalo, re abela batho ba ba tlhokang thuso “dimpho tsa kutlwelobotlhoko,” mme re dira jalo re sa itshupe. Gape re itumelela go ntsha moneelo o o thusang go duelela ditshenyegelo tsa phuthego. Jehofa o bona se re se dirang go tshegetsa kobamelo ya gagwe, mme o tla re duela. (Math. 6:2-4) Fa re le pelotshweu, re bontsha gore re tlhaloganya se Lefitiko 19:23-25 e se rutang.

19. Wa bona mbayilo upi mu ku lingisa ipithu ichechi che Lifitiko?

19 Re sekasekile ditemana di le mmalwa fela tsa Lefitiko kgaolo 19, mme di re thusitse go tlhaloganya gore re ka nna boitshepo jang fela jaaka Modimo wa rona yo o boitshepo. Fa re mo etsa, re a bo re bontsha gore re leka ‘go nna boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona.’ (1 Pet. 1:15) Batho ba le bantsi ba ba sa obameleng Jehofa, ba kgona go bona boitshwaro jo bontle jwa batho ba Modimo. Tota e bile, seo se tlhotlheleditse bangwe ba bone gore ba galaletse Jehofa. (1 Pet. 2:12) Mme go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang mo go Lefitiko kgaolo 19. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka ditemana tse dingwe tsa kgaolo eno e bile se tla re thusa go tlhaloganya ditsela tse dingwe tse re ka “nnang boitshepo” ka tsone, fela jaaka Petere a ne a re kgothaletsa go dira jalo.

LUMBO 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

^ ndi. 5 Re rata Jehofa fela thata, e bile re batla go mo itumedisa. Jehofa o boitshepo, e bile o lebeletse gore batho ba ba mo obamelang le bone ba nne boitshepo. A go a kgonega gore batho ba ba nang le boleo ba nne boitshepo? Ee go a kgonega. Re tlile go sekaseka se moaposetoloi Petere a neng a se bolelela badumedimmogo le ene le ditaelo tse Jehofa a ileng a di naya setšhaba sa Iseraele, gore re bone gore re ka nna boitshepo jang mo go sengwe le sengwe se re se dirang.

^ ndi. 13 Setlhogo se se reng “Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 2019, se tlotla ka Sabata le se re ka se ithutang mo go yone.

^ ndi. 57 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Morwa yo o godileng o fetsa nako le batsadi ba gagwe, o ya go ba etela a na le mosadi wa gagwe le bana, e bile o bua le bone gangwe le gape.

^ ndi. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Molemi wa kwa Iseraele o tlhatlhoba maungo a a mo setlhareng sa gagwe.