NSHOLO WE ZWIDIYO 52
Boazwadzi ba Chechana—Ibeni Bakadzi be Bakirisiti ba ka Gadzikana
“Bakadzi bakafanila kube . . . bali gedzikane, begalikabgwe mu tjimwe ne tjimwe.”—1 TIM. 3:11.
LUMBO 133 Direla Jehofa o sa Ntse o le Mosha
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a
1. Ku be Bakirisiti ba ka gadzikana, ta ka fanila thamani?
RURI tsela e bana ba golang ka yone e a gakgamatsa! Ba ikgolela fela ntle le go tsaya matsapa. Mme gone, ga go itiragalele fela gore motho e nne Mokeresete yo o godileng sentle kgotsa yo o tlhomang sekao. b O tshwanetse go dira ka natla. (1 Bakor. 13:11; Baheb. 6:1) Gore a kgone go dira jalo, o tshwanetse go atamalana thata le Jehofa. Gape o tlhoka moya o o boitshepo gore o mo thuse go nna le botho jo bo itumedisang Jehofa, go nna le bokgoni bongwe jo bo rileng, le go ipaakanyetsa maikarabelo a a ka nnang le one mo nakong e e tlang.—Diane 1:5.
2. To zwidiyani mu na Genesisi 1:27, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
2 Jehofa o dirile monna le mosadi. (Bala Genesise 1:27.) Jaaka o itse, go na le dilo tse banna le basadi ba farologanang ka tsone. Mme gone, gore ba kgone go dira maikarabelo a Jehofa a ba neileng one, ba tshwanetse go nna le botho le bokgoni jo bo rileng. (Gen. 2:18) Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore bokgaitsadi ba basha ba ka dira eng gore e nne basadi ba ba tlhomang sekao. Mme mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore bakaulengwe ba basha ba ka dira seo jang.
GWISA KU BE NE NKUMBULO WE BUNDZIMU
3-4. Boazwadzi ba chechana ba nga zwidiya mu na boyani? (Bona itshwantsho.)
3 Baebele e bua ka basadi ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba mo direla. Jaaka temana ya setlhogo e tlhalosa, ba ne ba “na le mekgwa e mentle” e bile “ba ikanyega mo dilong tsotlhe.” Le gompieno go na le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba tlhomang sekao, ba bokgaitsadi ba basha ba ka ithutang dilo di le dintsi mo go bone.
4 Bokgaitsadi ba basha, ga go pelaelo gore go na le bokgaitsadi ba ba tlhomang sekao ba lo ka ba etsang mo phuthegong ya lona. Nnang lo gopotse gore dilo makwati di tsewa mo go ba bangwe. Ka jalo, leka go bona gore ba na le dinonofo dife tse dintle, go tswa foo o bo o ba etsa. Mo dirapeng tse di latelang, re tlile go tlotla ka dinonofo di le tharo tse bokgaitsadi ba ba tlhomang sekao ba tshwanetseng go nna le tsone.
5. Ini ku zwiyesa pasi ku sheteka mu nkadzi we Nkirisiti wa ka gadzikana?
5 Gore re nne Bakeresete ba ba tlhomang sekao, re tshwanetse go nna boikokobetso. Fa mosadi a le boikokobetso, o tla atamalana le Jehofa e bile o tla kgona go dirisana sentle le batho ba bangwe. (Jak. 4:6) Ka sekai, mosadi yo o ratang Jehofa o ikobela se se kwadilweng mo go 1 Bakorintha 11:3. Mo temaneng eno, Jehofa o tlhalosa gore Keresete ke tlhogo ya phuthego mme monna ke tlhogo ya lelapa. Go na le tsela e molaomotheo ono o tshwanetseng go dirisiwa ka yone mo phuthegong le mo lelapeng. c
6. Boazwadzi ba chechana ba nga zwidiyani mu ku zwiyesa pasi kwa Rebekah?
6 Bokgaitsadi ba basha ba ka ithuta eng mo go Rebeka? O ne a le botlhale e bile a sa okaoke go dira sengwe fa go tlhokega. (Gen. 24:58; 27:5-17) Le fa go ntse jalo, o ne a le maitseo e bile a sa ipagololele mogodu. (Gen. 24:17, 18, 65) Fa o le boikokobetso jaaka Rebeka e bile o ikobela ba Jehofa a ba neileng maikarabelo, o tla tlhomela ba bangwe mo phuthegong le mo lelapeng sekao.
7. Boazwadzi ba chechana ba nga zwidiyani mu ku zwiyesa pasi kwa Esther?
7 Gape Mokeresete yo o tlhomang sekao o tshwanetse go nna boingotlo. Baebele e a re: “Motho yo o ikokobeditseng [kgotsa yo o boingotlo] o botlhale.” (Diane 11:2) Esethere o ne a le boingotlo e bile a direla Jehofa ka boikanyegi. E re ka a ne a le boingotlo, ga a ka a rakalala godimo jaaka lenong fa a ne a nna kgosigadi. O ne a reetsa kgakololo ya ga Moredekai a bo a e dirisa. (Eseth. 2:10, 20, 22) Le wena o ka bontsha gore o boingotlo fela jaaka Esethere ka go kopa kgakololo mo go ba bangwe o bo o e dirisa.—Tito 2:3-5.
8. Ku yenda na 1 Timoti 2:9, 10, ku zwiyesa pasi ku nga batsha azwadzi chini ha ku zha mu khani ye ku mbala ne ku zwibaakanya mu mbili?
8 Esethere o ile a bontsha gore o boingotlo ka tsela e nngwe gape. Le fa gone a ne a ‘bopegile sentle e bile a le montle,’ o ne a sa ipiletse matlho a batho a le kgakala le ene. (Eseth. 2:7, 15) Kgaitsadi wa Mokeresete a ka etsa Esethere ka go dirisa kgakololo e e mo go 1 Timotheo 2:9, 10. (E bale.) Mo ditemaneng tseno, moaposetoloi Paulo o kgothaletsa basadi ba Bakeresete gore ba apare ka tsela e e bontshang gore ba tlotla Modimo. Mafoko a Segerika a a dirisitsweng fano, a tlhalosa gore ka dinako tsotlhe mosadi o tshwanetse go apara ka tsela e e bontshang gore o akanyetsa maikutlo a ba bangwe. Re a lo akgola lona bokgaitsadi ba ba dirisang kgakololo eno!
9. Ti nga zwidiyani mu zila Abigail ya a ka be e zwibata nayo?
9 Sengwe gape se se ka thusang bokgaitsadi gore e nne Bakeresete ba ba tlhomang sekao, ke go nna le temogo. Motho yo o nang le temogo o kgona go farologanya se se siameng le se se sa siamang, a bo a dira se se siameng. Akanya ka se se ileng sa diragalela Abigaile. Fa monna wa gagwe a ne a dira tshwetso e e sa siamang, e e neng e ka tsenya lelapa la bone mo dipharagobeng, Abigaile ga a ka a nna fela a phuthile matsogo. E re ka a ne a na le temogo, o ile a dira sengwe se se ileng sa boloka matshelo a bone. (1 Sam. 25:14-23, 32-35) Gape fa re na le temogo, re tla lemoga fa re tlhoka go bua le fa re tshwanetse go didimala. Mo godimo ga moo, go nna le temogo go tla re thusa go bontsha ba bangwe gore re a ba rata mme re sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa bone.—1 Bathes. 4:11.
IBE NE BUKHONI GWE KU THAMA ZWITHU
10-11. Mu nga bona mbayilo upi mu ku bala ne ku kwala? (Bona itshwantsho.)
10 Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go nna le bokgoni bongwe. Dilo dingwe tse bana ba di rutiwang fa ba sa le bannye, di ka kgona go ba thusa le fa ba setse ba godile. A re tlotle ka dikai dingwe.
11 Ithute go bala le go kwala. Batho ba ditso dingwe ba tsaya gore ga go tlhokege gore basadi ba itse go bala le go kwala. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go itse go bala le go kwala. d (1 Tim. 4:13) Ka jalo, le fa go ka nna thata jang, o se ka wa ineela. Go dira jalo go tla go thusa gore o kgone go bona tiro. Gape go tla nna motlhofo gore o ithute Lefoko la Modimo o bo o le rute ba bangwe. Sa botlhokwa le go feta, o tla atamalana le Jehofa fa o ntse o bala Lefoko la gagwe e bile o akanyetsa kwa teng ka lone.—Josh. 1:8; 1 Tim. 4:15.
12. Zwiani 31:26 i nga ku batsha chini ku be nthu u no ziba lebeleka?
12 Ithute go reetsa ka kelotlhoko le go bua ka bonolo. Go botlhokwa gore Bakeresete ba dire jalo. Ke gone ka moo Jakobe a neng a re: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go galefa.” (Jak. 1:19) Fa o reetsa ba bangwe ka kelotlhoko fa ba bua, o bontsha gore o a ba akanyetsa. (1 Pet. 3:8) Fa o sa tlhaloganye gore motho a reng kgotsa gore o ikutlwa jang, mo kope gore a go tlhalosetse. Go tswa foo, akanya pele o bua. (Diane 15:28, ntlh.) Pele o bua, ipotse go re: ‘A se ke tlileng go se bua se boammaaruri e bile se a aga? A se bontsha gore ke maitseo e bile ke pelonomi?’ Ithute mo bokgaitsading ba ba kgonang go reetsa ka kelotlhoko le go bua ka bonolo. (Bala Diane 31:26.) Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo gore o nne le ditsala le gore o tshedisane sentle le ba bangwe.
13.U nga thama chini kuti u khone ku shinga zwithu zwe nzi uwo? (Bona itshwantsho.)
13 Ithute go dira ditiro tsa mo lelapeng. Mo mafelong a le mantsi, bommê ke bone ba dirang tiro e ntsi mo lelapeng. Gongwe mmê wa gago kgotsa kgaitsadi mongwe a ka go ruta go dira ditiro tseno. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Cindy a re: “Sengwe sa botlhokwa se ke se ithutileng mo go Mama ke gore fa ke ntsha ga tshwene mo tirong e ke e dirang, ke tla e itumelela. E re ka a ile a nthuta go apaya, go phepafatsa, go roka le go dirisa madi sentle, ke ile ka kgona go itlhokomela le go dira mo go oketsegileng mo tirong ya ga Jehofa. Gape Mama o ile a nthuta go amogela baeng, mme seo se ile sa nthusa gore ke kgone go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ke ileng ka ithuta go le gontsi mo go bone.” (Diane 31:15, 21, 22) Mosadi wa senatla yo o amogelang baeng o botlhokwa thata mo phuthegong le mo lelapeng.—Diane 31:13, 17, 27; Dit. 16:15.
14. U nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila Crystal, ngono wa ka fanila lingisa nkumbulo uwo muni?
14 Ithute go itirela dilo. Go botlhokwa gore Bakeresete ba dire jalo. (2 Bathes. 3:7, 8) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Crystal a re: “Batsadi ba me ba ile ba nkgothaletsa gore ke ithute bokgoni bongwe kwa sekolong, jo bo tla nthusang fa ke setse ke godile. Papa o ne a re ke dire khoso nngwe e e neng e tla nthusa go bona tiro fa ke fetsa sekolo. Seo se ile sa nthusa tota.” Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go ithuta fela bokgoni jo bo ka go thusang go bona tiro. Gape leka go ithuta go dirisa madi sentle. (Diane 31:16, 18) Nna o gopotse gore fa o kgotsofalela se o nang le sone e bile o sa itsenye mo dikolotong, o tla kgona go direla Jehofa mo go oketsegileng.—1 Tim. 6:8.
ZWIBAAKANYILE MISHINGO I MBELI
15-16. Bangwe ba nga bona mbayilo upi mu na boazwadzi ba sa ka lobogwa? (Mako 10:29, 30)
15 Go nna le dinonofo tse Jehofa a di ratang le go ithuta bokgoni bongwe, go tla go thusa gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng fa o setse o godile. Mma re tlotle ka dingwe tsa tsone.
16 O ka tlhopha go sa nyalwe ka lobaka lo lo rileng. Fela jaaka Jesu a ile a bua, bokgaitsadi bangwe ba tlhopha go sa nyalwe tota le fa batho ba ba sa nyalwang ba tseelwa kwa tlase mo ditsong tsa bone. (Math. 19:10-12) Bangwe ba nna ba sa nyalwa ka mabaka mangwe a a rileng. Itse gore o botlhokwa mo go Jehofa le Jesu le fa o sa nyalwa. Mo lefatsheng lotlhe, bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba kgona go dira go le gontsi mo phuthegong ya ga Jehofa. E re ka ba rata ba bangwe e bile ba amega ka bone, ba ba tsaya jaaka ba malapa a bone.—Bala Mareko 10:29, 30; 1 Tim. 5:2.
17. Azwadzi nchechana u nga zwibaakanyila chini ku ngina mu nshingo we chibaka chi zhele?
17 O ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Bokgaitsadi ba dira go le gontsi mo tirong ya go rera. (Pes. 68:11) Fa o ipaakanya gone jaanong go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, o ka kgona go nna mmulatsela, wa thusa mo tirong ya go aga kgotsa wa direla kwa Bethele. Bolelela Jehofa se o eletsang go se dira. Bua le ba bangwe ba ba setseng ba fitlheletse mokgele o o ipeetseng one mme o ba botse gore ba kgonne jang. Go tswa foo, leka go bona gore o tshwanetse go dira eng gore o kgone go fitlhelela mokgele wa gago. Fa o tsenela tirelo ya nako e e tletseng, o tla kgona go dira dilo di le dintsi tse di itumedisang mo tirong ya ga Jehofa.
18. Azwadzi u nga shaka nlume we ndobolo ne buchenjedu chini? (Bona itshwantsho.)
18 O ka tlhopha go nyalwa. Dilo tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno di tla go thusa gore o nne mosadi yo o tlhomang sekao. Fa e le gore o akanyetsa go nyalwa, o tshwanetse go nna kelotlhoko fa o tlhopha motho yo o tla nyalanang le ene ka gonne tshwetso eno e botlhokwa tota. Nna o gopotse gore o tlile go tshwanelwa ke go ikobela monna yo o tla go nyalang. (Bar. 7:2; Baef. 5:23, 33) Ka jalo, ipotse go re: ‘A mokaulengwe yono ke Mokeresete yo o tlhomang sekao? A go direla Jehofa go botlhokwa mo go ene? A o dira ditshwetso tse di siameng? A o a amogela fa a dirile diphoso? A o tlotla basadi? A o tla kgona go nthusa gore ke tswelele ke atamalane le Jehofa, go ntlamela le go nna tsala ya me? O na le maikarabelo afe mo phuthegong, mme o a dira jang?’ (Luke 16:10; 1 Tim. 5:8) Gape nna o gopotse gore fa o batla go nyalwa ke motho yo o tlhomang sekao, le wena o tshwanetse go tlhoma sekao.
19. Ini nshingo we “mbatshi” i li u no tolegwa pezhugwi?
19 Baebele e a re mosadi ke “mothusi” e bile ke “motlatsi” wa monna wa gagwe. (Gen. 2:18) Seno ga se reye gore mosadi ga se motho wa sepe. Nna o gopotse gore ka dinako tse dingwe Baebele e bitsa Jehofa e re ke “mothusi.” (Pes. 54:4; Baheb. 13:6) Mosadi ke mothusi fa a ema monna wa gagwe nôkeng. Ka sekai, fa monna a dira ditshwetso, o dirisana sentle le ene gore ditshwetso tseo di kgone go atlega. Gape e re ka a rata Jehofa, ga a dige monna wa gagwe seriti. (Diane 31:11, 12; 1 Tim. 3:11) O ka ipaakanyetsa go nna mosadi yo o tlhomang sekao ka go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa le ka go thusa ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong.
20. Nkadzi u na bana u nga simisa nsha chini?
20 O ka nna le bana. Fa o sena go nyalwa, wena le monna wa gago lo ka nna le bana. (Pes. 127:3) Ka jalo, o tlhoka go itse gore o tshwanetse go dira eng gore o nne mmê yo o siameng. Dilo tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno, di tla go thusa fa o nyalwa le fa o nna le bana. Fa o le lorato, o le pelonomi e bile o le pelotelele, go tla nna monate mo lelapeng la gago. Gape bana ba gago ba tla ikutlwa ba sireletsegile e bile ba ratiwa.—Diane 24:3.
21. To zwihwa chini ne kwa boazwadzi, ngono ne kutini? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)
21 Bokgaitsadi ba basha, re lo rata thata, e bile re lebogela sotlhe se lo se direlang Jehofa le batho ba gagwe. (Baheb. 6:10) Lo dira sotlhe se lo ka se kgonang gore lo nne le dinonofo le bokgoni jo bo dirang gore lona le batho ba bangwe lo itumele, e bile lo ipaakanyetsa maikarabelo a lo ka nnang le one mo nakong e e tlang. Lo botlhokwa tota mo phuthegong ya ga Jehofa.
LUMBO 137 Basadi ba ba Ikanyegang
a Bokgaitsadi ba basha, lo botlhokwa tota mo phuthegong ya ga Jehofa. Setlhogo seno se tla lo thusa go bona gore lo ka nna jang Bakeresete ba ba tlhomang sekao ka go nna le botho jo bo itumedisang Jehofa, go ithuta bokgoni bongwe le go ipaakanyetsa maikarabelo a lo ka nnang le one mo nakong e e tlang. Seno se tla lo thusa gore lo itumelele go direla Jehofa.
b TLHALOSO: Mokeresete yo o tlhomang sekao o kaelwa ke moya wa Modimo, e seng dikakanyo tsa batho. O etsa sekao sa ga Jesu, o dira sotlhe se a ka se kgonang gore a nne a atamalane le Jehofa e bile o rata batho ba bangwe.
c Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa February 2021, ts. 14-19.
d Go bona gore ke eng fa go bala go le botlhokwa, bona setlhogo se se reng, “Jala Lorato Lwa go Bala le go Ithuta mo Baneng ba Gago” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2010.