Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 49

LUMBO 147 Tsholofetso ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Buchilo gu Singa Pele—U Nga gu Bona Chini?

Buchilo gu Singa Pele—U Nga gu Bona Chini?

“Bose banowobona Nkololo bakagalamoyo munli, bapiwe butjilo gusingapele.”​—JOH. 6:40.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tlile go bona gore Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku tse dingwe ba solegelwa molemo jang ke setlhabelo sa ga Jesu Keresete.

1. Bangwe ba nga kumbulani ne kwe ku chilila cha chose?

 BATHO ba le bantsi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba je dijo tse di nang le dikotla le gore ba ikatise gore ba kgone go tshela lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, ba a itse gore seno ga se ka ke sa dira gore ba tshelele ruri. Go a utlwala go bo ba dumela gore ga ba ka ke ba tshelela ruri ka gonne motho o nna le mathata a le mantsi a botsogo fa a ntse a gola. Mme gone, mo go Johane 3:16 le 5:24, Jesu o ile a re go a kgonega gore batho ba nne le “botshelo jo bo sa khutleng.”

2. Johani ndima 6 i no lebani ne kwe buchilo gu singa pele? (Johani 6:39, 40)

2 Letsatsi lengwe, Jesu o ile a fepa batho ba le bantsintsi ka dinkgwe le ditlhapi. a Ga go pelaelo gore seo se ne se kgatlha, mme se a ileng a se bua mo letsatsing le le latelang fa batho bao ba ne ba mo latetse kwa Kaperenama gaufi le lotshitshi lwa Galalea, se ne se kgatlha le go feta. O ile a ba raya a re batho ba ba tlhokafetseng ba tlile go tsosiwa e bile ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bala Johane 6:39, 40.) Leka go akanya gore go tla direga eng ka ditsala rona le ba masika ba ba tlhokafetseng. Se Jesu a ileng a se bua se re netefaletsa gore batho ba le bantsi ba ba tlhokafetseng ba tlile go tsosiwa, le gore wena le batho ba o ba ratang lo ka tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a mangwe a Jesu a ileng a a bua mo go Johane kgaolo 6. Tota e bile, le gompieno go na le batho ba ba sa ntseng ba sa a tlhaloganye. A re tlotleng ka one.

3. Ku yenda na Johani 6:51, Jesu wa ka chenesani ne kukwe?

3 Fa Jesu a sena go fepa batho ba bantsintsi kwa Kaperenama, ba ile ba gopola mana a Jehofa a neng a a naya borraabonemogolo. Tota e bile, Baebele e bitsa mana ao e re ke “senkgwe se se tswang kwa legodimong.” (Pes. 105:40; Joh. 6:31) Jesu o ile a bua ka dilo dingwe tse batho bao ba neng ba di itse ka mana go ba ruta sengwe sa botlhokwa. Le fa gone Jehofa a ile a naya Baiseraele mana ka kgakgamatso, fa nako e ntse e tsamaya ba ile ba swa. (Joh. 6:49) Mme Jesu o ne a re ke ene “senkgwe sa boammaaruri se se tswang kwa legodimong,” “senkgwe sa Modimo” le “senkgwe sa botshelo.” (Joh. 6:32, 33, 35) Jesu o ile a tlhalosa gore o farologana jang le mana. O ile a re: “Ke nna senkgwe se se tshelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosakhutleng.” (Bala Johane 6:51.) Bajuda bao ba ne ba gakgametse tota. Ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore goreng Jesu a ne a ipitsa “senkgwe” se se tswang kwa legodimong, se se gaisang mana a Jehofa a neng a a neile borraabonemogolo. Jesu o ile a ba raya a re: “Senkgwe se ke tla se ntshang . . . , ke nama ya me.” O ne a raya jang? Go botlhokwa gore re itse karabo ya potso eno ka gonne e tla re bontsha gore re tshwanetse go dira eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. A re sekasekeng gore o ne a kaya eng.

BUROTHO GU NO CHIDZA NE NYAMA IYE

4. Ini bangwe ba ka chenamisiwa ne cha ka legwa na Jesu?

4 Batho bangwe ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba gakgametse tota fa a re ‘senkgwe se a tla se ntshang gore batho ba bone botshelo, ke nama ya gagwe.’ Ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jesu o ne a raya gore ba je nama ya gagwe. (Joh. 6:52) Jesu o ile a ba bolelela sengwe se se ileng sa ba gakgamatsa le go feta. O ile a ba raya a re: “Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo kitla lo bona botshelo.”​—Joh. 6:53.

5. Ini chi nga thama kuti ti dume kuti Jesu wa ka be a singa dwe kuti bathu ba nowo ngwa malopa awe dumbu?

5 Ka motlha wa ga Noa, Jehofa o ne a laela batho gore ba se ka ba ja madi. (Gen. 9:3, 4) Moragonyana, o ile a naya Baiseraele taelo e e tshwanang. Tota e bile, ope fela yo o neng a ka ja madi, o ne a tshwanetse “go bolawa.” (Lefi. 7:27) Jesu o ne a kgothaletsa batho gore ba ikobele Molao oo o Modimo a neng a o neile Moshe. (Math. 5:17-19) Ka jalo, ga go utlwale go akanya gore Jesu o ne a batla gore Bajuda bao ba bantsintsi ba je nama ya gagwe le gore ba nwe madi a gagwe. Go na le moo, o ne a ruta gore batho ba tshwanetse go dira eng gore ba bone “botshelo jo bo sa khutleng.”​—Joh. 6:54.

6. Ta ka fanila hwisisa chini matama a Jesu e ku ja nyama iye ne ku ngwa malopa awe?

6 Jesu o ne a sa batle gore batho ba a neng a bua le bone kwa Kaperenama ba tseye mafoko a gagwe jaaka a ntse. Re bona seo mo go se a ileng a se bolelela mosadi wa Mosamarea. O ile a mo raya a re: “Ope fela yo o nwang metsi a ke tla mo a nayang ga a kitla a nyorwa gotlhelele, mme metsi a ke tla mo a nayang a tla nna jaaka metsi a motswedi mo go ene a a mo nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 4:7, 14) b Jesu o ne a sa reye gore mosadi wa Mosamarea o ne a ka bona botshelo jo bo sa khutleng fela fa a ka nwa metsi a a mo sedibeng. Ka tsela e e tshwanang, fa a ne a bua le batho ba bantsintsi kwa Kaperenama, o ne sa reye gore ba tla tshelela ruri fa ba ka ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe.

CHI NO LEYANA MU ZWITHU ZWIBILI ZWA KA SHINGIKALA

7. Bangwe ba no lebani ne kwe cha ka legwa na Jesu mu na Johani 6:53?

7 Batho bangwe ba ba tsenang dikereke ba re se Jesu a ileng a se bua mo go Johane 6:53, se tshwanetse go dirwa ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa ka gonne moragonyana mo tiragalong eo, Jesu o ile a bua mafoko a a batlileng a tshwana le ao. (Math. 26:26-28) Ba re fa go fetisiwa senkgwe le beine, mongwe le mongwe yo o leng teng mo tiragalong eo o tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine. A seno se boammaaruri? Go botlhokwa gore re bone karabo ya potso eno ka gonne ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba nna gone kwa tiragalong eno ya botlhokwa. Re tla bona gore se Jesu a ileng a se bua mo go Johane 6:53 le se a ileng a se bua kwa Dijong Tsa Morena Tsa Maitseboa se farologana jang.

8. Ini cha ka legwa na Jesu mu ndawo mbili dzi singa fanane? (Bona zwitshwantsho.)

8 A re boneng gore ditiragalo tseno tse pedi di farologana jang. Sa ntlha, re tshwanetse go itse gore Jesu o buile leng mafoko a a mo go Johane 6:53-56 le gore o ne a le kwa kae. O ne a bua le Bajuda ba bantsintsi kwa Galalea ka ngwaga wa 32 C.E. Seno se diragetse ngwaga pele a simolola Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa kwa Jerusalema. Sa bobedi, re tshwanetse go itse gore o ne a bua le bomang. Batho ba le bantsi ba ba neng ba mo reeditse kwa Galalea ba ne ba ipatlela dijo fela e bile ba ne ba sa batle go ithuta ka Jehofa. (Joh. 6:26) Tota e bile, fa Jesu a ne a bua sengwe se ba neng ba sa se tlhaloganye, ba ne ba sa dumele mo go ene e bile bangwe ba barutwa ba gagwe ba ile ba mo tlogela. (Joh. 6:14, 36, 42, 60, 64, 66) Seno se farologana le se se ileng sa direga ngwaga moragonyana ka 33 C.E. fa Jesu a ne a simolola Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa a na le baaposetoloi ba gagwe ba ba 11. Le fa ba ne ba sa tlhaloganye dilo dingwe tse Jesu a neng a di ruta, ga ba a ka ba mo tlogela. Ba ne ba sa tshwane le batho ba kwa Galalea. Baaposetoloi bano ba ne ba tlhwatswegile pelo gore Jesu ke Morwa Modimo le gore o tswa kwa legodimong. (Math. 16:16) O ile a ba raya a re: “Lona ga lo ise lo ke lo ntatlhe le fa ke ne ke lebane le diteko.” (Luke 22:28) Dintlha tse pedi tse re tlotlileng ka tsone ga di bontshe gore se Jesu a neng a se bua mo go Johane 6:53 se tshwanetse go dirwa ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa. Go na le bosupi jo bo oketsegileng jwa seno.

Johane kgaolo 6 e bua ka se Jesu a ileng a se bolelela Bajuda ba le bantsi kwa Galalea (ka fa molemeng). Ngwaga moragonyana o ile a bua le setlhopha se sennye sa baaposetoloi ba gagwe kwa Jerusalema (ka fa mojeng) (Bona serapa 8)


NAWEBO U NO BALIGWA MUKATI

9. Matama a ka legwa na Jesu ku Zojiwa zwa Tetshi zwe Madekwana a ka lingisiwa ku na boyani?

9 Ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa, Jesu o ile a naya baaposetoloi ba gagwe senkgwe a bo a ba bolelela gore se emela mmele wa gagwe. Go tswa foo, o ile a ba naya beine a bo a re e emela “madi a kgolagano.” (Mar. 14:22-25; Luke 22:20; 1 Bakor. 11:24) Se a ileng a se bua ka kgolagano eo se botlhokwa. Jehofa o dirile kgolagano e ntšha le “batho ba Iseraele,” e leng batho ba ba tlileng go busa le Jesu “mo Bogosing Jwa Modimo.” (Baheb. 8:6, 10; 9:15) Ka nako eo, baaposetoloi ba ne ba sa itse gore seo se kaya eng. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo, ba ne ba tlile go tlodiwa ka moya o o boitshepo ba bo ba nna karolo ya kgolagano e ntšha gore ba buse le Jesu kwa legodimong.​—Joh. 14:2, 3.

10. Cha ka legwa na Jesu ku Galili cho leyana chini ne cha a ka leba ku Zojiwa zwa Tetshi zwe Madekwana? (Bona itshwantsho.)

10 Ela tlhoko gore ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa, Jesu o ne a bua le “letsomanyane.” Setlhotshwana seo se ile sa simolola ka baaposetoloi ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba ba neng ba na le ene mo bosigong joo. (Luke 12:32) O ile a ba naya senkgwe gore ba se je le beine gore ba e nwe. Ba bangwe ba ba neng ba tla nna karolo ya setlhopha seo moragonyana le bone ba tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa. Ke bone ba ba tlileng go busa le Jesu kwa legodimong. Ka jalo, go na le sengwe gape se se sa tshwaneng ka ditiragalo tse pedi tse re tlotlileng ka tsone. Kwa Dijong Tsa Morena Tsa Maitseboa, Jesu o ne a bua le setlhopha se sennye sa batho, mme kwa Galalea o ne a bua le batho ba le bantsintsi.

Batho ba ba jang senkgwe e bile ba nwa beine ke setlhopha se sennye. Mme gone, “mongwe le mongwe” a ka bontsha gore o dumela mo go Jesu a bo a bona botshelo jo bo sa khutleng (Bona serapa 10)


11. Ini cha ka legwa na Jesu ku Galili cha ka lakidza kuti wa ka be a singa lebe ne kwe bathu ba ka tini?

11 Fa Jesu a ne a le kwa Galalea ka 32 C.E., o ne a bua le Bajuda ba ba neng ba ipatlela dijo fela. Mme gone, o ile a leka go ba thusa go tlhaloganya gore go na le sengwe se se botlhokwa go feta dijo. O ile a bua sengwe se se neng se ka ba thusa gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Gape Jesu o ile a re batho ba ba tlhokafetseng ba tla tsosiwa ka letsatsi la bofelo ba bo ba tshelela ruri. O ne a sa bue ka setlhopha se sennye jaaka a ne a dira moragonyana ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa. Go na le moo, o ne a bua ka masego a batho botlhe ba ka nnang le one. Tota e bile, o ne a re: “Fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosakhutleng . . . Senkgwe se ke tla se ntshang gore batho ba bone botshelo, ke nama ya me.”​—Joh. 6:51. c

12. Ti nga bona mbayilo mu na cha ka legwa na Jesu chini?

12 Jesu o ne a sa bolelele Bajuda bao ba ba kwa Galalea gore batho botlhe ba ba tshelang kgotsa ba ba neng ba tla tsholwa ba ne ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Go na le moo, o ile a re ba ba ‘jang senkgwe seno’ kgotsa ba ba dumelang mo go ene ke bone ba ba tla bonang masego ao. Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba re ba dumela mo go Jesu e bile ba re ke mmoloki wa bone. (Joh. 6:29) Mme gone, seo ga se sone fela se se tlhokegang. Batho ba le bantsi ba kwa Galalea ba ba neng ba dumela mo go Jesu ba ile ba mo tlogela. Goreng ba ile ba dira jalo?

13. Ko shetekani kuti nthu a be ndiyiwa wa Jesu we malebeswa?

13 Batho ba le bantsi ba Jesu a ileng a ba fepa, ba ne ba ikemiseditse go nna balatedi ba gagwe fa fela a ne a ka ba naya se ba neng ba se batla. Ba ne ba itumelela go bona Jesu a ba fodisa ka kgakgamatso, a ba naya dijo tsa mahala e bile a ba ruta dilo tse ba neng ba batla go di utlwa. Mme gone, Jesu o ile a ba bolelela gore go na le dilo tse dingwe tse ba tshwanetseng go di dira gore e nne balatedi ba gagwe. Fa a ne a tla mo lefatsheng, o ne a sa tlela go naya batho dilo tse ba neng ba di batla. Go na le moo, o ne a tletse go ba thusa gore e nne balatedi ba gagwe. Ba ne ba tshwanetse go “tla” kwa go ene, mo go rayang gore ba ne ba tshwanetse go mo reetsa le go ikobela sengwe le sengwe se a neng a se ba ruta.​—Joh. 5:40; 6:44.

14. Ti nga thamani kuti ti batshiwe ne nyama ne malopa a Jesu?

14 Jesu o ile a ruta Bajuda bao gore nama le madi a gagwe tse a neng a tla di ntsha setlhabelo, di ne di ka dira gore ba kgone go tshelela ruri. Ba ne ba tshwanetse go bontsha gore ba dumela seo. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. (Joh. 6:40) Se Jesu a ileng a se bua mo go Johane 6:53, se bontsha gore re tshwanetse go nna le tumelo mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Batho ba le bantsi ba ka kgona go bona masego ao.​—Baef. 1:7.

15-16. Johani ndima 6 i no ti batsha chini ku gala ta ka kumbulila cha i no leba?

15 Mo go Johane kgaolo 6 re ithutile dilo di le dintsi tsa botlhokwa le tse di kgothatsang. Re bone gore Jesu o amega ka batho. Fa a ne a le kwa Galalea, o ne a fodisa batho ba ba lwalang, a ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo e bile a ba naya dijo. (Luke 9:11; Joh. 6:2, 11, 12) Sa botlhokwa le go feta ke gore o ile a ruta batho gore ke ene “senkgwe sa botshelo.”​—Joh. 6:35, 48.

16 Ba Jesu a reng ke ba “dinku tse dingwe” ga ba a tshwanela go ja senkgwe le go nwa beine kwa Dijong Tsa Morena Tsa Maitseboa. (Joh. 10:16) Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go ja nama le go nwa madi a ga Jesu. Ba dira jalo ka go bontsha gore ba na le tumelo mo setlhabelong sa gagwe. (Joh. 6:53) Ba ba jang senkgwe le ba ba nwang beine bone, ba bontsha gore ke karolo ya kgolagano e ntšha le gore ba tlile go busa le Jesu kwa legodimong. Se se itumedisang ke gore pego e e mo go Johane kgaolo 6 e tswela Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku tse dingwe mosola. E re ruta gore re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.

LUMBO 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

a Re tlotlile ka Johane 6:5-35 mo setlhogong se se fetileng.

b Metsi a Jesu a neng a bua ka one a emela dilo tse Jehofa a re nayang tsone gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.

c Johane kgaolo 6 e dirisa mafoko a a jaaka “ope fela” le “mongwe le mongwe” fa e bua ka batho ba ba ka tshelelang ruri.​—Joh. 6:35, 40, 47, 54, 56-58.