Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 51

LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

Jehova u no Hwa Chililo Chicho

Jehova u no Hwa Chililo Chicho

“Longani mishodzi yangu mu butili. Apa azwizokwagwa mu hwalo dzenyu?”​—PIS. 56:8.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tlile go bona gore Jehofa o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone fa re lebane le mathata le gore o tla re gomotsa.

1-2. I zwimo zwipi zwi nga thama kuti ti lile?

 ROTLHE fela re kile ra lela. Ka dinako dingwe re a lela fa re itumetse. Ka sekai, gongwe o ile wa lela fa go ne go direga sengwe se se itumedisang, jaaka fa ngwana wa gago a ne a tsholwa, fa o ne o gopola sengwe se se itumedisang se se go diragaletseng kgotsa fa o ne o kopana le tsala nngwe e go fetileng dingwaga di le dintsi o sa e bone.

2 Mme gone, go le gantsi re lela ka gonne re utlwile botlhoko. Ka sekai, re ka lela fa mongwe a re swabisitse. Gape re ka lela fa re le mo ditlhabing ka gonne re lwala kgotsa re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang. Ka dinako dingwe re ka ikutlwa ka tsela e moporofeti Jeremia a neng a ikutlwa ka yone fa Bababelona ba ne ba tlhasela Jerusalema. O ne a re: “Matlho a me a nna a elela melatswana ya metsi . . . Matlho a me a tsholola dikeledi a sa kgaotse, a sa emise.”​—Dikhu. 3:48, 49.

3. Jehova u no toleka chini ha e bona balanda babe be dziyidzika? (Izaya 63:9)

3 Fa o ne o lela ka gonne o utlwile botlhoko, Jehofa o ne a go bona. Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se se re utlwisang botlhoko le gore o a re utlwa fa re goela kwa go ene re kopa thuso. (Pes. 34:15) Mme gone, Jehofa ga a re utlwe fela fa re kopa thuso. Fela jaaka motsadi a didimatsa ngwana wa gagwe yo o lelang, Jehofa le ene o utlwa botlhoko fa re lela e bile o a re thusa.​—Bala Isaia 63:9.

4. Ti nga zwidiyani mu Baibili ne kwe zwa ka shingikalila bangwe ne se kwa Jehova a ka ba batsha?

4 Baebele e re bolelela gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa batlhanka ba gagwe ba ne ba lela le gore o ile a ba thusa jang. Re bona seo mo go se se ileng sa diragalela Hana, Dafide le Kgosi Hesekia. Goreng ba ne ba lela? Jehofa o ile a ba thusa jang? Se se ileng sa ba diragalela se ka re kgothatsa jang fa re utlwisitswe botlhoko, fa re tsieditswe kgotsa re lwala?

CHILILO CHE KU HWA ZOGWADZA

5. Hana wa ka zwibata chini mu na cha ka nshingikalila?

5 Hana o ile a lebana le mathata a le mantsi a a neng a dira gore a lele. Monna wa gagwe o ne a na le mosadi yo mongwe yo o neng a bidiwa Penina. Mosadi yono o ne a tlhoile Hana. Hana o ne a sa kgone go tshola bana mme Penina ene o ne a na le bana ba le bantsi. (1 Sam. 1:1, 2) Mo godimo ga moo, Penina o ne a nna a tlhorontsha Hana ka gonne a sa kgone go tshola bana. O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o le mo boemong joo? Hana o ne a utlwile botlhoko thata “mo e leng gore o ne a lela e bile a sa je.” “O ne a hutsafetse thata.”​—1 Sam. 1:6, 7, 10.

6. Hana wa ka thamani kuti a nyaladziwe?

6 Hana o ile a thusiwa ke eng fa a ne a utlwile botlhoko? O ile a thusiwa ke go obamela Jehofa kwa motlaaganeng. Fa a ne a le gaufi le kgoro ya lolwapa lwa motlaagana, “o ne a simolola go rapela Jehofa le go lela mo go botlhoko.” O ile a raya Jehofa a re: “Leba go boga ga motlhanka wa gago o bo o nkgakologelwa.” (1 Sam. 1:10b, 11) Hana o ile a bulela Jehofa mafatlha. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a utlwile botlhoko tota fa a bona Hana a lela.

7. Hana wa ka nyaladziwa chini shule kwe ku lebeleka na Jehova?

7 Hana o ile a ikutlwa jang fa a sena go bolelela Jehofa mathata a gagwe le fa Moperesiti yo Mogolo e bong Eli a sena go mmolelela gore Jehofa o tla araba thapelo ya gagwe? Baebele e a re: “Mosadi yoo o ne a tsamaya, a fitlha a ja, mme sefatlhego sa gagwe se ne se sa tlhole se tlhontse.” (1 Sam. 1:17, 18) Le fa mathata a ga Hana a ne a sa fela, o ne a imologile ka gonne a ne a boleletse Jehofa sengwe le sengwe. Jehofa o ne a tlhaloganya tsela e a neng a ikutlwa ka yone. O ile a araba thapelo ya gagwe, mme moragonyana Hana o ile a nna le bana.​—1 Sam. 1:19, 20; 2:21.

8-9. Ku yenda na Bahebera 10:24, 25, ini ta ka fanila thama kose kwa ti nga khona ku be po mu zwidiyo zwe gubungano? (Bona itshwantsho.)

8 Se re se ithutang. A o ka tswa o na le mathata a a dirang gore o hutsafale? Gongwe mongwe mo lelapeng kgotsa tsala ya gago e tlhokafetse. Go a utlwala go bo o batla go nna o le nosi. Mme gone, fela jaaka Hana a ile a gomodiwa le go kgothadiwa ke go ya kwa motlaaganeng, le wena o ka gomodiwa ke go ya dipokanong le fa gone o sa ikutlwe sentle e bile o hutsafetse. (Bala Bahebera 10:24, 25.) Jehofa a ka dirisa ditemana tse di balwang kwa dipokanong go re kgothatsa le go re thusa gore re se ka ra nnela go akanya ka dilo tse di re utlwisang botlhoko. Tota e bile, le fa mathata a rona a sa fela, re ka ikutlwa botoka.

9 Fa re le kwa dipokanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re kgothatsa e bile ba re bontsha gore ba a re rata. Seo se dira gore re ikutlwe botoka. (1 Bathes. 5:11, 14) Ela tlhoko se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe yo e leng mmulatsela yo o kgethegileng. Mosadi wa gagwe o ne a tlhokafala. A re: “Ka dinako dingwe ke batla go nna fela ke le nosi ke lela ka gonne ke gopotse mosadi wa me. Mme fa ke le kwa dipokanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba a nkgothatsa. Fa ba arabela le fa ba tlotla le nna, ba a nkgomotsa. Le fa gone nka tswa ke tlhobaela pele ke ya dipokanong, ke ikutlwa botoka fa ke le koo.” Fa re le kwa dipokanong, Jehofa a ka dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re thusa.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re gomotsa (Bona serapa 8-9)


10. Ti nga yedza Hana chini ha ta hwisiwa zogwadza?

10 Gape Hana o ile a thusiwa ke go rapela. Le wena o ka tlhomamisega gore fa o ‘latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa gago mo go’ Jehofa, o tla go reetsa e bile o tla go thusa. (1 Pet. 5:7) Kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe a ileng a bolawa ke dinokwane a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko mo ke neng ke akanya gore ga nkitla ke tsamaya ke itumela gape. Mme ke ile ka thusiwa ke go rapela Jehofa. Ka dinako dingwe ke ne ke sa itse gore ke reng, mme Jehofa ene o ne a ntlhaloganya. Fa ke ne ke utlwile botlhoko thata, ke ne ke kopa Jehofa gore a nthuse go ritibala. Ka yone nako eo, ke ne ke ikutlwa ke imologile ke bo ke kgona go dira dilo tse ke neng ke tshwanetse go di dira mo letsatsing leo.” Fa o bolelela Jehofa dilo tse di go utlwisang botlhoko, le ene o utlwa botlhoko e bile a ka go thusa gore o ritibale. (Pes. 94:19; Bafil. 4:6, 7) O tla go segofatsa fa o tswelela o itshokile.​—Baheb. 11:6.

CHILILO CHE KU SHANDUKIGWA NE BA TI NO THEMBA

11. Dafite wa ka zwibata chini ha a ka lingisana ne zwimo zwa ka sima?

11 Dafide o ile a itshokela mathata a le mantsi a a neng a dira gore a lele. Batho ba le bantsi ba ne ba mo tlhoile, e bile ba masika le ditsala ba ne ba sa mo tshware sentle. (1 Sam. 19:10, 11; 2 Sam. 15:10-14, 30) Nako nngwe o ile a kwala jaana: “Ke lapisitswe ke go nna ke lela; bosigo jotlhe ke kolobetsa bolao jwa me ka dikeledi; fa ke lela, dikeledi tsa me di tlala mo sofeng ya me.” Dafide o tlhalosa lebaka la go bo a ne a ikutlwa jalo. A re: “Ka ntlha ya botlhe ba ba ntshwarang makgwakgwa.” (Pes. 6:6, 7) Tsela e batho ba neng ba mo tshwara setlhogo ka yone e ne e dira gore a lele.

12. Se kwa Pisalema 56:8 i leba, Dafite wa ka be e themba kuti kowo shingikalani?

12 Le fa Dafide a ne a kopana le mathata a le mantsi, o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o a mo rata. O ile a kwala jaana: “Jehofa o tla utlwa lentswe la me fa ke lela.” (Pes. 6:8) Nako nngwe Dafide o ile a bua mafoko a a amang a a mo go Pesalema 56:8. (E bale.) Mafoko ao a re bontsha gore Jehofa o a re rata le gore o amega ka rona. Dafide a re fa a ne a lela, go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o tsenya dikeledi tsa gagwe mo lebotlolong kgotsa o di kwala mo bukeng. O ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o bona kutlobotlhoko e a leng mo go yone le gore o a itse gore dilo tse di mo diragaletseng di dira gore a ikutlwe jang.

13. Ha bathu be ti swabisa, ti nga gadzikanyiwa moyo neni? (Bona itshwantsho.)

13 Se re se ithutang. A o utlwile botlhoko thata ka gonne mongwe a go swabisitse kgotsa a go tsieditse? Gongwe o utlwisitswe botlhoko ke gore mongwe yo o neng o batla go nyalana le ene kgotsa molekane wa gago o go tlogetse, kgotsa gore mongwe yo o mo ratang thata o tlogetse go direla Jehofa. Mokaulengwe mongwe yo mosadi wa gagwe a ileng a dira boaka a bo a mo tlogela a re: “E ne e kete ke a lora. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe, ke nna fela ke utlwile botlhoko e bile ke tenegile.” Fa e le gore mongwe o go tsieditse kgotsa o go swabisitse, itse gore Jehofa ene ga a kitla a go tlogela. Mokaulengwe yoo a re: “Le fa batho ba sa ikanyege ka dinako dingwe, Jehofa ene o nna a ikanyega. Le fa go ka direga eng, o nna a ntse a le gone. Ga a kitla a tlogela ba ba ikanyegang mo go ene.” (Pes. 37:28) O se ka wa lebala gore Jehofa o go rata go feta motho ope fela. Le fa gone o ka utlwa botlhoko ka gonne batho ba bangwe ba go tsieditse, tsela e Jehofa a go ratang ka yone ga e kitla e tsamaya e fetoga ka gonne o botlhokwa mo go ene. (Bar. 8:38, 39) Nna o gopotse gore fa batho ba sa go tshware sentle, Jehofa ene o a go rata.

Buka ya Dipesalema e re tlhomamisetsa gore Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng (Bona serapa 13)


14. Pisalema 34:18 i no ti thembesani?

14 Fa re utlwile botlhoko thata ka gonne mongwe a re tsieditse, re ka gomodiwa ke mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 34:18. (E bale.) Buka nngwe e a re “batho ba ba kgobegileng marapo” ke “batho ba ba se nang tsholofelo.” Jehofa o re thusa jang fa re ikutlwa jalo? Fela jaaka motsadi a tshwara ngwana wa gagwe yo o lelang ka gonne a utlwile botlhoko a bo a mo didimatsa, Jehofa le ene o “gaufi” le rona. O re tlhomogela pelo e bile o ikemiseditse go re thusa fa re tsieditswe kgotsa re tlogetswe. Fa re utlwile botlhoko thata e bile re akanya gore ga re batho ba sepe, o a re gomotsa. O re naya dilo di le dintsi tse di re thusang gore re nne le tsholofelo mme re kgone go itshokela mathata.​—Isa. 65:17.

CHILILO CHE KU ZWITOBOKA

15. Hezekiya wa ka lingisana ne chimo chipi cha ka thama kuti a lile?

15 Fa Kgosi Hesekia wa kwa Juda a ne a na le dingwaga di le 39, o ne a lwala fela thata. Jehofa o ne a laela moporofeti Isaia gore a ye go mmolelela gore o ne a se kitla a fola, go na le moo o ne a tla swa. (2 Dikg. 20:1) Hesekia o ne a felelwa ke tsholofelo. Dikgang tseo tse di ngomolang pelo di ne tsa dira gore a lele. Ka jalo, o ile a rapela Jehofa a mo kopa gore a mo thuse.​—2 Dikg. 20:2, 3.

16. Jehova wa ka hwa chililo cha Hezekiya chini?

16 Jehofa o ne a utlwa botlhoko thata fa a bona Hesekia a lela. O ne a mo raya a re: “Ke utlwile thapelo ya gago. Ke bone dikeledi tsa gago. Bona, ke a go fodisa.” O ne a laela moporofeti Isaia gore a mmolelele gore o tla oketsa botshelo jwa gagwe le gore o tla golola Jerusalema mo seatleng sa Baasiria.​—2 Dikg. 20:4-6.

17. Jehova u no ti batsha chini ha ta ka lingisana ne zwimo zwa ka sima zwe bugwele? (Pisalema 41:3) (Bona itshwantsho.)

17 Se re se ithutang. Ke eng se o ka se dirang fa o lwala thata e bile seo se dira gore o felelwe ke tsholofelo? Rapela Jehofa, o a go utlwa le fa o bua le ene o lela. Baebele e re tlhomamisetsa gore “Rara yo o kutlwelobotlhoko le Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe,” o tla re gomotsa mo ditekong tsotlhe tse di re welang. (2 Bakor. 1:3, 4) Seo ga se reye gore Jehofa o tla tlosa mathata otlhe a rona. Mme gone, o tla re thusa. (Bala Pesalema 41:3.) O tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re naya maatla le botlhale e bile o tla re thusa gore re ritibale. (Diane 18:14; Bafil. 4:13) Gape o re gomotsa ka tsholofelo ya gore ga go kitla go nna le ope yo o lwalang mo nakong e e tlang.​—Isa. 33:24.

Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka go re naya maatla le botlhale e bile o re thusa gore re ritibale (Bona serapa 17)


18. I likwalo gupi gu no ku nyaladza ha wa ka lingisana ne zwimo zwa ka sima kwazo? (Bona box li noti “ Ditemana Tse Di ka Re Thusang fa re Lela.”)

18 Hesekia o ile a gomodiwa ke se Jehofa a ileng a mmolelela sone. Le rona re ka gomodiwa ke se Jehofa a re bolelelang sone mo Baebeleng. Fa re utlwile botlhoko thata, Baebele e ka re thusa go ritibala. (Bar. 15:4) Kgaitsadi mongwe wa kwa Africa yo o ileng a bolelelwa gore o na le bolwetse jwa kankere, o ne a nna a lela. A re: “Temana nngwe e e nkgothatsang thata ke Isaia 26:3. E ntlhomamisetsa gore le fa re sa kgone go laola se se re diragalelang, Jehofa o tla re thusa go ritibala le go itshokela mathata a re lebanang le one.” A go na le temana nngwe e e go gomotsang fa o lebana le mathata kgotsa o felelwa ke tsholofelo?

19. Ta ka miligwa ne chibaka chipi cha ka naka?

19 Fa lefatshe leno le ntse le ya bokhutlong, re ka lebelela gore go nne le dilo di le dintsi tse di dirang gore re lele. Mme se se diragaletseng Hana, Dafide le Kgosi Hesekia, se re bontsha gore Jehofa o a re bona fa re lela e bile seo se mo utlwisa botlhoko. O a re rata ka gonne re ikanyega mo go ene e bile o gopola dilo tsotlhe tse di dirang gore re lele. Ka jalo fa re na le mathata, re tshwanetse go bolelela Jehofa kafa re ikutlwang ka gone. A re direng sotlhe se re ka se kgonang gore re nne re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ka go ya dipokanong. Gape a re tsweleleng re bala Baebele gore Jehofa a re gomotse. Re ka tlhomamisega gore fa re tswelela re ikanyega, Jehofa o tla re segofatsa. O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona fela jaaka a solofeditse. Dikeledi tseo di ka tswa di bakilwe ke go utlwisiwa botlhoko, go tsiediwa kgotsa go lwala. (Tshen. 21:4) Mo nakong e e tlang re tla bo re lela fela ka gonne re itumetse.

LUMBO 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”