Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 7

“Uhwe Matama e Wakatjenjela”

“Uhwe Matama e Wakatjenjela”

“Teya zebe uhwe matama e wakatjenjela.”—ZWIA. 22:17.

LUMBO 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ku chemegwa ku nga zha ne zila ya ka tini, ngono ini tose ti ku sheta?

 ROTLHE re tlhoka go nna re gakololwa. Ka dinako dingwe re ka nna ra kopa mongwe yo re mo tlotlang gore a re neye kgakololo. Mme ka dinako tse dingwe, mokaulengwe yo o tshwenyegileng ka rona a ka nna a re bolelela gore re tloga re tsaya “tsela e e phoso” e e tla dirang gore re ikwatlhaye. (Bagal. 6:1) Gape re ka newa kgakololo fa mongwe a re bontsha phoso e e masisi e re e dirileng. Le fa re ka tswa re newa kgakololo ka mabaka a a farologaneng, re tshwanetse go e reetsa. Go dira jalo go tla re solegela molemo e bile go tla boloka matshelo a rona.—Diane 6:23.

2. Ku yenda ne Zwiani 12:15 ne nkwalo u kusi, ini ta ka fanila ku amuchila ku chemegwa?

2 Temana e setlhogo seno se theilweng mo go yone e re kgothaletsa gore re “reetse mafoko a ba ba botlhale.” (Diane 22:17) Ga go na motho yo o itseng sengwe le sengwe, batho ba bangwe ba itse dilo dingwe tse re sa di itseng kgotsa ba na le maitemogelo a re se nang one. (Bala Diane 12:15.) Ka jalo, fa re reetsa kgakololo re bontsha gore re ikokobeditse. E bile seo se bontsha gore re a lemoga gore go na le dilo tse re sa kgoneng go di dira le gore re tlhoka thuso ya ba bangwe gore re kgone go fitlhelela mekgele ya rona. Jehofa o ne a laela Kgosi Solomone yo o botlhale gore a kwale jaana: “Go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.”—Diane 15:22.

Ke kgakololo efe mo go tse pedi tseno e go leng thata gore o e amogele? (Bona serapa 3-4)

3. I zila dzipi dza ti nga chemegwa nadzo?

3 Phuthego ya ga Jehofa e ka re naya kgakololo kgotsa re ka e newa ke batho ba bangwe. Fa go buiwa ka kgakololo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa go buiwa ka eng? Re ka nna ra bala sengwe mo Baebeleng kgotsa mo dikgatisong tsa rona, se se ka dirang gore re akanye ka se re se dirang e bile sa re rotloetsa gore re dire diphetogo tse di tlhokegang. (Baheb. 4:12) Eo ke kgakololo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa. Kgakololo e re e newang ke batho ba bangwe yone ke eng? Mogolwane kgotsa mokaulengwe mongwe yo o tshwanelegang a ka nna a re bontsha sengwe se re tlhokang go se baakanya. Eo ke kgakololo e re e newang ke batho ba bangwe. Fa mongwe a re bontsha gore o a re rata ka go re naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng, re tshwanetse go bontsha gore re lebogela se a se buang ka go mo reetsa re bo re dirisa kgakololo e a re nayang yone.

4. Ku yenda ne Nreri 7:9, ta ka fanila ku zwibata chini ha ti chemegwa?

4 Boammaaruri ke gore go ka nna thata gore re amogele kgakololo e re e newang ke mongwe. Re ka nna ra bo ra kgopisega. Goreng? Le fa gone re itse gore re na le boleo, go ka nna thata gore re amogele kgakololo fa mongwe a re bontsha phoso nngwe e re e dirileng. (Bala Moreri 7:9.) Re ka nna ra dira diipato. E bile re ka nna ra belaela lebaka la go bo motho yoo a re naya kgakololo kgotsa ra kgopisiwa ke tsela e a re gakololang ka yone. Ka dinako dingwe re ka tshwaya motho yo o re nayang kgakololo phoso re bo re re: ‘Ga a tshwanela go nnaya kgakololo ka gonne le ene o dira diphoso!’ Mme fa re sa rate kgakololo e a re nayang yone, re ka nna ra e itlhokomolosa kgotsa ra kopa kgakololo kwa mothong yo mongwe ka gonne re akanya gore o tla dumalana le rona.

5. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

5 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba gana kgakololo le ba ba ileng ba e amogela. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re amogele kgakololo le gore e ka re solegela molemo jang.

BA KA LAMBA CHEMEGWA

6. To zwidiyani mu zila She Rehoboamu ya a ka zwibata nayo ha e chemegwa?

6 A re tlotle ka sekao sa ga Rehoboame. Fa a sena go tlhomiwa go nna kgosi ya Iseraele, batho ba a neng a ba busa ba ne ba ya kwa go ene ba mo kopa sengwe. Ba ne ba mo kopa gore a ba fokoletse morwalo o rraagwe e bong Solomone a ne a ba rwesitse one. Rehoboame o ne a dira selo se se molemo. O ne a botsa banna ba ba godileng ba Iseraele gore a arabe batho a reng. Banna ba ba godileng ba ne ba naya kgosi kgakololo ya gore fa a ka dira se batho ba se kopang, batho bao ba ne ba tla tswelela ba le mo taolong ya gagwe. (1 Dikg. 12:3-7) Go lebega Rehoboame a ne a sa kgotsofalela kgakololo eo, ka jalo o ne a kopa kgakololo mo banneng ba ba godileng le ene. Banna bao ba ka tswa ba ne ba na le dingwaga di ka nna 40, ka jalo ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le maitemogelo mangwe mo botshelong. (2 Ditir. 12:13) Mme gone mo lekgetlong leno, ba ne ba naya Rehoboame kgakololo e e sa siamang. Ba ne ba mo naya kgakololo ya gore a okeletse batho morwalo. (1 Dikg. 12:8-11) E re ka Rehoboame a ne a neilwe dikgakololo tse pedi tse di sa tshwaneng, a ka bo a ile a rapela a botsa Jehofa gore a dirise kgakololo efe. Go na le moo, o ne a dira tshwetso ya go reetsa kgakololo ya makawana a a neng a godile le ene ka gonne o ne a e rata. Dilo ga di a ka tsa tsamaela Rehoboame le batho ba Iseraele sentle. Ka dinako dingwe, le rona re ka tswa re sa rate kgakololo e re e newang, le fa go ntse jalo fa e tswa mo Lefokong la Modimo re tshwanetse go e amogela.

7. Cha ka shingikalila She Uziya cho ti diyani?

7 Kgosi Usia o ne a gana go amogela kgakololo. O ne a tsena mo karolong ya tempele ya ga Jehofa e go neng go tsena baperesiti fela mo go yone, mme a leka go fisa maswalo. Baperesiti ba ga Jehofa ba ne ba mo raya ba re: “Ga o a tshwanela go fisetsa Jehofa maswalo! Baperesiti ke bone fela ba ba tshwanetseng go fisa maswalo.” Usia o ne a itshwara jang? Fa a ka bo a ile a ikokobetsa, a amogela kgakololo a bo a tswa mo tempeleng ka yone nako eo, Jehofa a ka bo a ile a mo itshwarela. Go na le moo, “Usia o ne a galefa.” Goreng a ile a gana go amogela kgakololo? O ne a akanya gore e re ka e le kgosi, o na le tshwanelo ya go dira sengwe le sengwe se a se batlang. Mme Jehofa ene o ne a sa akanye jalo. E re ka Usia a ne a dirile selo se a sa tshwanelang go se dira, o ne a itewa ka lepero mme “a tswelela e le molepero go fitlha a swa.” (2 Ditir. 26:16-21) Sekao sa ga Usia se re bontsha gore le fa re ka tswa re na le ditshiamelo dingwe, fa re gana kgakololo e e tswang mo Baebeleng Jehofa ga a kitla a re amogela.

BA KA AMUCHILA KU CHEMEGWA

8. Jobe wa ka zwibata chini ha e chemegwa?

8 Baebele ga e re bolelele fela ka dikai tse di sa siamang tsa batho ba re tlotlileng ka bone, gape e re bolelela ka dikai tse di molemo tsa batho ba ba neng ba segofadiwa ka gonne ba ile ba amogela kgakololo. Akanya ka sekai sa ga Jobe. Le fa a ne a rata Modimo e bile a batla go mo itumedisa, o ne a dira diphoso. Fa a ne a gateletswe, o ne a bua dilo dingwe tse di phoso. Seo se ne sa felela ka gore Elihu le Jehofa ba mo neye kgakololo. Jobe o ne a itshwara jang? O ne a ikokobetsa mme a amogela kgakololo. O ne a re: “Ke ne ka bua, le fa go ntse jalo ke ne ke sa tlhaloganye . . . Ke gone ka moo ke busetsang mafoko a me morago, mme ke nna mo loroleng le mo meloreng go bontsha gore ke a ikwatlhaya.” Jehofa o ne a segofatsa Jobe ka gonne Jobe o ne a ikokobeditse.—Jobe 42:3-6, 12-17.

9. Mushe wa ka zwibata ne zila ya ka lulwama chini ha e chemegwa?

9 Moshe o re tlhometse sekao se se molemo ka gonne o ne a amogela kgalemelo fa a sena go dira phoso e e masisi. Nako nngwe o ne a galefa mme a se ka a tlotlomatsa Jehofa. Seo se ne sa dira gore Moshe a se ka a tlhola a nna le tshiamelo ya go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 20:1-13) Fa Moshe a ne a kopa Jehofa gore a mo utlwele botlhoko, Jehofa o ne a mo raya a re: “O se ka wa tlhola o bua le nna gape ka kgang eno.” (Dute. 3:23-27) Moshe ga a ka a galefa. Go na le moo, o ne a amogela tshwetso ya ga Jehofa, mme Jehofa o ne a tswelela a mo dirisa gore a etelele Baiseraele pele. (Dute. 4:1) Jobe le Moshe ba re tlhometse sekao se se molemo se re ka se etsang sa go amogela kgakololo. Jobe o ne a baakanya tsela e a neng a akanya ka yone, ga a ka a dira diipato. Moshe o ne a bontsha gore o amogela kgakololo e Jehofa a neng a mo naya yone ka go tswelela a ikanyega tota le fa a sena go latlhegelwa ke tshiamelo e a neng a e rata.

10. (a) Zwiani 4:10-13 i no lakidza chini mbayilo we ku amuchila ku chemegwa? (b) Bangwe ba ka zwibata ne zila ya ka lulwama chini ha be chemegwa?

10 Re solegelwa molemo tota fa re etsa sekao sa banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Jobe le Moshe. (Bala Diane 4:10-13.) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba reetsa kgakololo jaaka bone. Ela tlhoko se mokaulengwe yo o nnang kwa Congo yo o bidiwang Emmanuel a se buang ka tlhagiso e a neng a e newa: “Bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong ya rona, ba ne ba lemoga gore ke ne ke tlile go senya botsala jwa me le Jehofa, ka jalo ba ne ba leka go nthusa. Ke ne ka dirisa kgakololo ya bone mme e ne ya nthusa gore ke tile mathata a le mantsi.” * Fa mmulatsela mongwe yo o nnang kwa Canada yo o bidiwang Megan a bua ka kgakololo a re: “Ke ne ke sa nke ke rata kgakololo e ke neng ke e newa mme gone ke ne ke e tlhoka.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Croatia yo o bidiwang Marko a re: “Ke ne ka tseelwa ditshiamelo, le fa go ntse jalo fa ke akanya ka nako eo, ke a lemoga gore kgakololo eo e ne ya nthusa gore ke nonotshe botsala jwa me le Jehofa gape.”

11. Nzwalani Karl Klein wa ka zwidiyani ne kwe ku amuchila ku chemegwa?

11 Mokaulengwe Karl Klein yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang le ene o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go amogela kgakololo. Mo kgannyeng ya gagwe ya botshelo, o ne a tlhalosa se se neng sa direga fa a ne a kgalemelwa ke tsala ya gagwe e a neng a atamalane thata le yone e bong Joseph F. Rutherford. A re kwa tshimologong kgalemelo eo e ne ya mo utlwisa botlhoko. O ne a re: “Moragonyana fa [Mokaulengwe Rutherford] a kopana le nna, o ne a ntumedisa a itumetse a re, ‘Dumela Karl!’ E re ka ke ne ke sa ntse ke utlwile botlhoko, ke ne ka ngunanguna tumediso fela ke sa batle. O ne a nthaya a re, ‘O itlhokomele Karl! Satane o go beile leitlho!’ E re ka ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong ke ne ka mo raya ka re, ‘Nnyaa Mokaulengwe Rutherford ga se sepe.’ Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore ke kgopisegile, ka jalo o ne a nthaya a re, ‘Go siame mme o ikele tlhoko. Satane o go beile leitlho.’ Mokaulengwe Rutherford o ne a bua nnete! Fa re tshwarela mokaulengwe sekgopi, segolobogolo ka go bo a buile sengwe se a tshwanetseng go se bua . . . , re ipaya mo kotsing ya go wela mo seraing sa ga Diabolo.” * (Baef. 4:25-27) Mokaulengwe Klein o ne a amogela kgalemelo ya ga Mokaulengwe Rutherford, mme ba ne ba tswelela e le ditsala tse di atamalaneng.

INI CHI NGA TI BATSHA KU AMUCHILA KU CHEMEGWA?

12. Ku zwiyesa pasi ku nga ti batsha chini kuti ti amuchile ku chemegwa? (Pisalema 141:5)

12 Ke eng se se ka re thusang go amogela kgakololo? Re tshwanetse go ikokobetsa mme re gakologelwe gore re na le boleo le gore ka dinako dingwe re dira dilo ka boeleele. Jaaka re bone pelenyana, Jobe o ne a akanya ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a fetola tsela e a neng a akanya ka yone mme seo se ne sa dira gore Jehofa a mo segofatse. Goreng? Ka gonne Jobe o ne a ikokobeditse. O ne a bontsha gore o boikokobetso ka go amogela kgakololo e Elihu a neng a mo naya yone tota le fa Elihu a ne a le monnye thata mo go ene. (Jobe 32:6, 7) Ka tsela e e tshwanang, boikokobetso bo tla re thusa go dirisa kgakololo e re e newang, tota le fa re akanya gore ga re e tlhoke kgotsa fa re e newa ke motho yo monnye mo go rona. Mogolwane mongwe wa kwa Canada a re: “E re ka re sa kgone go bona se batho ba bangwe ba se bonang mo go rona, go thata gore re tokafatse fa go se na ope yo o re gakololang.” Rotlhe re tshwanetse go leka ka natla go nna le maungo a moya o o boitshepo e bile re tshwanetse go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang dikgang tse di molemo ka yone.—Bala Pesalema 141:5.

13. Ta ka fanila ku zwibata chini ha ti chemegwa?

13 Re tshwanetse go tsaya kgakololo e re e newang e le tsela e Modimo a re bontshang ka yone gore o a re rata. Jehofa o re batlela dilo tse di molemo. (Diane 4:20-22) Fa a re naya kgakololo a dirisa Lefoko la gagwe, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo, o a bo a bontsha gore o a re rata. Bahebera 12:9 le 10 e a re: “O dira jalo gore re solegelwe molemo.”

14. Ta ka fanila ku lingisa nkumbulo wedu mu ni ha ti chemegwa?

14 Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo kgakololong e re e newang, e seng mo tseleng e re e neilweng ka yone. Ka dinako dingwe re ka nna ra akanya gore ga re a newa kgakololo ka tsela e e siameng. Gone ke boammaaruri gore ope fela yo o nayang mongwe kgakololo, o tshwanetse go leka go dira gore go nne motlhofo gore motho yoo a e amogele. * (Bagal. 6:1) Le fa go ntse jalo, fa e le gore ke rona re gakololwang re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se re ka se ithutang mo kgakololong eo, tota le fa re tsaya gore motho yoo a ka bo a re neile yone ka tsela e e botoka. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Tota le fa e le gore ga ke rate tsela e ke neilweng kgakololo ka yone, a go na le sengwe se nka se ithutang mo go yone? A nka itlhokomolosa diphoso tsa motho yo o nnayang kgakololo mme ke bo ke ithuta mo go yone?’ Go tla bo go le botlhale gore re ithute mo kgakololong epe fela e re e newang.—Diane 15:31.

AMUCHILA KU CHEMEGWA NGONO U BONE MBAYILO WA KO

15. Ini ta ka fanila kumbila ku chemegwa?

15 Baebele e re rotloeletsa gore re kope kgakololo. Diane 13:10 e a re: “Ba ba batlang kgakololo ba botlhale.” Ruri mafoko ao a boammaaruri! Batho ba ba kopang kgakololo go na le go emela motho yo mongwe gore a ba gakolole, gantsi ba dira ditshwetso tse di botlhale go na le batho ba ba sa kopeng kgakololo. Ka jalo, tsaya matsapa a go kopa kgakololo.

Ke eng fa kgaitsadi yo mosha a kopa kgaitsadi yo o godileng gore a mo neye kgakololo? (Bona serapa 16)

16. I mu zwimo zwipi kwa ti nga zwikumbulila ku chemegwa?

16 Ke leng re ka kopang bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re neye kgakololo? Akanya ka maemo a a latelang. (1) Kgaitsadi o kopa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a tsamaye le ene fa a ya go tshwara thuto mme moragonyana o mo kopa kgakololo ya gore a ka tokafatsa jang mo tseleng e a rutang ka yone. (2) Kgaitsadi yo mosha o batla go reka borokgwe, ka jalo o botsa kgaitsadi yo o godileng gore o akanya eng ka borokgwe jo a batlang go bo reka. (3) Mokaulengwe o na le kabelo ya go neela puo ya phatlalatsa lekgetlo la ntlha. O kopa mokaulengwe yo o nang le maitemogelo gore a reetse puo ya gagwe ka tlhoafalo mme a mmolelele gore a ka tokafatsa fa kae. Tota le mokaulengwe yo o neetseng dipuo ka dingwaga di le dintsi a ka kopa kgakololo mo bakaulengweng ba ba nang le maitemogelo, go tswa foo a bo a dirisa kgakololo e a e newang.

17. Ti nga bona mbayilo upi mu ku chemegwa?

17 Mo dibekeng kgotsa mo dikgweding tse di latelang, rotlhe re tlile go newa kgakololo ke phuthego ya ga Jehofa kgotsa ke motho yo mongwe. Fa seo se direga, akanya ka dintlha tse re sa tswang go tlotla ka tsone. Nna o ikokobeditse. Tlhoma mogopolo mo kgakololong e o e newang e seng mo tseleng e o e newang ka yone. Go tswa foo dirisa kgakololo e o e newang. Ga go na ope wa rona yo o tshotsweng a le botlhale. Le fa go ntse jalo, fa re ‘reetsa kgakololo mme re amogela kotlhao,’ Lefoko la Modimo le re solofetsa gore re tla ‘nna botlhale.’—Diane 19:20.

LUMBO 124 Re Ikanyege ka Metlha

^ ndi. 5 Batho ba ga Jehofa ba a itse gore go botlhokwa gore ba reetse kgakololo e e mo Baebeleng le gore ba e dirise. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ga go motlhofo go amogela kgakololo. Goreng go se motlhofo go dira jalo? Mme ke eng se se ka re thusang gore re solegelwe molemo ke kgakololo e re e newang?

^ ndi. 10 Maina mangwe a fetotswe.

^ ndi. 14 Mo setlhogong se se latelang re tlile go bona gore batho ba ba nayang kgakololo ba ka dira seo jang ka botlhale.