Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 3

Cha ti Nga Zwidiya mu Chililo Cha Jesu

Cha ti Nga Zwidiya mu Chililo Cha Jesu

“Jesu kalila.”—JOH. 11:35.

LUMBO 17 “Ke a Batla”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-3. Mathatha api a nga thama kuti bathu ba Jehova ba lile?

O NE wa lela leng labofelo? Gangwe le gape re a lela ka gonne re itumetse. Le fa go ntse jalo, gantsi re lela ka gonne re utlwile botlhoko. Ka sekai, re ka lela ka gonne re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang. Kgaitsadi mongwe wa kwa United States yo o bidiwang Lorilei a re: “Go na le dinako dingwe tse loso lwa morwadiake lo neng lo nkutlwisa botlhoko thata jaana mo ke neng ke sa gomotsege. Mo dinakong tseo, ke ne ke sa akanye gore khutsafalo ya me e tla fela.” *

2 Go na le dilo tse dingwe gape tse di ka dirang gore re lele. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa kwa Japane yo o bidiwang Hiromi a re: “Ka dinako dingwe ke utlwisiwa botlhoko ka gore batho ba ke ba rerelang ga ba kgatlhegele go reetsa molaetsa wa Baebele. Ke a tle ke bue le Jehofa ke geletse dikeledi ke mo kopa gore a nthuse go bona mongwe yo o batlang go itse boammaaruri.”

3 A le wena o a tle o ikutlwe jaaka bokgaitsadi ba re buileng ka bone mo dirapeng tse di fetileng? Bontsi jwa rona re a tle re ikutlwe jalo. (1 Pet. 5:9) Re batla go ‘direla Jehofa ka boitumelo,’ le fa go ntse jalo ka dinako dingwe re a lela ka gonne re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang, re kgobegile marapo kgotsa go na le maemo mangwe a a dirang gore go nne thata go ikanyega mo Modimong. (Pes. 6:6; 100:2) Re ka dira eng fa re ikutlwa jalo?

4. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

4 Re ka ithuta mo sekaong sa ga Jesu. Ka dinako dingwe, go ne go na le maemo a a neng a mo utlwisa botlhoko mo a neng “a tsholola dikeledi.” (Joh. 11:35; Luke 19:41; 22:44; Baheb. 5:7) A re tlotleng ka mangwe a maemo ao. Fa re ntse re dira jalo, re tla bona gore ke eng se re ka ithutang sone mo go Jesu le mo go Rraagwe e bong Jehofa. Gape re tla bona gore ke eng se re ka se dirang fa go tlhaga maemo a a dirang gore re lele.

KU LILILA BAKHWINYA BABE

Fela jaaka Jesu, gomotsa ba ba tlhokafaletsweng (Bona serapa 5-9) *

5. To zwidiyani ne kwa Jesu mu na cha ka kwagwa mu na Johani 11:32-36?

5 Ka 32 C.E., tsala e kgolo ya ga Jesu e bong Lasaro, o ne a lwala a bo a tlhokafala. (Joh. 11:3, 14) Lasaro o ne a na le bokgaitsadie ba babedi e bong Marea le Maratha, mme Jesu o ne a rata lelapa leno thata. Marea le Maratha ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke loso lwa kgaitsadiabone yo ba neng ba mo rata thata. Morago ga loso lwa ga Lasaro, Jesu o ne a tsaya loeto a ya kwa motsaneng wa Bethani, kwa Marea le Maratha ba neng ba nna gone. Fa Maratha a utlwa gore Jesu o mo tseleng, o ne a taboga a ya go mo kgatlhantsha. Akanya kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone fa a ne a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.” (Joh. 11:21) Nakwana morago ga foo, fa Jesu a bona Marea le batho ba bangwe ba lela, “o ne a tsholola dikeledi.”—Bala Johane 11:32-36.

6. Ini Jesu aka lila mu chibaka ichecho?

6 Goreng Jesu a ile a lela mo lekgetlong leno? Buka ya Insight on the Scriptures e a re: “Fa Jesu a ne a utlwa gore tsala ya gagwe e a neng a atamalane thata le yone e bong Lasaro o tlhokafetse, e bile a bona gore bokgaitsadie ba utlwile botlhoko thata, ‘pelo ya gagwe e ne ya nna botlhoko mme a tsholola dikeledi.’” * Jesu a ka tswa a ne a akanya ka botlhoko jo tsala ya gagwe e bong Lasaro a neng a bo utlwa fa a ne a lwala le kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a lemoga gore o tloga a tlhokafala. Selo se sengwe se se dirileng gore Jesu a lele ke go bona kafa Marea le Maratha ba neng ba amilwe ke loso lwa ga kgaitsadiabone ka gone. Fa e le gore o kile wa tlhokafalelwa ke mongwe mo lelapeng kgotsa tsala e o neng o atamalane thata le yone, ga go pelaelo gore le wena o ne wa ikutlwa fela jaaka Jesu. Akanya ka dilo tse tharo tse re ka ithutang tsone mo tiragalong eno.

7. Ini cha ti no zwidiya ne kwa Jehova mu ku lilila kwa Jesu bakhwinya babe?

7Jehofa o tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone. Jesu o ‘tshwana le Rraagwe tota.’ (Baheb. 1:3) Fa Jesu a ne a lela, o ne a bontsha gore Rraagwe o ikutlwa jang fa re tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. (Joh. 14:9) Fa e le gore o tlhokafaletswe, itse gore Jehofa ga a bone khutsafalo ya gago fela, mme o go utlwela botlhoko. O batla go fodisa pelo ya gago e e phatlogileng.—Pes. 34:18; 147:3.

8. Ini ti nga themba kuti Jesu u nowo musa bathu ba ti no da?

8Jesu o batla go tsosa batho ba o ba ratang. Nakwana pele ga Jesu a lela, o ne a raya Maratha a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maratha o ne a dumela se Jesu a neng a se bua. (Joh. 11:23-27) E re ka Maratha a ne a obamela Jehofa, o ne a itse gore moporofeti Elija le moporofeti Elisha ba ile ba tsosa batho mo nakong e e fetileng. (1 Dikg. 17:17-24; 2 Dikg. 4:32-37) E bile a ka tswa a ne a utlwetse ka batho bangwe ba Jesu a ileng a ba tsosa. (Luke 7:11-15; 8:41, 42, 49-56) Le wena o ka dumela gore o tla boa o bona batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. Kgang ya go bo Jesu a ile a lela fa a ne a gomotsa ditsala tsa gagwe tse di neng di hutsafetse, e re bontsha gore o tlhologeletswe go tsosa batho ba ba tlhokafetseng.

9. Sa Jesu, u nga batsha chini ba no lila? Ipa chilakidzilo.

9O ka ema batho ba ba hutsafetseng nôkeng. Jesu ga a ka a lela le Maratha le Marea fela, gape o ne a ba reetsa a bo a ba gomotsa. Le rona re ka dira se se tshwanang go gomotsa batho ba ba hutsafetseng. Mogolwane mongwe wa kwa Australia e bong Dan a re: “Fa mosadi wa me a sena go tlhokafala, ke ne ke tlhoka thuso. Ka metlha, bakaulengwe ba le bantsi le basadi ba bone ba ne ba ikemiseditse go ntheetsa. Ba ne ba ntetla gore ke bontshe tsela e ke utlwileng botlhoko ka yone e bile ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong fa ba mpona ke lela. Gape ba ne ba nthusa ka go ntlhatswetsa koloi, go nthekela dijo le go nkapeela fa ke ne ke sa kgone go itirela dilo tseno. E bile ba ne ba rapela le nna gangwe le gape. Ruri e ne e le ditsala tsa boammaaruri le ‘bomorwarramotho ba o ka ikaegang ka bone ka dinako tsa matshwenyego.’”—Diane 17:17.

KU LILILA BABAKISANI NAYE

10. Thalusa cha ka kwagwa mu na Luka 19:36-40.

10 Jesu o ne a goroga kwa Jerusalema ka Nisane 9, 33 C.E. Fa a atamela motse oo, boidiidi jwa batho bo ne jwa phuthega mme batho ba ne ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga gagwe, ba bontsha gore ba mo amogela gore e nne Kgosi ya bone. Ruri eo e ne e le tiragalo e e itumedisang! (Bala Luke 19:36-40.) Ka jalo, barutwa ba gagwe ba ka tswa ba ne ba sa lebelela se se neng sa direga morago ga foo. Baebele e a re: “Fa [Jesu] a fitlha gaufi le motse, o ne a o leba mme a o lelela.” Fa Jesu a ne a bua ka dilo tse di botlhoko tse di neng di tla diragalela batho ba ba neng ba nna kwa Jerusalema mo bogautshwaneng, o ne a lela.—Luke 19:41-44.

11. Ini Jesu aka lilila bathu be Jerusalema?

11 Jesu o ne a hutsafetse ka gonne o ne a itse gore le fa batho bangwe ba ne ba mo amogela, Bajuda ba le bantsi ba ne ba ka se amogele molaetsa wa Bogosi. Seo se ne se tla dira gore Jerusalema e senngwe mme Bajuda ba ba neng ba tla falola fa motse oo o senngwa ba ne ba tla isiwa botshwarwa. (Luke 21:20-24) Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba a ka ba amogela Jesu fela jaaka a ne a buile. Mo lefelong la lona, batho ba ikutlwa jang ka molaetsa wa Bogosi? Fa e le gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi, o ka ithuta eng mo kgannyeng ya go bo Jesu a ile a lelela batho ba a neng a ba rerela? Akanya ka dilo tse dingwe tse tharo tse re ka di ithutang.

12. Ti nga zwidiyani ne kwa Jehova mu ku lilila kwa Jesu bathu bakanyi kwabo?

12Jehofa o amega ka batho. Fa Jesu a ne a lela, o ne a re gopotsa gore Jehofa o amega thata ka batho. “Ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.” (2 Pet. 3:9) Gompieno re bontsha gore re rata baagelani ba rona ka go nna re leka go ba ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Math. 22:39. *

Fela jaaka Jesu, fetola dinako tse o rerang ka tsone (Bona serapa 13-14) *

13-14. Jesu wa ka lakidza mahwilangoni bathu chini, ngono ti nga n’yedza chini?

13Jesu o ne a dira ka natla mo bodireding. O ne a bontsha gore o rata batho ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go ba ruta. (Luke 19:47, 48) Ke eng se se neng se mo tlhotlheletsa gore a dire jalo? Jesu o ne a ba tlhomogela pelo. Nako nngwe, batho ba le bantsi ba ne ba batla go utlwa se Jesu a neng a se bua mo e leng gore ene le barutwa ba gagwe “ga ba a ka ba nna le nako ya go ja.” (Mar. 3:20) Gape fa monna mongwe a ne a batla go bua le Jesu go le bosigo, Jesu o ne a ipha nako ya go bua le ene. (Joh. 3:1, 2) Batho ba le bantsi ba kwa tshimologong ba neng ba reetsa Jesu, ga ba a ka ba nna barutwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba neng ba mo reetsa o ne a ba rerela ka botlalo. Le rona gompieno, re batla go naya mongwe le mongwe tshono ya gore a utlwe dikgang tse di molemo. (Dit. 10:42) Gore re kgone go dira jalo, re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola tsela e re rerang ka yone.

14Ikemisetse go dira diphetogo tse di tlhokegang. Fa re sa fetole dinako tse re rerang ka tsone, re ka nna ra se ka ra fitlhela batho ba ba batlang go utlwa dikgang tse di molemo. Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Matilda a re: “Nna le monna wa me re leka go rerela batho ka dinako tse di farologaneng. Mo mosong re bereka tshimo ya kgwebo. Motshegare fa go na le batho ba le bantsi mo mebileng re dirisa kolotsana ya dikgatiso. Mme maitseboa re kgona go fitlhela batho ba le bantsi kwa matlong a bone.” Re tshwanetse go rerela batho ka dinako tse ba leng teng ka tsone, e seng ka dinako tse di tshwanelang rona. Fa re dira jalo, Jehofa o tla itumela.

KU LILILA KU KUDZIWA KWA TATE BABE

Fela jaaka Jesu, rapela Jehofa ka tlhoafalo fa o tshwenyegile (Bona serapa 15-17) *

15. Kwa ka shingikalani mu busiku gwe bupelo gwe buchilo gwa Jesu, se kwa kwa ka kwagwa mu na Luka 22:39-44?

15 Ka maitseboa a Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a ya kwa tshingwaneng ya Gethesemane. Fa a le koo, o ne a bulela Jehofa mafatlha. (Bala Luke 22:39-44.) Ka nako eo e e thata, Jesu o ne a “rapela ka tlhoafalo . . . ka lentswe le le kwa godimo e bile a lela.” (Baheb. 5:7) Jesu o ne a rapelela eng mo bosigong jwa bofelo pele a swa? O ne a rapela Jehofa gore a mo nonotshe gore a tswelele a ikanyega le gore a dire thato ya Gagwe. Jehofa o ne a utlwa fa Morwawe a ne a mo rapela ka tlhoafalo e bile o ne a romela moengele gore a mo nonotshe.

16. Ini Jesu a ka be a ka hwa zogwadza ha e tembezela a li mu garden ye Getsemane?

16 Ga go pelaelo gore Jesu o ne a lela fa a ne a rapela kwa tshingwaneng ya Gethesemane ka gonne a tshwenyegile ka gore batho ba ne ba tla mo tsaya e le mongwe yo o sa tlotleng leina la Modimo. Gape o ne a itse gore go ne go le botlhokwa thata gore a nne a ikanyega le gore a tlotlomatse leina la ga Rraagwe. Fa e le gore go na le maemo a a lekang boikanyegi jwa gago mo go Jehofa gone jaanong, o ka ithuta eng mo kgannyeng ya go bo Jesu a ile a lela? Akanya ka dilo tse dingwe gape tse tharo tse re ka di ithutang.

17. Ti nga zwidiyani ne kwa Jehova mu ku dabila mitembezelo ya Jesu i no dwa mu moyo?

17Jehofa o a reetsa fa re mo rapela ka tlhoafalo. Jehofa o ne a reetsa Jesu fa a ne a mo rapela ka tlhoafalo. Goreng? Ka gonne Jesu o ne a amegile thata ka gore a nne a ikanyega mo go Rraagwe le gore a tswelele a tlotlomatsa leina la Gagwe. Fa e le gore le rona re amegile thata ka gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le gore re tlotlomatse leina la gagwe, o tla araba dithapelo tsa rona fa re mo kopa thuso.—Pes. 145:18, 19.

18. I zila ipi Jesu ya a nga fanidzanyiwa ne nkhwinya u na mahwilangoni?

18Jesu o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone. Fa re hutsafetse, re a itumela fa tsala e e kutlwelobotlhoko e re gomotsa, segolobogolo fa e le gore o kile a tlhagelwa ke diteko tse di tshwanang le tsa rona. Jesu ke tsala e e ntseng jalo. O a itse gore go utlwa botlhoko le go tlhoka thuso go ntse jang. O tlhaloganya makoa a rona e bile o tla re thusa ka “nako e e tshwanetseng.” (Baheb. 4:15, 16) Fela jaaka Jesu a ile a amogela thuso e moengele a neng a mo naya yone kwa tshingwaneng ya Gethesemane, le rona re tshwanetse go ikemisetsa go amogela thuso e Jehofa a re nayang yone, e ka tswa e le ka dikgatiso, dibidio, dipuo kgotsa fa mogolwane mongwe kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re etela.

19. U nga simisiwa chini ha wa ka lingisana ne ku likiwa ku no gwadza kwe ku thembeka kuko mu Ndzimu? Ipa chilakidzilo.

19Jehofa o tla re naya “kagiso.” Jehofa o tla re nonotsha jang? Fa re rapela o tla re naya “kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.” (Bafil. 4:6, 7) Kagiso e Jehofa a re nayang yone e dira gore re ritibale le gore re kgone go akanya sentle. Seo ke se se neng sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Luz. A re: “Gantsi ke jewa ke bodutu. Seo se dira gore ka dinako dingwe ke akanye gore Jehofa ga a nthate. Mme fa ke ikutlwa jalo, ka yone nako eo ke rapela Jehofa ke bo ke mmulela mafatlha. Thapelo e nthusa gore ke laole maikutlo ao.” Maitemogelo ano a re bontsha gore thapelo e ka re thusa gore re nne le kagiso.

20. Ta zwidiyani mu ku lila kwa Jesu?

20 Ruri kgang ya go bo Jesu a ile a lela e re gomoditse e bile re ithutile dilo di le dintsi mo go yone! Re gopoditswe gore re eme ditsala tsa rona tse di tlhokafaletsweng nôkeng le gore re ikanye gore Jehofa le Jesu ba tla re ema nôkeng fa re tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. E re ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba le pelotlhomogi, le rona re tlhotlheletsega go nna pelotlhomogi fa re rerela batho le fa re ba ruta. E bile re gomodiwa ke go itse gore Jehofa le Morwawe yo o rategang ba tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone, ba re utlwela botlhoko ka ntlha ya makoa a rona e bile ba batla go re thusa gore re kgone go itshoka. E kete re ka tswelela re dirisa se re se ithutileng go fitlha ka letsatsi le Jehofa a tla bong a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona]”!—Tshen. 21:4.

LUMBO 120 Nna Bonolo Jaaka Keresete

^ ndi. 5 Baebele e re bolelela gore ka dinako dingwe Jesu o ne a utlwa botlhoko a bo a lela. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka makgetlo a le mararo a mo go one Jesu a neng a lela e bile re tla bona gore re ka ithuta eng mo go one.

^ ndi. 1 Maina mangwe a fetotswe.

^ ndi. 12 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “moagelani” mo go Mathaio 22:39 ga le bue fela ka batho ba ba agileng gaufi le rona. Le ka kaya mongwe le mongwe yo re kopanang le ene.

^ ndi. 58 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ne a gomotsa Marea le Maratha. Le rona re ka gomotsa ba ba tlhokafaletsweng ke batho ba ba ba ratang.

^ ndi. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ne a ikemiseditse go ruta Nikodemo bosigo. Re tshwanetse go ikemisetsa go ruta batho Baebele ka nako e ba leng teng ka yone.

^ ndi. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse gore a tswelele a ikanyega mo go ene. Le rona re tshwanetse go rapela fa re tlhagelwa ke diteko.