Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 3

Jehova u no ku Batsha Kuti u Budilile

Jehova u no ku Batsha Kuti u Budilile

“Yahwe bakabe bana Josefa . . . , tjimwe ne tjimwe tjaanoshinga kuti tjibhudilile.”—GEN. 39:2, 3.

LUMBO 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1-2. (a) Ini ti singa chename ha ti lingisana ne dzindiko? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

 GA RE gakgamale fa re tlhagelwa ke diteko. Baebele e a re “re tshwanetse go tsena mo Bogosing Jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” (Dit. 14:22) E bile re a itse gore mathata mangwe a rona a tla rarabologa kwa lefatsheng le lesha ka nako ya fa “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”—Tshen. 21:4.

2 Jehofa ga a thibele diteko gore di se ka tsa re tlhagela. Le fa go ntse jalo, o re thusa gore re di itshokele. Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Roma. O ne a simolola pele ka go umaka diteko tse ene le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba lebana le tsone. Go tswa foo, o ne a kwala jaana: “Re a fenya ka ntlha ya ene yo o neng a re rata.” (Bar. 8:35-37) Seno se raya gore Jehofa a ka go thusa le ka nako ya fa o le mo ditekong. A re boneng gore Jehofa o ne a thusa Josefa jang, le gore a ka go thusa jang.

HA ZWITHU ZWI SHANDUKA CHINYOLOCHO

3. Zwithu zwa ka shandukila Josefa chinyolocho chini?

3 Jakobe o ne a bontsha gore o rata morwawe e bong Josefa fela thata. (Gen. 37:3, 4) Seo se ne sa dira gore bomogolowe Josefa ba mo fufegele. Fa tshono e tlhaga, ba ne ba mo rekisetsa setlhopha sa bagwebi ba Bamidiana. Bagwebi bao ba ne ba isa Josefa kgakala kwa Egepeto, mme ba ne ba mo rekisetsa Potifaro e leng molaodi wa badisa ba ga Faro. Botshelo jwa ga Josefa bo ne jwa fetoga ka ponyo ya leitlho, o ne a kgaogantswe le rraagwe yo a mo ratang, mme jaanong e ne e le lekgoba la monna mongwe wa kwa Egepeto.—Gen. 39:1.

4. Ti nga lingisana ne dzindiko dzi nonga dza Josefa chini?

4 Baebele e a re “dilo tse di bosula di diragalela mongwe le mongwe.” (Mor. 9:11, Holy Bible—Easy-to-Read Version) Ka dinako dingwe re nna le mathata a a ‘welang batho botlhe,’ e leng diteko tse batho botlhe ba lebanang le tsone. (1 Bakor. 10:13) Kgotsa re ka nna ra lebana le maemo a a thata ka gonne re le barutwa ba ga Jesu. Ka sekai, re ka nna ra sotliwa, ra ganediwa kgotsa ra bogisiwa ka ntlha ya se re se dumelang. (2 Tim. 3:12) Jehofa a ka go thusa gore o atlege go sa kgathalesege gore o lebana le diteko dife. O ne a thusa Josefa jang gore a atlege?

Jehofa o ne a thusa Josefa gore a atlege tota le fa a ne a rekisitswe gore e nne motlhanka wa ga Potifaro kwa Egepeto (Bona serapa 5)

5. Potifa wa ka be e kumbulani ne se kwa Josefa a ka be e khona zwithu? (Genesisi 39:2-6)

5 Bala Genesise 39:2-6. Potifaro o ne a lemoga gore Josefa o ne a le botlhale thata le gore o ne a dira ka natla. E bile o ne a itse gore ke eng se se neng se dira gore a nne jalo. Potifaro o ne a bona gore “Jehofa o ne a dira gore sengwe le sengwe se [Josefa] a se dirang se atlege.” b Monna yono wa Moegepeto o ne a feleletsa a dirile Josefa motlhokomedi wa gagwe. Gape o ne a tlhoma Josefa gore a okamele ntlo yotlhe ya gagwe. Seo se ne sa felela ka eng? Potifaro o ne a atlega.

6. Josefa u nga dwa a ka zwihwa chini ne kwe chimo cha a ka be a ka lingisana nacho?

6 Leka go ipaya mo maemong a ga Josefa. O ne a eletsa gore go direge eng? A o ne a batla gore Potifaro a mo tseye e le motho wa botlhokwa kgotsa a mo neye maemo mangwe? Nnyaa. Josefa a ka tswa a ne a batla go boela kwa go rraagwe. Le fa gone Josefa a ne a na le ditshiamelo dingwe mo ntlong ya ga Potifaro, e ne e sa ntse e le motlhanka wa motho yo o neng a sa obamele Jehofa. Jehofa ga a ka a dira gore Potifaro a letle Josefa gore a boele gae, e bile boemo jwa ga Josefa bo ne bo tlile go nna maswe le go feta.

HA CHIMO CHI CHINYIKILA MBELI

7. Chimo cha Josefa cha ka chinyikila mbeli chini? (Genesisi 39:14, 15)

7 Jaaka go tlhalositswe mo go Genesise kgaolo 39, mosadi wa ga Potifaro o ne a kgatlhegela Josefa e bile o ne a leka ka makgetlo a le mantsi go tlhakanela dikobo le ene. Mo makgetlong ao otlhe, Josefa o ne a gana go tlhakanela dikobo le ene. Seo se ne sa dira gore a galefele Josefa thata a bo a mo latofatsa ka gore o ne a leka go mmetelela. (Bala Genesise 39:14, 15.) Fa Potifaro a utlwa ka kgang eno o ne a tsenya Josefa mo kgolegelong, e bile o ne a nna koo dingwaga di le mmalwa. (Gen. 39:19, 20) Kgolegelo eo e ne e ntse jang? Lefoko la Sehebera le Josefa a le dirisitseng e leng “kgolegelo” le ka kaya “lefelo le le tshwanang le khuti le le ka fa tlase ga lefatshe.” Seno se raya gore lefelo leo le ne le le lefifi e bile Josefa o ne a ngomogile pelo. (Gen. 40:15; ntlh.) Gape Baebele e a re dinao tsa ga Josefa di ne tsa bofiwa ka dikeetane le gore molala wa gagwe o ne wa tsenngwa mo ditshiping. (Pes. 105:17, 18) Boemo jwa ga Josefa bo ne jwa nna maswe le go feta. Motho yo e neng e le motlhanka yo o tshepiwang, jaanong e ne e le legolegwa.

8. Nenguba ti nga lingisana ne ndiko dza ka sima, ti nga be ne thembo ipi?

8 A o kile wa lebana le boemo jo bo neng jwa nna maswe le go feta le fa gone o ne o rapela ka tlhoafalo? Seo se ka direga. Jehofa ga a re sireletse gore re se ka ra lebana le diteko mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane. (1 Joh. 5:19) Mme gone, itse gore: Jehofa o bona sengwe le sengwe se se go diragalelang e bile o amega ka wena. (Math. 10:29-31; 1 Pet. 5:6, 7) Mo godimo ga moo, o re solofetsa jaana: “Ga nkitla ke go tlogela, e bile ga nkitla ke go latlha.” (Baheb. 13:5) Jehofa a ka go thusa gore o itshoke tota le fa go lebega e kete ga o ka ke wa kgona go tswa mo boemong jo o leng mo go jone. A re boneng gore Jehofa o ne a thusa Josefa jang.

Jehofa o ne a thusa Josefa tota le fa a ne a le kwa kgolegelong le fa a ne a tlhomilwe gore a okamele magolegwa otlhe (Bona serapa 9)

9. Ini chi no lakidza kuti Jehova wa ka be a na Josefa mu chibaka cha a ka be a li mu toronko? (Genesisi 39:21-23)

9 Bala Genesise 39:21-23. Tota le ka nako e e thata ya fa Josefa a ne a le kwa kgolegelong, Jehofa o ne a dira gore a atlege. O ne a dira seo jang? Fa nako e ntse e tsamaya, modiredimogolo wa kgolegelo o ne a tshepa Josefa le go mo tlotla fela jaaka Potifaro a ne a dira. Go ise go ye kae, modiredimogolo yoo o ne a tlhoma Josefa gore a okamele magolegwa a mangwe. Tota e bile, Baebele e re bolelela gore “modiredimogolo wa kgolegelo o ne a sa tshwenyege ka dilo tse Josefa a neng a di tlhokometse.” Jaanong Josefa o ne a na le tiro e a neng a ka e dira. Maemo a ne a fetoga go sa lebelelwa. Go tla jang gore legolegwa le le neng le latofadiwa ka gore le ne le leka go betelela mosadi wa modiredimogolo le newe maemo ao a a tlotlegang? Go na le lebaka la go bo seo se ile sa direga. Genesise 39:23 e a re: “Jehofa o ne a na le Josefa e bile Jehofa o ne a dira gore sengwe le sengwe se a se dirang se atlege.”

10. Chenesa kuti ini Josefa a ka be a singa tole kuti u no ziba chingwe ne chingwe.

10 Leka go ipaya mo maemong a ga Josefa gape. A o akanya gore fa Josefa a sena go latofadiwa a bo a tsenngwa mo kgolegelong, o ne a tsaya gore o atlegile mo go sengwe le sengwe? O ne a eletsa gore go direge eng? A o ne a batla go ratiwa ke modiredimogolo wa kgolegelo? Josefa a ka tswa a ne a batla go gololwa. Tota e bile o ne a kopa legolegwa lengwe le le neng le tloga le gololwa gore le mmuelele kwa go Faro gore a tswe mo kgolegelong eo e e neng e ngomola pelo. (Gen. 40:14) Le fa go ntse jalo, monna yoo ga a ka a bua le Faro ka yone nako eo. Seo se ne sa dira gore Josefa a nne kwa kgolegelong dingwaga tse dingwe tse pedi. (Gen. 40:23; 41:1, 14) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira gore Josefa a atlege. O ne a dira seo jang?

11. Jehova wa ka pa Josefa bukhoni gupi, ngono ichecho cha ka be ne gobe lipi mu ku shingikadza mazwimisilo a Jehova?

11 Fa Josefa a ne a le kwa kgolegelong, Jehofa o ne a dira gore kgosi ya Egepeto e lore ditoro tse pedi tse di tlhobaetsang. Faro o ne a batla go itse gore ditoro tseo di kaya eng. Fa a utlwa gore Josefa o na le bokgoni jwa go tlhalosa ditoro, o ne a laela gore a bidiwe. Jehofa o ne a thusa Josefa gore a kgone go tlhalosa ditoro tseo le gore Faro a itumelele kgakololo e a neng a mo naya yone. E re ka Faro a ne a lemoga gore Jehofa o thusa lekawana leno, o ne a le tlhoma gore le okamele dijo tsotlhe tsa Egepeto. (Gen. 41:38, 41-44) Moragonyana go ne ga nna le leuba kwa Egepeto le kwa Kanana, e leng lefelo le ba lelapa la gaabo Josefa ba neng ba nna kwa go lone. Jaanong Josefa o ne a tla kgona go thusa ba lelapa la gaabo le moragonyana Mesia a neng a tla tswa mo go lone.

12. I zila dzipi dzi no lakidza kuti Jehova wa ka batsha Josefa kuti a be ne bukhoni gwe ku thama zwithu?

12 Akanya ka dilo tse di sa tlwaelegang tse di neng tsa direga mo botshelong jwa ga Josefa. Ke mang yo o dirileng gore Potifaro a lemoge gore Josefa o botlhale e bile ke senatla le fa gone e ne e le motlhanka fela? Ke mang yo o dirileng gore modiredimogolo wa kgolegelo a rate Josefa, yo e neng e le legolegwa? Ke mang yo o dirileng gore Faro a lore ditoro tse di tlhobaetsang le yo o neileng Josefa bokgoni jwa gore a di tlhalose? Ke mang yo o dirileng gore Faro a tlhome Josefa gore a okamele dijo tsa kwa Egepeto? (Gen. 45:5) Ga go pelaelo gore Jehofa ke ene a dirileng gore sengwe le sengwe se Josefa a neng a se dira se atlege. Le fa bomogolowe Josefa ba ne ba batla go mmolaya, Jehofa o ne a fetola boemo joo gore a kgone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.

SE KWA JEHOVA E KU BATSHA KUTI U BE NE BUKHONI

13. A Jehova u no ti batsha mu mathatha mangwe ne mangwe a ti no lingisana nawo? Chenesa.

13 Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Josefa? A Jehofa o re golola mo boemong bongwe le bongwe jo re lebanang le jone? A Jehofa o laola sengwe le sengwe se se diregang mo matshelong a rona mo e leng gore fa re diragalelwa ke sengwe se se bosula, re ka re go na le lebaka le le utlwalang la go bo a se letlile gore se direge? Nnyaa, Baebele ga e bue jalo. (Mor. 8:9; 9:11) Le fa go ntse jalo, re a itse gore fa re tlelwa ke diteko, Jehofa o a re bona e bile o utlwa selelo sa rona fa re kopa thuso. (Pes. 34:15; 55:22; Isa. 59:1) Mo godimo ga moo, Jehofa a ka re thusa go itshokela mathata a re lebanang le one. A ka re thusa jang?

14. Jehova u no ti batsha chini mu zwimo zwa ka sima?

14 Tsela e nngwe e Jehofa a re thusang ka yone ke ka go re gomotsa le go re kgothatsa ka nako e e tshwanetseng. (2 Bakor. 1:3, 4) Seo se diragaletse mokaulengwe Eziz wa kwa Turkmenistan, yo o neng a atlholetswe dingwaga di le pedi kwa kgolegelong ka ntlha ya se a se dumelang. A re: “Mo mosong wa letsatsi le ke neng ke tlile go sekisiwa ka lone, mokaulengwe mongwe o ne a mpontsha Isaia 30:15 e e reng: ‘Fa lo nna lo ritibetse e bile lo ntshepa, lo tla nna le maatla.’ Ka metlha temana eno e ne e nthusa gore ke ritibale le gore ke tshepe Jehofa mo go sengwe le sengwe. Go akanyetsa kwa teng ka temana eno, go nthusitse fa ke ne ke le kwa kgolegelong.” A go na le nako e o ileng wa lemoga gore Jehofa o a go gomotsa e bile o a go kgothatsa ka nako e e tshwanetseng?

15-16. Wa zwidiyani mu na cha ka shingikalila Tori?

15 Gantsi fa re setse re fetile mo tekong, ke gone re lemogang kafa Jehofa a re thusitseng ka gone. Seo se ne sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Tori. Morwawe e bong Mason o ne a tshwarwa ke kankere ka dingwaga di le thataro go fitlha a swa. Ga go pelaelo gore seo se ile sa utlwisa Tori botlhoko. A re: “Joo e ne e le boemo jo bo utlwisang botlhoko thata jo nkileng ka lebana le bone.” O oketsa ka go re: “Ke dumela gore batsadi ba tla dumalana le nna gore go utlwisa botlhoko go bona ngwana wa gago a lwala go na le fa go lwala wena.”

16 Le fa Tori a ne a utlwisiwa botlhoko ke go bona Mason a lwala, moragonyana o ne a lemoga kafa Jehofa a neng a mo thusa ka gone gore a itshoke. A re: “Fa ke akanya ka nako eo, ke kgona go lemoga kafa Jehofa a nthusitseng ka gone fa morwaake a ne a lwala. Ka sekai, tota le fa Mason a ne a lwala thata mo a neng a sa kgone go bona baeng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tswa kgakala ba tla go mo tlhola kwa bookelong. Ka metlha go ne go nna go na le bakaulengwe kwa lefelong la baeng ba ikemiseditse go nkema nôkeng e bile ba ne ba re naya dilo tse re di tlhokang. Tota le fa go ne go le thata, re ne re nna le se re se tlhokang. Jehofa o ne a naya Tori le Mason se ba neng ba se tlhoka gore ba kgone go itshoka.—Bona lebokoso le le reng, “ Jehofa O ne A re Naya se re Neng re se Tlhoka.”

KUMBULA SE KWA WA KA KOMBOLEGWA

17-18. Ini chi nga ti batsha ku bokela batsho ya Jehova mu zwibaka zwe dzindiko? (Pisalema 40:5)

17 Bala Pesalema 40:5. Mokgele wa motho yo o palamang thaba ke gore a fitlhe kwa setlhoeng. Le fa go ntse jalo, a ka tla a ema gore a bone mafelo a mantle. Ka tsela e e tshwanang, iphe nako ya go ema le go akanya ka tsela e Jehofa a go thusang go atlega ka yone le fa o na le mathata. Kwa bowelong jwa letsatsi lengwe le lengwe, ipotse jaana: ‘Jehofa o ntshegofaditse jang gompieno? Le fa teko e sa ntse e le teng, Jehofa o nthusa jang gore ke itshoke?’ Leka go bona sengwe se Jehofa a go thusitseng ka sone gore o atlege.

18 Ke boammaaruri gore o ka tswa o rapelela gore teko e o lebaneng le yone e fele. Seo se a utlwala e bile go a tshwanela gore o dire jalo. (Bafil. 4:6) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga masego a re nang le one gone jaanong. Jehofa o re solofetsa gore o tla re nonotsha le go re thusa gore re itshoke. Ka jalo, ka metlha lebogela go bo Jehofa a go thusa. Fa o dira jalo, o tla bona kafa Jehofa a go thusang ka gone gore o atlege fa o lebane le diteko fela jaaka a ile a thusa Josefa.—Gen. 41:51, 52.

LUMBO 32 Nna ka fa Letlhakoreng la ga Jehofa!

a Fa re lebana le teko nngwe e e thata, re ka nna ra akanya gore Jehofa ga a re thuse. Tota e bile, re ka akanya gore re atlega fela fa teko eo e fetile. Le fa go ntse jalo, dilo tse di diragaletseng Josefa mo botshelong di re ruta thuto ya botlhokwa, ya gore Jehofa o re thusa gore re atlege tota le fa re le mo ditekong. Setlhogo seno se tla tlhalosa gore seo se direga jang.

b Baebele e tlhalosa diphetogo tse di neng tsa direga mo botshelong jwa ga Josefa fa e ne e le motlhanka mo ditemaneng di le mmalwa fela, mme gone di ka tswa di diragetse mo dingwageng di le dintsi.