Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 2

LUMBO 19 Sejo sa Morena sa Maitseboa

A wa ka Zwibaakanyila Zhuba Gulu mu Gole?

A wa ka Zwibaakanyila Zhuba Gulu mu Gole?

“Itani ikoko,kundikumbula.”​—LUKA 22:19.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore ke eng fa Segopotso se le botlhokwa, gore re ka se ipaakanyetsa jang le gore re ka thusa jang ba bangwe gore ba nne teng kwa go sone.

1. Ini Chikumbuludzo che lufu gwa Jeso i li zhuba gulu mu gole? (Luka 22:19, 20)

 BATHO ba ga Jehofa ba tsaya Segopotso sa loso lwa ga Jesu se le botlhokwa thata. Ke yone fela tiragalo e Jesu a ileng a laela balatedi ba gagwe gore ba nne ba e gopola. (Bala Luke 22:19, 20.) Mma re tlotle ka mabaka mangwe a a dirang gore re itumelele go ya Segopotsong.

2. I mabaka mangwe api a no thama kuti ti be ta ka lindila Chikumbuludzo?

2 Segopotso se botlhokwa thata ka gonne mo letsatsing leo, re ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka setlhabelo sa ga Jesu le kafa se re tswelang mosola ka gone. Gape letsatsi leo le re gopotsa gore go na le dilo tse re ka di dirang go bontsha gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone. (2 Bakor. 5:14, 15) Mo godimo ga moo, fa re le kwa Segopotsong, re itumelela go ‘kgothatsana’ le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bar. 1:12) Ngwaga le ngwaga, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba sa tlholeng ba tla dipokanong, ba nna gone kwa Segopotsong. Tsela e re ba tshwarang ka yone e dira gore bangwe ba bone ba boele kwa go Jehofa. Batho ba bangwe ba ba tlang Segopotsong le bone ba itumelela thulaganyo eno, ba bo ba kopa gore re ithute Baebele le bone. Ke gone ka moo Segopotso se leng botlhokwa jaana mo go rona.

3. Chikumbuludzo cho ti batshanya chini ne zwikamu zwedu mu shango yose? (Bona itshwantsho.)

3 Gape Segopotso se re thusa go nna seoposengwe. Mo letsatsing leo, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba kopana mmogo go gopola loso lwa ga Jesu fa letsatsi le sena go phirima. Fa re le kwa Segopotsong re reetsa puo e e tlhalosang gore ke eng fa Jesu a ile a re swela, re baka Jehofa ka go mo opelela dipina tse pedi, go fetisiwa senkgwe le beine go bo go rapelwa. Mo go lone letsatsi leo, diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di dira se se tshwanang. Ruri Jehofa le Jesu ba tshwanetse ba bo ba itumela tota fa ba bona re ba tlotla ka tsela eno!

Segopotso se re thusa go nna seoposengwe (Bona serapa 3) f


4. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

4 Mo setlhogong seno re tlile go araba dipotso tseno: Re ka ipaakanyetsa Segopotso jang? Re ka thusa ba bangwe jang gore se ba tswele mosola? Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tlholeng ba tla dipokanong? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go ipaakanyetsa letsatsi leno la botlhokwa.

TI NGA BAAKANYILA MIKUMBULO YEDU CHIKUMBULUDZO CHINI?

5. (a) Ini ta ka fanila kumbulila bukulu gwe chibayilo? (Pisalema 49:7, 8)) (b) Wa zwidiyani mu vidiyo i noti Ini Jeso a Ka Fa?

5 Re ka ipaakanyetsa Segopotso ka go akanyetsa kwa teng ka gore thekololo e botlhokwa go le kana kang. Ga go na ope wa rona yo a neng a ka kgona go golola yo mongwe mo boleong le mo losong. (Bala Pesalema 49:7, 8; bona le bidio ya setlhogo se se reng, Goreng Jesu a Ile a Swa?) a Ka jalo Jehofa o ile a dira gore Jesu a re swele, mme Jehofa le Jesu ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela dilo dingwe gore seo se kgonege. (Bar. 6:23) Fa re ipha nako go akanyetsa kwa teng ka se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, re tla lebogela mpho ya thekololo le go feta. Mma re tlotleng ka dilo tse Jehofa le Jesu ba ileng ba tshwanelwa ke go di itshokela. Mme gone, re tshwanetse go itse pele gore thekololo ke eng.

6. Chibayilo cha ka be ne gobe lipi?

6 Thekololo ke tlhwatlhwa e e ntshiwang go reka se se neng se rekisitswe. Ka sekai, Adame o ne a sena boleo fa Modimo a ne a mmopa, mme fa a sena go leofa, ene le bana ba gagwe ba ile ba latlhegelwa ke tshono ya go tshelela ruri. Jesu ene “ga a ka a dira boleo bope, e bile ga a ka a tsietsa ope.” (1 Pet. 2:22) Ke gone ka moo a ileng a kgona go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo se nang boleo, go reka se Adame a neng a se rekisitse.​—1 Bakor. 15:45; 1 Tim. 2:6.

7. Jeso wa ka lingisana ne ndiko dzipi mu chibaka cha a ka be a li mu shango?

7 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a re a se dire, tota le fa ka dinako dingwe go ne go se motlhofo. Fa e sa ntse e le ngwana, o ne a ikobela batsadi ba gagwe ba ba neng ba na le boleo le fa ene a ne a se na jone. (Luke 2:51) Fa e ne e le mosha, ga a ka a reetsa batho ba ba ka tswang ba ne ba batla gore a se ka a ikobela batsadi ba gagwe kgotsa a se ka a ikanyega mo go Jehofa. Mme fa a setse a godile, ga a ka ineela fa Satane a ne a leka go mo raela. (Math. 4:1-11) Satane o ile a leka sotlhe se a ka se kgonang go dira gore Jesu a leofe. O ne a sa batle gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe gore a re golole mo boleong le mo losong.

8. I ndiko dzipi kakale Jeso dza a ka mililana nadzo?

8 Go na le dilo tse dingwe gape tse Jesu a ileng a di itshokela. Ka sekai, batho ba ba neng ba sa mo rate ba ne ba mmogisa e bile ba batla go mmolaya. (Luke 4:28, 29; 13:31) Gape o ile a tshwanelwa ke go itshokela barutwa ba gagwe fa ba dira diphoso. (Mar. 9:33, 34) Mo godimo ga moo, fa a ne a sekisiwa, o ne a sotliwa e bile a kgobiwa ka mafoko. Go tswa foo o ile a bolawa setlhogo jaaka senokwane, mme o ile a tshwanelwa ke go itshokela teko eo Jehofa a sa mo sireletse. b​—Baheb. 12:1-3; Math. 27:46.

9. U no zwihwa chini ne kwe chibayilo cha Jeso? (1 Pita 1:8)

9 Ruri Jesu o ile a itshokela dilo tse di utlwisang botlhoko gore a kgone go re swela. Fa re akanya ka sengwe le sengwe se a se dirileng, re mo rata le go feta.​—Bala 1 Petere 1:8.

10. Jehova Wa ka lashikigwa ku ngapani mu chibayilo?

10 Jehofa o ile a tshwanelwa ke go itshokela dilo dife gore re gololwe mo boleong le mo losong? Baebele e a re Jehofa le Morwawe ba ne ba atamalane fela thata. (Diane 8:30) Ka jalo akanya fela gore Jehofa o ne a utlwile botlhoko jang fa a bona Morwawe a sa tshwarwe sentle, a tlhokomologiwa e bile a bogisiwa.

11. Lakidza se kwa Jehova a ka zwihwa ha Jeso e bulawa.

11 Motsadi mongwe le mongwe yo o kileng a tlhokafalelwa ke ngwana o a itse gore seo se utlwisa botlhoko go le kana kang. Le fa gone re itse gore baswi ba tlile go tsosiwa, ga go reye gore ga re utlwe botlhoko fa re tlhokafalelwa ke batho ba re ba ratang. Seno se re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a bona Morwawe a bogisiwa a bo a bolawa ka 33 C.E. c​—Math. 3:17.

12. Ti nga thamani ha mazhuba e Chikumbuludzo e sedzela?

12 Pele ga Segopotso, o ka leka go ithuta mo go oketsegileng ka thekololo fa o ithuta o le nosi kgotsa ka nako ya Kobamelo ya Lelapa. O ka dirisa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa kgotsa dikgatiso tse dingwe. d Gape o ka bala mmalo wa Baebele wa Segopotso o o tlhagang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi. Mme ka letsatsi la Segopotso, o se ka wa lebala go lebelela thulaganyo e e kgethegileng ya Kobamelo ya mo Mosong. Fa re ipaakanyetsa Segopotso, re tla kgona go thusa ba bangwe gore le bone se ba tswele mosola.​—Esera 7:10.

BATSHA BANGWE KU BONA MBAYILO

13. Thambo ye kutanga ye ku batsha bangwe mu Chikumbuludzo ndi ipi?

13 O ka dira eng go thusa ba bangwe gore Segopotso se ba tswele mosola? Selo sa ntlha se o ka se dirang ke go ba laletsa. O ka ba laletsa fa o le mo tshimong. Gape o ka kwala maina a batho ba o ba itseng ba o ka ba laletsang, e ka tswa e le ba masika, ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone le ba bangwe. Fa o sena ditaletso tse dintsi tse di printilweng, ba romelele linki. Gongwe ba ka tla Segopotsong.​—Mor. 11:6.

14. Fanisa kuti ku kokela bangwe ku Chikumbuludzo ku nga ba batsha chini.

14 Nna o gopotse gore batho ba ka kgatlhegela go tla Segopotsong fa re ba naya ditaletso mme re sa ba laletse fela ka molomo. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe e seng Mosupi o ne a gakgamala tota fa monna wa gagwe a mmolelela gore o tsamaya le ene kwa Segopotsong. O ne a gakgametse ka gonne o ne a tlhola a mo kopa gore a tsamaye le ene mme a gana. Goreng mo lekgetlong leno a ne a batla go tsamaya le ene? O ile a tlhalosa gore mogolwane mongwe o ne a mo neile taletso. O ile a ya Segopotsong mo ngwageng oo le mo dingwageng tse dintsi tse di ileng tsa latela.

15. Ta ka fanila kumbulilani ha ti kokela bathu ku Chikumbuludzo?

15 Batho ba re ba laletsang kwa Segopotsong ba ka nna ba re botsa dipotso, segolobogolo fa e le gore ga ba ise ba tle kwa dipokanong tsa rona. Ka jalo re tshwanetse go ipotsa gore ba ka botsa dipotso dife. (Bakol. 4:6) Ka sekai, ba ka re botsa go re: ‘Go dirwa eng kwa Segopotsong?’ ‘Se tsaya lobaka lo lokae?’ ‘Go aparwa jang?’ ‘A go tsenwa ka madi?’ ‘A go ntshiwa koleke?’ Ka jalo fa o laletsa mongwe gore a tle Segopotsong o ka mmotsa go re, “A o na le dipotso?” go tswa foo o bo o araba dipotso dipe fela tse a ka tswang a na le tsone. Gape o ka dirisa bidio ya setlhogo se se reng Gopola Loso Lwa ga Jesu le e e reng Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? go thusa motho yoo go tlhaloganya gore dipokano di tshwarwa jang. Mo godimo ga moo, thuto 28 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! e na le dintlha tse re ka di dirisang.

16. Bathu ba no be po ku chikumbuludzo ba nga buzwa buzo dzipi?

16 Morago ga Segopotso, batho ba re neng re ba laleditse ba ka nna le dipotso tse dingwe gape. Ba ka tswa ba ipotsa gore ke eng fa go se na ope yo o jeleng senkgwe le yo o noleng beine, kgotsa gore ke eng fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba dirileng jalo. Gape ba ka tswa ba ipotsa gore Segopotso se tshwarwa gakae le gore a dipokano tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwarwa ka tsela e Segopotso se tshwarwang ka yone. Tota le fa dipotso tseno di ka tswa di arabilwe mo puong ya Segopotso, batho ba e leng la ntlha ba tla Segopotsong ba ka tlhoka go tlhalosediwa mo go oketsegileng. Setlhogo se se mo jw.org se se reng “Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Selalelo ka Tsela e e Farologaneng le madumedi a mangwe?” se ka re thusa go araba dingwe tsa dipotso tsa bone. Re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa ‘batho ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri’ gore Segopotso se ba tswele mosola.​—Dit. 13:48.

BATSHA BA SINGA CHA YENDE NE GUBUNGANO

17. Bakugwana ba nga batsha chini ba singa cha yende ne gubungano? (Ezekiele 34:12, 16)

17 Ka nako ya Segopotso, bagolwane ba ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tlholeng ba tla dipokanong? Ba bontshe gore o a ba rata. (Bala Esekiele 34:12, 16.) Pele ga Segopotso ba founele mme o ba bolelele gore o a ba rata le gore o batla go ba thusa. Ba laletse gore ba tle Segopotsong. Fa ba tla, ba amogele ka lorato. Morago ga Segopotso, nna o ba etela kgotsa o ba founela e bile o ba thuse gore ba boele kwa go Jehofa.​—1 Pet. 2:25.

18. Ti nga batsha chini ba singa cha yende ne gubungano? (Baroma 12:10)

18 Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tlholeng ba tla dipokanong? Fa ba tlile Segopotsong, re ka ba bontsha gore re a ba rata le gore re a ba tlotla. (Bala Baroma 12:10.) Gopola gore go ka tswa go ne go le thata gore ba tle Segopotsong. Gongwe ba ne ba tshaba gore batho ba tla reng. e Ka jalo, o se ka wa ba botsa dipotso tse di tla ba tsenyang matlho kgotsa wa bua dilo tse di tla ba utlwisang botlhoko. (1 Bathes. 5:11) Nna o gopotse gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ke badumedimmogo le rona e bile re itumelela go obamela Jehofa le bone gape.​—Pes. 119:176; Dit. 20:35.

19. Ku kumbula lufu gwa Jeso ko ti batsha chini?

19 Re itumelela gore Jesu o laetse gore re gopole loso lwa gagwe ngwaga le ngwaga e bile re tlhaloganya gore ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa. Go ya Segopotsong go thusa rona le batho ba bangwe ka ditsela di le dintsi. (Isa. 48:17, 18) Go re thusa go rata Jehofa le Jesu le go feta e bile re atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi. Gape fa re le kwa Segopotsong re ka thusa batho ba bangwe gore ba itse gore ba ka dira eng gore thekololo e ba tswele mosola. Mo godimo ga moo, re bontsha gore re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go ipaakanyetsa letsatsi leno la botlhokwa thata mo ngwageng.

TI NGA . . .

  • baakanyila mikumbulu yedu Chikumbuludzo chini?

  • batsha bangwe chini ku bona mbayilo mu chili?

  • batsha chini ba singa cha yende ne gubungano?

LUMBO 18 Re Lebogela Thekololo

a Fa o batla go bona ditlhogo le dibidio tse go buiwang ka tsone mo setlhogong seno, ya kwa jw.org o bo o di batla mo lebokosong la senka.

b Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 2021.

c Bona buka ya setlhogo se se reng Atamalana le Jehofa, kgao. 23, ser. 8-9.

d Bona lebokoso le le reng “ Dilo Tse o ka Dirang Dipatlisiso ka Tsone.”

e Bona ditshwantsho le lebokoso le le reng “ Ba Ile ba mo Amogela ka Lorato.” Mokaulengwe yo o sa tlholeng a ya dipokanong o tshaba go tsena mo Holong ya Bogosi, mme o feleletsa a tsene. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo amogela ka lorato.

f TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwere Segopotso mo dinageng dingwe, ba ba mo dinageng tse dingwe bone ba a se ipaakanyetsa.