Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 2

LUMBO 132 Jaanong re Nama e le Nngwe

Balume, Dani Bakadzi Benyu

Balume, Dani Bakadzi Benyu

Namwibo balume, . . . galani ne bakadzi benyu nge kuhwisisa.”​—1 PIT. 3:7.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Tsela e monna a buang ka yone le se a se dirang di ka bontsha jang gore o rata mosadi wa gagwe le gore o a mo tlotla?

1. I libaka gupi gungwe gwa ka thama kuti Jehova a tangise ndongoloso ye ndobolo?

 JEHOFA ke “Modimo yo o itumetseng” e bile o batla gore le rona re itumele. (1 Tim. 1:11) O re neile dimpho tse dintsi gore re itumelele botshelo. (Jak. 1:17) Nngwe ya dimpho tseo, ke lenyalo. Fa monna le mosadi ba nyalana, ba ikana gore ba tla ratana, ba tla tlotlana le gore ba tla tlhokomelana. Fa ba tswelela ba ratana, ba tla itumela fela thata.​—Diane 5:18.

2. Ndobolo njinji dza ka lingisana ne chimo chipi ngwenu?

2 Ka maswabi, banyalani ba le bantsi gompieno ba lebala maikano a ba a dirileng ka letsatsi la lenyalo. Seo se dira gore ba se ka ba itumela. Bosheng jaana, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne wa bega gore banna ba le bantsi ba itaya basadi ba bone, ba ba tlhaba ka mafoko e bile ba ba tshwara makgwakgwa. Banna ba ba tshwarang basadi ba bone jalo, ba itira e kete ba tlotla basadi ba bone fa ba na le batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, banna ba le bantsi ba lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo, mme seo se dira gore basadi ba bone ba ikutlwe ba sa ratiwe.

3. Ini chi nga thama kuti nlume a si bate nkadzi uwe ne zila ya ka fanila?

3 Ke eng se se ka tswang se dira gore banna bangwe ba sotle basadi ba bone? Borraabone ba ka tswa ba ne ba sotla bommaabone. Ka jalo, ga ba bone sepe se se phoso ka go sotla basadi. Banna ba bangwe ba sotla basadi ba bone ka gonne go tlwaelegile mo setsong sa bone. Ba ka tswa ba tsaya gore ba tshwanetse go sotla basadi ba bone gore go bonale gore setlhako go lela sa ga mang. Ba bangwe ga ba a ithuta go laola bogale. Ba bangwe bone ba lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo mme seo se dira gore ba se ka ba tlotla basadi le gore ba se ka ba leba tlhakanelodikobo ka tsela e e siameng. Mo godimo ga moo, baitse ba le bantsi ba re ka nako ya bolwetse jwa COVID-19, banna ba le bantsi ba ile ba simolola go sotla basadi ba bone. Mme gone, mabaka ano ga a a tshwanela go dira gore banna ba sotle basadi ba bone.

4. Balume be Bakirisiti ba ka fanila ku zwilisa muni, ngono ne kutini?

4 Banna ba ba direlang Jehofa ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba leba basadi ka tsela e batho ba ba sa direleng Jehofa ba ba lebang ka yone. a Goreng? Ka gonne tsela e motho a akanyang ka yone e dira gore a itshware ka tsela nngwe e e rileng. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Roma gore ba ‘tlogele go etsa tsela e batho ba lefatshe leno ba dirang dilo ka yone.’ (Bar. 12:1, 2) Fa Paulo a ne a kwala lekwalo leo, ba le bantsi mo phuthegong eo ba ne ba setse ba na le dingwaga di le dintsi e le Bakeresete. Mme go lebega bangwe ba bone ba ne ba sa ntse ba akanya ka tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone. Ke gone ka moo Paulo a ileng a ba rotloetsa gore ba fetole tsela e ba akanyang ka yone le e ba itshwarang ka yone. Banna ba ba direlang Jehofa gompieno le bone ba tshwanetse go dirisa kgakololo eo. Ka maswabi, bangwe ba bone ba akanya ka tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone e bile ba sotla basadi ba bone. b Jehofa o batla gore banna ba tshware basadi ba bone jang? Re bona karabo mo temaneng ya setlhogo seno.

5. Ku yenda na 1 Pita 3:7, nlume wa ka fanila bata nkadzi uwe chini?

5 Bala 1 Petere 3:7. Jehofa o laela banna gore ba tlotle basadi ba bone. Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe o a mo rata e bile o mo tshwara sentle. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore banna ba ka dira eng go bontsha gore ba tlotla basadi ba bone. Mme pele re dira jalo, a re boneng gore ke eng se banna ba sa tshwanelang go se dira.

LAMBA MAZWIBATO A NO LINGILA NKADZI UWO PASI

6. Jehova u no linga chini balume ba no loba bakadzi babo? (Bakolosa 3:19)

6 O se ka wa mo itaya. Jehofa o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo. (Pes. 11:5) Ga a batle gore banna ba sotle basadi ba bone. (Mal. 2:16; bala Bakolosa 3:19.) Go ya ka 1 Petere 3:7, fa monna a sa tshware mosadi wa gagwe sentle, o senya botsala jwa gagwe le Modimo. Tota e bile, Jehofa a ka nna a se ka a reetsa dithapelo tsa gagwe.

7. Ku yenda na Baefeso 4:31, 32, balume ba ka fanila lambana ne ndebo ya ka tini? (Bona nsholo u noti “Tlhaloso.”)

7 O se ka wa mo tlhaba ka mafoko. Banna bangwe ba galefela basadi ba bone e bile ba bua dilo tse di ba utlwisang botlhoko. Mme gone, Jehofa o tlhoile “bogale, tšhakgalo, go goa thata le mafoko a a kgobang.” c (Bala Baefeso 4:31, 32.) O utlwa sengwe le sengwe. Ka jalo, o amega ka tsela e monna a buang le mosadi wa gagwe ka yone le fa ba ka tswa ba le babedi fela. Monna yo o tlhabang mosadi wa gagwe ka mafoko o senya lenyalo la gagwe gape o senya botsala jwa gagwe le Jehofa.​—Jak. 1:26.

8. Jehova u no linga chini zwitshwantsho zwe ndalo, ngono ne kutini?

8 O se ka wa lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Jehofa o ikutlwa jang ka ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo? O di tlhoile. Ka jalo fa monna a di lebelela, o senya botsala jwa gagwe le Jehofa e bile o tlontlolola mosadi wa gagwe. d Jehofa o lebeletse gore monna a bontshe gore o ikanyega mo mosading wa gagwe ka se a se dirang le ka tsela e a akanyang ka yone. Jesu o ile a re monna yo o lebang mosadi yo mongwe mo a felelang a na le keletso ya go tlhakanela dikobo le ene, o setse a dirile boaka le ene “mo pelong.” e​—Math. 5:28, 29.

9. Ini Jehova a si nga de nlume u no shingisa nkadzi uwe ne zila i sa ka lulwana mu na zwe ndalo?

9 O se ka wa dira dilo tse di tla tshwenyang segakolodi sa mosadi wa gago fa lo tlhakanela dikobo. Fa banna bangwe ba tlhakanela dikobo le basadi ba bone, ba ba pateletsa go dira dilo tse ba sa batleng go di dira. Seo se dira gore basadi ba bone ba ikutlwe ba sa ratiwe e bile ba le leswe. Jehofa o tlhoile dilo tseo tse di bontshang gore monna ga a akanyetse mosadi wa gagwe le gore ga a mo kgathalele. O lebeletse gore monna a rate mosadi wa gagwe, a mo tshware sentle le gore a mo tlotle. (Baef. 5:28, 29) Mme go tweng fa e le gore monna o tlontlolola mosadi wa gagwe, o a mo sotla kgotsa o lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo? Ke eng se se ka mo thusang go fetola tsela e a akanyang ka yone le go tlogela dilo tse a di dirang?

SE KWA U NGA LAMBANA NE KU LINGILA NNGWE PASI

10. Balume ba nga batshiwa chini ne zila Jesu ya a ka be e zwibata nayo?

10 Ke eng se se ka thusang monna gore a se ka a sotla mosadi wa gagwe kgotsa a mo tlontlolola? A ka leka ka natla go etsa Jesu. Le fa Jesu a ne a sa nyala, tsela e a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone e ne e bontsha gore banna ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone jang. (Baef. 5:25) Ka sekai, ela tlhoko se banna ba ka ithutang sone mo tseleng e Jesu a neng a tshwara baaposetoloi ba gagwe ka yone le e a neng a bua le bone ka yone.

11. Jesu wa ka be e bata baapostolo babe chini?

11 Jesu o ne a dirisana le baaposetoloi ba gagwe sentle e bile o ne a ba tlotla. O ne a sa ba galefele e bile o ne a sa ba gatelele. Le fa a ne a le maatla go ba gaisa, o ne a sa dire gore ba mmoife kgotsa gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Go na le moo, o ne a ba direla dilo tse di molemo. (Joh. 13:12-17) O ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo ithute mo go nna, ka gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso, mme lo tla lapologelwa.” (Math. 11:28-30) Ela tlhoko gore Jesu o ne a le bonolo. Motho yo o bonolo ga a bokoa, go na le moo o boikgapo. Fa a utlwisiwa botlhoko o a ritibala e bile ga a tseege maikutlo.

12. Jesu wa ka be e lebesa bathu ne zila ya ka tini?

12 Jesu o ne a gomotsa batho ba bangwe e bile o ne a ba lapolosa. O ne a sa tlhabe balatedi ba gagwe ka mafoko. (Luke 8:47, 48) Tota le fa batho ba ba neng ba mo tlhoile ba leka go mo galefisa le go mo tlhapatsa, ene “ga a ka a tlhapatsa ope.” (1 Pet. 2:21-23) Ka dinako dingwe Jesu o ne a tlhopha go itidimalela fela go na le go araba ka bogale. (Math. 27:12-14) Ruri o tlhometse banna ba ba direlang Jehofa sekao se se molemo!

13. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Matewu 19:4-6, nlume u nga “chila ne nkadzi uwe” chini? (Bona itshwantsho.)

13 Jesu o ile a laela banna gore ba tswelele ba ikanyega mo basading ba bone. O ile a bua se Rraagwe a ileng a se bua. Rraagwe o ile a re monna o tshwanetse go “ngaparela mosadi wa gagwe.” (Bala Mathaio 19:4-6.) Fa lefoko la Segerika e leng “ngaparela” le ranolwa jaaka le ntse, le kaya “go kgomaretsa.” Ka jalo, fa monna le mosadi ba ratana thata go nna jaaka e kete ba kgomarelane. Fa mongwe wa bone a dirile sengwe se se utlwisang molekane wa gagwe botlhoko, boobabedi ba tla utlwa botlhoko. Monna yo o atamalaneng le mosadi wa gagwe jalo, ga a kitla a lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. O tla faposa matlho a gagwe gore a se ka a “leba se se se nang mosola.” (Pes. 119:37) Tota e bile, o dira kgolagano le matlho a gagwe gore a se ka a kgatlhegela mosadi yo mongwe go na le mosadi wa gagwe.​—Jobe 31:1.

Monna yo o ikanyegang o gana go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo (Bona serapa 13) g


14. Nlume u singa bate nkadzi uwe ne zila ya ka fanila u nga thamani ku baakanya chimo chiche na Jehova kose ne nkadzi uwe?

14 Monna yo o sotlang mosadi wa gagwe kgotsa yo o mo tlhabang ka mafoko, o tshwanetse go dira dilo tse dingwe gape tse di tla mo thusang go baakanya botsala jwa gagwe le Jehofa le mosadi wa gagwe. O tshwanetse go dira eng? Sa ntlha, o tshwanetse go lemoga gore o na le bothata jo bo masisi le gore Jehofa o bona sengwe le sengwe. (Pes. 44:21; Mor. 12:14; Baheb. 4:13) Sa bobedi, o tshwanetse go tlogela go sotla mosadi wa gagwe mme a fetole tsela e a itshwarang ka yone. (Diane 28:13) Sa boraro, o tshwanetse go kopa mosadi wa gagwe le Jehofa gore ba mo itshwarele. (Dit. 3:19) Gape o tshwanetse go kopa Jehofa gore a mo thuse go nna le keletso ya go fetola tsela e a itshwarang ka yone le gore a akanye, a bue le go dira dilo ka tsela e Jehofa a e batlang. (Pes. 51:10-12; 2 Bakor. 10:5; Bafil. 2:13) Sa bonê, o tla dira dilo tse a di rapeletseng e bile o tla leka ka natla go tlhoa thubakanyo le go bua mafoko a a tlhabang. (Pes. 97:10) Sa botlhano, ga a ka ke a diega go kopa bagolwane gore ba mo thuse. (Jak. 5:14-16) Sa borataro, o tla ipaakanya go sa le gale gore o tla dira eng fa a ka raelesega go dira dilo tse di sa siamang gape. Monna yo o lebelelang ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo le ene o tshwanetse go dira dilo tseno tse re tlotlileng ka tsone. Jehofa o tla mo segofatsa fa a tsaya matsapa gore a tlogele dilo tse di sa siamang. (Pes. 37:5) Mme gone, ga a a tshwanela go tlogela dilo tse di sa siamang fela, gape o tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo tlotla. A ka dira seo jang?

SE KWA U NGA DA NKADZI UWO

15. Nlume u nga lakidza chini kuti u no da nkadzi uwe?

15 Mmontshe gore o a mo rata. Bakaulengwe bangwe ba ba itumetseng mo manyalong a bone, ba itlwaeditse go dira sengwe letsatsi le letsatsi go bontsha basadi ba bone gore ba a ba rata. (1 Joh. 3:18) Monna a ka bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo rata ka go mo tshwara ka seatla kgotsa ka go mo haka. A ka mo romelela molaetsa a mmolelela gore o mo gopotse kgotsa a ka mmotsa gore letsatsi la gagwe le ntse le ya jang. A ka itlwaetsa go nna a kwala molaetsa mo karateng a mmolelela gore o a mo rata. Fa monna a dira dilo tseno o bontsha gore o tlotla mosadi wa gagwe e bile lenyalo la bone le tla nonofa.

16. Ini nlume a ka fanila lakidza nkadzi uwe ludo?

16 Mmolelele gore o mo tsaya a le botlhokwa. Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe o mmolelela dilo tse a di ratang ka ene e bile o dira gore a ikutlwe e le motho wa botlhokwa. Mosadi a ka ikutlwa jalo fa e le gore monna wa gagwe o mmolelela gore o leboga go bo a mo ema nôkeng. (Bakol. 3:15) Fa monna wa gagwe a mo akgola, o a itumela. O ikutlwa a sireletsegile, a ratiwa e bile a tlotliwa.​—Diane 31:28.

17. Nlume u nga hlonipha nkadzi uwe chini?

17 Mo tshware sentle. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o mo tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa e bile a le botlhokwa thata mo go ene. (Diane 18:22; 31:10) Seo se dira gore a mo tshware sentle tota le fa ba tlhakanela dikobo. Ga a mo pateletse go dira dilo tse a sa batleng go di dira, tse di ka mo tlontlololang kgotsa tse di ka tshwenyang segakolodi sa gagwe. f Tota e bile, monna le ene ga a ka ke a batla go dira dilo tse di ka tshwenyang segakolodi sa gagwe.​—Dit. 24:16.

18. Balume ba ka fanila ku zwimisila ku thamani? (Bona box li noti “ Dilo Tse Nnê Tse Monna A ka Di Dirang.”)

18 Jehofa o a itumela fa a bona banna ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go bontsha basadi ba bone gore ba a ba tlotla ka tsela e ba buang le bone ka yone le ka se ba se dirang. Ka jalo banna, ikemisetseng go tlotla basadi ba lona ka go ba tshwara sentle le go sa dire dilo tse di ka ba utlwisang botlhoko. Fa lo dira jalo, lo tla bo lo bontsha gore lo a ba rata le gore lo ba tsaya ba le botlhokwa. Fa o tlotla mosadi wa gago, o bontsha gore o tsaya botsala jwa gago le Jehofa bo le botlhokwa fela thata.​—Pes. 25:14.

LUMBO 131 “Se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

a Go bala setlhogo se se reng, “A o Etsa Jehofa fa o Dirisana le Basadi?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2024, go ka tswela banna mosola fela thata.

b Batho ba ba sotliwang ba ka thusiwa ke go bala setlhogo se se reng, “Go Thusa Batho ba ba Sotliwang” se se mo motseletseleng wa “Ditlhogo Tse Dingwe” mo jw.org le mo JW Library®.

c TLHALOSO: “Mafoko a a kgobang” a akaretsa go tlhaba motho ka mafoko, go mo tlhapatsa le go dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Gape go akaretsa go nna o bolelela motho dilo tse o sa di rateng ka ene.

d Bona setlhogo se se reng, “Pornography Can Shatter Your Marriage” mo motseletseleng wa “Help for the Family” mo jw.org le mo JW Library®.

e Setlhogo se se reng, “Fa Molekane wa Gago a Lebelela Pornography” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 2023, se ka thusa mosadi yo monna wa gagwe a lebelelang ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo.

f Baebele ga e re bolelele gore ke eng se se siameng le se se sa siamang fa monna a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe. Ka jalo, banyalani ba tshwanetse go itirela tshwetso ya gore ba tla bontsha jang gore ba ikemiseditse go tlotla Jehofa, go tlotlana le go nna le segakolodi se se phepa. Mme gone, ga ba ka ke ba bolelela batho ba bangwe ka tshwetso e ba e dirileng.

g TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banna bangwe kwa tirong ba batla gore mokaulengwe a lebelele ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo.