Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 1

LUMBO 2 Leina la Gago ke Jehofa

Kudzani Jehova

Kudzani Jehova

NDIMANA YE GOLE YE 2025: “Ipani Yahwe gudzo lakafanila zina labo.”​—PIS. 96:8.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tlile go bona gore re ka naya Jehofa jang kgalalelo e e mo tshwanelang.

1. Bathu banjinji ngwenu ba no lingisa nkumbulo wabo muni?

 GONGWE o ka tswa o lemogile gore batho ba le bantsi gompieno ba ikakanyetsa ba le bosi. Ka sekai, bangwe ba bone ba dirisa metswedi ya go ikgolaganya le batho gore ba itlotlomatse le gore ba bontshe ba bangwe dilo tse ba di fitlheletseng. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le mmalwa ba ba galaletsang Jehofa. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore go galaletsa Jehofa go kaya eng le gore ke eng se se tshwanetseng go re rotloetsa gore re mo galaletse. Gape re tla ithuta gore re ka naya Jehofa jang kgalalelo e e mo tshwanelang le gore Jehofa o tlile go galaletsa leina la gagwe jang mo nakong e e tlang.

KO DWANI KU KUDZA JEHOVA?

2. Jehova wa ka lakidza masimba awe chini ku Dombo le Sinai? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

2 Baebele e re bolelela gore Jehofa o na le maatla. Ka sekai, malatsi a le mmalwa Jehofa a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto, o ile a bontsha gore o na le maatla. Leka go akanya ka tiragalo eno: Baiseraele ba le dimilione ba phuthegile gaufi le Thaba ya Sinai gore ba tle go utlwa se Jehofa a tlileng go ba bolelela sone. Fa ba le koo, leru le lentsho le khurumetsa thaba. Ka tshoganyetso fela go nna le thoromo ya lefatshe, ditumo tsa maru, magadima le modumo o o kwa godimo thata wa lonaka. (Ekes. 19:16-18; 24:17; Pes. 68:8) Ga go pelaelo gore Baiseraele bao ba ne ba gakgametse tota fa ba bona Jehofa a bontsha kafa a nang le maatla ka gone.

Jehofa o ile a bontsha Baiseraele gore o na le maatla kwa Thabeng ya Sinai (Bona serapa 2)


3. Ko dwani ku kudza Jehova?

3 A batho ba ka kgona go galaletsa Jehofa? Ee. Re ka galaletsa Jehofa ka go bolelela ba bangwe gore o na le maatla le gore o na le botho jo bo kgatlhang. Gape re ka mo galaletsa ka go bolelela ba bangwe gore Jehofa ke ene a re thusang go fitlhelela dilo dingwe. (Isa. 26:12) Kgosi Dafide ke mongwe wa batho ba ba neng ba galaletsa Jehofa. Fa a ne a rapela fa pele ga Baiseraele, o ile a re: “Bogolo le maatla le bontle le kgalalelo le tlotlomalo ke tsa gago Jehofa, ka gonne sengwe le sengwe se se kwa magodimong le se se mo lefatsheng ke sa gago.” Fa Dafide a sena go rapela, “phuthego yotlhe e ne ya baka Jehofa.”​—1 Ditir. 29:11, 20.

4. Jesu wa ka kudza Jehova chini?

4 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a galaletsa Jehofa ka go bolelela ba bangwe gore Jehofa ke ene a neng a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso. (Mar 5:18-20) Gape Jesu o ne a galaletsa Jehofa ka go bua ka ene le go dirisana le ba bangwe sentle. Nako nngwe fa Jesu a ne a ruta kwa sinagogeng, go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a feditse dingwaga di le 18 a na le ledimona. Ledimona leo le ile la dira gore mmele wa gagwe o obege thata. Ka jalo o ne a sa kgone go inamologa. Ruri boemo joo bo ne bo ngomola pelo! Jesu o ne a tlhaloganya tsela e a neng a ikutlwa ka yone, e bile o ne a batla go mo thusa. Ka jalo o ile a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.” Go tswa foo o ile a mmaya diatla. Ka bonako fela o ne a inamologa, “a bo a simolola go galaletsa Modimo” ka gonne a fodile! (Luke 13:10-13) Mosadi yono, o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galaletsa Jehofa. Go ntse jalo le ka rona.

INI CHI NO TI SENDEDZELA KU KUDZA JEHOVA?

5. I mabaka api a no thama kuti ti hloniphe Jehova?

5 Re galaletsa Jehofa ka gonne re mo tlotla fela thata. Re na le mabaka a mantsi a go tlotla Jehofa. O na le maatla e bile ga a ke a lapa. (Pes. 96:4-7) Dilo tse a di bopileng di bontsha gore o botlhale. O re neile botshelo le sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re tswelele re tshela. (Tshen. 4:11) Gape Jehofa o a ikanyega. (Tshen. 15:4) Mo godimo ga moo, sengwe le sengwe se a se dirang se a atlega. Ka metlha o dira se a se solofeditseng. (Josh. 23:14) Ke gone ka moo moporofeti Jeremia a ileng a bua jaana ka ene: “Mo go botlhe ba ba botlhale mo ditšhabeng le mo magosing otlhe a bone, ga go na ope yo o tshwanang le wena gotlhelele”! (Jer. 10:6, 7) Ruri re na le mabaka a le mantsi a go tlotla Jehofa! Mme gone, ga re mo tlotle fela ka gonne re tshwanetse, dinonofo tsa gagwe tse dintle di dira gore re mo rate.

6. Ini ti da Jehova?

6 Re galaletsa Jehofa ka gonne re mo rata thata. Jehofa o na le dinonofo di le dintsi tse di dirang gore re mo rate. O kutlwelobotlhoko e bile o pelotlhomogi. (Pes. 103:13; Isa. 49:15) Fa re utlwile botlhoko, le ene o utlwa botlhoko. (Seka. 2:8) O re thusa gore re mo itse le gore re nne ditsala tsa gagwe. (Pes. 25:14; Dit. 17:27) Gape Jehofa o boikokobetso, “o a inama gore a lebe legodimo le lefatshe, gore a kakatlolole motho wa maemo a a kwa tlase mo loroleng.” (Pes. 113:6, 7) Dilo tseno tsotlhe, di dira gore re batle go mo galaletsa.​—Pes. 86:12.

7. Ti nga thamani cha ka shalulika ku lakidza bathu malebeswa?

7 Re galaletsa Jehofa ka gonne re batla gore batho ba bangwe ba mo itse. Batho ba le bantsi ga ba itse boammaaruri ka Jehofa. Goreng? Ka gonne Satane o foufaditse megopolo ya bone ka go anamisa maaka ka Jehofa. (2 Bakor. 4:4) Satane o dirile gore batho ba dumele gore Jehofa ke Modimo yo o bogale, ga a amege ka rona le gore ke ene a bakelang batho mathata a mantsi mo lefatsheng. Mme rona re itse boammaaruri! Re na le tshono ya go bolelela batho gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang, le go ba thusa gore le bone ba mo galaletse. (Isa. 43:10) Pesalema 96 e bua ka go galaletsa Jehofa. Fa re ntse re tlotla ka pesalema eno, akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka nayang Jehofa kgalalelo e e mo tshwanelang ka tsone.

TI NGA PA JEHOVA FANILO YE KU NKUDZA CHINI?

8. I zila ipi ingwe ya ti nga kudza Jehova? (Pisalema 96:1-3)

8 Bala Pesalema 96:1-3. Re ka galaletsa Jehofa ka se re se buang ka ene. Ditemana tseno di re laela gore re ‘opelele Jehofa,’ re ‘bake leina la gagwe,’ re ‘itsise dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe’ le gore re ‘bolelele ditšhaba kgalalelo ya gagwe.’ Fa re dira dilo tseno tsotlhe, re tla bo re bontsha gore re galaletsa Jehofa ka se re se buang. Bajuda ba ba ikanyegang le Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa okaoke go bolelela ba bangwe dilo tse dintle tse Jehofa a ba diretseng tsone, le go bolelela ba bangwe gore Jehofa ke mang. (Dan. 3:16-18; Dit. 4:29) Re ka dira jang se se tshwanang?

9-10. U nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila Angelena? (Bona itshwantsho.)

9 Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa United States, yo o bidiwang Angelena. a O ile a bua ka Jehofa kwa tirong a le pelokgale. E re ka Angelena le batho ba a neng a bereka le bone ba ne ba sa tswa go simolola tiro, ba ne ba kopiwa gore ba tlhalose gore ba godile jang. Angelena o ile a rulaganya ditshwantsho tse di bontshang gore o itumelela go nna Mosupi wa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, monna yo o neng a bua pele ga gagwe o ile a tlhalosa gore o godisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Gape o ile a bua dilo tse di sa siamang ka Basupi. Angelena a re: “Ke ne ke tshogile tota. Mme ke ne ka ipotsa go re: ‘A ke tla tlogela motho yono gore a bue maaka ka Jehofa? Kgotsa a ke tla femela leina la Gagwe?’”

10 Fa monna yoo a fetsa go bua, Angelena o ile a rapelela mo pelong. Go tswa foo, o ile a mo raya a re: “Go lebega re godisitswe ka tsela e e tshwanang. Le nna ke godisitswe ke Basupi e bile ke Mosupi.” Le fa gone Angelena a ne a tshogile, o ile a ritibala. O ile a bontsha batho ba a berekang le bone ditshwantsho tsa gagwe a na le ditsala tsa gagwe ba direla Jehofa ba itumetse. Gape o ile a tlhalosa se a se dumelang ka tlotlo. (1 Pet. 3:15) Go ile ga direga eng morago ga moo? Fa Angelena a sena go tlhalosa gore o godisitswe jang, monna yoo o ile a re o gopola dilo tse dintle tse di diragetseng fa a sa ntse a le mosha e bile a ikopanya le Basupi ba ga Jehofa. Angelena a re: “Re tshwanetse go femela leina la ga Jehofa. Re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go bolelela batho boammaaruri ka Jehofa.” Le rona re na le tshiamelo ya go baka Jehofa le go mo galaletsa, le fa batho ba bua dilo tse di sa siamang ka ene.

Re ka galaletsa Jehofa ka se re se buang (Bona serapa 9-10) b


11. Bakirisiti be malebeswa be chibaka cha ka pinda ne ba ngwenu ba ka shingisa nlayontewo we Baibili u mu na Pisalema 96:8 chini?

11 Bala Pesalema 96:8. Re ka galaletsa Jehofa ka dilo tse re nang le tsone. Baobamedi ba boammaaruri ga ba bolo go galaletsa Jehofa ka tsela eno. (Diane 3:9) Ka sekai, Baiseraele ba ile ba ntsha meneelo gore go agiwe tempele le gore e tlhokomelwe. (2 Dikg. 12:4, 5; 1 Ditir. 29:3-9) Barutwa ba ga Jesu ba ile ba “dirisa dilo tse ba nang le tsone” go tlhokomela Jesu le baaposetoloi ba gagwe. (Luke 8:1-3) Bakeresete ba bogologolo le bone ba ile ba ntsha meneelo gore ba thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba wetswe ke leuba. (Dit. 11:27-29) Gompieno le rona re ka galaletsa Jehofa ka go ntsha meneelo.

12. Zwipo zwa ti no dusa zwi nga kudza Jehova chini? (Bona itshwantsho.)

12 Kwa Zimbabwe, go ile ga direga sengwe se se bontshang gore fa re ntsha meneelo re galaletsa Jehofa. Ka 2020 go ile ga begiwa gore go ne go tla nna le komelelo e e neng e tla tsaya lobaka lo loleele mo nageng eo. Batho ba le dimilione, go akaretsa le kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Prisca, ba ne ba tlile go bolawa ke tlala. Le mo maemong ao, Prisca o ile a tswelela a rerela batho Laboraro le Labotlhano mongwe le mongwe, tota le ka nako ya go lema. Baagisani ba gagwe ba ne ba mo sotla fa a ya tshimong, go na le gore a ye go bereka kwa masimong. Ba ne ba mo raya ba re: “O tlile go bolawa ke tlala.” Prisca o ne a tle a ba reye a re: “Jehofa ga a ke a tlogela batlhanka ba gagwe.” Moragonyana, phuthego ya ga Jehofa e ile ya rulaganya gore Prisca le ba bangwe ba newe dijo le dilo tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka. Dilo tseo, di ile tsa rekiwa ka gonne re ile ra ntsha meneelo. Tiragalo eno e ile ya kgatlha baagisani ba ga Prisca e bile ba ile ba mo raya ba re: “Ruri Modimo o na le wena, re batla go ithuta ka ene!” Baagisani ba ga Prisca ba le supa ba ile ba simolola go ya dipokanong.

Re ka galaletsa Jehofa ka dilo tse re nang le tsone (Bona serapa 12) c


13. Mazwibato edu a nga kudza Jehova chini? (Pisalema 96:9)

13 Bala Pesalema 96:9. Re ka galaletsa Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone. Baperesiti ba ba neng ba direla Jehofa kwa tempeleng ba ne ba tshwanetse go nna phepa. (Ekes. 40:30-32) Le rona re tshwanetse go nna phepa, gape ga re a tshwanela go dira dilo tse Jehofa a di tlhoileng. (Pes. 24:3, 4; 1 Pet. 1:15, 16) Baebele e a re re apole “botho jo bogologolo” mme re apare “botho jo bosha.” Seno se raya gore ga re a tshwanela go akanya le go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng. Go na le moo, re tshwanetse go akanya le go dira dilo tse di bontshang gore re etsa Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse dintle. (Bakol. 3:9, 10) Jehofa a ka thusa tota le batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang e bile ba rata ntwa gore ba fetoge mme ba apare botho jo bosha.

14. U no zwidiyani mu na cha ka shingikalila Jack? (Bona itshwantsho.)

14 Akanya ka se se diragaletseng Jack. O ne a rata ntwa e bile a le kotsi mo e leng gore o ne a bidiwa Ledimona. E re ka a ne a dirile dilo di le dintsi tse di bosula, o ile a atlholelwa loso. Mme fa a ntse a letile letsatsi le a tlileng go bolawa ka lone, o ile a dumela go ithuta Baebele le mokaulengwe mongwe yo o neng a tle a ye go rera kwa kgolegelong e a neng a le kwa go yone. Le fa Jack a ile a dira dilo tse di bosula, o ile a apola botho jo bogologolo mme fa nako e ntse e tsamaya o ile a kolobediwa. Jack o ne a dirile diphetogo di le dintsi mo botshelong, mo e leng gore ka letsatsi le a neng a tlile go bolawa ka lone, bangwe ba batlhokomedi kwa kgolegelong ba ne ba lela. Lepodise lengwe le le neng le bereka kwa kgolegelong le ile la re: “Jack e ne e le lengwe la magolegwa a a setlhogo tota, mme gone jaanong o fetogile.” Beke morago ga gore Jack a bolawe, bakaulengwe ba ile ba ya go tshwara dipokano kwa kgolegelong, mme ba ile ba kopana le legolegwa le le neng le tlile dipokanong lekgetlo la ntlha. Ke eng se se dirileng gore a ye dipokanong? O ne a kgatlhilwe ke tsela e Jack a neng a fetogile ka yone, e bile o ne a batla go itse gore a dire eng gore a kgone go direla Jehofa. Seo se bontsha gore tsela e re itshwarang ka yone, e ka galaletsa Jehofa!​—1 Pet. 2:12.

Re ka galaletsa Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone (Bona serapa 14) d


JEHOVA U NOWO KUDZA ZINA LILE CHINI MU CHIBAKA CHI NO ZHA?

15. Jehova u nowo kudza zina lile ne zila ya ka pelela chini mu chibaka chi no zha? (Pisalema 96:10-13)

15 Bala Pesalema 96:10-13. Mo ditemaneng tseno tsa bofelo tse di mo go Pesalema 96 Jehofa o tlhalosiwa e le Kgosi le Moatlhodi yo o siameng. Jehofa o tla galaletsa leina la gagwe jang mo nakong e e sa fediseng pelo? O tla atlhola ka tshiamiso. Go ise go ye kae, o tla fedisa Babelona yo Mogolo ka gonne a ile a dira dilo tse di sa siamang, e bile a ile a ruta batho maaka ka Ene. (Tshen. 17:5, 16; 19:1, 2) Bangwe ba ba tla bong ba bona Babelona yo Mogolo a fedisiwa, ba ka simolola go direla Jehofa le rona. Ka nako ya Aramagedona, Jehofa o tla fedisa lefatshe la ga Satane, batho ba ba mo ganetsang le ba ba buang maaka ka ene. Mme o tla sireletsa ba ba mo ratang, ba ba mo ikobelang le ba ba itumelelang go galaletsa leina la gagwe. (Mar. 8:38; 2 Bathes. 1:6-10) Morago ga teko ya bofelo e e tla nnang teng kwa bowelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, Jehofa o tla bo a galaleditse leina la gagwe. (Tshen. 20:7-10) Ka nako eo, “lefatshe le tla tlala batho ba ba itseng ka kgalalelo ya ga Jehofa, fela jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”​—Hab. 2:14.

16. Wa ka zwimisila ku thamani? (Bona itshwantsho.)

16 Go tla bo go itumedisa tota fa mongwe le mongwe mo lefatsheng a tla bo a naya Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe! Mme fa nako eo e ise e goroge, re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go baka Jehofa le go dira dilo tse di tla mo galaletsang. Gore re nne re akanya ka maikarabelo ano a a botlhokwa a re nang le one, Setlhopha se se Laolang se tlhophile Pesalema 96:8 gore e nne temana ya ngwaga ya 2025. Temana eno e a re: Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe.”

Mo nakong e e tlang, batho botlhe ba tla naya Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe! (Bona serapa 16)

LUMBO 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa

a Maina mangwe a fetotswe.

b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Setshwantsho se se bontshang se se diragaletseng Angelena.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho se se bontshang se se diragaletseng Prisca.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho se se bontshang se se diragaletseng Jack.