Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 43

Buchenjedu Gwe Malebeswa go Mimilila Pezhugwi

Buchenjedu Gwe Malebeswa go Mimilila Pezhugwi

“Butjenjedu [gwe malebeswa] gomimilila pezhugwi mu dzizila, mu matengeselo gomilidza hwi lago.”ZWIA. 1:20.

LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Banjinji ba no zwibata chini ngwenu ha be dangwa ne buchenjedu? (Zwiani 1:20, 21)

 MO DINAGENG di le dintsi go ntse go tlwaelegile go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba itumetseng ba eme mo mebileng e e tlhanaselang ba naya batho dikgatiso. A le wena o kile wa dira jalo? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o kile wa akanya ka papiso e e mo bukeng ya Diane e e buang ka botlhale jo bo goelang kwa godimo gore batho ba utlwe kgakololo ya jone. (Bala Diane 1:20, 21.) Baebele le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di na le “botlhale jwa boammaaruri,” e leng botlhale jwa ga Jehofa. Batho ba tlhoka botlhale jono gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Re a itumela fa mongwe a amogela dikgatiso tsa rona. Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba di amogelang. Bangwe ga ba batle go itse se Baebele e se buang. Bangwe ba tshega ka rona. Ba akanya gore Baebele e siilwe ke nako. Ba bangwe bone ga ba rate melao ya Baebele e e buang ka boitsholo, ba akanya gore batho ba ba ikobelang melao eo ga ba botsalano e bile ba itsaya ba le botoka go gaisa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o naya mongwe le mongwe tshono ya go utlwa botlhale jwa boammaaruri. O dira seo ka ditsela dife?

2. Buchenjedu gwe malebeswa go thamiwa chini kuti gu be yapo ngwenu, ngono bathu banjinji ba no shalula ku thamani?

2 Tsela e nngwe e Jehofa a dirang gore batho ba bone botlhale jwa boammaaruri ka yone, ke ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. Mongwe le mongwe a ka kgona go nna le buka eno. Mme go tweng ka dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng? Re leboga Jehofa ka gonne di gone ka dipuo di feta 1 000. Botlhe ba ba bontshang gore ba a reetsa, ka go bala le go dirisa se ba se ithutang, ba tla solegelwa molemo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tlhopha go itlhokomolosa botlhale jwa boammaaruri. Fa ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso, ba ikaega ka se ba se akanyang kgotsa ba reetsa batho ba bangwe. Ba ka nna ba re nyatsa ka gonne re tshela go dumalana le se Baebele e se buang. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore goreng batho ba itshwara ka tsela eno. Sa ntlha, a re tlotleng ka se re ka se dirang gore re nne le botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa.

KU ZIBA JEHOVA KO PELELA NE BUCHENJEDU

3. Buchenjedu gwe malebeswa go shanganyilani?

3 Botlhale bo ka tlhalosiwa e le bokgoni jwa go dirisa kitso e re nang le yone gore re dire ditshwetso tse di botlhale. Le fa go ntse jalo, botlhale jwa boammaaruri bo kaya se se fetang seo. Baebele e a re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme go itse Yo o Boitshepotshepo ke tlhaloganyo.” (Diane 9:10) Ka jalo, fa go na le ditshwetso tsa botlhokwa tse re batlang go di dira, re tshwanetse ra batla go itse gore Jehofa o akanya eng ka tsone. Re ka dira jalo ka go ithuta Baebele le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re na le botlhale jwa boammaaruri.—Diane 2:5-7.

4. Ini Jehova ali iye koga u nga ti pa buchenjedu gwe malebeswa?

4 Jehofa ke ene fela a ka re nayang botlhale jwa boammaaruri. (Bar. 16:27) Goreng re ka re botlhale bo tswa kwa go Jehofa? Sa ntlha, e re ka Jehofa e le Mmopi o itse sengwe le sengwe ka dilo tse a di bopileng. (Pes. 104:24) Sa bobedi, dilo tsotlhe tse a di dirang di bontsha gore o botlhale. (Bar. 11:33) Sa boraro, kgakololo e Jehofa a e nayang batho ka metlha e ba solegela molemo fa ba e dirisa. (Diane 2:10-12) Fa e le gore re batla go nna le botlhale jwa boammaaruri, re tshwanetse go dumela dintlha tseno re bo re di letla gore di re thuse fa re dira ditshwetso le fa re dira dilo dingwe.

5. Ko pelela neni ha bathu be lamba ku duma kuti Jehova ndiye koga U na buchenjedu gwe malebeswa?

5 Batho ba le bantsi ba re kopanang le bone mo bodireding ba re dilo di dirilwe ka botswerere, mme ga ba dumele gore go na le Mmopi e bile ba re di itlhagetse fela. Ba bangwe bone ba re ba dumela mo Modimong, le fa go ntse jalo ba akanya gore se Baebele e se rutang se siilwe ke nako e bile ba tshela jaaka ba batla. Seo se feletse ka eng? Fa batho ba ikaega ka botlhale jwa bone mme e seng ka botlhale jwa Modimo, a seo se dira gore dilo di nne botoka mo lefatsheng? A ba itumetse e bile ba na le tsholofelo e e ka ikanngwang ka bokamoso? Dilo tse di diregang gone jaanong mo lefatsheng di re bontsha gore mafoko ano a boammaaruri: “Ga go na botlhale, kgotsa temogo, kgotsa kgakololo e e tla dirang gore thato ya ga Jehofa e se ka ya direga.” (Diane 21:30) Seno se re rotloetsa gore re tswelele re kopa Jehofa gore a re neye botlhale jwa boammaaruri. Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba dire jalo. Goreng?

INI BATHU BE LAMBA BUCHENJEDU GWE MALEBESWA

6. Ku yenda na Zwiani 1:22-25, ndi boyani ba no lamba ku hwa buchenjedu gwe malebeswa?

6 Batho ba le bantsi ga ba batle go reetsa fa botlhale jwa boammaaruri “bo goela kwa godimo mo mmileng.” Baebele e a re go na le ditlhopha tse tharo tsa batho ba ba ganang botlhale: “ba ba se nang maitemogelo,” “basotli” le “dimatla.” (Bala Diane 1:22-25.) A re tlotleng ka mabaka a a dirang gore batho bano ba gane botlhale jwa Modimo le gore re ka dira eng gore re se ka ra tshwana le bone.

7. Ini bangwe be shalula ku gala “basina mano”?

7 Batho “ba ba se nang maitemogelo” ba dumela sengwe le sengwe e bile ba tsietsega motlhofo. (Diane 14:15) Re a tle re kopane le batho ba ba ntseng jalo kwa bodireding. Ka sekai, akanya ka batho ba le bantsi ba ba tsiediwang ke baeteledipele ba bodumedi kgotsa ba dipolotiki. Bangwe ba sala ba gakgametse tota fa ba lemoga gore baeteledipele bao ba ba tsieditse. Le fa go ntse jalo, batho ba go buiwang ka bone mo go Diane 1:22 ba itlhophela gore ba se ka ba nna le maitemogelo ka gonne seo se ba itumedisa. (Jer. 5:31) Ba itumelela go dira se ba se batlang e bile ga ba batle go itse se Baebele e se rutang kgotsa go ikobela melao e e mo go yone. Bontsi jwa bone ba ikutlwa jaaka mosadi mongwe yo o ratang bodumedi yo o nnang kwa Quebec, Canada, yo o neng a bolelela Mosupi mongwe a re, “Fa e le gore moruti wa rona o a re tsietsa, ke molato wa gagwe e seng wa rona!” Ruri ga re batle go nna jaaka batho bao ba ba ganang botlhale!—Diane 1:32; 27:12.

8. Ti nga batshiwa neni kuti ti be ne mano a ka lulwama?

8 Go a utlwala go bo Baebele e re kgothaletsa gore re se ka ra tswelela re se na maitemogelo, go na le moo re “akanye jaaka batho ba ba godileng.” (1 Bakor. 14:20) Re ka nna le maitemogelo fa re dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a rona. Fa re dira jalo, re tla kgona go bona kafa Baebele e re thusang ka gone go dira ditshwetso tse di siameng le go tila mathata. Go molemo gore re nne re itshekatsheka. Ka sekai, fa e le gore o na le lobaka lo loleele o ithuta Baebele e bile o ya dipokanong, o ka nna wa ipotsa gore goreng o ise o ineele mo go Jehofa le gore goreng o ise o kolobediwe. Fa e le gore o kolobeditswe, a o tokafatsa tsela e o rerang le e o rutang dikgang tse di molemo ka yone? A ditshwetso tse o di dirang di bontsha gore o dirisa se o se ithutang mo Baebeleng? A o dirisana le ba bangwe ka tsela e Jesu a neng a ka dirisana le bone ka yone? Fa re lemoga gore go na le mo re tlhokang go tokafatsa gone re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka dikgakololo tse Jehofa a re nayang tsone tse di ‘tlhalefisang yo o se nang maitemogelo.’—Pes. 19:7.

9. “Badadi” ba no lakidza chini kuti ba no lamba buchenjedu?

9 Setlhopha sa bobedi sa batho ba ba ganang botlhale jwa Modimo ke “basotli.” Ka dinako dingwe re kopana le bone fa re rera. Ba itumelela go sotla batho ba bangwe. (Pes. 123:4) Baebele e ne ya tlhagisa gore mo malatsing a bofelo, go ne go tla nna le basotli ba le bantsi. (2 Pet. 3:3, 4) Fela jaaka bagwe ba monna yo o siameng e bong Lote ba ne ba dira, gompieno batho bangwe le bone ga ba batle go reetsa ditlhagiso tse di tswang kwa Modimong. (Gen. 19:14) Ba le bantsi ba tshega batho ba ba tshelang ka melaometheo ya Baebele. Basotli bao ba dira jalo ka gonne ba ‘diragatsa dikeletso tsa bone tse di sa siamang.’ (Jude 7, 17, 18) Tsela e Baebele e tlhalosang basotli ka yone e tshwana le e batlhanogi le batho ba ba ganang go direla Jehofa ba itshwarang ka yone.

10. Se kwa kwa ka lakidziwa mu na Pisalema 1:1, ti nga thubukana chini ne zila ye badadi?

10 Re ka dira eng gore re se ka ra nna basotli? Sengwe sa dilo tse re ka di dirang ke go tila go itsalanya le batho ba ba ngongoregetseng ruri. (Bala Pesalema 1:1.) Seo se raya gore ga re kitla re reetsa kgotsa re bala sepe fela se se tswang kwa batlhanoging. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra nnela go ngongorega ka gonne seo se ka dira gore re se ka ra tlhola re tshepa Jehofa le kaelo e re e newang ke phuthego ya gagwe. Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke nna fela ke ngongorega fa re newa kaelo nngwe kgotsa re tlhalosediwa dilo ka tsela nngwe? A ke nna fela ke tshwayatshwaya ba ba eteletseng pele diphoso?’ Fa re tsaya kgato ka bonako go baakanya mekgwa eno, re tla itumedisa Jehofa.—Diane 3:34, 35.

11. “Zwilengwe” zo linga chini milayo ya Jehova ye mazwibato?

11 Setlhopha sa boraro sa batho ba ba ganang botlhale ke “dimatla.” Batho bano ke dimatla ka gonne ba gana go tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo. Ba dira se se siameng mo matlhong a bone. (Diane 12:15) Batho bao ba gana botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa. (Pes. 53:1) Fa re kopana le bone kwa bodireding gantsi ba nna kgatlhanong le rona ka gonne re tlotla melao e e mo Baebeleng. Mme gone, ga ba ka ke ba re thusa ka sepe. Baebele e a re: “Motho yo o seeleele o tsaya go nna le botlhale jwa boammaaruri e le selo se se sa kgonegeng; ga a na sepe se a ka se buang kwa kgorong ya motse.” (Diane 24:7) Dimatla ga di kgone go bua sepe se se agang. Ke gone ka moo Jehofa a re tlhagisang gore re ‘tswe mo mothong yo o seeleele.’—Diane 14:7.

12. Ini chi nga ti batsha kuti ti thubukane ne zila ye zwilengwe?

12 Go farologana le batho ba ba ganang kgakololo ya Modimo, rona re ithuta go rata tsela e Modimo a akanyang ka yone le melao ya gagwe ya boitsholo. Re ka godisa lorato loo ka go leba se se diregang fa batho ba ikobela melao ya Modimo le fa ba sa e ikobele. Leba mathata a batho ba nnang le one ka gonne ba gana kgakololo ya ga Jehofa e e botlhale. Go tswa foo, leba tsela e botshelo jwa gago bo leng botoka ka yone ka gonne o ikobela melao ya Modimo.—Pes. 32:8, 10.

13. A Jehova u no ti patika kuti ti nhwilile ha e ti kumbuludza ne buchenjedu?

13 Jehofa o naya batho botlhe tshono ya go bona botlhale jwa gagwe, mme ga a pateletse ope gore a bo amogele. Le fa go ntse jalo, o tlhalosa se se tla diregang fa batho ba sa bo dirise. (Diane 1:29-32) Batho ba ba ganang go reetsa Jehofa ba tla “diragalelwa ke se se ba tshwanetseng go ya ka ditsela tsa bone.” Fa nako e ntse e tsamaya, ba tlile go ikutlwisa botlhoko ba bo ba boga ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone, e bile mo nakong e e tlang Jehofa o tla ba fedisa. Mme ba ba reetsang kgakololo ya ga Jehofa e e botlhale e bile ba e dirisa, ba solofediwa jaana: “Yo o ntheetsang o tla nna ka pabalesego e bile ga a kitla a tshwenngwa ke go boifa matlhotlhapelo.”—Diane 1:33.

BUCHENJEDU GWE MALEBESWA GO TI BATSHA

Go akgela kwa dipokanong go dira gore re atamalane le Jehofa (Bona serapa 15)

14-15. To zwidiyani mu na chi mu na Zwiani 4:23?

14 Ka metlha re solegelwa molemo fa re dirisa botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Fela jaaka re bone, Jehofa o dira gore kgakololo e e botlhale e bonwe motlhofo. Ka sekai, mo bukeng yotlhe ya Diane, Jehofa o re naya kgakololo e e sa felelweng ke nako e bile e re solegela molemo fa re e dirisa. A re tlotleng ka dikai di le nnê tse di bontshang kafa kgakololo eo e leng botlhale ka gone.

15 Sireletsa pelo ya gago ya tshwantshetso. Baebele e a re: “Go feta dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go sirelediwa, sireletsa pelo ya gago, ka gonne botshelo bo tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Akanya ka se re se dirang go sireletsa dipelo tsa rona tsa mmatota. Re ja dijo tse di nang le dikotla, re ikatisa ka metlha e bile re tila mekgwa epe fela e e sa siamang. Re tshwanetse go dira se se tshwanang gore re sireletse pelo ya rona ya tshwantshetso. Re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, go baakanyetsa, go ya dipokanong le go akgela fa re le kwa go tsone. E bile re tshwanetse go nna re tlhagafetse ka go ya bodireding ka metlha, mme re tile mekgwa e e sa siamang e e ka leswefatsang tsela e re akanya ka yone, e e jaaka boitlosobodutu jo bo leswe le go itsalanya le batho ba ba sa siamang.

Go leba madi sentle go dira gore re kgotsofalele se re nang le sone (Bona serapa 16)

16. Ini chi mu na Zwiani 23:4, 5 chi shinga kwazo ngwenu?

16 Kgotsofalela se o nang le sone. Baebele e re gakolola jaana: “O se ka wa dira ka natla e le gore o nne le dikhumo. . . . Fa o latlhela matlho a gago kwa go tsone, ga di yo, gonne di tla tlhoga diphuka jaaka ntsu di bo di fofela kwa loaping.” (Diane 23:4, 5) Dikhumo ga di nnele ruri. Batho ba le bantsi gompieno, ba ka tswa ba humile kgotsa ba humanegile, ba gagamalela go nna le madi. Seo se dira gore ba senye tsela e ntle e ba itsegeng ka yone, ba se ka ba dirisana sentle le ba bangwe le gore ba lwale. (Diane 28:20; 1 Tim. 6:9, 10) Mme rona, botlhale bo re thusa go leba madi ka tsela e e siameng. Seo se dira gore re se ka ra nna bogagaru, re kgotsofalele se re nang le sone le gore re itumele.—Mor. 7:12.

Go akanya pele re bua go re thusa gore re se ka ra utlwisa ba bangwe botlhoko (Bona serapa 17)

17. Ti nga be ne “lulimi gwe ntjenjedu” chini, se kwa ku legwa mu na Zwiani 12:18?

17 Akanya pele o bua. Fa re se kelotlhoko, re ka utlwisa batho ba bangwe botlhoko ka se re se buang. Baebele e a re: “Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Re dira gore go nne le kagiso fa re sa bue ka diphoso tsa batho ba bangwe. (Diane 20:19) Go bala le go akanya ka Lefoko la Modimo ka metlha go tla re thusa gore se re se buang se kgothatse batho ba bangwe mme se se ka sa ba utlwisa botlhoko. (Luke 6:45) Fa re akanyetsa kwa teng ka se re se balang, mafoko a rona a tla tshwana le “molatswana o o elelang” o o lapolosang ba bangwe.—Diane 18:4.

Go dirisa kaelo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa go re thusa gore re tokafatse mo bodireding (Bona serapa 18)

18. Ku shingisa Zwiani 24:6 ku nga ti batsha chini kuti ti be ne mbayilo mu nshingo we ku rera?

18 Ikobele kaelo. Kgakololo eno ya Baebele e ka re thusa go atlega: “O tla tlhabana ka kgakololo e e botlhale, e bile fa go na le bagakolodi ba bantsi go nna le katlego.” (Diane 24:6, ntlh.) A re boneng gore go dirisa temana eno go tla re thusa jang go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone. Go na le gore re dire bodiredi ka tsela e rona re e batlang, re dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa dikakantsho tse re di newang. Fa re le kwa dipokanong re bona kaelo e e botlhale fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo ba neela dipuo le dipontsho tse di re thusang go tokafatsa tsela e re rutang ka yone. Mo godimo ga moo, phuthego ya ga Jehofa e re neile dikgatiso le dibidio tse di molemo tse re ka di dirisang go thusa batho go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. A o ithuta go dirisa dithulusu tseno ka botlalo?

19. U no zwihwa chini ne kwe buchenjedu gwa ti no piwa na Jehova? (Zwiani 3:13-18)

19 Bala Diane 3:13-18. Ruri re itumelela kgakololo e e botlhale e e mo Lefokong la Modimo! Re ka bo re le ba ga mang fa e ne e se ka yone? Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dikai tsa kgakololo e e botlhale e e tswang mo bukeng ya Diane. Boammaaruri ke gore, Jehofa o re naya kgakololo e e botlhale mo dibukeng tsotlhe tsa Baebele. A ka metlha re ikemisetseng go dirisa kgakololo eo e Jehofa a re nayang yone. Batho ba le bantsi gompieno, ga ba tseye kgakololo eo e le botlhokwa, mme rona re tlhatswegile pelo gore “ba ba ngangatlelang [botlhale] thata ba tla itumela.”

LUMBO 36 A re Diseng Dipelo Tsa Rona

^ Botlhale jo Jehofa a re nayang jone, bo gaisa botlhale bope fela jo re ka bo bonang mo lefatsheng. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka papiso e e kgatlhang e e mo bukeng ya Diane, e e buang ka botlhale jo bo goelang kwa godimo mo patlelong ya motse. Re tla tlotla ka se re ka se dirang gore re nne le botlhale jwa boammaaruri, gore goreng bangwe ba sa batle go reetsa botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa le gore bo ka re solegela molemo jang.