NSHOLO WE CHIDIYO 29
A wa ka Zwibaakanyila Ndiko Wulu?
“ . . .galani makazwilulwamisa.”—MAT. 24:44.
LUMBO 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a
1. Ini i li buchenjedu ku zwibaakanyila dzingozi?
GO IPAAKANYA go ka boloka matshelo. Ka sekai, fa go nna le masetlapelo, batho ba ba ipaakantseng ba ka falola e bile ba ka kgona go thusa ba bangwe. Mokgatlho mongwe wa kwa Europe yo o thusang batho fa go na le masetlapelo o a re: “Ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sa le gale.”
2. Ini ta ka fanila ku zwibaakanyila ndiko wulu? (Matewu 24:44)
2 “Pitlagano e kgolo” e tlile go simologa ka tshoganyetso. (Math. 24:21) Mme yone ga e kitla e tshwana le masetlapelo a mangwe ka gonne re a itse gore e tla tla. Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Jesu o ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ba nne ba ipaakanyeditse letsatsi leo. (Bala Mathaio 24:44.) Fa re ipaakantse, re tla kgona go itshokela nako eo e e thata, e bile re tla kgona go thusa batho ba bangwe gore le bone ba itshoke.—Luke 21:36.
3. Ku dzikitadza, ne ku be ne mahwilangoni, ne ludo ku nga ti batsha chini ku lingisana ne ndiko wulu?
3 A re tlotleng ka dinonofo di le tharo tse di tla re thusang go ipaakanyetsa pitlagano e kgolo. Mo nakong e e tlang, re ka nna ra kopiwa gore re rere molaetsa wa katlholo, e bile batho ba e seng Basupi ba ka re ganetsa. (Tshen. 16:21) Go nna le boitshoko go tla re thusa gore re ikobele Jehofa, re tlhatswegile pelo gore o tla re sireletsa. Gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba latlhegelwa ke dithoto tsa bone. (Hab. 3:17, 18) Go nna pelotlhomogi go tla dira gore re ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang. Mo godimo ga moo, fa dipuso tsa lefatshe di re tlhasela, re ka nna ra tshwanelwa ke go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ka lobaka lo lo rileng. (Esek. 38:10-12) Fa re ba rata, re tla kgona go itshokela nako eo e e thata.
4. Baibili i no lakidza chini kuti ta ka fanila dwilila ti dzikitadza, ne ku be ne mahwilangoni ne ludo?
4 Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re nne le boitshoko, bopelotlhomogi le lorato. Luke 21:19 e a re: “Lo tla boloka matshelo a lona fa lo ka tswelela lo itshokile.” Bakolosa 3:12 e a re: “Nnang le . . . bopelotlhomogi.” Bathesalonika wa ntlha 4:9, 10 yone e a re: “Modimo o lo ruta gore lo ratane. . . . Mme bakaulengwe, re lo kgothaletsa gore lo tswelele lo ratana le go feta.” Ditemana tseno di ne di kwalelwa Bakeresete ba ba neng ba setse ba bontshitse gore ba na le dinonofo tseno, mme ba ne ba tshwanetse go tswelela ba bontsha gore ba na le tsone. Le rona re tshwanetse go dira jalo. Re tlile go sekaseka gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bontsha dinonofo tseno jang. Go tswa foo, re tlile go bona gore re ka ba etsa jang. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re ipaakanyetsa pitlagano e kgolo.
SIMISA KU DZIKITADZA KUKO
5. Bakirisiti be kutanga ba ka dzikitadzila dzindiko chini?
5 Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela mathata a le mantsi. (Baheb. 10:36) Ba ne ba na le mathata a a tshwanang le a batho ba bangwe, mme gape ba ne ba na le mathata a a neng a bakwa ke gore ke Bakeresete. Bontsi jwa bone ba ne ba bogisiwa ke ba malapa a bone, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda le balaodi ba Baroma. (Math. 10:21) Gape ba ne ba tshwanetse go netefatsa gore ga ba tlhotlhelediwe ke dithuto tsa maaka tsa batlhanogi ba ba neng ba leka go dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. (Dit. 20:29, 30) Le fa Bakeresete bao ba ne ba na le mathata a le mantsi, ba ne ba tswelela ba itshokile. (Tshen. 2:3) Ba ne ba thusiwa ke eng? Ba ile ba akanyetsa kwa teng ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba itshokela mathata, ba ba jaaka Jobe. (Jak. 5:10, 11) Gape ba ile ba kopa Jehofa gore a ba nonotshe. (Dit. 4:29-31) Mo godimo ga moo, ba ne ba ikgopotsa gore Jehofa o tla ba segofatsa fa ba ka tswelela ba itshoketse mathata.—Dit. 5:41.
6. U nga zwidiyani mu na se kwa Merita a ka mililana ne ku nyanyayidziwa?
6 Le rona re ka kgona go itshoka fa re bala e bile re akanyetsa kwa teng ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona ba ba ileng ba itshokela mathata. Go dira jalo go ne ga thusa kgaitsadi mongwe wa kwa Albania yo o bidiwang Merita gore a itshoke fa ba lelapa ba ne ba mmogisa. A re: “Pego ya ga Jobe e ne ya nkgothatsa fela thata. Jobe o ne a tlhagelwa ke mathata a mantsi mme a sa itse gore o a bakelwa ke mang, le fa go ntse jalo o ne a re: ‘Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong go fitlha ke swa!’ (Jobe 27:5) Ke ile ka lemoga gore Jobe o ne a na le mathata a a boima go feta a me. Mo godimo ga moo, nna ke ne ke itse gore mathata a me a bakiwa ke mang.”
7. Nenguba ti sa ka lingisana ne dzindiko dza ka sima ngwenu,ta ka fanila thamani ngwenu?
7 Go rapela Jehofa ka metlha re mmolelela dilo tse di re tshwenyang le gone go tla re thusa gore re kgone go itshoka. (Bafil. 4:6; 1 Bathes. 5:17) O ka tswa o se na mathata a a kalo gone jaanong. Mme gone, a o kopa Jehofa gore a go thuse fa o utlwile botlhoko, o gateletswe mo maikutlong kgotsa o sa itse gore o dire eng? Fa o itlwaeditse go kopa Jehofa gore a go thuse fa o na le mathata, go tla nna motlhofo gore o dire jalo mo nakong e e tlang fa o na le mathata a a boima. Ka nako eo o tla bo o tlhatswegile pelo gore Jehofa o a itse gore o tshwanetse go go thusa leng le gore o tla go thusa jang.—Pes. 27:1, 3.
8. Zila Mira ya a ka zwibata nayo i no lakidza chini kuti ku mililana ne dzindiko ngwenu ku nga ti batsha mu chibaka chi no zha? (Jakubo 1:2-4) (Bona itshwantsho.)
8 Fa re tswelela re itshokile gone jaanong fa re na le mathata, re tla kgona go itshoka ka nako ya pitlagano e kgolo. (Bar. 5:3) Goreng re rialo? Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba re go itshokela teko nngwe e e rileng go ba thusa gore ba itshokele teko e e latelang. Fa Jehofa a ba thusa go itshokela diteko, tumelo ya bone e nonofa le go feta. Mme go nna le tumelo go ba thusa gore ba tswelele ba itshokile. (Bala Jakobe 1:2-4.) Mmulatsela mongwe wa kwa Albania yo o bidiwang Mira, o ile a itshokela mathata mo nakong e e fetileng, mme seo se mo thusa gore a itshokele mathata a a lebanang le one gone jaanong. Ka dinako dingwe o ikutlwa e kete ke ene fela a nang le mathata a mantsi jalo. Le fa go ntse jalo, fa a akanya ka tsela e Jehofa a mo thusitseng ka yone mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, o ipolelela a re: ‘Itshoke. Jehofa o go thusitse go itshokela mathata a le mantsi, ka jalo o se ka wa mo tlogela.’ Le wena o ka akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a go thusitseng ka yone gore o itshokele mathata. Itse gore o a go bona fa o itshokela mathata, e bile o tlile go go segofatsa. (Math. 5:10-12) Fa o ithuta go itshokela mathata gone jaanong, o tla kgona go itshoka ka nako ya pitlagano e kgolo.
IBE NE MAHWILANGONI
9. Gubungano le Antiyoki we Siriya la ka lakidza chini mahwilangoni?
9 Akanya ka se se ileng sa direga fa go ne go na le leuba kwa Judea. Fa Bakeresete ba phuthego ya Antioka le ya Siria ba utlwa ka kgang eo, ba ne ba tlhomogela bakaulengwe ba bone ba kwa Judea pelo. Ka jalo, ba ile ba dira sengwe go ba thusa. Baebele e a re: “Mongwe le mongwe wa barutwa o ne a ikemisetsa go ntsha se a se kgonang, gore go romelwe thuso ya namolo kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” (Dit. 11:27-30) Le fa Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba nna kgakala, Bakeresete ba kwa Antioka ba ne ba ikemiseditse go ba thusa.—1 Joh. 3:17, 18.
10. I zila dzipi dza ti nga lakidza bazwalani bedu mahwilangoni ha ba wigwa ne ngozi? (Bona itshwantsho.)
10 Le rona re ka bontsha gore re pelotlhomogi fa re utlwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba wetswe ke masetlapelo. Re ka dira seo jang? Re ka ithaopela go thusa. Gongwe re ka botsa bagolwane gore a re ka thusa mo porojekeng eo. Re ka ntsha meneelo e e ntshediwang lefatshe lotlhe kgotsa re ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba amilweng ke masetlapelo ao. b (Diane 17:17) Ka sekai, ka 2020 go ne ga tlhomiwa Dikomiti Tsa Namolo di feta 950 mo lefatsheng lotlhe, go thusa ba ba neng ba tlhoka thuso ka nako ya bolwetse jwa COVID-19. Re leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba thusa mo tirong eno ya namolo. E re ka ba ne ba tlhomogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone pelo, ba ne ba ba isetsa dilo tse ba di tlhokang, ba ba thusa gore ba tswelele ba direla Jehofa e bile mo maemong a mangwe ba ne ba ba baakanyetsa matlo le mafelo a kobamelo.—Bapisa le 2 Bakorintha 8:1-4.
11. Ku lakidza mahwilangoni ko kudza Tate bedu ba kudzimu chini?
11 Fa re dira dilo tse di bontshang gore re tlhomogela Bakeresetemmogo le rona pelo morago ga masetlapelo, batho ba bangwe ba kgona go lemoga seo. Ka sekai, ka 2019, Setsuatsue se se bidiwang Dorian se ne sa senya Holo ya Bogosi kwa Bahamas. Fa bakaulengwe ba ne ba aga holo eo sesha, ba ne ba botsa rakonteraka mongwe yo e seng Mosupi gore ba ka mo duela bokae gore a tle go ba thusa ka tiro nngwe mo holong. O ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshwenyega, ga lo tlhoke go duela, ke batla go lo thusa. Ke rata tsela e lo thusanang ka yone.’ Batho ba le bantsi ga ba itse Jehofa, mme bontsi jwa bone ba kgona go bona gore Basupi ba ga Jehofa ba a thusana. Re a itumela fa re lemoga gore fa re utlwelana botlhoko, seo se ka dira gore batho ba bangwe ba batle go itse Jehofa, ‘Modimo yo o kutlwelobotlhoko.’—Baef. 2:4.
12. Ku lakidza bangwe mahwilangoni ngwenu ko ti baakanyila ku lingisana ne ndiko wulu chini? (Zumbunulo 13:16, 17)
12 Re tla tshwanelwa ke go nna pelotlhomogi ka nako ya pitlagano e kgolo. Goreng re rialo? Baebele e a re batho ba ba sa emeng dipuso tsa lefatshe leno nôkeng, ba tla nna le mathata gone jaanong le ka nako ya pitlagano e kgolo. (Bala Tshenolo 13:16, 17.) Re ka nna ra tshwanelwa ke go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang. Fa Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete a tla go atlhola batho, re batla gore a re fitlhele re thusana mme a re laletse gore re ‘rue Bogosi.’—Math. 25:34-40.
SIMISA LUDO GUGO
13. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Baroma 15:7, Bakirisiti be kutanga ba ka simisa ludo gwabo chini?
13 Batho ba ne ba itse gore Bakeresete ba bogologolo ba a ratana. A mme go ne go le motlhofo gore ba ratane? Bakeresete ba phuthego ya kwa Roma ba ne ba sa tshwane. Bangwe ba bone e ne e le Bajuda ba ba neng ba rutilwe Molao wa ga Moshe, ba bangwe ba ne ba tswa mo ditšhabeng tse dingwe e bile ba rutilwe dingwao tse di farologaneng. Bakeresete bangwe e ka tswa e ne e le makgoba, mme ba bangwe bone ba ka tswa ba ne ba na le makgoba. Ke eng se se thusitseng Bakeresete bao gore ba tswelele ba ratana le fa ba ne ba sa tshwane? Moaposetoloi Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba ‘amogelane.’ (Bala Baroma 15:7.) O ne a raya jang? Lefoko le le ranotsweng e le go “amogela” le kaya go laletsa mongwe mo ntlong ya gago kgotsa gore e nne tsala ya gago. Ka sekai, Paulo o ne a bolelela Filemone gore a amogele lekgoba la gagwe le le neng le tshabile le le bidiwang Onesimo. O ne a re: “Mo amogele.” (File. 17) Perisila le Akhwila ba ne ba amogela Apolose yo o neng a sa itse dilo tse dintsi ka Bakeresete. Baebele e a re “ba ne ba tsamaya le ene.” (Dit. 18:26) Le fa Bakeresete bao ba ne ba sa tshwane, seo ga se a ka sa dira gore ba se ka ba utlwana. Go na le moo, ba ne ba amogelana.
14. Anna ne nlume uwe ba ka lakidza ludo chini?
14 Le rona re ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata fa re tsalana le bone e bile re fetsa nako le bone. Fa re dira jalo, le bone ba tla re rata. (2 Bakor. 6:11-13) Akanya ka se se diragaletseng Anna le monna wa gagwe. Ba ne ba newa kabelo ya go nna barongwa kwa Africa, mme fela fa ba sena go fuduga, bolwetse jwa COVID-19 bo ne jwa simologa. Seo se ne sa dira gore ba se ka ba kgona go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya bone. Banyalani bano ba ile ba bontsha jang gore ba rata bakaulengwe ba bone? Ba ne ba ba founela ba dirisa bidio ba bo ba ba bolelela gore ba batla go ba itse. Bakaulengwe bao ba ne ba itumeletse se banyalani bao ba ileng ba se dira, mme ba ne ba simolola go ba founela le go ba romelela melaetsa. Ke eng fa banyalani bao ba ne ba tsaya matsapa a gore ba itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ya bone? Anna a re: “Ga nke ke lebala tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba ileng ba bontsha nna le ba lelapa la gaetsho gore ba a re rata fa go ne go le thata, le fa go ne go le monate. Se ba ileng ba se dira, se nthotloetsa gore le nna ke rate ba bangwe.”
15. To zwidiyani mu zila ya ka be Vanessa e da bazwalani ne dziazwadzi? (Bona itshwantsho.)
15 Bontsi jwa rona re mo diphuthegong tse go nang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba na le botho jo bo sa tshwaneng. Go akanya ka dinonofo tse dintle tse ba nang le tsone go ka re thusa gore re ba rate. Kgaitsadi mongwe yo o direlang kwa New Zealand yo o bidiwang Vanessa, o ne a sa kgone go tsalana le batho ba bangwe mo phuthegong ka gonne a sa rate botho jwa bone. Mme gone o ne a ipolelela gore go na le gore a ba itlhokomolose, o tla leka go fetsa nako le bone. Go dira jalo go ne ga mo thusa gore a lemoge gore ke eng fa Jehofa a ba rata. A re: “E re ka jaanong monna wa me e le molebedi wa potologo, re kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng. Mme go motlhofo gore ke tsalane le bone. Gone jaanong ke itumelela gore batho ba ga Jehofa ba na le botho jo bo sa tshwaneng. Jehofa le ene o rata batho ba ba farologaneng ka gonne o gogela batho ba ditso tse di sa tshwaneng mo phuthegong ya gagwe.” Fa re leba ba bangwe ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone, re bontsha gore re a ba rata.—2 Bakor. 8:24.
16. Ini ludo i li chithu chi nowobe chi sheteka mu chibaka che ndiko wulu? (Bona ithwantsho.)
16 Ka nako ya pitlagano e kgolo, go tla bo go le botlhokwa thata gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi. Jehofa o tla re sireletsa jang ka nako eo? Fa motse wa bogologolo wa Babelona o ne o tlhaselwa, Jehofa o ne a laela batho ba gagwe a re: “Tsamayang batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo bo lo tswala dikgoro fa lo sena go tsena. Iphitlheng ka nakwana go fitlha tšhakgalo e fetile.” (Isa. 26:20) Gongwe le rona re ka tshwanelwa ke go dira jalo ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka nako eo, ‘diphaposi tse di kwa teng’ e ka nna diphuthego tsa rona. Jehofa o solofetsa gore o tla re sireletsa fa re tswelela re mo direla re na le bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka jalo re tshwanetse go leka ka natla gone jaanong go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ka lorato lwa mmatota. Go dira jalo go ka boloka matshelo a rona.
ZWIBAAKANYE NGWENU
17. Ha ti zwibaakanya ngwenu, towo khona ku thamani mu chibaka che ndiko wulu?
17 “Letsatsi le legolo la ga Jehofa” le tlile go nna thata tota. (Sefa. 1:14, 15) Batho ba ga Jehofa le bone ba tlile go nna le mathata. Mme fa re ipaakanya gone jaanong, re tla kgona go ritibala le go thusa batho ba bangwe ka nako eo. Re tla kgona go itshokela mathata mangwe le mangwe a re tla nnang le one. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba nna le mathata, re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go bontsha gore re ba tlhomogela pelo le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. E bile fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi gone jaanong, re tla bontsha gore re a ba rata le mo nakong e e tlang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le se nang masetlapelo le mathata.—Isa. 65:17.
LUMBO 144 Leba Kwa Mokgeleng!
a Go ise go ye kae, pitlagano e kgolo e tla simologa. Gore re kgone go ipaakanyetsa nako eo e e thata, re tshwanetse go nna le boitshoko, bopelotlhomogi le lorato. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Bakeresete ba bogologolo ba thusitswe ke eng gore ba nne le dinonofo tseno, gore rona re ka nna jang le tsone le gore di tla re thusa jang go ipaakanyetsa pitlagano e kgolo.
b Ba ba batlang go thusa mo diporojekeng tsa namolo, ba tshwanetse go tlatsa foromo ya Local Design/Construction Volunteer Application (DC-50) kgotsa ya Application for Volunteer Program (A-19), go tswa foo ba bo ba emela gore ba bidiwe gore ba ye go thusa.