Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE CHIDIYO 31

“Simani, Musingazunguziwe”

“Simani, Musingazunguziwe”

“Zwikamu zwangu zwinodika, simani, musingazunguziwe.”​—1 BAK. 15:58.

LUMBO 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1-2. Nkirisiti u nga ma chini a ka sima se mbako dza ka sima dza ka tathikana? (1 Bakorinta 15:58)

 A 1978, go ile ga agiwa kago e e goletseng kwa godimo e e nang le matlhatlhaganyane a le 60 kwa Tokyo, kwa Japan. E re ka toropo eo e ratiwa ke dithoromo tsa lefatshe, batho ba ne ba ipotsa gore a kago eo e tla kgona go emelana le tsone. Baenjenere ba ba neng ba dira polane ya kago eo, ba ile ba dira gore e nonofe, mme gone e kgone go obega go se kae gore e se ka ya phutlhama fa go na le thoromo ya lefatshe. Bakeresete ba tshwana le kago eo. Jang?

2 Mokeresete o tshwanetse go ema a tlhomame, mme gape o tshwanetse go fetofetoga le maemo. Fa go tliwa mo melaong ya Modimo, o tshwanetse go nna a tlhomame, e bile a ikemiseditse go e ikobela ka metlha. (Bala 1 Bakorintha 15:58.) Le fa go ntse jalo, ga a tlhogoethata, o fetofetoga le maemo fa go tlhokega. (Jak. 3:17) Mokeresete yo o nang le dinonofo tseno ga a gagamatse molao thata, e bile ga a mpampetse dilo. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go nna re tlhomame. Gape re tla tlotla ka dilo di le tlhano tse Satane a di dirisang go leka go dira gore re se ka ra ikobela Jehofa, le gore re ka thusiwa ke eng gore re se ka ra wela mo diraing tsa gagwe.

TI NGA MA TA KA SIMA CHINI?

3. I milayo ipi ye Nthami we milayo Nkulu i no wangwa mu na Mishingo 15:28, 29?

3 Jehofa ke ene a nang le tshwanelo ya go baya melao, mme ka metlha o naya batho ba gagwe melao e go leng motlhofo go e tlhaloganya. (Isa. 33:22) Ka sekai, setlhopha se se laolang sa bogologolo se ile sa bua ka dilo di le tharo tse Bakeresete ba ka bontshang ka tsone gore ba tlhomame. Ba tshwanetse (1) go obamela Jehofa e seng medingwana, (2) go ikobela molao wa ga Jehofa wa gore madi a boitshepo le (3) go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Bala Ditiro 15:28, 29.) Re ka bontsha jang gore re ikobela melao eno ya ga Jehofa gompieno?

4. To namata Jehova kwa ka pelela ne zila ya ka tini? (Zumbunulo 4:11)

4 Re obamela Jehofa fela, e seng medingwana. Jehofa o ile a laela Baiseraele gore ba obamele ene fela. (Dute. 5:6-10) Fa Satane a ne a leka go raela Jesu gore a mo obamele, Jesu o ile a re re tshwanetse go obamela Jehofa fela. (Math. 4:8-10) Ka jalo, ga re obamele medingwana. Gape ga re obamele batho. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tlotlomatsa baruti, batho ba dipolotiki le batho ba ba tumileng. Rona ga re dire jalo, re tlotlomatsa Jehofa e bile re obamela ene fela ka gonne ke ene a ‘bopileng dilo tsotlhe.’​—Bala Tshenolo 4:11.

5. Ini ti tolela nlayo wa Jehova we buchilo ne malopa pezhugwi?

5 Re ikobela molao wa ga Jehofa wa gore madi a boitshepo. Goreng? Ka gonne Jehofa a re madi a emela botshelo, mme botshelo ke mpho e e tswang kwa go ene. (Lefi. 17:14) Fa Jehofa a ne a letlelela batho gore ba je nama, o ne a ba laela gore ba se ka ba ja madi. (Gen. 9:4) O ne a boeletsa taelo eo fa a ne a naya Baiseraele molao a dirisa Moshe. (Lefi. 17:10) Gape o ile a dirisa setlhopha se se laolang sa bogologolo go tlhagisa Bakeresete gore ba ‘ithibe mo mading.’ (Dit. 15:28, 29) Re ikobela taelo eno fa re tlhopha gore re tla amogela kalafi efe. b

6. To tola thambo dzipi ku chila ne milayo ya Jehova i pezhugwi?

6 Re tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baheb. 13:4) Moaposetoloi Paulo o ile a re rotloetsa gore re “bolaye” dikeletso tsa rona tse di sa siamang. Seno se raya gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re lwantshe keletso ya go dira se se sa siamang. Ga re dire sepe e bile ga re lebelele sepe se se ka dirang gore re feleletse re dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Bakol. 3:5; Jobe 31:1) Fa re raelesega go dira sengwe se se sa siamang, ga re se dire ka gonne re a itse gore seo se tla senya botsala jwa rona le Jehofa.

7. Ta ka fanila zwimisila ku thamani, ngono ne kutini?

7 Jehofa o batla gore re nne “kutlo ka pelo yotlhe.” (Bar. 6:17) Ga re ka ke ra itlhophela gore re batla go ikobela melao efe ya gagwe, go na le moo re tshwanetse go nna re gopotse gore se a re laelang gore re se dire se re tswela mosola ka metlha. (Isa. 48:17, 18; 1 Bakor. 6:9, 10) Re dira sotlhe se re ka se kgonang go itumedisa Jehofa, e bile re ikutlwa fela jaaka mopesalema. O ne a re: “Ke ikemiseditse go ikobela ditaelo tsa gago ka dinako tsotlhe, go fitlha kwa bokhutlong.” (Pes. 119:112) Le fa go ntse jalo, Satane o leka go dira gore go nne thata gore re nne re tlhomame. O dira seo jang?

SATANI U NO GWISA CHINI KU CHINYA MAZWIMISILO EDU?

8. Satani u no shingisa ku dziyidziwa chini ku chinya mazwimisilo edu?

8 Go bogisiwa. Satane o batla gore re se ka ra ikobela Jehofa, ka jalo o dirisa batho gore ba re bogise. Baebele e a re o batla go re ‘kometsa,’ seno se raya gore o batla go senya botsala jwa rona le Jehofa. (1 Pet. 5:8) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshosediwa, ba itewa e bile bangwe ba bone ba ile ba bolawa ka gonne ba ne ba ikemiseditse go ikobela Jehofa. (Dit. 5:27, 28, 40; 7:54-60) Le gompieno Satane o sa ntse a dira gore batho ba ga Jehofa ba bogisiwe. Re kgona go bona seno kwa Russia le kwa dinageng tse dingwe. Mo dinageng tseno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bogisiwa setlhogo e bile ba tlhaselwa ka ditsela tse dingwe.

9. Chenesa kuti ini ta ka fanila gala ta ka zhula mesho kuti ti si kwebegwe mu zwithu zwa Satani.

9 Maano a a bofitlha. Gape Satane o dirisa “maano a a boferefere” go leka go dira gore re se ka ra ikobela Jehofa. (Baef. 6:11) Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Bob o ne a tshwanetse go dirwa karo. O ne a bolelela dingaka gore le fa go ka direga eng, ba se ka ba mo tshela madi. Ngaka e e neng e tlile go mo dira karo e ile ya dumela gore e ka se mo tshele madi. Le fa go ntse jalo, fa ba lelapa la gaabo Bob ba sena go boela gae, ngaka nngwe e ne ya ya go bua le ene. Ngaka eo e ile ya bolelela Bob gore ga a kitla a tshelwa madi, mme a tla nna teng gore a a tshelwe fa go tlhokega. Gongwe ngaka eo e ne e akanya gore Bob o tla dumela go tshelwa madi fa ba lelapa la gaabo ba seyo. Le fa go ntse jalo, Bob o ile a nna a tlhomame. O ne a re ba se ka ba mo tshela madi le fa go ka direga eng.

10. Ini buchenjedu gwe nthu i li bulengwe? (1 Bakorinta 3:19, 20)

10 Dikakanyo tsa batho ba ba nyatsang melao ya ga Jehofa. Fa re akanya ka tsela e batho ba ba nyatsang melao ya ga Jehofa ba akanyang ka yone, le rona re ka nna ra simolola go e nyatsa. (Bala 1 Bakorintha 3:19, 20.) Gantsi “botlhale jwa lefatshe leno” bo dira gore batho ba se ka ba ikobela Modimo. Bakeresete bangwe ba kwa Peregamo le Thiatira ba ile ba simolola go itshwara jaaka batho ba ba neng ba nna mo metseng eo, ba ba neng ba obamela medingwana e bile ba sa itshware sentle. Jesu o ile a kgalema Bakeresete ba diphuthego tseo tse pedi ka gonne ba ne ba letlelela boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Tshen. 2:14, 20) Batho ba re tshelang le bone ba ba sa ikobeleng Jehofa ba ka nna ba leka go dira gore re akanye jaaka bone. Ka sekai, ba malapa a rona kgotsa batho bangwe ba re tlwaelaneng le bone ba ka nna ba re re gagamatsa dilo kgotsa ba leka go re tlhotlheletsa go tlola melao ya ga Jehofa. Ba ka nna ba re go itshwara sentle ga go thuse ka sepe le gore melao ya Modimo e siilwe ke nako.

11. Ha ti ma ta ka sima, ta ka fanila ku zwidziba muni?

11 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra akanya gore Jehofa o re naya ditaelo tse di sa utlwaleng sentle. Re ka nna ra bo ra raelesega go “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.” (1 Bakor. 4:6) Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dira jalo. Ba ne ba oketsa Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele ka melao ya bone, mme seo se ne se dira gore go nne thata gore batho ba ikobele Molao. (Math. 23:4) Jehofa o re naya ditaelo tse di utlwalang sentle a dirisa phuthego le Lefoko la gagwe. Ka jalo, ga re tlhoke go oketsa ditaelo tse a re nayang tsone. (Diane 3:5-7) Ga re ye ka kwa ga dilo tse di kwadilweng mo Baebeleng, e bile ga re beele bakaulengwe le bokgaitsadi melao mo dilong tse ba tshwanetseng go itirela tshwetso mo go tsone.

12. Satani u no shingisa “bulengwe gu sina nshingo” chini?

12 Maaka. Satane o dirisa “maaka” le “botlhale jwa lefatshe”go tsietsa batho le go dira gore ba se ka ba utlwana. (Bakol. 2:8) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga o ne a dirisa dithuto tse di theilweng mo dikakanyong tsa batho, dithuto tsa Bajuda tse di sa tsweng mo Baebeleng le thuto ya gore Bakeresete ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe. Dithuto tseno di ne di tsietsa batho ka gonne di ne di dira gore ba se ka ba atamalana le Jehofa, yo botlhale jwa boammaaruri bo tswang kwa go ene. Gompieno Satane o dirisa metswedi ya tshedimosetso go anamisa magatwe le tshedimosetso e e seng boammaaruri e e buiwang ke baeteledipele ba dipolotiki. Re ile ra bona seno se direga thata ka nako ya bolwetse jwa COVID-19. c Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba reetsa kaelo e re e newang mo phuthegong, ba ne ba sa tshwenyege thata jaaka ba ba neng ba reetsa tshedimosetso e e seng boammaaruri.​—Math. 24:45.

13. Ini ta ka fanila ku zwilisa mu zwithu zwi nga ti dusa mu zila?

13 Dilo tse di itayang tsebe. Ga re a tshwanela go lebala gore “dilo tse di botlhokwa thata” ke dife. (Bafil. 1:9, 10) Dilo tse di se nang mosola di ka re itaya tsebe, di bo di dira gore re feleletse re se na nako le maatla a go dira dilo tsa botlhokwa. Dilo tse re tlwaetseng go di dira tse di jaaka go ja, go nwa, go itapolosa le tiro ya boitshediso di ka re itaya tsebe fa e le gore ke tsone tse di botlhokwa thata mo go rona. (Luke 21:34, 35) Gape ga re a tshwanela go itewa tsebe ke dikgang tse re di utlwang letsatsi le letsatsi tsa batho ba ba gwantang le batho ba dipolotiki ba ba nnang ba ngangisana. Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go tsaya letlhakore mo dikgannyeng tseo re sa lemoge. Satane o dirisa dilo tsotlhe tse re setseng re buile ka tsone go leka go dira gore re se ka ra ikobela Jehofa. A re boneng gore ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhomame.

TI NGA MA TA KA SIMA CHINI?

14. Ini chingwe chi nga ti batsha ku gala ta ka sima mu na Jehova?

14 Akanya ka lebaka la go bo o ile wa ineela mo go Jehofa wa bo wa kolobediwa. O dirile jalo ka gonne o ne o batla go obamela Jehofa. Gape akanya ka dilo tse di ileng tsa go tlhatswa pelo gore o bone boammaaruri. O ile wa ithuta ka Jehofa, mme o ne wa simolola go mo tlotla le go mo rata. O ne wa nna le tumelo, mme seo se ile sa go tlhotlheletsa gore o tlogele go dira dilo tse Jehofa a di tlhoileng mme o simolole go dira tse a di ratang. O ile wa ikutlwa o imologile fa o lemoga gore Jehofa o go itshwaretse. (Pes. 32:1, 2) O ile wa simolola go ya dipokanong le go bolelela batho ba bangwe dilo tse di itumedisang tse o neng o di ithuta. Gone jaanong o kolobeditswe e bile o tsamaya mo tseleng e e isang kwa botshelong, mme o dira sotlhe se o ka se kgonang gore o tswelele o tsamaya mo go yone.​—Math. 7:13, 14.

15. Ini ku zwidiya ne ku kumbulila cha ta zwidiya i li chithu chikulu?

15 Ithute Baebele o bo o akanyetse kwa teng ka se o se ithutang. Setlhare se kgona go ema se itsetsepetse fa medi ya sone e le kwa teng. Le rona re tla kgona go ema re tlhomame fa re na le tumelo e e nonofileng. Fa setlhare se ntse se gola, medi ya sone e a anama e bile e tsenelela kwa teng. Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta Lefoko la Modimo e bile re akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang, tumelo ya rona e a nonofa e bile re tlhatswega pelo le go feta gore melao ya ga Jehofa e re tswela mosola. (Bakol. 2:6, 7) Akanya kafa kgakololo ya ga Jehofa e ileng ya kgona go sireletsa le go thusa batlhanka ba gagwe ka gone mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Esekiele o ile a leba ka kelotlhoko fa moengele a ne a lekanya tempele e a neng a e bona mo ponatshegelong. Ponatshegelo eo e ile ya nonotsha tumelo ya ga Esekiele, e bile e re thusa go bona gore re ka obamela Jehofa jang ka tsela e a e amogelang. d (Esek. 40:1-4; 43:10-12) Go ipha nako ya go ithuta Lefoko la Modimo le go akanyetsa kwa teng ka dilo tse di boteng tse di mo go lone go tla re tswela mosola.

16. Ku simamoyo kwa Bob kwa ka mbatsha chini? (Pisalema 112:7)

16 Lwela go nna le pelo e e ikanyegang. Kgosi Dafide o ile a bontsha gore o tla tswelela a rata Jehofa fa a ne a re: “Pelo ya me e a ikanyega, tlhe Modimo.” (Pes. 57:7) Le rona re ka nna le pelo e e ikanyegang, e e tshepang Jehofa. (Bala Pesalema 112:7.) Go nna le pelo e e ikanyegang go ile ga thusa Bob yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng. Fa a ne a bolelelwa gore madi a tla nna teng gore a a tshelwe fa go tlhokega, o ne a bolelela dingaka gore fa e le gore di ikaeletse go mo tshela madi, ga a kitla a dirwa karo. Moragonyana Bob o ne a re: “Ke ne ke itse se ke se batlang, e bile ke ne ke sa tshwenyege ka gore go tla direga eng fa nka gana go tshelwa madi.”

17. Ti nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila Bob? (Bona itshwantsho.)

17 Bob o ile a kgona go ema a tlhomame ka gonne o ne a dirile tshwetso ya gore ga a kitla a tshelwa madi pele a ya bookelong. O ile a thusiwa ke dilo di le tharo. Sa ntlha, o ne a batla go itumedisa Jehofa. Sa bobedi, o ile a ithuta ka kelotlhoko gore Baebele le dikgatiso tsa rona di a reng ka kgang ya gore madi a boitshepo. Sa boraro, o ne a tlhatswegile pelo gore go ikobela molao wa ga Jehofa go tla mo tswela mosola. Le rona re ka kgona go nna re tlhomame fa re lebana le mathata.

18. Ti nga zwidyani mu zila Barak ya a ka themba Jehova nayo? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

18 Tshepa Jehofa. Barake o ile a atlega ka gonne o ne a tshepa Jehofa. Ka nako eo Baiseraele ba ne ba sa ipaakanyetsa ntwa e bile ba ne ba se na dibetsa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a laela Barake gore a ye go lwa le Sisera le masole a gagwe ba ba neng ba na le dibetsa tse dintsi. (Baatlh. 5:8) Moporofeti wa mosadi yo o bidiwang Debora o ile a laela Barake gore a ye kwa lefelong le le lebala a ye go tlhabana le Sisera le masole a gagwe a a neng a palame dikara di le 900. Le fa Barake a ne a itse gore go lwela mo lefelong le le lebala go ne go ka dira gore ba fenngwe, o ile a ikobela taelo eo. Fa Barake le masole a gagwe ba fologa Thaba ya Tabore, Jehofa o ile a nesa pula. Dikara tsa ga Sisera di ne tsa tshwarwa ke seretse, mme Jehofa o ne a thusa Barake gore a fenye. (Baatlh. 4:1-7, 10, 13-16) Le rona Jehofa o tla dira gore re atlege fa re mo tshepa e bile re dirisa kaelo e a re nayang yone a dirisa phuthego ya gagwe.​—Dute. 31:6.

ZWIMISILE KU MA WA KA SIMA

19. Ini u shaka ku ma wa ka sima?

19 Fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno le le bosula, re tla tshwanelwa ke go nna re dira ka natla gore re tswelele re tlhomame. (1 Tim. 6:11, 12; 2 Pet. 3:17) A re ikemisetseng gore re se ka ra kgarakgadiwa ke pogiso, maano a a bofitlha, dikgopolo tsa batho ba ba nyatsang melao ya ga Jehofa, maaka le dilo tse di itayang tsebe. (Baef. 4:14) A re tsweleleng re tlhomame, re rata Jehofa e bile re ikobela melao ya gagwe. Mme gone, gape re tshwanetse go fetofetoga le maemo. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa Jehofa le Jesu ba fetofetogang le maemo ka gone.

LUMBO 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

a Fa e sa le go tloga ka nako ya ga Adame le Efa, Satane o ntse a leka go tlhotlheletsa batho gore ba akanye gore ba na le tshwanelo ya go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. O batla gore re ikutlwe jalo ka melao ya ga Jehofa le ditaelo tse phuthego ya gagwe e re nayang tsone. Setlhogo seno se tla re thusa gore re se ka ra dira dilo jaaka batho ba ba tlhotlhelediwang ke Satane, e bile se tla re thusa gore re tswelele re ikobela Jehofa.

b Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ya gore Mokeresete a ka ikobela jang molao wa ga Jehofa wa gore madi a boitshepo, bona thuto 39 mo bukeng ya setlhogo se se reng Itumelele go Tshelela Ruri!

c Bona setlhogo se se reng “Protect Yourself From Misinformation” ka Seesemane mo jw.org.