Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE CHIDIYO 32

Yedzani Jehova—Ibeni ne Njele

Yedzani Jehova—Ibeni ne Njele

“Buthu gwenyu ngagube patjena gubong’we nge bathu bose.”​—BAF. 4:5.

LUMBO 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Bakirisiti ba nga fanidzanyiwa ne nti chini? (Bona itshwantsho.)

 SEANE sengwe sa kwa Africa se a re: “Phefo ga nke e roba setlhare se se kgonang go obega.” Seane seno se bontsha gore fa setlhare se kgona go obega, se tla kgona go tswelela se itsetsepetse fa go ka nna le phefo e e maatla. Le rona re tshwanetse go fetofetoga le maemo gore re kgone go tswelela re direla Jehofa re itumetse le fa re na le mathata. Re ka dira seo jang? Fa dilo di fetoga, re tshwanetse go leka go tlwaela maemo a rona a masha e bile re tshwanetse go amogela gore batho ba bangwe ga ba lebe dilo jaaka rona.

2. I zwimo zwipi zwi nga ti batsha ku mililana ne ku shanduka kwe buchilo, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna tekatekano le go fetofetoga le maemo. Gape re tshwanetse go nna boikokobetso le go nna pelotlhomogi. Mo setlhogong seno, re tla bona gore dinonofo tseno di ile tsa thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe fa maemo a bone a ne a fetoga. Gape re tla bona gore rona di ka re thusa jang. Mma re simolole pele ka go bona gore re ka ithuta eng mo go Jehofa le Jesu mo kgannyeng ya go nna tekatekano le go fetofetoga le maemo.

JEHOVA NA JESO BA NA NJELE

3. Ku na busupi gupi gu no lakidza kuti Jehova U na njele?

3 Baebele e a re Jehofa ke “Lefika” ka gonne o ema a tlhomame e bile a sa tshikhinyege. (Dute. 32:4) Le fa go ntse jalo, gape o fetofetoga le maemo. Fa dilo mo lefatsheng di ntse di fetoga, Jehofa le ene o fetofetoga le maemo gore a netefatse gore dilo tse a re solofeditseng tsone di tla direga. Jehofa o re dirile mo setshwanong sa gagwe, ka jalo le rona re kgona go fetofetoga le maemo. Gape Baebele e na le melaometheo e e re thusang go dira ditshwetso tse di siameng fa re lebana le mathata. Tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone le melaometheo e a re kwaletseng yone, e re thusa go bona gore le fa e le “Lefika” gape o fetofetoga le maemo.

4. Leba chingwe chi no lakidza kuti Jehova U na njele. (Lifitiko 5:7, 11)

4 Ka metlha Jehofa o dira se se siameng e bile o fetofetoga le maemo. Ga a gagamatse dilo fa a dirisana le batho. O ile a bontsha gore o fetofetoga le maemo ka nako ya Baiseraele. Ka sekai, o ne a sa lebelela gore batho ba ba humileng le ba ba humanegileng ba ntshe ditlhabelo tse di tshwanang. Ka dinako tse dingwe o ne a letla batho gore ba ntshe ditlhabelo ka se ba se kgonang.​—Bala Lefitiko 5:7, 11.

5. Leba chingwe chi no lakidza kuti Jehova U no zwiyesa pasi kakale a na mahwilangoni.

5 Jehofa o kgona go fetofetoga le maemo ka gonne o boikokobetso e bile o pelotlhomogi. Ka sekai, o ne a bontsha gore o boikokobetso fa a ne a batla go fedisa batho ba ba bosula ba kwa Sodoma. O ne a dirisa baengele go laela Lote gore a tshabele kwa dithabeng. Lote o ne a sa batle go ya koo, ka jalo o ile a kopa gore ene le ba lelapa la gagwe ba tshabele kwa motsaneng o o bidiwang Soare o Jehofa a neng a ikaeletse go o senya. Jehofa a ka bo a ile a pateletsa Lote gore a dire se a neng a re a se dire. Mme ga a ka a dira jalo, go na le moo o ile a letla Lote gore a tshabele kwa Soare, mme ga a ka a senya motsana oo. (Gen. 19:18-22) Dingwaga di le dintsi morago ga moo, Jehofa o ile a tlhomogela baagi ba Ninife pelo. O ile a romela moporofeti Jona gore a ye go bolelela batho ba ba bosula ba kwa Ninife gore o tlile go ba senya le motse wa bone. Mme fa Baninife ba ne ba ikwatlhaya, Jehofa o ne a ba tlhomogela pelo, a bo a sa dire se a neng a ikaeletse go se dira.​—Jona 3:1, 10; 4:10, 11.

6. Fanisa se kwa Jeso a ka yedza Jehova mu ku be ne njele?

6 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha gore o tekatekano e bile o fetofetoga le maemo fela jaaka Jehofa. Ka sekai, o ne a tletse go rerela ‘dinku tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele.’ Le fa go ntse jalo, o ne a le tekatekano fa a dira tiro eo. Nako nngwe mosadi yo e seng Moiseraele o ile a mo kopa gore a fodise morwadie yo a neng a ‘boga mo go botlhoko ka gonne a tsenwe ke ledimona.’ Jesu o ile a tlhomogela mosadi yoo pelo a bo a fodisa morwadie. (Math. 15:21-28) Go na le sekai se sengwe gape se se bontshang gore Jesu o ne a fetofetoga le maemo. Nako nngwe o ile a re: “Ope fela yo o intatolang . . . , le nna ke tla mo itatola.” (Math. 10:33) Le fa go ntse jalo, ga a ka a itatola Petere, le fa gone Petere a ile a mo itatola makgetlo a le mararo. O ne a itse gore Petere o a ikanyega e bile o ikwatlhaela se a se dirileng. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a ya kwa go Petere, mme ntle le pelaelo o ile a mo netefaletsa gore o mo itshwaretse le gore o sa ntse a mo rata.​—Luke 24:33, 34.

7. Ku yendidzana na Bafilipi 4:5, to shaka ku be bathu ba ka tini?

7 Jaaka re bone, Jehofa le Jesu ba tekatekano e bile ba fetofetoga le maemo, mme Jehofa o batla gore le rona re nne le dinonofo tseno. (Bala Bafilipi 4:5.) Baebele nngwe e ranola temana eno e re: “Itshware ka tsela e e bontshang gore o tekatekano.” O ka ipotsa jaana: ‘A batho ba nkitse ke le motho yo o tekatekano le yo o amogelang dikakantsho tsa ba bangwe? Kgotsa a ba nkitse ke le motho yo o tlhogoethata le yo o gagamatsang dilo? A ke pateletsa batho go dira dilo ka tsela e ke akanyang gore di tshwanetse go dirwa ka yone? Kgotsa a ke reetsa dikakantsho tsa ba bangwe ke bo ke di dirisa fa go kgonega?’ Fa re dira ka natla go nna tekatekano, re tla bo re bontsha gore re etsa Jehofa le Jesu. Mma re tlotle ka maemo a re tshwanetseng go nna tekatekano mo go one. Re tla bona gore re ka dira seo jang fa maemo a rona a fetoga le fa batho ba sa lebe dilo jaaka rona.

IBE NE NJELE HA BUCHILO GU SHANDUKA

8. Ini chi nga ti batsha ku be ne njele ha buchilo gu shanduka? (Bona footnote.)

8 Maemo a rona a ka nna a fetoga re bo re nna le mathata a re neng re sa akanye gore re ka nna le one. Fa seo se direga, re tshwanetse go nna tekatekano. Ka sekai, re ka lwala, go ka nna le diphetogo mo pusong kgotsa ikonomi ya naga ya rona e ka phutlhama, mme seo se bo se re thatafaletsa botshelo. (Mor. 9:11; 1 Bakor. 7:31) Gape go ka nna thata fa re newa kabelo e ntšha. Ke eng se se ka re thusang fa maemo a rona a fetoga? Re tshwanetse (1) go amogela maemo (2) go tlhoma mogopolo mo isagweng, (3) go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo, le (4) go thusa ba bangwe. b A re boneng gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba thusiwa jang ke go dira dilo tseno.

9. Nsha nngwe we batungwa wa ka mililana chini ne dzindiko dza ba ka be ba sa ka dzi lingilila?

9 Amogela maemo. Emanuele le Francesca ba ne ba abelwa go nna barongwa kwa nageng e nngwe. Fela fa ba simolola go tlwaela phuthego ya bone e ntšha le puo e e buiwang kwa nageng eo, bolwetse jwa COVID-19 bo ne jwa simolola mme ba ne ba sa kgone go ya gope. Go tswa foo, mmaagwe Francesca o ne a tlhokafala. Francesca o ne a batla go ya gae mme go sa kgonege. Ke eng se se mo thusitseng go itshokela maemo ano a a utlwisang botlhoko? Sa ntlha, Emanuele le Francesca ba ile ba rapela, ba kopa Jehofa gore a ba fe botlhale gore ba kgone go itshoka le gore ba se ka ba tshwenyega thata. Jehofa o ile a araba dithapelo tsa bone a dirisa phuthego ya gagwe. Ka sekai, ba ile ba kgothadiwa ke sengwe se mokaulengwe mongwe a ileng a se bua mo bidiong. O ne a re: “Fa re amogela ka bonako tsela e dilo di ntseng ka yone, re a itumela e bile re dira sotlhe re se ka se kgonang go tlwaela maemo a rona a masha.” c Sa bobedi, ba ile ba tsaya matsapa go tokafatsa tsela e ba rerang ka yone ba dirisa founo, mme ba ile ba kgona go ithuta Baebele le mongwe. Sa boraro, ba ile ba letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ba thuse, e bile ba ne ba lebogela tsela e ba neng ba bontsha ka yone gore ba a ba rata. Gape kgaitsadi mongwe o ne a ba romelela molaetsa o mokhutshwane o o nang le temana ya Baebele letsatsi le letsatsi. Le rona fa re amogela maemo a rona a masha, re tla itumelela dilo tse re kgonang go di dira.

10. Azwadzi nngwe wa ka mililana chini ne chimo che ku shanduka kwe buchilo gugwe?

10 Tlhoma mogopolo mo isagweng le mo dilong tse di molemo. Kgaitsadi Christina wa kwa Romania, yo gone jaanong a nnang kwa Japan o ne a utlwile botlhoko tota fa phuthego ya Seesemane e a neng a kopanela le yone e ne e tswalwa. Le fa go ntse jalo, ga a ka a nnela go akanya ka se se diragetseng. O ile a simolola go kopanela le phuthego ya Se-Japan, e bile o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go rerela batho ka puo eo. O ile a kopa mosadi mongwe yo a kileng a bereka le ene gore a mo rute Se-Japan. Mosadi yoo o ile a dumela go mo ruta a dirisa Baebele le boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri! Go dira jalo go ile ga thusa Christina gore a ithute Se-Japan, mme se se itumedisang ke gore mosadi yoo o ne a simolola go kgatlhegela go ithuta Baebele. Fa re sa nnele go akanya ka dilo tse di fetileng e bile re tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo, go ka direga dilo tse di itumedisang le fa maemo a rona a fetogile.

11. Nsha nngwe wa ka lingisana chini ne chimo che ku shanduka kwe ikononi?

11 Thusa ba bangwe. Banyalani bangwe ba ba nnang kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, ba ile ba latlhegelwa ke lotseno fa ikonomi ya naga ya bone e ne e phutlhama. Ke eng se se ba thusitseng go tlwaela maemo a bone a masha? Ba ne ba simolola ka go fokotsa dilo tse ba neng ba di reka. Go tswa foo, ga ba a ka ba tlhoma mogopolo mo mathateng a bone, go na le moo, ba ne ba dirisa nako e ntsi go rerela batho ba bangwe. (Dit. 20:35) Mokaulengwe o ne a re: “E re ka re ne re dirisa nako e ntsi re dira se Modimo a batlang gore re se dire, re ne re sa nnele go akanya ka dilo tse di kgobang marapo.” Fa maemo a rona a fetoga, re se ka ra lebala gore re tshwanetse go tswelela re thusa batho ba bangwe, segolobogolo ka go ba rerela.

12. Zila mpostolo Paulo ya a ka zwibata nayo i no ti batsha chini ku mililana ne zwimo zwi no shanduka zwe nshingo wedu we ku rera?

12 Re tshwanetse go fetofetoga le maemo fa re le mo bodireding. Batho ba re kopanang le bone ba dumela dilo tse di farologaneng ka Modimo, e bile ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng. Moaposetoloi Paulo o ne a fetofetoga le maemo, mme re ka ithuta go le gontsi mo go ene. Jesu o ne a mo tlhoma gore e nne ‘moaposetoloi yo o rometsweng kwa ditšhabeng tse dingwe.’ (Bar. 11:13) Ka jalo Paulo o ne a rerela Bajuda, Bagerika, batho ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang, badiredipuso le dikgosi. O ne a nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe” gore a kgone go fitlhelela batho bao pelo. (1 Bakor. 9:19-23) O ne a akanyetsa dilo tse ba di dumelang le tsela e ba godileng ka yone. Seno se ne se mo thusa gore a kgone go fetofetoga le maemo le gore a bue le motho mongwe le mongwe ka tsela e e tla dirang gore a batle go itse Modimo. Le rona re ka atlega mo bodireding fa re fetofetoga le maemo e bile re akanya ka dilo tse batho ba re ba rerelang ba di tlhokang.

AMUCHILA MIKUMBULO YE BANGWE

13. I ngozi ipi i no legwa mu na 1 Bakorinta 8:9 ya ti nga zwidziba mu ili ha ti amuchila mikumbulo ye bangwe?

13 Go nna tekatekano go tla re thusa gore re amogele gore ga re lebe dilo ka go tshwana. Ka sekai, bokgaitsadi bangwe ba rata go itshasa makeup, mme ba bangwe bone ga ba o rate. Bakeresete bangwe ba nwa bojalwa, mme ba bangwe ga ba bo nwe. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba dirisa mefuta e e sa tshwaneng ya kalafi. Fa re tsaya gore tsela e re dirang dilo ka yone ke yone e e siameng e bile re leka go pateletsa ba bangwe gore ba dire dilo jaaka rona, re ka ba kgopisa e bile re ka dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. Nnete ke gore ga re batle gore seo se direge. (Bala 1 Bakorintha 8:9; 10:23, 24) Mma re bone gore go dirisa melaometheo ya Baebele go ka re thusa jang gore re nne tekatekano le gore re se ka ra kgopisa ba bangwe.

14. Milayontewo ipi ye Baibili ya ka fanila lawula zila ya ti no mbala nayo?

14 Tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone. Jehofa ga a re bolelele gore re apare eng. Go na le moo, o re neile melaometheo e e re kaelang. Re tshwanetse go apara ka tsela e e bontshang gore re direla Modimo. Gape diaparo tsa rona e tshwanetse go nna tse di tlotlegang, tse di “akanyeditsweng sentle” le tse di bontshang gore re tekatekano. (1 Tim. 2:9, 10; 1 Pet. 3:3) Ka jalo, ga re a tshwanela go apara ka tsela e e tla dirang gore batho ba re tlhome matlho. Gape melaometheo ya Baebele e tla thusa bagolwane gore ba se ka ba beela bakaulengwe le bokgaitsadi melao ya gore ba apare jang le gore ba baakanye meriri ya bone jang. Bagolwane ba phuthego nngwe ba ne ba batla go thusa bakaulengwe bangwe ba basha ba meriri ya bone e neng e sa lebege sentle. Bagolwane bao ba ne ba ka ba thusa jang ba sa ba beele melao? Molebedi wa potologo o ne a akantsha bagolwane bao gore ba ba reye ba re, “Fa e le gore o mo seraleng, mme batho ba tlhomile mogopolo mo go wena go na le mo go se o se buang, go raya gore tsela e o aparang ka yone le e o ipaakanyang ka yone e na le bothata.” Seo se ile sa thusa bakaulengwe bao ba basha, mme go ne go sa tlhokege gore bagolwane ba ba beele melao. d

15. Milayo ne milayontewo ipi ye Baibili ya ka fanila ku ti batsha ha ku zha mu khani dze kuti ti nga lapiwa chini? (Baroma 14:5)

15 Mefuta ya kalafi. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhophela gore o tla dirisa mofuta ofe wa kalafi. (Bagal. 6:5) Fa Bakeresete ba tlhopha mofuta mongwe wa kalafi, ba tshwanetse go ikobela molao wa Modimo wa gore re ithibe mo mading le mo bodimoneng. (Dit. 15:20; Bagal. 5:19, 20) Fa kalafi e sa akaretse dilo tseno, Mokeresete o tshwanetse go itirela tshwetso. Bakeresete bangwe ba dirisa mofuta wa kalafi o o buelelwang ke dingaka, mme ba bangwe bone ba dirisa mefuta e mengwe. Le fa re ka tswa re ikutlwa jang ka mofuta mongwe wa kalafi, re tshwanetse go amogela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso mo kgannyeng eno. Gape re tshwanetse go nna re gopotse dintlha tseno tse nnê: (1) Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla fedisang malwetse. (Isa. 33:24) (2) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘tlhatswega pelo’ gore mofuta wa kalafi o a o tlhophang o mo siametse. (Bala Baroma 14:5.) (3) Ga re a tshwanela go dira gore ope a ikutlwe molato ka ditshwetso tse a di dirang e bile ga re dire sepe se se ka mo kgopisang. (Bar. 14:13) (4) E re ka re ratana, selo sa botlhokwa thata ke gore go nne le kutlwano mo phuthegong, e seng gore batho ba dire dilo ka tsela ya rona. (Bar. 14:15, 19, 20) Fa re nna re gopotse dintlha tseno, re tla tswelela re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re tla dira gore go nne le kagiso mo phuthegong.

16. Nkugwana u nga lakidza chini kuti u na njele ha e shingidzana ne bakugwana bangwe? (Bona itshwantsho.)

16 Bagolwane ba tshwanetse go tlhomela ba bangwe sekao se sentle ka go nna tekatekano. (1 Tim. 3:2, 3) Ka sekai, mogolwane ga a tshwanela go lebelela gore bagolwane ba bangwe ba dumalane le sengwe le sengwe se a se buang fela ka gonne a ba feta ka dingwaga. O a itse gore Jehofa a ka dirisa mogolwane mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bagolwane go bua sengwe se se tla ba thusang gore ba dire tshwetso e e siameng. Fa setlhopha sa bagolwane se dirile tshwetso e e seng kgatlhanong le melaometheo ya Baebele, mogolwane yo o tekatekano o tla ema tshwetso eo nôkeng tota le fa a sa dumalane le yone.

MBAYILO WE KU BE NE NJELE

17. Bakirisiti ba na njele ba no bona mbayilo upi?

17 Go nna tekatekano go re tswela mosola ka ditsela di le dintsi. Fa re le tekatekano, re atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile go nna le kagiso mo phuthegong. Gape re itumelela gore re kgona direla Jehofa re le seoposengwe le fa re na le botho jo bo sa tshwaneng e bile re godile ka ditsela tse di farologaneng. Sa botlhokwa le go feta, re itumelela go itse gore re etsa Jehofa.

LUMBO 90 A re Kgothatsaneng

a Jehofa le Jesu ba tekatekano e bile ba fetofetoga le maemo, mme ba batla gore le rona re nne jalo. Ka dinako tse dingwe maemo a rona a a fetoga. Ka sekai, re ka nna ra lwala kgotsa ra latlhegelwa ke lotseno. Fa re kgona go fetofetoga le maemo, go tla nna motlhofo gore re tlwaele maemo a rona a masha. Gape seno se tla re thusa gore re bue le gore re dire dilo tse di tla dirang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.

b Bona setlhogo se se reng, “Go Lebana le Diphetogo” mo makasineng wa Tsogang! No. 4 wa 2016.

c Lebelela bidio e e reng, Potsolotso le Mokaulengwe Dmitriy Mikhaylov e e tlhagang mo setlhogong se se reng, “Jehofa o re Thusa go Rera Le fa Re Bogisiwa” mo Bukana ya Botshelo le Bodiredi ya March-April 2021.

d Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka tsela e re tshwanetseng go apara le go ipaakanya ka yone, bona thuto 52 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!