Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 12

Ludo go ti Batsha ku Mililana ne Lubengo

Ludo go ti Batsha ku Mililana ne Lubengo

“Nlayo wangu ndi hwoyu, mu dane. Ha shango i mu benga, zibani kuti ya ka benga imi kutanga.”—JOHANI 15:17, 18.

LUMBO 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ku yenda na Matewu 24:9, ini ti sa ka fanila chenama ha shango i ti benga?

JEHOFA o re bopile re na le keletso ya go rata ba bangwe le go batla go ratiwa. Ka jalo, fa mongwe a re tlhoile, re utlwa botlhoko mme ka dinako dingwe seo se a re tshosa. Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Yuropa yo o bidiwang Georgina a re: “Fa ke na le dingwaga di le 14, mama o ne a ntlhoile ka gonne ke direla Jehofa. Ke ne ke utlwile botlhoko, ke ikutlwa e kete ke nosi mme ke ne ka akanya gore gongwe ga ke motho yo o siameng.” * Mokaulengwe Danylo a re: “Masole a ne a mpetsa, a ntlhapatsa a bo a ntshosetsa ka gore a tlile go ntira sengwe se se botlhoko. Ba ne ba ntira dilo tseno fela ka gonne ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ke tshogile e bile ke tlhabilwe ke ditlhong.” Re utlwa botlhoko fa batho ba re tlhoile. Mme gone, ga re makale ka gonne Jesu o ile a bolelela pele gore batho ba tlile go re tlhoa.—Bala Mathaio 24:9.

2-3. Ini badiyiwa ba Jesu ba ka bengiwa?

2 Batho ba re tlhoile ka gonne re le balatedi ba ga Jesu. Goreng? Ka gonne fela jaaka Jesu ga re “karolo ya lefatshe.” (Joh. 15:17-19) Le fa gone re tlotla babusi, ga re ba obamele kgotsa ga re obamele dilo dipe fela tse di amanang le bone. Re obamela Jehofa fela. Re tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa mme gone, Satane le batho ba gagwe ba kgatlhanong le jone. (Gen. 3:1-5, 15) Re bolelela batho gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla kgonang go rarabolola mathata a batho, le gore go ise go ye kae, bo tla fedisa batho botlhe ba ba leng kgatlhanong le jone. (Dan. 2:44; Tshen. 19:19-21) Molaetsa oo o itumedisa batho ba ba siameng mme batho ba ba sa siamang bone, ba o tlhoile.—Pes. 37:10, 11.

3 Gape batho ba re tlhoile ka gonne re ikobela melao ya Modimo. Melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang e farologane thata le ya batho ba lefatshe leno. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tsaya gore go itshiametse fela go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo e seng jwa tlholego. E leng lone lebaka la go bo Jehofa a ile a senya Sodoma le Gomora! (Jude 7) E re ka rona re ikobela melao ya Baebele ya gore re tshwanetse go itshwara jang, batho ba a re sotla e bile ba re re tlhaola batho!—1 Pet. 4:3, 4.

4. I zwizwalo zwipi zwi no ti simisa ha bathu be ti benga?

4 Ke eng se se ka re thusang go itshoka fa batho ba re tlhoile e bile ba re tlhapatsa? Re tshwanetse go dumela gore Jehofa o tla re thusa. Fela jaaka thebe, tumelo ya rona e ka kgona go “tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo.” (Baef. 6:16) Mme ga re tlhoke go nna le tumelo fela. Gape re tlhoka go nna le lorato. Goreng? Ka gonne lorato “ga lo gakatsege.” Lo emela e bile lo itshokela dilo tsotlhe tse di botlhoko. (1 Bakor. 13:4-7, 13) A jaanong re bone gore go rata Jehofa, go rata bakaulengwe le bokgaitsadi tota le go rata batho ba ba re tlhoileng go ka re thusa jang go itshoka fa re tlhoilwe.

LUDO MU NA JEHOVA GO TI BATSHA KU MILILANA NE LUBENGO

5. Ludo gwa Jesu mu na Tate babe gwa ka nsimisa chini?

5 Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa ke batho ba ba neng ba mo tlhoile, o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke rata Rara, [ka jalo,] fela jaaka Rara a nneile taelo go dira, ke dira jalo.” (Joh. 14:31) E re ka Jesu a ne a rata Jehofa, o ile a kgona go itshokela diteko tse di botlhoko. Fa re rata Jehofa, le rona re ka kgona go dira jalo.

6. Ku yenda na Baroma 5:3-5, balanda ba Jehova ba no zwihwa chini ne kwe ku mililana ne lubengo gwe shango?

6 Batlhanka ba Modimo ga ba a bolo go itshokela go bogisiwa ka gonne ba rata Jehofa. Ka sekai, fa kgotlatshekelokgolo ya Bajuda e laela baaposetoloi gore ba tlogele go rera, ba ile ba tlhopha go “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho,” ka gonne ba ne ba rata Jehofa. (Dit. 5:29; 1 Joh. 5:3) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bogisiwang ke dipuso tse di nang le taolo e kgolo e bile di le setlhogo, le bone ba kgona go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa ka gonne ba mo rata. Fa batho ba lefatshe leno ba re tlhoile ga re kgobege marapo, go na le moo, re a itumela.—Dit. 5:41; bala Baroma 5:3-5.

7. Ta ka fanila ku zwibata chini ha be misha yedu be ti nyanyayidza?

7 Go ka nna thata gore re itshoke fa re ganediwa ke ba malapa a rona. Fa ba lemoga gore re batla go ithuta ka Jehofa, ba ka simolola go akanya gore re tsieditswe. Ba bangwe ba ka akanya gore re a tsenwa. (Bapisa Mareko 3:21.) Ba ka simolola go re lwantsha. Mme seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Jesu o ile a re: “Baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.” (Math. 10:36) Le fa gone ba malapa a rona ba sa re tshware sentle, ga re kitla re ba tlhoa. Go na le moo, fa re ntse re ithuta ka Jehofa re bo re simolola go mo rata le go feta, seo se dira gore re rate le ba bangwe. (Math. 22:37-39) Le fa gone re rata batho, ga re kitla re tlogela go ikobela melao le melaometheo ya ga Jehofa ka gonne re batla go ba itumedisa.

Re ka bogisiwa ka nakwana, mme ka metlha Jehofa o tla re gomotsa le go re naya maatla (Bona serapa 8-10)

8-9. Ini cha ka batsha azwadzi ingwe ku zwimilila nenguba e nyanyayidziwa kwazo?

8 Georgina yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ile a kgona go itshoka le fa a ne a ganediwa ke mmaagwe. Georgina a re: “Kwa tshimologong nna le mama re ne re ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mme morago ga dikgwedi di le thataro fa ke ne ke batla go ya dipokanong, mama o ile a simolola go nkganetsa. Ke ne ka lemoga gore o ne a bua le batlhanogi mme fa a ne a bua le nna, o ne a bua se ba neng ba se bua. O ne a tlhola a ntlhapatsa, a nkgoga ka moriri, a nkgama a bo a latlha dibuka tsa me. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka kolobediwa. Mama o ne a leka go nthibela go tswelela ke direla Jehofa ka go nkisa kwa legaeng la bana ba diganana. Bangwe ba bone ba ne ba dirisa diritibatsi mme ba bangwe ba ne ba thubela batho ba bo ba ba utswetsa. Go thata go itshoka fa o bogisiwa ke motho yo o lebeletseng gore a go rate le go go tlhokomela.”

9 Ke eng se se thusitseng Georgina gore a itshoke? A re: “Fa mama a simolola go nkganetsa, ke ne ke setse ke feditse go bala Baebele yotlhe. Jaanong ke ne ke lemoga gore se ke ithutang sone ke boammaaruri. Mme ke ne ke ikutlwa ke atamalane thata le Jehofa. Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha mme o ne a utlwa dithapelo tsa me. Fa ke ne ke nna kwa legaeng la bana ba diganana, kgaitsadi mongwe o ne a ntaletsa kwa legaeng la gagwe re bo re ithuta Baebele mmogo. Ka nako eo, bakaulengwe le bokgaitsadi kwa dipokanong ba ne ba tlhola ba nkgothatsa. Ba ne ba dira gore ke ikutlwe e kete ke ngwana wa bone. Ke ne ka lemoga gore Jehofa o maatla go feta batho ba ba re ganetsang, go sa kgathalesege gore batho bao ke bomang.”

10. Ti nga themba kuti Ndzimu wedu Jehova U nga ti thamilani?

10 Moaposetoloi Paulo o ile a re ga go na sepe se se ka re ‘kgaoganyang le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’ (Bar. 8:38, 39) Le fa gone re ka boga ka nakwana, Jehofa o tla nna a re gomotsa le go re naya maatla. Gape se se ileng sa diragalela Georgina, se re bontsha gore Jehofa a ka re thusa a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi.

LUDO MU BAZWALANI NE AZWADZI DZEDU GO TI BATSHA KU MILILANA NE LUBENGO

11. Ludo gwa ka legwa na Jesu mu na Johani 15:12, 13 go batsha badiyiwa babe chini? Pa chilakidzilo.

11 Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go ratana. (Bala Johane 15:12, 13.) Jesu o ne a itse gore fa ba ratana ba ne ba tla kgona go nna seoposengwe, le go itshokela go tlhoiwa ke batho. Akanya ka se se ileng sa diragalela phuthego ya kwa Thesalonika. Fela fa go sena go nna le phuthego kwa Thesalonika, bakaulengwe ba ne ba bogisiwa. Le fa go ntse jalo, ba ile ba tlhoma sekao se se molemo ka gonne ba ne ba tswelela ba itshoka, ba ikanyega e bile ba ratana. (1 Bathes. 1:3, 6, 7) Paulo o ile a ba kgothaletsa gore ba tswelele ba ratana “thata.” (1 Bathes. 4:9, 10) Fa ba ratana, ba ne ba tla kgona go gomotsa ba ba gateletsweng mo maikutlong le go tshegetsa ba ba bokoa. (1 Bathes. 5:14) Ba ne ba dira se Paulo a neng a ba laetse gore ba se dire, ka gonne morago ga ngwaga fa a ne a ba kwalela lekwalo la bobedi o ile a ba raya a re: “Lorato lwa mongwe le mongwe wa lona le lwa lona lotlhe lo oketsega mongwe go yo mongwe.” (2 Bathes. 1:3-5) Ba ile ba kgona go itshokela mathata le go bogisiwa ka gonne ba ratana.

Re ka kgona go itshoka fa batho ba re tlhoile ka gonne re rata bakaulengwe ba rona (Bona serapa 12) *

12. Mu chibaka che nghwa, bazwalani ne dziazwadzi ba ka lakidzana ludo chini mu ingwe shango?

12 Akanya ka se se diragaletseng Danylo le mosadi wa gagwe. Fa go ne go na le ntwa mo nageng ya bone ba ne ba tswelela ba ya dipokanong, ba rera le go arogana dijo tse ba neng ba na le tsone le bakaulengwe le bokgaitsadi. Letsatsi lengwe masole a ne a ya kwa ntlong ya ga Danylo mme ba ne ba tshwere ditlhobolo. Danylo a re: “Ba ne ba nthaya ba re ke tlogele go nna Mosupi. Fa ke sena go gana, ba ne ba mpetsa ba bo ba dira e kete ba a nthunya mme gone, ba ne ba thunyetsa kwa godimo. Pele ba tsamaya ba ne ba mpolelela gore ba tlile go boa, le gore ba tlile go betelela mosadi wa me. Mme bakaulengwe ba ne ba re pagamisa terena gore re ye kwa toropong e nngwe. Ga nkitla ke lebala lorato lo bakaulengwe bano ba re bontshitseng lone. Fa re fitlha kwa toropong e nngwe, bakaulengwe ba koo, ba ne ba re fa dijo, ba nthusa go bona tiro le go re thusa go bona ntlo e re neng re ka nna kwa go yone. Ka jalo, le rona re ne re kgona go amogela bakaulengwe ba ba neng ba tshaba kwa go neng go na le ntwa gone.” Maitemogelo a a tshwanang le ano, a re bontsha gore re ka kgona go itshoka fa batho ba re tlhoile.

KU DA ZWITA ZWEDU KWA KA TI BATSHA KU MILILANA NE LUBENGO

13. Meya dza ka yengemala dzo ti batsha chini ha ti thama nshingo wa Jehova nenguba bathu ba ka ti benga?

13 Jesu o ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ba rate baba ba bone. (Math. 5:44, 45) Ga go motlhofo go dira jalo. Mme gone, re ka kgona fa re thusiwa ke moya o o boitshepo. Dingwe tsa dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone ke lorato, bopelotelele, bopelonomi, bonolo le boikgapo. (Bagal. 5:22, 23) Dinonofo tseno di re thusa gore re kgone go itshoka fa batho ba re tlhoile. Batho ba le bantsi ba ile ba tlogela go re ganetsa ka gonne mongwe, e ka tswa e le monna, mosadi, ngwana kgotsa moagelani, a ile a bontsha dinonofo tseno. Mme gone jaanong, bangwe ba batho bao, ke Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, fa go le thata gore o rate mongwe yo o go tlhoileng fela ka gonne o direla Jehofa, kopa Jehofa gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Mme o gopole gore go botlhokwa gore ka metlha o dire dilo ka tsela e Jehofa a e batlang.—Dia. 3:5-7.

14-15. Baroma 12:17-21 ya ka batsha Yasmeen chini ku lakidza ludo mu nlume uwe nenguba a ka be e n’nyanyayidza kwazo?

14 Akanya ka se se diragaletseng Yasmeen wa kwa Botlhabagare. Fa a sena go nna Mosupi wa ga Jehofa, monna wa gagwe o ne a akanya gore Yasmeen o tsieditswe, a bo a leka go mo thibela go direla Modimo. O ile a mo tlhapatsa a bo a bolelela ba masika, baruti le dingaka tsa setso gore ba mo tshosetse ka gore ba tlile go mo dira sengwe se se botlhoko, le go mo latofatsa ka gore o leka go thuba lelapa la gagwe. Gape monna wa gagwe o ne a goa a tlhapatsa bakaulengwe fa dipokano di ntse di tsweletse! Yasmeen o ne a tlhola a lela ka gonne a ne a sa tshwarwe sentle.

15 Kwa dipokanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba kgothatsa Yasmeen. Bagolwane ba ne ba mo kgothaletsa go dirisa kgakololo e e mo go Baroma 12:17-21. (E bale.) Yasmeen a re: “Go ne go le thata mme gone, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse. Go tswa foo, ke bo ke leka ka natla go dirisa se Baebele e se buang. Ka jalo, fa monna wa me a ne a latlhela matlakala ka boomo mo ntlong, ke ne ke phepafatsa. Fa a ne a ntlhapatsa, ke ne ke bua le ene sentle. Mme fa a ne a lwala, ke ne ke mo tlhokomela.”

Fa re rata batho ba ba re bogisang seo se ka dira gore ba fetole tsela e ba re tshwarang ka yone (Bona serapa 16-17) *

16-17. U nga zwidiyani mu chilakidzilo cha Yasmeen?

16 Jehofa o ile a segofatsa Yasmeen ka gonne a ile a tswelela a bontsha monna wa gagwe gore o a mo rata. A re: “Monna wa me o ne a simolola go ntshepa ka gonne a itse gore ka metlha ke bua nnete. O ne a simolola go ntheetsa fa re ne re tlotla ka bodumedi. Gape o ne a ntshwara sentle mme seo se ne sa dira gore go nne monate mo lapeng. Mme gone jaanong, o nkgothaletsa go ya dipokanong. Jaanong nna le monna wa me re dirisana sentle e bile re itumetse. Ke solofela gore nako nngwe monna wa me o tla ithuta Baebele re bo re direla Jehofa mmogo.”

17 Se se diragaletseng Yasmeen se re bontsha gore lorato “lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” (1 Bakor. 13:4, 7) Go tlhoiwa ke batho go botlhoko mme gone, lorato lo maatla go feta dilo tsotlhe. Lo kgona go dira gore batho ba fetole tsela e ba re tshwarang ka yone. Mme fa re tswelela re rata batho ba ba re bogisang, Jehofa o a itumela. Le fa gone batho ba ba re tlhoileng ba sa tlogele go re ganetsa, re ka kgona go itumela. Re ka kgona go dira seo jang?

KU SHATHA NENGUBA WA KA BENGIWA

18. Ini ta ka fanila shatha nenguba ta ka bengiwa?

18 Jesu o ile a re: “Go itumela lona le fa e le leng fela fa batho ba lo tlhoa.” (Luke 6:22) Ga se rona re itlhophelang gore batho ba re tlhoe. E bile ga re itumelele go bogisiwa ka ntlha ya se re se dumelang. Jaanong, goreng re ka itumela fa batho ba re tlhoile? Akanya ka mabaka ano a mararo. Sa ntlha, fa re itshoka Jehofa o a itumela. (1 Pet. 4:13, 14) Sa bobedi, tumelo ya rona e a nonofa. (1 Pet. 1:7) Mme sa boraro, Jehofa o tlile go re duela ka go re naya botshelo jo bo sa khutleng.—Bar. 2:6, 7.

19. Ini baapostolo ba ka be ba ka shatha ba sino be ba khwathisiwa?

19 Moragonyana fa Jesu a sena go tsosiwa, baaposetoloi ba ne ba itumela fela jaaka Jesu a ne a boletse. Fa ba sena go itewa le go bolelelwa gore ba tlogele go rera, ba ne ba itumela. Goreng? Baebele e a re: “Ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la [ga Jesu].” (Dit. 5:40-42) Ba ne ba rata moeteledipele wa bone thata jaana mo ba neng ba sa tshabe le baba ba bone. Ba ile ba bontsha gore ba rata Jesu ka go tswelela ba rera dikgang tse di molemo “ba sa kgaotse.” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gompieno, ba tswelela ba rera dikgang tse di molemo le fa ba lebane le mathata. Ba a itse gore Jehofa ga a kitla a lebala tiro e ba e dirang le tsela e ba mo ratang ka yone.—Baheb. 6:10.

20. Towo zwidiya ne kweni mu chidiyo chi no tobela?

20 Fa tsamaiso eno e ise e fele, batho ga ba kitla ba tlogela go re tlhoa. (Joh. 15:19) Mme gone, ga re tlhoke go tshoga. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore Jehofa o nonotsha le go boloka batho ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Bathes. 3:3) Ka jalo, a re tsweleleng re rata Jehofa, re rata bakaulengwe le bokgaitsadi tota le batho ba ba re tlhoileng. Fa re dirisa kgakololo eno, re tla tswelela re utlwana e bile tumelo ya rona e tla nonofa. Re tla dira gore Jehofa a galalediwe, gape re tla bontsha gore lorato lo maatla go feta letlhoo.

LUMBO 106 Go Lwela go Nna le Lorato

^ ndi. 5 Mo setlhogong seno, re tla bona gore go rata Jehofa, go rata bakaulengwe le bokgaitsadi tota le go rata batho ba ba re tlhoileng, go ka re thusa jang go tswelela re direla Jehofa le fa re tlhoilwe. Gape re tla bona gore ke eng fa Jesu a ile a re re ka kgona go itumela le fa batho ba re tlhoile.

^ ndi. 1 Maina a fetotswe.

^ ndi. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Morago ga gore masole a tshosetse Danylo, bakaulengwe ba ne ba thusa ene le mosadi wa gagwe gore ba tshabele kwa toropong e nngwe. Mme bakaulengwe ba koo ba ne ba ba amogela ba bo ba ba thusa.

^ ndi. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Monna wa ga Yasmeen o ne a mo ganetsa mme bagolwane ba ne ba mo naya kgakololo e e molemo. O ile a dirisa kgakololo eo ka go dirisana sentle le ene le go mo tlhokomela fa a ne a lwala.