Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 11

Se Kwa u Nga Simisiwa ne Hwalo

Se Kwa u Nga Simisiwa ne Hwalo

“Ndzimu . . . iwo u no pa ku bhatilila.”—BAR. 15:5.

LUMBO 94 Go Lebogela Lefoko la Modimo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Bathu ba Jehova ba nga lingisana ne ndiko dza ka tini?

A GO NA le mathata mangwe a o lebaneng le one? Gongwe mongwe mo phuthegong o go kgopisitse. (Jak. 3:2) Kgotsa gongwe batho ba o berekang le bone kgotsa ba o tsenang sekolo le bone ba a go sotla ka gonne o le Mosupi wa ga Jehofa. (1 Pet. 4:3, 4) Kgotsa gongwe ba lelapa la gago ba leka go go thibela go ya dipokanong kgotsa go bua le ba bangwe ka se o se dumelang. (Math. 10:35, 36) Fa go le thata gore o itshokele mathata a o lebaneng le one, o ka nna wa akanya gore go botoka gore o tlogele go direla Jehofa. Mme gone, o ka tlhomamisega gore go sa kgathalesege gore o lebana le diteko dife, Jehofa o tla go naya botlhale jwa gore o dire ditshwetso tse di siameng le maatla a gore o kgone go itshoka.

2. Ku yenda ne Baroma 15:4, ku bala Dama le Ndzimu ku nga be ne belelo lipi mu tili?

2 Jehofa o ile a tlhomamisa gore go kwalwa dipego dingwe tsa batlhanka ba gagwe ba ba ileng ba itshokela mathata mo Baebeleng. Goreng? Gore re kgone go ithuta mo go tsone. Ke sone se Jehofa a ileng a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a se kwale mo go Baroma 15:4. (E bale.) Fa re bala ka dipego tsa batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba itshokela mathata, seno se ka re kgothatsa le go nonotsha tumelo ya rona. Mme gore dipego tseno di kgone go re solegela molemo, ga re a tshwanela go bala Baebele fela. Re tshwanetse go letla Baebele go fetola tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone. Ka sekai, re ka dira eng fa re tlhoka kgakololo ka bothata bongwe jo re nang le jone? Re ka dira dilo tseno tse nnê: (1Rapela, (2Bona se o se balang ka leitlho la mogopolo, (3Akanyetsa kwa teng ka se o se balang le (4Dirisa se o ithutileng sone. Mma re simolole pele ka go tlotla ka gore re ka dirisa jang dintlha tseno tse nnê. * Go tswa foo, re tlile go dirisa dintlha tseno go bona gore re ka ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide le moaposetoloi Paulo.

1. RAPELA

Pele o bala Baebele, kopa Jehofa gore a go thuse go bona gore o ka Ithuta eng mo go se o se balang (Bona serapa 3)

3. Ha u sathu u ka tangisa ku bala Baibili, ini cha wa ka fanila thama, ngono ne kutini?

3 (1Rapela. Pele o bala Baebele, kopa Jehofa gore a go thuse go bona gore o ka solegelwa molemo jang ke se o se balang. Ka sekai, fa e le gore o na le bothata mme o batla go itse gore o ka bo rarabolola jang, mo kope gore a go thuse go bona melaometheo mo Baebeleng e e ka go thusang go dira ditshwetso tse di siameng.—Bafil. 4:6, 7; Jak. 1:5.

2. BONA KA LEITLHO LA MOGOPOLO

Ipone ka leitlho la mogopolo o le motho yo o balang ka ene (Bona serapa 4)

4. Ini chi nga ku batsha kuti u thame kuti mbiko ye Baibili i hwike zwibuyanana?

4 (2Bona se o se balang ka leitlho la mogopolo. Jehofa o re neile bokgoni jo bo kgatlhang jwa go bona dilo ka leitlho la mogopolo. Gore o kgone go dira gore pego e o e balang e go ame pelo, leka go bona se o se balang ka leitlho la mogopolo. Mme o ipotse gore fa o ka bo o le motho yo o balang ka ene, o ne o tlile go dira eng. Leka go bona dilo tse motho yoo a ileng a di bona le go ikutlwa ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone.

3. AKANYETSA KWA TENG

Akanya ka kelotlhoko ka se o se balang le gore se go ama jang (Bona serapa 5)

5. Ku kumbulila Hwalo ko dwiwani, ngono u nga ku thama chini?

5 (3Akanyetsa kwa teng ka se o se balang. Go akanyetsa kwa teng go kaya go akanya ka kelotlhoko ka dilo tse o di balang le go bona gore o ka di dirisa jang. Go go thusa gore o kgone go tlhaloganya se o se balang. Fa o bala Baebele mme gone o sa akanyetse kwa teng ka se o se balang, go tshwana le fa o sega matsela gore o kgone go itirela seaparo se sentle mme gone, o bo o a baya fela o sa a kopanye. Mme fa o akanyetsa kwa teng ka se o se balang, go tshwana le fa o rokaganya matsela ao gore o itirele seaparo se sentle. Fa o akanyetsa kwa teng, o ka nna wa ipotsa gore: ‘Ke eng se motho yo ke balang ka ene a se dirileng gore a kgone go rarabolola bothata jwa gagwe? Jehofa o ile a mo thusa jang? Nka dirisa jang se ke ithutileng sone go nthusa gore ke kgone go itshokela diteko?’

4. DIRISA

Dirisa se o ithutileng sone gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng, o itumelele botshelo le gore o nne le tumelo e e nonofileng (Bona serapa 6)

6. Ini ta ka fanila shingisa cha ti no zwidiya?

6 (4Dirisa se o ithutileng sone. Jesu o ile a re fa re bala mme gone re sa dirise se re ithutang sone, re tshwana le motho yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng. Motho yoo o dira ka natla mme gone, o itshenyetsa nako. Goreng re rialo? Ka gonne fa setsuatsue le morwalela di tla, di tlile go diga ntlo ya gagwe. (Math. 7:24-27) Ka tsela e e tshwanang fa le rona re rapela, re bona se re se balang ka leitlho la mogopolo, re akanyetsa kwa teng ka se re se balang mme gone, re sa se dirise, re a bo re itshenyetsa nako fela ka gonne fa re lebana le diteko kgotsa re bogisiwa ga re kitla re kgona go itshoka. Mme gone, fa re dirisa se re se ithutang, re kgona go dira ditshwetso tse siameng, re a itumela mme gape tumelo ya rona e a nonofa. (Isa. 48:17, 18) A jaanong re diriseng dintlha tseno tse nnê go bona gore re ka ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide.

U NGA ZWIDIYANI MU NA SHE DAFITE?

7. Towo zwidiya ne kwe mbiko ipi ye Baibili?

7 A tsala ya gago kgotsa mongwe wa losika o kile a go utlwisa botlhoko? Fa e le gore go jalo, o ka thusiwa ke go bala ka se Kgosi Dafide a ileng a se dira fa morwawe e bong Abesalome a ne a mo utlwisa botlhoko le go leka go mo tseela bogosi.—2 Sam. 15:5-14, 31; 18:6-14.

8. U nga thamani ku bona batsho ya Jehova?

8 (1Rapela. Bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang ka se se go diragaletseng, o akantse ka pego eno. (Pes. 6:6-9) O se ka wa fitlhela Jehofa sepe. Go tswa foo, mo kope gore a go thuse go bona melaometheo e e ka go thusang go itse gore o tlhoka go dira eng.

9. U nga lebani ne kwe zwa ka shingikalila Dafite na Abusalomu?

9 (2Bona se o se balang ka leitlho la mogopolo. Leka go bona ka leitlho la mogopolo dilo tse di diragetseng mo pegong eno mme o bone gore Kgosi Dafide o ne a ikutlwa jang. Morwa wa ga Dafide e bong Abesalome o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a leka go dira gore batho ba mo rate. (2 Sam. 15:7) Fa a sena go lemoga gore o kgonne go dira gore batho ba mo rate, o ile a romela ditlhola kwa dikarolong tsotlhe tsa Iseraele gore ba bolelele batho gore ba ipaakanyetse go mo tlhoma go nna kgosi. Gape o ile a tlhotlheletsa tsala e kgolo ya ga Dafide, yo gape e neng e le mogakolodi wa gagwe e bong Ahitofele gore le ene a tlhanogele Dafide. Abesalome o ile a itlhoma go nna kgosi a bo a leka go bolaya Dafide. Mme ka nako eo, Dafide a ka tswa a ne a lwala fela thata. (Pes. 41:1-9) Dafide o ile a utlwa ka leano la ga Abesalome a bo a tshaba. Moragonyana, masole a ga Abesalome a ile a lwa le a ga Dafide. Masole a ga Abesalome a ile a fenngwa mme Abesalome o ile a bolawa.

10. She Dafite u nga be a ka zwibata chini?

10 Jaanong leka go bona ka leitlho la mogopolo gore Dafide o ne a ikutlwa jang. O ne a rata Abesalome e bile a tshepa Ahitofele. Mme gone, bone batho bao, ba ile ba mo tlhanogela. Ba ne ba mo utlwisa botlhoko fela thata ba bo ba leka go mmolaya. Dafide a ka bo a ile a akanya gore ditsala tse dingwe tsa gagwe le tsone di mo tlhanogetse, mme a bo a tlogela go ba tshepa. A ka bo a ile a tshaba a le nosi a sa akanye ka ditsala tsa gagwe. Kgotsa gongwe a ka bo a ile a kgobega marapo. Mme gone, ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ile a kgona go fenya bothata jwa gagwe. Ke eng se se ileng sa mo thusa?

11. Dafite wa ka zwibata chini mu buthatha igogu?

11 (3Akanyetsa kwa teng ka se o se balang. Ke melaometheo efe e o ka ithutang yone mo pegong eno? Leka go akanya ka potso eno, “Dafide o ile a dira eng go baakanya bothata jwa gagwe?” Dafide ga a ka a tshoga a bo a dira ditshwetso a sa akanye. Gape ga a ka a tshwenyega ka gore o tla dira eng. Go na le moo, o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse. Gape o ile a kopa ditsala tsa gagwe gore di mo thuse. Mme o ile a dira se a neng a tlhoka go se dira ka bonako. Le fa gone Dafide a ne a utlwile botlhoko, ga a ka a tlhoa ba bangwe kgotsa a tlogela go ba tshepa. O ile a tswelela go ikanya Jehofa le go tshepa ditsala tsa gagwe.

12. Jehova wa ka thamani ku batsha Dafite?

12 Jehofa o ile a thusa Dafide jang? Fa o ka dira dipatlisiso, o tla lemoga gore Jehofa o ile a thusa Dafide go itshokela mathata a gagwe. (Pes. 3:1-8; mafoko a a fa godimo ga Dipesalema) Jehofa o ile a dira gore ditshwetso tse Dafide a neng a di dira di atlege. Gape o ile a thusa ditsala tsa ga Dafide fa di ne di mo sireletsa.

13. U nga yedza Dafite chini ha nthu e ku hwisa zogwadza kwazo ne ingwe zila? (Matewu 18:15-17)

13 (4Dirisa se o ithutileng sone. Ipotse gore, ‘Nka etsa Dafide jang?’ Baakanya bothata jwa gago ka bonako. Go ikaegile ka maemo a gago, o ka tlhoka go dirisa kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio kgaolo 18, gongwe ka go dira se go buiwang ka sone mo go yone kgotsa go dirisa melaometheo ya lekwalo leo. (Bala Mathaio 18:15-17.) Mme gone, o se ka wa dira tshwetso o sa akanye. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o ritibale le go go thusa gore o itse gore o ka dira eng. O se ka wa tlogela go tshepa ditsala tsa gago. Go na le moo, amogela thuso ya bone. (Dia. 17:17) Mme sa botlhokwa le go feta, dirisa kgakololo e Jehofa a go nayang yone mo Lefokong la gagwe.—Dia. 3:5, 6.

U NGA ZWIDIYANI MU NA PAULO?

14. I zwimo zwipi zwi nga thama kuti u lingise nkumbulo mu na 2 Timoti 1:12-16; 4:6-11, 17-22?

14 A ba lelapa la gago ba kgatlhanong le wena ka gonne o direla Jehofa? Kgotsa a o nna kwa nageng e Basupi ba ga Jehofa ba sa letlelelwang go dira dilo dingwe kgotsa kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng gotlhelele. Fa e le gore go ntse jalo, o ka kgothadiwa ke go bala 2 Timotheo 1:12-16; le 4:6-11, 17-22. * Paulo o ile a kwala ditemana tseno fa a ne a le kwa kgolegelong.

15. Wa ka bo u nga kumbilani mu na Jehova?

15 (1Rapela. Pele o bala ditemana tseno, bolelela Jehofa ka bothata jwa gago le gore o ikutlwa jang. Bolelela Jehofa sengwe le sengwe. Go tswa foo, fa o sena go bala ka se se diragaletseng Paulo, mo kope gore a go thuse go bona melaometheo e e ka go thusang go itse gore o dire eng.

16. U nga lebani ne kwe chimo cha Paulo?

16 (2Bona se o se balang ka leitlho la mogopolo. Ipone ka leitlho la mogopolo o lebane le mathata a Paulo a neng a lebane le one. Paulo o bofilwe ka dikeetane mme o kwa kgolegelong kwa Roma. O kile a tsenngwa mo kgolegelong mme mo lekgetlhong leno, o a itse gore o tlile go bolawa. Ditsala dingwe tsa gagwe di mo tlhanogetse mme e bile o lapile.—2 Tim. 1:15.

17. Paulo u no be a ka zwibata chini?

17 Paulo a ka bo a ile a akanya ka gore gongwe fa a ne a sa tlhagafala mo tirong ya Modimo a ka bo a sa tsenngwa mo kgolegelong. A ka bo a ile a galefela Bakeresete bangwe ba kwa Asia ba ba ileng ba mo tlhanogela. Gape a ka bo a ile a tlogela go tshepa ditsala tsa gagwe. Mme gone, ga a ka a dira jalo. Goreng a ne a tlhomamisegile gore ditsala tsa gagwe ga di kitla di mo tlhanogela le gore Jehofa o tla mo thusa?

18. Paulo wa ka zwibata chini mu dzindiko dza a ka be a ka lingisana nadzo?

18 (3Akanyetsa kwa teng ka se o se balang. Leka go araba potso eno, “Paulo o ile a dira eng go rarabolola bothata jwa gagwe?” Le fa gone Paulo a ne a itse gore o tlile go bolawa, ga a ka a lebala gore selo sa botlhokwa ke go dira gore Jehofa a galalediwe. Gape o ile a nna a akanya ka gore a ka kgothatsa jang ba bangwe. O ile a bontsha gore o ikaega ka Jehofa, ka go rapela ka metlha. (2 Tim. 1:3) Paulo ga a ka a nna a akantse ka Bakeresete ba ba ileng ba mo tlhanogela. Go na le moo, o ile a tlhalosa gore o lebogela go bo ditsala tsa gagwe di ile tsa mo ema nokeng. Gape o ile a tswelela a ithuta Lefoko la Modimo. (2 Tim. 3:16, 17; 4:13) Sa botlhokwa le go feta, o ne a tlhomamisegile gore Jehofa le Jesu ba a mo rata. Gape o ne a itse gore ba ne ba mo thusa ka metlha le gore ba tlile go mo segofatsa.

19. Jehova wa ka batsha Paulo chini?

19 Pelenyana, Jehofa o ne a bolelela Paulo gore o tlile go bogisiwa ka gonne e le Mokeresete. (Dit. 21:11-13) Jehofa o ile a thusa Paulo jang? O ile a araba dithapelo tsa gagwe, mme fa nako e ntse e ya, o ile a mo naya maatla. (2 Tim. 4:17) Paulo o ile a bolelelwa gore o tlile go duelwa ka gonne a ile a dira ka natla. Gape Jehofa o ile a dirisa ditsala tsa ga Paulo go mo thusa ka dilo tse a neng a di tlhoka.

20. Ha wa ka lingilila Baroma 8:38, 39, u nga yedza Paulo chini?

20 (4Dirisa se o ithutileng sone. Ipotse gore, ‘Nka etsa Paulo jang?’ Fela jaaka Paulo, le rona re ka lebelela gore batho ba tlile go re bogisa ka gonne re direla Jehofa. (Mar. 10:29, 30) Gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa re lebana le mathata, re tshwanetse go nna re rapela le go bala Lefoko la gagwe ka metlha. Gape re tshwanetse go gopola gore selo sa botlhokwa se re ka se dirang, ke go dira gore Jehofa a galalediwe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a re latlha le gore ga go na sepe se se ka dirang gore a tlogele go re rata.—Bala Baroma 8:38, 39; Baheb. 13:5, 6.

ZWIDIYE MU BANGWE BA NO LEGWA NE KWABO MU BAIBILI

21. Ini cha ka batsha Aya na Hector ku mililana ne dzindiko?

21 Se batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ileng ba se dira, se ka re thusa go itshokela mathata. Mmulatsela mongwe wa kwa Japane yo o bidiwang Aya a re kgang ya ga Jona e ile ya mo thusa gore a se ka a tlhola a tshoga fa a tlhoka go rerela batho. Mosha mongwe wa kwa Indonesia yo o bidiwang Hector, yo batsadi ba gagwe ba sa direleng Jehofa, o ile a tlhalosa gore sekao sa ga Ruthe se ile sa mo thusa gore a batle go ithuta ka Jehofa le go mo direla.

22. U nga zwibonela mbayilo upi mu dzidrama dze Baibili kene mu ndongoloso ye “Etsa Tumelo ya Bone”?

22 O ka bona kae dikao tse di ka go nonotshang tsa batlhanka ba Modimo ba mo Baebeleng? Ditlhogo tsa “Etsa Tumelo ya Bone” mmogo le dibidio le diterama tsa Baebele, di ka dira gore dipego tsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng di go ame pelo. * Pele o lebelela, o reetsa kgotsa o bala dipego tseno, kopa Jehofa gore a go thuse go bona dintlha tsa botlhokwa tse o ka di dirisang. Leka go ipona ka leitlho la mogopolo o le motho yo o balang ka ene. Akanyetsa kwa teng ka se batlhanka bano ba ga Jehofa ba ileng ba se dira le gore o ile a ba thusa jang go fenya mathata a bone. Go tswa foo, dirisa se o ithutileng sone. Lebogela thuso e Jehofa a go naya yone gone jaanong. Mme bontsha gore o lebogela se a go direlang sone ka go batla ditshono tsa go kgothatsa le go thusa ba bangwe.

23. Ku yenda na Izaya 41:10, 13, Jehova U no ti thembesani?

23 Go ka nna thata go itumelela botshelo mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane mme ka dinako dingwe mathata a botshelo a ka dira gore go nne thata le go feta. (2 Tim. 3:1) Mme gone, ga re a tshwanela go tshoga kgotsa go tlhobaela. Jehofa o itse mathata a re kopanang le one. O re solofetsa gore fa re tlhoka thuso o tla re ngangatlela ka seatla sa gagwe sa moja. (Bala Isaia 41:10, 13.) Re a itse gore Jehofa o tlile go re thusa. Gape re a itse gore Baebele e ka re thusa go nna le maatla a re a tlhokang, gore re kgone go itshokela mathata ape fela.

LUMBO 96 Buka ya Modimo—Letlotlo

^ ndi. 5 Go na le dipego di le dintsi mo Baebeleng tse di bontshang gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe le gore o tla ba thusa go itshokela diteko dipe fela tse ba kopanang le tsone. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore o ka ithuta jang Baebele ka tsela e e ka go thusang gore o solegelwe molemo ke se o se balang.

^ ndi. 2 Go na le mekgwa e mengwe ya go ithuta e o ka e dirisang, e re se kitlang re bua ka yone mo setlhogong seno. Dikakantsho tse dingwe tsa go ithuta Baebele di tlhagelela mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa, mo setlhogong se se reng “Baebele” ka fa tlase ga setlhogwana se se reng, “Go Bala le go Tlhaloganya Baebele.”

^ ndi. 14 Lo se ka lwa bala ditemana tseno ka nako ya thuto ya Tora ya Tebelo.

^ ndi. 22 Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone—Banna le Basadi ba mo Baebeleng” mo jw.org. (Ya kwa DITHUTO TSA BAEBELE > GO NNA LE TUMELO MO MODIMONG.)