Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 10

Ini wa ka Fanila ku Dubikiwa?

Ini wa ka Fanila ku Dubikiwa?

“Mudubikiwe, mmwe ne mmwe wenyu.”—MISHINGO 2:38.

LUMBO 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1-2. Kanjinji ko shingikalani ha bathu be dubikiwa, ngono ini cha wa ka fanila kumbulila?

 A O KILE wa bona batho ba ba yang go kolobediwa? Fa ba araba dipotso tse pedi tse ba di bodiwang pele ba kolobediwa, o a utlwa gore ba ikemiseditse go direla Jehofa. O bona gore ba masika le ditsala ba itumetse tota e bile ba motlotlo ka bone. Fa ba tswa mo metsing, go opiwa diatla, e bile o ba bona fela mo matlhong gore ba itumetse tota! Beke le beke batho ba le bantsi ba ineela mo go Jehofa Modimo ba bo ba kolobediwa.

2 Go tweng ka wena? Fa e le gore o akanyetsa go kolobediwa, o motho yo o botlhokwa tota mo lefatsheng leno le le bosula ka gonne o ‘batla go kaelwa ke Jehofa.’ (Pes. 14:1, 2) Setlhogo seno se kwaletswe wena, o ka tswa o le mosha kgotsa o godile. Mme rona ba re setseng re kolobeditswe, se tla re thusa gore re tswelele re ikemiseditse go direla Jehofa botshelo jotlhe jwa rona. Go na le mabaka a le mantsi a go bo re direla Jehofa, mme re tla tlotla ka a le mararo fela mo setlhogong seno.

U NO DA MALEBESWA NE NDULAMO

Go fetile dingwagangwaga Satane a gogagoga leina la Modimo mo seretseng mme o sa ntse a tsweletse le gompieno (Bona serapa 3-4)

3. Ini balanda ba Jehova be da malebeswa ne ndulamo? (Pisalema 119:128, 163)

3 Jehofa o ne a laela batho ba gagwe gore ba ‘rate boammaaruri.’ (Seka. 8:19) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire se se siameng. (Math. 5:6) Seno se raya gore motho o tshwanetse go eletsa go dira se Modimo a reng se siame. A o rata boammaaruri e bile o rata go dira se se siameng? Ga go pelaelo gore go ntse jalo. Gape o tlhoile maaka le dilo tse di sa siamang. (Bala Pesalema 119:128, 163.) Motho yo o buang maaka o tshwana le mmusi wa lefatshe leno e bong Satane. (Joh. 8:44; 12:31) Satane o gogagoga leina le le boitshepo la Modimo mo seretseng. Ga a bolo go bua maaka ka Modimo, go tloga fela kwa tshimong ya Edene fa a ne a tsietsa Efa. O ne a batla gore batho ba dumele gore Jehofa ke Mmusi yo o ikakanyetsang fela a le nosi yo o sa batleng gore batho ba nne le dilo tse dintle. (Gen. 3:1, 4, 5) Maaka a ga Satane a ile a dira gore batho ba akanye dilo tse di sa siamang ka Jehofa. Fa motho a sa ‘rate boammaaruri,’ Satane a ka mo tlhotlheletsa gore a dire dilo tse di maswe tota.—Bar. 1:25-31.

4. Jehova wa ka zwilakidza chini kuti i “Ndzimu we malebeswa”? (Bona itshwantsho.)

4 Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri” e bile o bo ruta ba ba mo ratang. (Pes. 31:5) Boammaaruri joo bo ba thusa gore ba se ka ba tlhola ba tsiediwa ke Satane. Gape Jehofa o ruta batho ba gagwe gore ba ikanyege e bile ba dire se se siameng. Seno se dira gore ba itlotle le gore ba nne le kagiso ya mogopolo. (Diane 13:5, 6) A le wena go bala Baebele go go thusitse ka tsela eno? O ithutile gore tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone e re tswela mosola rotlhe, go akaretsa le wena. (Pes. 77:13) Ka jalo o batla go dira se Modimo a reng se siame. (Math. 6:33) O batla go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa, le go bontsha gore dilo tse Satane a neng a di bua ka ene ke maaka. O ka dira seo jang?

5. U nga milila malebeswa ne ndulamo chini?

5 O ka tshela ka tsela e e bontshang gore ga o dumele maaka a ga Satane, go na le moo o mo letlhakoreng la ga Jehofa. O ka bontsha gore o batla gore Jehofa e nne ene a go laolang, le gore o batla go dira se a reng se siame. O ka dira seo jang? O tshwanetse go rapela, o bolelele Jehofa gore o batla go mo direla botshelo jotlhe, go tswa foo o bo o kolobediwa. Go rata boammaaruri le se se siameng go tla go rotloetsa gore o kolobediwe.

U NO DA JESO KIRISITI

6. I mabaka api a mu na Pisalema 45:4 e ku be wa ka fanila ku da Jeso Kirisiti?

6 Goreng o rata Jesu Keresete? Mabaka mangwe a tlhalosiwa mo go Pesalema 45:4. (E bale.) Jesu o rata boammaaruri le se se siameng e bile o boikokobetso. Fa o rata boammaaruri le se se siameng, go raya gore le Jesu o a mo rata. Jesu o ne a emela boammaaruri le se se siameng a le pelokgale. (Joh. 18:37) Mme gone, o re ruta jang gore re nne boikokobetso?

7. Ini chi no ku khata ne kwe ku zwitolela pasi kwa Jeso?

7 Jesu o re ruta go nna boikokobetso ka se a se dirang. Ka sekai, ga a ke a batla go tlotlomadiwa, go na le moo o batla gore go tlotlomadiwe Rraagwe. (Mar. 10:17, 18; Joh. 5:19) Tsela e Jesu a leng boikokobetso ka yone e dira gore o ikutlwe jang? Ntle le pelaelo, e dira gore o mo rate e bile o batle go mo etsa. Ke eng fa Jesu a le boikokobetso? Baebele e a re Jehofa o boikokobetso. Ka jalo, Jesu le ene o boikokobetso ka gonne o rata Rraagwe e bile o a mo etsa. (Pes. 18:35; Baheb. 1:3) E re ka Jesu a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa, a seno ga se dire gore o mo rate?

8. Ini ti da Jeso se She wedu?

8 Re rata Kgosi ya rona e bong Jesu ka gonne ke Mmusi yo o molemo go ba gaisa botlhe. Jehofa o ile a ruta Morwawe, a bo a mo tlhoma gore e nne Kgosi. (Isa. 50:4, 5) Jesu o ile a bontsha gore o a re rata. (Joh. 13:1) Ka jalo, le wena o tshwanetse go mo rata. O ile a tlhalosa gore batho ba ba mo ratang ke ditsala tsa gagwe mme ba bontsha gore ba a mo rata ka go ikobela ditaelo tsa gagwe. (Joh. 14:15; 15:14, 15) Ke tshiamelo tota go nna tsala ya ga Jesu.

9. Ku dubikiwa kwe Bakirisiti ko fanana chini ne kwa Kirisiti?

9 Taelo nngwe ya ga Jesu ke gore barutwa ba gagwe ba kolobediwe. (Math. 28:19, 20) O ba tlhometse sekao ka gonne le ene o ile a kolobediwa. Kolobetso ya ga Jesu e farologana le kolobetso ya balatedi ba gagwe ka dilo dingwe. (Bona lebokoso le le reng “ Kolobetso ya ga Jesu e Farologana Jang le ya Balatedi ba Gagwe?”) Le fa go ntse jalo, di tshwana ka dilo dingwe. Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a bontsha gore o batla go dira se Rraagwe a se batlang. (Baheb. 10:7) Ka tsela e e tshwanang, fa balatedi ba ga Jesu ba kolobediwa, ba bontsha gore ba ineetse mo go Jehofa Modimo. Fa ba sena go kolobediwa, selo sa botlhokwa thata mo go bone ke go dira se Jehofa a se batlang, e seng se bone ba se batlang. Ka jalo, ba etsa sekao sa ga Jesu.

10. Ini ludo gwa u no da Jeso nago gwa ka fanila ku ku sundidzila kuti u dubikiwe?

10 O dumela gore Jesu ke Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa e bile o itumelela gore Jehofa o tlhomile ene gore e nne Kgosi ya rona. O a itse gore Jesu o boikokobetso e bile o na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe. O ile wa ithuta gore Jesu o ne a fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala, a gomotsa ba ba kgobegileng marapo a bo a fodisa ba ba lwalang. (Math. 14:14-21) O bone gore o etelela pele phuthego ya gagwe jang gompieno. (Math. 23:10) Gape o a itse gore e re ka e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tlile go re direla dilo tse dintle tota mo nakong e e tlang. O ka bontsha jang gore o a mo rata? Ka go etsa sekao sa gagwe. (Joh. 14:21) O ka etsa sekao sa ga Jesu ka go ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa.

U NO DA JEHOVA NDZIMU

11. U nga ti libaka gu kulu gwe kuti u dubikiwe ndi gupi, ngono ini kwa ka jalo?

11 Lebaka la botlhokwa thata la go bo o tshwanetse go kolobediwa ke lefe? Jesu o ne a re taelo e e botlhokwa thata ke gore “o tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mar. 12:30) A o rata Modimo jalo?

Dilo tse dintle tse o nang le tsone le tse o tla nnang le tsone mo nakong e e tlang di tswa kwa go Jehofa (Bona serapa 12-13)

12. Ini u da Jehova? (Bona itshwantsho.)

12 Go na le mabaka a le mantsi a go bo o tshwanetse go rata Jehofa. Ka sekai, o ithutile gore ke ene “motswedi wa botshelo” le gore “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng” e tswa kwa go ene. (Pes. 36:9; Jak. 1:17) Sengwe le sengwe se sentle se o nang le sone se tswa kwa Modimong wa rona yo o ratang go aba.

13. Ini chi no thama kuti ku tengunugwa i be chipo chikulu zwingapa?

13 Thekololo ke nngwe ya dimpho tse di molemo thata tse Jehofa a re neileng tsone. Ke eng fa re ka rialo? Ka gonne Jehofa le Morwawe ba ne ba atamalane thata. Jesu o ne a re Rraagwe o a mo rata e bile le ene o rata Rraagwe. (Joh. 10:17; 14:31) Ba ne ba fetsa dingwagangwaga ba le mmogo, mme seno se ile sa dira gore ba atamalane fela thata. (Diane 8:22, 23, 30) Ka jalo, akanya fela gore Modimo o ne a utlwile botlhoko jang fa a ne a letla gore Morwawe a bogisiwe a bo a bolawe. Jehofa o rata batho botlhe, e bile le wena o a go rata. Ka ntlha ya seo, o ile a letla gore Morwawe a bolawe gore wena le batho ba bangwe lo kgone go tshelela ruri. (Joh. 3:16; Bagal. 2:20) Leno ke lone lebaka la botlhokwa la go bo re tshwanetse go rata Modimo.

14. Mazwimisilo a no pinda wose mu buchilo gugo ndi api?

14 Fa o ntse o ithuta ka Jehofa, o ile wa mo rata le go feta. Ntle le pelaelo, o batla go tswelela o atamalane le ene, mme o ka kgona. Jehofa o batla gore o dire dilo tse di mo itumedisang. (Diane 23:15, 16) O ka kgona go itumedisa Jehofa ka dilo tse o di buang le tse o di dirang. Tsela e o tshelang ka yone e tla bontsha gore eleruri o rata Jehofa. (1 Joh. 5:3) Go tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa ke tshwetso e e molemo go di gaisa tsotlhe e o ka e dirang mo botshelong.

15. U nga lakidza ludo gugo mu na Jehova chini?

15 O ka bontsha jang gore o rata Jehofa? Sa ntlha, bua le Jehofa, o mmolelele gore o batla go ineela mo go ene. (Pes. 40:8) Go tswa foo, bontsha gore o ineetse mo Modimong ka go kolobediwa. Jaaka re buile mo dirapeng tse di fetileng, letsatsi le o kolobediwang ka lone le botlhokwa fela thata. Go tloga ka letsatsi leo, ga o tlhole o itshelela, mme o tshelela Jehofa Modimo. (Bar. 14:8; 1 Pet. 4:1, 2) Gone ke boammaaruri gore eno ke tshwetso e o tshwanetseng go e akanyetsa thata, mme gone e tla go tlisetsa masego a le mantsi mo botshelong. Re raya jang?

16. Se kwa Pisalema 41:12 i lakidza, Jehova U nowo ruwela ba no nshingila buchilo gwabo gose chini?

16 Jehofa ke Modimo yo o ratang go aba. Fa o mo direla, o tla go segofatsa ka dilo di le dintsi. (Mar. 10:29, 30) O tla go thusa gore o itumelele botshelo o bo o kgotsofale, tota le fa re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno le le bosula. Mme ga go felele foo. Fa o sena go kolobediwa, o ka kgona go tswelela o direla Jehofa go ya go ile. O tla nna o mo rata, mme le ene o tla nna a go rata. Mo godimo ga moo, o tla tshelela ruri fela jaaka ene.—Bala Pesalema 41:12.

17. Ini cha u nga pa Jehova cha a sina cho?

17 Fa o ineela mo Modimong o bo o kolobediwa, o mo naya sengwe se se botlhokwa thata. Sengwe le sengwe se sentle le se se itumedisang se o nang le sone, se tswa kwa go Jehofa. Ka jalo, wena o ka mo naya eng? O ka mo naya sengwe se se botlhokwa thata mo go ene, e leng go mo direla ka pelo yotlhe. (Jobe 1:8; 41:11; Diane 27:11) Fa o dira jalo, o tla itumelela botshelo fela thata. Lebaka la botlhokwa thata la go bo o tshwanetse go kolobediwa ke ka gonne o rata Jehofa.

U CHA KA LINDANI?

18. U nga zwibuzwa buzo dzipi?

18 A o tla kolobediwa? Ke wena fela o ka arabang potso eno. Gongwe o ka ipotsa go re, ‘Tota ke eng fa ke okaoka go kolobediwa?’ (Dit. 8:36) O se ka wa lebala mabaka a le mararo a re tlotlileng ka one mo setlhogong seno. La ntlha, o rata boammaaruri le se se siameng. Ipotse go re, ‘A ke batla gore ke bo ke le teng ka nako ya fa batho botlhe ba bua boammaaruri e bile ba dira se se siameng?’ La bobedi, o rata Jesu Keresete. Ipotse go re, ‘A ke batla go busiwa ke Jesu le go etsa sekao sa gagwe?’ La boraro e bile e le la botlhokwa le go feta, o rata Jehofa Modimo. Ipotse go re, ‘A ke batla go itumedisa Jehofa?’ Fa e le gore o arabile dipotso tseno ka ee, goreng o okaoka go kolobediwa?—Dit. 16:33.

19. Ini u sa ka fanila nonoka ku dubikiwa? Fanisa. (Johani 4:34)

19 Fa e le gore o okaoka go kolobediwa, akanya ka sekai sengwe se Jesu a ileng a se dira. (Bala Johane 4:34.) Jesu o ile a tshwantsha go dira thato ya ga Rraagwe le go ja dijo. Ka ntlha ya eng? Dijo di mosola mo go rona. Jesu o ne a itse gore sengwe le sengwe se Jehofa a re kopang gore re se dire se re tswela mosola. A ka se re kope go dira sengwe se se tla re utlwisang botlhoko. A Jehofa o batla gore o kolobediwe? Go ntse fela jalo. (Dit. 2:38) O ka tlhatswega pelo gore go ikobela taelo eno ya gore o kolobediwe go tla go tswela mosola. Fa e le gore o ka se okaoke fa o newa dijo tse di monate, ke eng fa o okaoka go kolobediwa?

20. Towo zwidiyani mu chidiyo chi no tobela?

20 Goreng bangwe ba okaoka go kolobediwa? Gongwe ba akanya gore ga ba ise ba siamele go kolobediwa. Tshwetso ya go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, ke tshwetso ya botlhokwa thata e o tla e dirang mo botshelong. Ka jalo, o tshwanetse go ipha nako ya gore o akanyetse kwa teng ka yone. Gape o tshwanetse go tsaya matsapa gore o siamele go kolobediwa. Mme fa e le gore o batla go kolobediwa, ke eng se o ka se dirang gone jaanong gore o siamele go kolobediwa? Re tla bona karabo mo setlhogong se se latelang.

LUMBO 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

a Mongwe le mongwe yo o ithutang Baebele o tshwanetse go kolobediwa. Ke eng se se ka thusang motho gore a kolobediwe? Ke lorato. Mme gone, motho o tshwanetse go rata eng kgotsa mang? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno e bile re tla bona gore botshelo jwa rona bo tla nna jang fa re sena go kolobediwa.