Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 11

Ku dubikiwa—Se Kwa u Nga Zwibaakanya

Ku dubikiwa—Se Kwa u Nga Zwibaakanya

“Ini tjingandidzibila kudubikiwa kene?”—MISHINGO 8:36.

LUMBO 50 Thapelo Ya me Ya Boineelo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

Mo lefatsheng lotlhe, basha le bagolo ba dira diphetogo ba bo ba kolobediwa (Bona serapa 1-2)

1-2. Ha u sathu u ka zwibaakanyila ku dubikiwa, ini u sa ka fanila ku nyalamoyo? (Bona itshwantsho.)

 FA E le gore o batla go kolobediwa, o dirile tshwetso e e siameng tota. Mme gone, a o setse o siametse go kolobediwa? Fa e le gore o akanya gore o setse o siametse go kolobediwa e bile bagolwane ba a dumalana, o se ka wa okaoka. Fa o sena go kolobediwa, o tla itumelela go direla Jehofa.

2 Mme fa e le gore mongwe o ile a go bolelela gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe pele ga o kolobediwa, kgotsa ke wena o lemogileng gore o tlhoka go dira jalo, o se ka wa kgobega marapo. Le fa o ka tswa o le mosha kgotsa o godile, o ka kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang gore o siamele go kolobediwa.

“INI CHI NO NDI DZIBILA?”

3. Nlanda we Ethiopia wa ka buzwani Filipo, ngono ku ka pelela neni? (Mishingo 8:36, 38)

3 Bala Ditiro 8:36, 38. Modiredi wa ntlo ya segosi wa Moethiopia o ile a botsa Filipo a re: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Monna yoo o ne a batla go kolobediwa. Mme gone, a o ne a setse a siametse go kolobediwa?

Modiredi wa ntlo ya segosi wa Moethiopia o ne a ikemiseditse go tswelela a ithuta ka Jehofa (Bona serapa 4)

4. Nlanda we Ethiopia wa ka lakidza chini kuti wa ka be a ka zwimisila ku dwilila e zwidiya?

4 Baebele e a re monna yono wa Moethiopia “o ne a ile go obamela kwa Jerusalema.” (Dit. 8:27) Ka jalo go lebega a ne a amogetse bodumedi jwa Bajuda e bile a obamela Jehofa le bone. Ga go pelaelo gore o ne a ithutile ka Jehofa mo Dikwalong tse di boitshepo tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a batla go ithuta mo go oketsegileng. Tota e bile fa Filipo a ne a kopana le ene mo tseleng, o ne a bala mekwalo ya ga moporofeti Isaia. (Dit. 8:28) O ne a bala Dikwalo tse go seng motlhofo go di tlhaloganya. O ne a sa kgotsofalele fela go ithuta dilo tse di motlhofo, go na le moo, o ne a batla go ithuta dilo tse di boteng tsa Modimo.

5. Nlanda we Ethiopia wa ka toleka chini mu na cha a ka be e zwidiya ne kwacho?

5 Monna yono o ne a na le taolo mo ntlong ya segosi ya ga Kgosigadi Kandase wa kwa Ethiopia. Baebele e a re “o ne a tlhokometse letlotlo lotlhe la gagwe.” (Dit. 8:27) Ka jalo, monna yono o tshwanetse a bo a ne a na le maikarabelo a le mantsi tota. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako ya go obamela Jehofa. O ne a sa kgotsofadiwe ke go ithuta boammaaruri fela, gape o ne a dirisa se a se ithutileng. O ne a tsaya loeto lo loleele go tswa kwa Ethiopia go ya kwa Jerusalema gore a ye go obamela Jehofa kwa tempeleng. O tshwanetse a bo a ile a dirisa nako le madi a mantsi mo loetong loo. Mme gone, o ne a ikemiseditse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a obamele Jehofa.

6-7. Ludo gwe nlanda we Ethiopia mu na Jehova gwa ka dwilila gu kula chini?

6 Monna wa Moethiopia o ile a ithuta dilo dingwe tse disha mo go Filipo, go akaretsa gore Jesu ke ene Mesia. (Dit. 8:34, 35) Ga go pelaelo gore monna yono o ne a itumela tota fa a ithuta se Jesu a mo diretseng sone. O ile a dira eng fa a sena go ithuta dilo tseno? O ne a ka nna a tswelela a obamela Modimo ka tsela e Bajuda ba neng ba mo obamela ka yone, mme ga a ka a dira jalo. E re ka a ne a rata Jehofa le Morwawe, o ne a kolobediwa a bo a nna molatedi wa ga Jesu. Filipo o ile a lemoga gore monna yono o setse a siametse go kolobediwa, ka jalo o ne a mo kolobetsa.

7 Fa o ka dira se monna yono wa Moethiopia a ileng a se dira, le wena o tla siamela go kolobediwa. O tla kgona go bua o sa kgale mathe ganong o re: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Monna yono wa Moethiopia o ile a tswelela a ithuta, a dirisa se a se ithutang e bile o ne a tswelela a rata Jehofa. Mma re bone gore le wena o ka dira jang se se tshwanang.

DWILILA U ZWIDIYA

8. Johani 17:3 i no ku batsha chini mu buchilo gugo?

8 Bala Johane 17:3. Se Jesu a ileng a se bua mo temaneng eno se ile sa thusa bontsi jwa rona gore re simolole go ithuta Baebele. A go ile ga nna jalo le ka wena? Mme gape se Jesu a ileng a se bua se re rotloetsa gore re tswelele re ithuta. Re tlile go nna re ithuta ka “Modimo wa boammaaruri.” (Mor. 3:11) Re tlile go nna re ithuta go ya go ile. Fa re ntse re ithuta, re tla atamalana thata le Jehofa.—Pes. 73:28.

9. Ta ka fanila thamani ha ti si no be ta tangisa ku zwidiya malebeswa?

9 Fa re simolola go ithuta ka Jehofa, re simolola pele ka dithuto tse go leng motlhofo go di tlhaloganya. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwaletse Bahebera, o ne a re dithuto tseo ke “dilo tsa ntlha.” O ne a sa reye gore dithuto tseno ga di botlhokwa, go na le moo, o ile a di tshwantsha le mashi a a thusang ngwana go gola. (Baheb. 5:12; 6:1) Gape o ile a rotloetsa Bakeresete gore ba tswelele ba ithuta, le gore ba ithute dilo tse di boteng tse di mo Lefokong la Modimo. A o itumelela go ithuta dithuto tsa Baebele tse go seng motlhofo go di tlhaloganya? A o ikemiseditse go tswelela o ithuta, le go nna le kitso e e oketsegileng ka Jehofa le ka se a ikaeletseng go se dira?

10. Ini bangwe be wana ba ka simigwa ne ku zwidiya Baibili?

10 Go ithuta ga go motlhofo mo bathong ba le bantsi. A wena o rata go ithuta? A o ithutile go bala sentle kwa sekolong? A o ne o itumelela go bala le go ithuta dilo di le dintsi kgotsa a o ne o ipolelela gore go bala ga go go tswele mosola? Fa e le gore go jalo, itse gore ga se wena fela. Jehofa a ka go thusa. Ke Morutisi yo o molemo go ba gaisa botlhe.

11. Jehova U no zwilakidza a li “Ndiyi Nkulu” chini?

11 Jehofa a re ke “Motlhatlheledi wa [gago] yo Mogolo.” (Isa. 30:20, 21) Ke Morutisi yo o pelotelele le yo o bonolo e bile o a re tlhaloganya. O tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse re di dirang. (Pes. 130:3) Ga a ke a re kopa gore re dire dilo tse re sa kgoneng go di dira. Nna o gopotse gore ke ene a dirileng boboko jwa gago. (Pes. 139:14) Jehofa o re bopile re na le keletso ya go ithuta. Ka jalo, go botlhokwa gore re itlwaetse go bala Baebele gone jaanong. (1 Pet. 2:2) Ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela mme o bale Baebele ka metlha. (Josh. 1:8) Jehofa o tla go thusa gore o itumelele go bala le go ithuta ka ene.

12. Ini ta ka fanila kumbula ne kwa Jeso ha ti zwidiya ti li toga?

12 Iphe nako ya go akanyetsa kwa teng ka botshelo jwa ga Jesu le ka tiro ya gagwe ya go rera. Re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jesu fa re batla go tswelela re direla Jehofa mo metlheng eno e e thata. (1 Pet. 2:21) Jesu o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore ba tla lebana le dikgwetlho. (Luke 14:27, 28) Le fa go ntse jalo, o ne a tlhatswegile pelo gore ba tla tswelela ba ikanyega mo Modimong fela jaaka ene. (Joh. 16:33) Tsaya matsapa go ithuta ka botshelo jwa ga Jesu mme o ipeele mekgele ya go mo etsa.

13. Ini cha ta ka fanila gala ti kumbila mu na Jehova, ngono ne kutini?

13 Go nna le kitso ga go a lekana. Kitso e o nang le yone e tshwanetse go go thusa gore o itse Jehofa, o mo rate e bile o nne le tumelo. (1 Bakor. 8:1-3) Fa o ntse o ithuta, nna o kope Jehofa gore a go neye tumelo e e oketsegileng. (Luke 17:5) O tla araba dithapelo tsa gago. Go itse Modimo le go nna le tumelo go tla go thusa gore o kgone go dira diphetogo.—Jak. 2:26.

DWILILA U SHINGISA CHA U NO ZWIDIYA

Pele ga Morwalela, Noa le ba lelapa la gagwe ba ile ba dirisa se ba neng ba se ithutile (Bona serapa 14)

14. Mpostolo Pita wa ka lakidza chini kuti ku shingisa cha ti no zwidiya i chithu chikulu? (Bona itshwantsho.)

14 Moaposetoloi Petere o ile a tlhalosa gore go botlhokwa gore barutwa ba ga Jesu ba tswelele ba dirisa se ba se ithutang. O ile a bua ka pego ya ga Noa. Jehofa o ile a bolelela Noa gore o tlile go dirisa Morwalela go nyeletsa batho ba ba bosula ba nako eo. Go itse fela gore morwalela o e tla go ne go ka se sireletse Noa le ba lelapa la gagwe. Ela tlhoko gore Petere o ne a bua ka nako ya pele ga Morwalela, “fa araka e ne e sa ntse e agiwa.” (1 Pet. 3:20) Noa le ba lelapa la gagwe ba ile ba dira se Modimo a neng a ba boleletse sone. Ba ile ba aga araka, kgotsa sekepe se segolo. (Baheb. 11:7) Go tswa foo, Petere o ile a tshwantsha se Noa a neng a se dirile le go kolobediwa. O ne a re: “Go na le sengwe se se tshwanang le seo se se lo bolokang, e leng kolobetso.” (1 Pet. 3:21) Ka jalo, re ka tshwantsha se o se dirang gone jaanong gore o siamele go kolobediwa, le tiro e Noa le ba lelapa la gagwe ba neng ba e dira ya go aga araka. Ke eng se o tlhokang go se dira gore o siamele go kolobediwa?

15. Ku shanduka ne zila ye malebeswa ko dwani?

15 Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira ke go ikwatlhaela maleo a rona. (Dit. 2:37, 38) Re bontsha gore re ikwatlhaile fa re dira diphetogo. A o setse o tlogetse go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng, tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, go goga motsoko, go rogana le go kgoba ba bangwe ka mafoko? (1 Bakor. 6:9, 10; 2 Bakor. 7:1; Baef. 4:29) Fa e le gore ga o ise o dire jalo, nna o leke go dira diphetogo. Kopa motho yo o go rutang Baebele kgotsa bagolwane gore ba go thuse. Fa e le gore o sa ntse o le mosha e bile o nna kwa gae, kopa batsadi ba gago gore ba go thuse go tlogela mokgwa mongwe o o sa siamang o o ka go thibelang gore o kolobediwe.

16. Ku shinga mishingo ye Bundzimu misiyose ko dwani?

16 Go na le dilo tse dingwe gape tse o tshwanetseng go di dira gore o siamele go kolobediwa. O tshwanetse go ya dipokanong ka metlha, le go arabela fa o le kwa go tsone. (Baheb. 10:24, 25) Fa o setse o siametse go ya tshimong, netefatsa gore o dira jalo ka metlha. Go ya tshimong ka metlha go tla go thusa gore o e itumelele. (2 Tim. 4:5) Fa e le gore o mosha, ipotse go re: ‘A batsadi ba me ba nna fela ba nkgopotsa gore ke ye dipokanong kgotsa ke ye bodireding? Kgotsa a ke dira jalo ke sa bolelelwa?’ Fa e le gore ga o tlhoke go gopodiwa gore o dire dilo tseno, seno se bontsha gore o na le tumelo e bile o rata Jehofa. Mo godimo ga moo, o bontsha gore o lebogela dilo tse Jehofa a go direlang tsone. Fa o dira dilo tseno, o “bontsha gore [o] ineetse mo Modimong.” (2 Pet. 3:11; Baheb. 13:15) Jehofa o itumelela dimpho tse re mo nayang tsone ka go rata, re sa patelediwe ke ope. (Bapisa le 2 Bakorintha 9:7.) Re dira dilo tseno ka gonne re a itumela fa re direla Jehofa ka bojotlhe.

DWILILA U KUDZA LUDO GUGO MU NA JEHOVA

17-18. Ini chi nga ku batsha kuti u kumbulile ku dubikiwa, ngono ne kutini? (Zwiane 3:3-6)

17 Fa o ntse o dira diphetogo gore o siamele go kolobediwa, o tlile go lebana le dikgwetlho dingwe. Bangwe ba ka nna ba go ja ditshego ka gonne o batla go nna Mosupi, mme ba bangwe bone ba ka go thatafaletsa botshelo. (2 Tim. 3:12) Gongwe o leka ka natla go tlogela sengwe se se sa siamang, mme ka dinako dingwe o a ineela o bo o se dira. Kgotsa gongwe o fela pelo ka gonne o akanya gore ga o kitla o tsamaya o siamela go kolobediwa. Go rata Jehofa go tla go thusa gore o se ka wa ineela.

18 Tsela e o ratang Jehofa ka yone e botlhokwa fela thata. (Bala Diane 3:3-6.) Fa o rata Jehofa thata, o tla tswelela o mo direla le fa o na le mathata. Go le gantsi Baebele e tlhalosa gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe ka lorato lo lo sa kgaotseng. Seno se raya gore ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe, e bile o tla tswelela a ba rata. (Pes. 100:5) O dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Gen. 1:26) Ka jalo, o ka bontsha jang gore le wena o na le lorato lo lo sa kgaotseng?

Leboga Jehofa letsatsi le letsatsi (Bona serapa 19) b

19. U nga lakidza ku bokela zwa wa ka thamigwa na Jehova chini? (Bagalatiya 2:20)

19 Lebogela dilo tse Jehofa a go direlang tsone. (1 Bathes. 5:18) Letsatsi le letsatsi, ipotse go re, ‘Jehofa o mpontshitse jang gore o a nthata?’ Go tswa foo, mo leboge, o umake dilo tse a go diretseng tsone. Itse gore Jehofa o go direla dilo tse dintle ka gonne o a go rata. Paulo le ene o ile a lemoga seo. (Bala Bagalatia 2:20.) Ipotse go re, ‘A ke batla go bontsha Jehofa gore le nna ke a mo rata?’ Fa o rata Jehofa, o tla kgona go itshoka fa o raelwa le fa o lebane le mathata. Gape o tla tswelela o direla Jehofa e bile o mmontsha gore o a mo rata letsatsi le letsatsi.

20. Ku shingila Jehova kwa ka pelela ko dwani, ngono ichecho ini i li chithu chikulu zwingapa?

20 Fa nako e ntse e ya, tsela e o ratang Jehofa ka yone e tla gola mme o tla ineela mo go ene. Nna o gopotse gore fa o ineela mo go Jehofa, o nna le tsholofelo e e itumedisang ya gore o tla mo direla go ya go ile. Fa o ineela mo go Jehofa, o mo solofetsa gore o tla tswelela o mo direla fa dilo di go tsamaela sentle, le fa di sa go tsamaele sentle. Ga o kitla o tlhoka go dira tsholofetso eo gape. Gone ke nnete gore go ineela mo go Jehofa ga se tshwetso e re e dirang motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, nna o gopotse gore go ineela mo go Jehofa ke tshwetso e e molemo go di gaisa tsotlhe e o tla e dirang mo botshelong jwa gago. (Pes. 50:14) Satane o tla nna a leka go koafatsa tsela e o ratang Jehofa ka yone ka gonne a batla gore o tlhanogele Jehofa, mme gone, o se ka wa mo letla gore a go kgaoganye le Jehofa. (Jobe 27:5) Go rata Jehofa go tla go thusa gore o tswelele o mo direla go ya go ile le gore o tswelele o atamalane le ene.

21. Ini ti sa ka fanila ku tola kuti ku dubikiwa ndicho chithu che bupelo mu bumo gwe kuti i be che kutanga?

21 Fa o sena go ineela mo go Jehofa, bolelela bagolwane ba mo phuthegong ya lona gore o batla go kolobediwa. Nna o gopotse gore fa o sena go kolobediwa, ga go felele foo. O a bo o simolola botshelo jo bosha jwa go direla Jehofa. Ka jalo, dira dilo tse di tla go thusang gore o tswelele o rata Jehofa. Go dira jalo go tla go rotloetsa gore o batle go kolobediwa. Leo e tla bo e le letsatsi le le itumedisang tota, mme jaaka re setse re tlhalositse, ga go felele foo. Re solofela gore o tla dira dilo tse di tla go thusang gore o tswelele o rata Jehofa le Morwawe.

LUMBO 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

a Gore motho a siamele go kolobediwa, o tshwanetse go nna le maitlhomo a a siameng e bile o tshwanetse go dira dilo tse di siameng. Re tla dirisa sekai sa modiredi wa ntlo ya segosi wa Moethiopia go bona gore motho yo o ithutang Baebele a ka dira eng gore a siamele go kolobediwa.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo mosha o leboga Jehofa ka ntlha ya sengwe le sengwe se a mo direlang sone.