Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 9

LUMBO 75 “Ke Fano! Roma Nna!”

A wa ka Zwibaakanyila ku Zwipa Jehova?

A wa ka Zwibaakanyila ku Zwipa Jehova?

“Apa ndowopani Yahwe pezhugwi kwe bubuya gose gwabakandithamila kene?”​—PIS. 116:12.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Setlhogo seno se tla go thusa gore o atamalane thata le Jehofa, mme seo se tla go rotloetsa gore o ineele mo go ene le gore o kolobediwe.

1-2. Nthu wa ka fanila thamani ha a sathu a ka dubikiwa?

 MO DINGWAGENG di le tlhano tse di fetileng, batho ba feta 1 000 000 ba ile ba kolobediwa ba bo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa bone ba ile ba rutiwa boammaaruri e ‘le masea’ fela jaaka Timotheo. (2 Tim. 3:14, 15) Ba bangwe ba ithutile ka Jehofa ba setse ba godile, mme ba bangwe bone ba setse ba tsofetse. Tota e bile, mosadi mongwe yo a neng a ithuta Baebele le Basupi o ile a kolobediwa a na le dingwaga di le 97.

2 Fa e le gore o ithuta Baebele le Basupi kgotsa batsadi ba gago ke Basupi, a o akanyetsa go kolobediwa? Fa go le jalo, o ipeetse mokgele o montle tota. Mme gone, pele ga o kolobediwa, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa. Setlhogo seno se tla tlhalosa gore go ineela mo go Jehofa go kaya eng, e bile se tla go thusa go bona gore ga o tlhoke go okaoka go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa fa o setse o siametse go dira jalo.

KU ZWIPA KO DWIWANI?

3. Leba ne kwe bathu be Baibili ba ka be ba ka zwipa Jehova.

3 Mo Baebeleng, motho yo o neng a ineetse mo go Jehofa o ne a tlhophilwe go dira tiro nngwe e e kgethegileng. Baiseraele e ne e le setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, go ne go na le batho bangwe mo setšhabeng seo ba ba neng ba ineetse mo go Jehofa ka tsela e e kgethegileng. Ka sekai, Arone o ne a rwala tuku e e kgethegileng e e neng e na le mokgabisa o o phatsimang wa gauta. Mokgabisa oo e ne e le “letshwao le le boitshepo la boineelo,” e bile o ne o bontsha gore o tlhophilwe go direla Jehofa e le moperesiti yo mogolo. (Lefi. 8:9) Banasirite le bone ba ne ba ineetse mo go Jehofa ka tsela e e kgethegileng. Lefoko “Monasirite” le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Yo o Tlhaotsweng” kgotsa “Yo o Ineetseng.” Banasirite ba ne ba ikobela melao e ba neng ba e kwaletswe mo Molaong wa ga Moshe.​—Dipa. 6:2-8.

4. (a) Bathu ba ka zwipa Jehova ba ka lakidza ne zila dzipi kuti ba ka zwimisila ku nshingila ne zila ya ka shalulika? (b) Ku “zwilandula” ko dwani? (Bona itshwantsho.)

4 Fa o ineela mo go Jehofa, o nna morutwa wa ga Jesu e bile go dira thato ya Modimo e nna selo se se botlhokwa thata mo go wena. Ke eng gape se o tshwanetseng go se dira? Jesu o ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole.” (Math. 16:24) Mafoko a Segerika a a ranotsweng go twe “a a iitatole” gape a ka ranolwa go twe “ga a tlhole a itshelela.” Ka jalo fa o sena go ineela mo go Jehofa, o tshwanetse go tsamaela kgakala le dilo tse a di tlhoileng, go akaretsa le “ditiro tsa mmele o o nang le boleo” tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (2 Bakor. 5:14, 15; Bagal. 5:19-21; 1 Bakor. 6:18) Fa o rata Jehofa e bile o tlhatswegile pelo gore sengwe le sengwe se a reng re se dire se re tswela mosola, ga o kitla o tsaya gore melao ya gagwe ke mokgweleo. (Pes. 119:97; Isa. 48:17, 18) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Nicholas a re: “O ka tsaya melao ya ga Jehofa e le ditshipi tsa kgolegelo tse di go thibelang go dira se o se batlang, kgotsa o ka e tsaya e le ditshipi tse di thibelang ditau gore di se ka tsa go tlhasela.”

A o tsaya melao ya ga Jehofa e le ditshipi tsa kgolegelo tse di go thibelang go dira se o se batlang, kgotsa e le ditshipi tse di thibelang ditau gore di se ka tsa go tlhasela? (Bona serapa 4)


5. (a) U no zwipa Jehova ne zila ya ka tini? (b) Ku zwipa Jehova ne ku dubikiwa ko leyana chini? (Bona itshwantsho.)

5 O ineela mo go Jehofa fa o rapela, o mo solofetsa gore o tla obamela ene fela le gore go dira thato ya gagwe e tla nna selo se se botlhokwa thata mo go wena. Tota re ka re, fa o ineela mo go Jehofa, o mo solofetsa gore o tla tswelela o mo rata “ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mar. 12:30) Fa o ineela mo go Jehofa, o bua le ene lo le babedi fela. Mme fa o kolobediwa, o bontsha batho ba bangwe gore o ineetse mo go Jehofa. Go ineela mo go Jehofa ga se maikano fela a a sa reng sepe, o tshwanetse go dira ka natla gore o a diragatse, e bile ke se Jehofa a lebeletseng gore o se dire.​—Mor. 5:4, 5.

O ineela mo go Jehofa fa o rapela, o mo solofetsa gore o tla obamela ene fela, le gore go dira thato ya gagwe e tla nna selo se se botlhokwa thata mo go wena (Bona serapa 5)


INI WA KA FANILA KU ZWIPA JEHOVA?

6. Ini chi no sundidzila nthu ku zwipa Jehova?

6 Lebaka la botlhokwa la go bo o ineela mo go Jehofa ke gore o a mo rata. Go nna le ‘kitso e e boammaaruri’ ka Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe go ile ga go thusa gore o mo rate le go feta. (Bakol. 1:9) Gape go ithuta Baebele go ile ga go tlhatswa pelo gore (1) Jehofa o teng, (2) ke ene a dirileng gore Baebele e kwale le gore (3) o dirisa phuthego ya gagwe go dira se a se ikaeletseng.

7. Ta ka fanila dwilila ti thamani ha ti sathu ti ka zwipa Ndzimu?

7 Batho ba ba ineelang mo go Jehofa ba tshwanetse go itse dithuto tsa motheo tse di mo Baebeleng e bile ba tshwanetse go ikobela melao ya gagwe. Ba bolelela batho ba bangwe dilo tse ba di ithutang mo Baebeleng. (Math. 28:19, 20) E re ka ba rata Jehofa, ba batla go obamela ene fela. Fa o rata Jehofa ka pelo yotlhe, ga o kitla o ineela mo go ene o bo o kolobediwa fela ka gonne o batla go itumedisa batsadi ba gago kgotsa motho yo o ithutang Baebele le ene. E bile ga o kitla o dira jalo ka gonne o etsa ditsala tsa gago.

8. Ku linga zwithu ne zila ya ka fanila ku na gobe lipi mu ku tola thambo ye ku zwipa Jehova? (Pisalema 116:12-14)

8 Go akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone go tla dira gore o mo leboge, mme seo se tla go rotloetsa gore o ineele mo go ene. (Bala Pesalema 116:12-14.) Baebele e a re “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa” go Jehofa. (Jak. 1:17) Mpho e e di gaisang tsotlhe e Jehofa a re neileng yone ke setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe. Mpho eno e di gaisa tsotlhe ka gonne e dira gore re kgone go atamalana le Jehofa, le gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri. (1 Joh. 4:9, 10, 19) O ka bontsha gore o lebogela mpho eno le dilo tse dingwe tse Jehofa a go direlang tsone ka go ineela mo go ene. (Dute. 16:17; 2 Bakor. 5:15) Ntlha eno e gatelelwa mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! mo thuto 46, ntlha 4 e e nang le bidio ya metsotso e le meraro ya setlhogo se se reng, Go Isetsa Modimo Dimpho.

A WA KA ZWIBAAKANYILA KU ZWIPA JEHOVA NE KU DUBIKIWA?

9. Ini nthu a sa ka fanila tshambilidzigwa ku zwipa Jehova?

9 O ka tswa o tsaya gore ga o ise o siamele go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Gongwe o sa ntse o tlhoka go dira diphetogo dingwe, kgotsa o tlhoka go nonotsha tumelo ya gago. (Bakol. 2:6, 7) Boammaaruri ke gore batho ba ba ithutang Baebele ga ba dire diphetogo ka nako e e tshwanang, e bile basha ba ka siamela go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa fa ba na le dingwaga tse di farologaneng. Ka jalo leka go bona gore o tlhoka go dira diphetogo dife o bo o di dira, mme gone o sa ipapise le ope.​—Bagal. 6:4, 5.

10. Ini cha wa ka fanila thama ha u bona kuti ha u thu u ka zwibaakanyila ku zwipa Jehova ne ku dubikiwa? (Bona box li noti “ Basha ba Batsadi ba Bone e Leng Basupi.”)

10 Fa o lemoga gore ga o ise o siamele go ineela mo go Jehofa, o se ka wa itlhoboga. Tswelela o kopa Jehofa gore a go thuse go dira diphetogo tse o tlhokang go di dira, mme o tla go thusa.​—Bafil. 2:13; 3:16; 1 Joh. 5:14.

LIBAKA GWE KUTI BANGWE BA SI TOLE THAMBO

11. Jehova U nowo ti batsha chini ku dwilila ti thembeka mu nli?

11 Bangwe ba ba setseng ba siametse go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, ba okaoka go dira jalo. Gongwe ba tshaba gore fa ba sena go kolobediwa ba tla dira boleo jo bo masisi ba bo ba kgaolwa. Fa e le gore o ikutlwa jalo, itse gore Jehofa o tla go thusa gore ‘o tshele ka tsela e e mo itumedisang.’ (Bakol. 1:10) Jehofa ga a latlhelele batho ba gagwe matsogo. O ba thusa gore ba tswelele ba ikanyega mo go ene. (1 Bakor. 10:13) Ke gone ka moo go kgaolwang batho ba le mmalwa fela mo phuthegong.

12. Ti nga thama chini kuti ti si wile mu chibi chikulukulu?

12 Rotlhe fela re a tle re raelesege go dira dilo tse di sa siamang. (Jak. 1:14) Batho bangwe ba re ga re kgone go laola tsela e re ikutlwang ka yone le dilo tse re di dirang. Mme gone, seo ke maaka a matala. Rotlhe fela re kgona go itirela tshwetso ya gore a re tla dira se se siameng kgotsa se se sa siamang fa re raelesega. Go na le dilo dingwe tse di ka go thusang gore o se ka wa dira boleo. Ka sekai, iphe nako ya go rapela le go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Nna teng kwa dipokanong ka metlha, e bile o bolelele ba bangwe se o se ithutileng. Go dira dilo tseno go tla go thusa gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa, mme o nne o gopotse gore Jehofa o tla go thusa.​—Bagal. 5:16.

13. Zila Josefa ya a ka zwibata nayo i nga ti batsha chini?

13 Go tla nna motlhofo gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa fa o itse se o tshwanetseng go se dira fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang. Go na le batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba kgona go dira jalo. Ka sekai, mosadi wa ga Potifaro o ne a nna a leka go raela Josefa gore a tlhakanele dikobo le ene. Mme gone, Josefa o ne a itse gore o tshwanetse go dira eng. Baebele e a re o ne a “gana” a bo a re: “Nka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Gen. 39:8-10) Go a bonala gore Josefa o ne a itse se a tshwanetseng go se dira, tota le pele mosadi wa ga Potifaro a leka go mo raela. Ke gone ka moo a ileng a kgona go dira se se siameng.

14. Ti nga lamba thama zwithu zwa ka bipa chini?

14 Ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa fela jaaka Josefa fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang? O tshwanetse go dira tshwetso gone jaanong ya gore o tla dira eng fa o ka iphitlhela o le mo maemong ao. Tsamaela kgakala le dilo tse Jehofa a di tlhoileng, e bile o se ka wa itetla le go akanya ka tsone. (Pes. 97:10; 119:165) Seno se tla go thusa gore o se ka wa ineela fa o raelesega ka gonne o tla bo o setse o itse se o tshwanetseng go se dira.

15. Nthu u nga lakidza chini kuti u no “shaka ne malebeswa” ku shingila Jehova? (Bahebera 11:6)

15 Gongwe o dumela gore dilo tse o di ithutang mo Baebeleng ke boammaaruri e bile o batla go direla Jehofa, mme o sa ntse o okaoka go ineela mo go ene le go kolobediwa. O ka thusiwa ke go dira se Kgosi Dafide a ileng a se dira. O ne a raya Jehofa a re: “Ntshekatsheke tlhe Modimo, mme o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, mme o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang. Bona gore a ga go na sepe se se kotsi mo go nna, mme o nkgogele mo tseleng ya bosakhutleng.” (Pes. 139:23, 24) E re ka o dira sotlhe se o ka se kgonang gore o siamele go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, o bontsha gore o batla “go dira thato ya gagwe ka tlhoafalo,” mme o tla go segofatsa.​—Bala Bahebera 11:6.

DWILILA KU BE PEJO NA JEHOVA

16-17. Jehova U no kwebela bathu ba no kudzigwa mu malebeswa ku nli chini? (Johani 6:44)

16 Jesu o ile a re Jehofa ke ene a gogelang batho kwa go ene. (Bala Johane 6:44.) Seno se raya gore Jehofa o ile a bona sengwe se sentle mo go wena a bo a go gogela kwa go ene. Baebele e a re mongwe le mongwe wa rona o ‘kgethegile’ kgotsa o “tlhwatlhwakgolo” mo go ene, mme go ntse fela jalo le ka wena.​—Dute. 7:6; ntlh.

17 Gongwe o mosha mme batsadi ba gago ke Basupi, ka jalo o ka tswa o tsaya gore Jehofa ga a go goga, go na le moo o mo direla ka gonne batsadi ba gago ba a mo direla. Mme gone, nna o gopotse gore Baebele e a re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jak. 4:8; 1 Ditir. 28:9) Fa o tsaya matsapa go atamela Jehofa, le ene o a go atamela. Jehofa o gogela mongwe le mongwe kwa go ene, go akaretsa le basha ba batsadi ba bone e leng Basupi. Go ntse fela jaaka Jakobe 4:8 e bua, fa motho a tsaya matsapa go atamalana le Jehofa, Jehofa o a mo atamela.​—Bapisa le 2 Bathesalonika 2:13.

18. Towo zwidiyani mu chidiyo chi no tobela? (Pisalema 40:8)

18 Fa o ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa, o etsa Jesu. O ne a iketleeleditse go dira sengwe le sengwe fela se Rraagwe a neng a mo kopa gore a se dire. (Bala Pesalema 40:8; Baheb. 10:7) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore ke eng se se tla go thusang gore o tswelele o direla Jehofa ka boikanyegi fa o sena go kolobediwa.

U NGA DABILA CHINI?

  • Ku zwipa Jehova ko dwani?

  • Ku linga zwithu ne zila ya ka fanila ku na gobe lipi mu ku zwipa Jehova?

  • U nga batshiwa neni kuti u si wile mu chibi chikulukulu?

LUMBO 38 O Tla go Nonotsha