Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 18

Apa u Nowo wa ne Ntata ya Jeso?

Apa u Nowo wa ne Ntata ya Jeso?

Wakakombolegwa iye usingakuthike nge kwangu.”—MAT. 11:6.

LUMBO 54 “Tsela ke E”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ini cha ka tongo ku chenamisa ha u tangisa ku lebeleka ne bangwe ne kwe Baibili?

A O SA ntse o gopola nako ya fa o ne o lemoga gore se o ithutang sone mo Baebeleng ke boammaaruri? O ne o tlhaloganya sengwe le sengwe se o neng o se ithuta. Mme o ne o akanya gore batho botlhe ba tla itumelela go ithuta dilo tse jaanong o neng o di dumela. E bile o ne o tlhomamisegile gore se o ithutang sone mo Baebeleng, se tla ba thusa gore ba itumelele botshelo gone jaanong le mo nakong e e tlang. (Pes. 119:105) Ka jalo, o ile wa bolelela ditsala tsa gago le ba masika se o se ithutileng. Mme go ile ga diragala eng? O ne wa gakgamala fa ba ne ba sa batle go reetsa se o neng o ba bolelela sone.

2-3. Bunji gwe bathu ba ka chila mu chibaka cha Jeso ba ka zwibata chini mu nli?

2 Ga re a tshwanela go gakgamala fa batho ba sa batle go reetsa molaetsa o re ba rerelang one. Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ne ba sa batle go mo reetsa le fa gone a ne a dira dikgakgamatso tse di neng di bontsha gore Modimo o mo eme nôkeng. Ka sekai, Jesu o ile a tsosa Lasaro, tota le batho ba ba neng ba mo ganetsa ba ne sa kgone go ganela gore o dirile kgakgamatso eo. Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba Bajuda ba ne ba sa dumele gore Jesu ke Mesia. E bile ba ne ba batla go bolaya Jesu le Lasaro.—Joh. 11:47, 48, 53; 12:9-11.

3 Jesu o ne a itse gore batho ba le bantsi ba ne ba se kitla ba dumela gore ke Mesia. (Joh. 5:39-44) O ile a raya barutwa ba ga Johane Mokolobetsi a re: “Go itumela yo o sa boneng sepe mo go nna se se dirang gore motho a kgotšwe.” (Math. 11:2, 3, 6) Goreng batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu?

4. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

4 Mo setlhogong seno le mo go se se latelang, re tla tlotla ka mabaka a go bo batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba sa batle go mo reetsa. Gape re tla bona gore ke eng fa batho ba le bantsi gompieno ba sa batle go reetsa molaetsa o re ba rerelang one. Sa botlhokwa le go feta, re tla ithuta gore ke eng se se ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona mo go Jesu gore re se ka ra tlogela go mo latela.

(1) ZILA JESO YA A KA KUDZIWA NAYO

Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne ba nyatsa lefelo le a goletseng kwa go lone. Seno se ka kgopisa ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 5) *

5. Ini bathu bangwe ba ka tola kuti Jeso ha a nga be Mesiya wa ka lebegwa mbeli?

5 Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne ba nyatsa lefelo le a goletseng kwa go lone. Ba ne ba lemoga gore Jesu o itse go ruta le gore o ne a dira dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ba ne ba re ke morwa mmetli yo o humanegileng. Mo godimo ga moo, o ne a tswa kwa Nasaretha, motse o ba neng ba o tsaya e le wa maemo a a kwa tlase. Tota le Nathanaele yo moragonyana a ileng a nna morutwa wa ga Jesu, o ile a botsa jaana: “A go ka tswa sengwe se se molemo mo Nasaretha?” (Joh. 1:46) Nathanaele a ka tswa a ne a nyatsa motse o Jesu a goletseng kwa go one. Kgotsa gongwe a ka tswa a ne a akantse ka boporofeti jo bo mo go Mika 5:2, jo bo neng bo boleletse pele gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema e seng kwa Nasaretha.

6. Ini chi nga be cha ka batsha bathu ba ka chila mu chibaka cha Jeso ku linga Jeso sa Mesiya?

6 Baebele e a reng? Moporofeti Isaia o ile a bolelela pele gore batho ba ba neng ba sa rate Jesu, ba ne ba se kitla ba itshwenya ka go batlisisa “dintlha tsotlhe tsa kokomana ya [ga Mesia].” (Isa. 53:8) Mme gone, bontsi jwa dintlha tseo bo ne bo setse bo boleletswe pele. Fa batho bao ba ka bo ba ile ba ipha nako ya go dira dipatlisiso, ba ka bo ba ile ba lemoga gore Jesu o tsholetswe kwa Bethelehema le gore o ne a tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Luke 2:4-7) Ka jalo, Jesu o ile a tsholelwa kwa lefelong le Mika 5:2 e boleletseng pele gore o ne a tla tsholelwa kwa go lone. Jaanong bothata e ne e le eng? Batho ba ne ba itlhaganelela go dira ditshwetso tse di phoso. Ba ne ba se na dintlha tsotlhe. Ka jalo, seo se ne sa dira gore ba se ka ba reetsa Jesu.

7. Ini bathu ba singa de bathu ba Jehova mu mazhuba a ngwenu?

7 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ga ba a huma e bile ga ba a tuma. Ka jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore ‘ga ba a rutega e bile ke batho fela.’ (Dit. 4:13) Batho bangwe ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go ruta batho Baebele ka gonne ga ba a tsena dikolo tsa bodumedi. Ba bangwe ba re bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ke jwa “Maamerika.” Mme boammaaruri ke gore, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ga ba nne kwa United States. Batho ba bangwe bone ba bolelelwa gore Basupi ga ba dumele mo go Jesu. Ga ba bolo go bidiwa “Makomonise kgotsa batho ba ba kgothaletsang gore go nne le tekatekano mo setšhabeng,” “ditlhola tsa Maamerika” kgotsa “batho ba ba feteletsang dilo.” Ka jalo, batho ba le bantsi ga ba batle go nna Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba utlwa dilo tseno tse di seng boammaaruri tse di buiwang ka bone.

8. Ku yenda na Mishingo 17:11, bathu ba ka fanila thamani ha be shaka ku ziba balanda be Ndzimu ngwenu?

8 Ke eng se se ka thusang batho gore ba itse boammaaruri ka batlhanka ba ga Jehofa? Batho ba tshwanetse go dira dipatlisiso gore ba itse gore ke eng se se boammaaruri. Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Luke o ile a tsaya matsapa a go dira jalo. O ile a batlisisa “dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.” O ne a batla gore batho ba ba neng ba bala lekwalo la gagwe, ba “itse ka botlalo go tlhomama ga dilo” tse ba neng ba di utlwile ka Jesu. (Luke 1:1-4) Bajuda ba kwa Berea wa bogologolo ba ne ba tshwana le Luke. Lekgetlo la ntlha fa ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo ka ga Jesu, ba ne ba bapisa se ba neng ba se utlwa le se se mo Dikwalong Tsa Sehebera, go tlhomamisa gore se ba neng ba se bolelelwa se boammaaruri. (Bala Ditiro 17:11.) Le gompieno batho ba tshwanetse go dira dipatlisiso. Ba tshwanetse go bapisa se ba se rutiwang ke batho ba Modimo le se Baebele e se buang. Gape ba tshwanetse go ithuta ka dilo tse batho ba ga Jehofa ba di dirileng mo motlheng wa rona. Fa ba dira dipatlisiso, ga ba kitla ba dumela magatwe a a buiwang ka batho ba ga Jehofa.

(2) JESO WA KA LAMBA THAMA ZWITHU ZWI NO NKUDZA

Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne a ne a gana go ba direla dikgakgamatso. Seno se ka kgopisa ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 9-10) *

9. Kwa ka shingikalani ha Jeso e lamba thama chilakidzilo chi no dwa kudzimu?

9 Batho ba bangwe ba ne ba sa kgotsofalele fela go utlwa Jesu a ruta. Ba ne ba batla gore a bontshe gore ke Mesia ka go dira “sesupo se se tswang legodimong.” (Math. 16:1) Gongwe ba ne ba batla gore a dire kgakgamatso ka ntlha ya se ba neng ba se badile mo go Daniele 7:13 le 14. Mme gone, eo e ne e ise e nne nako ya gore Jehofa a diragatse boporofeti joo. Se Jesu a neng a se ruta se ne se tshwanetse go ba tlhomamisetsa gore ke Mesia. Le fa go ntse jalo, fa a ne a gana go ba direla sesupo se ba neng ba se batla, ba ne ba sa batle go mo reetsa.—Math. 16:4.

10. Jeso wa ka shingikadza chini buporofiti gwa ka kwagwa na Izaya ne kwa Mesiya?

10 Baebele e a reng? Moporofeti Isaia o ile a kwala jaana ka Mesia: “Ga a kitla a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe, e bile ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng.” (Isa. 42:1, 2) Fa Jesu a ne a ruta batho, o ne a sa itlotlomatse. Ga a ka a aga ditempele tse dikgolo, a apara diaparo tse di kgethegileng tsa bodumedi kgotsa a batla gore batho ba mmitse ka maina mangwe a bodumedi a a tlotlomatsang motho. Fa Jesu a ne a sekisiwa e bile botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing, ga a ka a dira kgakgamatso gore a kgatlhe Kgosi Herode. (Luke 23:8-11) Gone Jesu o ne a dira dikgakgamatso, mme selo se a neng a se tsaya se le botlhokwa thata e ne e le go rera dikgang tse di molemo. O ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tletse jone boikaelelo jono.”—Mar. 1:38.

11. Bangwe ba na mikumbulo ipi i sa ka lulwama mu mazhuba a ngwenu?

11 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Batho ba le bantsi ba kgatlhiwa ke dikago tse dikgolo tsa bodumedi tse di nang le mekgabisa e e magasigasi le baeteledipele ba bodumedi ba ba bidiwang ka maina a a ba tlotlomatsang. Gape ba kgatlhiwa ke meletlo e batho ba le bantsi ba lebetseng gore e tswa mo boheitaneng kgotsa gore e kaya eng. Mme gone, batho ba ba yang kwa dikokoanong tseo tsa bodumedi ga ba rutiwe go le kalo ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe. Mme ba ba yang kwa dipokanong tsa rona, ba rutiwa se Jehofa a batlang gore re se dire. Diholo tsa rona tsa Bogosi di phepa mme gone, ga di na mekgabisa e e magasigasi. Ba ba eteletseng pele ga ba apare diaparo tse di kgethegileng e bile ga ba bidiwe ka maina a a ba tlotlomatsang. Se re se rutang le se re se dumelang se tswa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ga ba batle go reetsa molaetsa wa rona ka gonne ga re keteke meletlo e batho ba le bantsi ba e ratang e bile dilo tse re di rutang ga se tse ba batlang go di utlwa.

12. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Bahebera 11:1, 6, ku galamoyo kwedu kwa ka fanila bigwa mu ni?

12 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? Moaposetoloi Paulo o ile a raya Bakeresete ba kwa Roma a re: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng. Selo se se utlwilweng le sone se nna gone ka lefoko le le kaga Keresete.” (Bar. 10:17) Re nonotsha tumelo ya rona ka go ithuta Baebele e seng ka go keteka meletlo ya bodumedi e Baebele e reng e phoso, le fa meletlo eo e ka tswa e lebega e kgatlha. Re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka kitso e e boammaaruri ka gonne “kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” (Bala Bahebera 11:1, 6.) Ka jalo, ga re tlhoke go bona sesupo se se kgatlhang se se tswang kwa legodimong gore re tlhomamisege gore re mo boammaaruring. Re tlhoka go ithuta Baebele ka kelotlhoko gore re itlhatswe pelo gore re mo boammaaruring le go tlosa dipelaelo dipe fela tse re ka nnang le tsone.

(3) JESO WA KA LAMBA MILENJE MINJINJI YE BAJUTA

Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne a ne a sa dire meetlo ya Bajuda. Seno se ka kgopisa ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 13) *

13. Ini cha ka thama kuti bathu ba njinji ba lambe Jeso?

13 Mo motlheng wa ga Jesu, barutwa ba ga Johane Mokolobetsi ba ne ba gakgametse fa ba bona barutwa ba ga Jesu ba sa itime dijo. Jesu o ne a tlhalosa gore barutwa ba gagwe ba ne ba sa tlhoke go itima dijo fa a sa ntse a tshela. (Math. 9:14-17) Bafarasai le batho ba bangwe ba ba neng ba ganetsa Jesu, ba ne ba mo kgala ka gonne a sa dire meetlo ya Bajuda. Ba ile ba galefa fa ba mmona a fodisa batho ka Sabata. (Mar. 3:1-6; Joh. 9:16) Ba ne ba ikgogomosa ba re ba ikobela molao wa Sabata; mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba dira kgwebo kwa tempeleng. Ba ne ba galefa fa Jesu a ba kgalemelela se ba neng ba se dira. (Math. 21:12, 13, 15) Batho ba Jesu a neng a ba rerela kwa sinagogeng ya Nasaretha, le bone ba ile ba galefa fa a ne a dirisa sekai sa dilo tse di neng di direga kwa Iseraele go ba bontsha gore ba ne ba ikakanyetsa ba le bosi le gore ba ne ba se na tumelo. (Luke 4:16, 25-30) Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne o ne a sa dire dilo tse ba neng ba lebeletse gore o tla di dira.—Math. 11:16-19.

14. Ini Jeso a ka lamba milenje ye bathu ya ka be i singa dumane ne Hwalo?

14 Baebele e a reng? Jehofa o ile a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Batho bano ba atametse ka molomo wa bone, mme ba nkgalaleditse ka dipounama tsa bone fela, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna, mme poifo ya bone mo go nna e nna taelo e e rutiwang ya batho.” (Isa. 29:13) Go ne go tshwanela gore Jesu a kgale meetlo e e neng e sa dumalane le se Baebele e se rutang. Batho ba ba neng ba akanya gore melao le meetlo ya batho e botlhokwa thata go feta se Baebele e se rutang, ba ne ba sa reetse Jehofa le yo a neng a mo romile e bong Mesia.

15. Ini chi no thama kuti bunji gwe bathu ngwenu ba si de Bafakazi ba Jehova?

15 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Batho ba le bantsi ba utlwa botlhoko fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke le bone meletlo e e sa dumalaneng le Baebele, e e jaaka malatsi a botsalo le Keresemose. Ba bangwe ba a galefa fa Basupi ba sa keteke meletlo ya setšhaba kgotsa ba sa dire meetlo ya diphitlho e Baebele e reng e phoso. Batho ba ba kgopisiwang ke go bo re sa dire dilo tseno, ba ka tswa ba akanya gore ba obamela Modimo ka tsela e a e batlang. Mme gone, ga ba ka ke ba kgona go itumedisa Modimo fa e le gore ba tsaya meetlo ya batho e le botlhokwa go gaisa se Baebele e se rutang.—Mar. 7:7-9.

16. Ku yenda na Pisalema 119:97, 113, 163-165, ini cha ta ka fanila thama ne cha ti sa ka fanila thama?

16 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? Re tshwanetse go rata melao le melaometheo ya ga Jehofa ka pelo yotlhe. (Bala Pesalema 119:97, 113, 163-165.) Fa re rata Jehofa ga re kitla re dira meetlo e e sa mo itumediseng. Ga re kitla re tsaya sepe se le botlhokwa go feta tsela e re ratang Jehofa ka yone.

(4) JESO HA A ZO PEDZISA MATHATHA E CHIPOLOTIKI CHINYOLOCHO

Batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka gonne a ne a sa nne le seabe mo dipolotiking. Seno se ka kgopisa ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 17) *

17. Bathu ba ka be ba ka lingililani cha ka thama kuti ba we mu chibaka cha Jeso?

17 Batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba batla gore maemo a dipolotiki a fetoge ka yone nako eo. Ba ne ba batla gore Mesia a ba golole mo pusong ya Roma e e neng e ba gatelela. Mme fa ba ne ba leka go tlhoma Jesu gore a nne kgosi ya bone, o ile a gana. (Joh. 6:14, 15) Baperesiti le batho ba bangwe ba ne ba tshogile ba akanya gore Jesu o ne a tlile go leka go fetola puso. Seo se ne se tla dira gore Baroma ba galefe ba bo ba tseela baperesiti maemo a bone. E re ka Bajuda ba le bantsi ba ne ba tshwenyegile ka maemo a dipolotiki, ba ne ba gana go amogela Jesu.

18. I buporofiti gupi gwe Baibili ne kwa Mesiya gwa ka bigigwa ntome ne bathu banjinji?

18 Baebele e a reng? Le fa go na le boporofeti bo le bontsi jo bo bontshang gore Mesia e ne e tla nna Motlhabani yo o fenyang, go na le boporofeti jo bongwe jo bo bontshang gore o ne a tshwanetse go swela maleo a rona pele. (Isa. 53:9, 12) Jaanong, goreng batho ba le bantsi ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso ka Mesia? Batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba itlhokomolosa boporofeti bope fela jo bo neng bo sa solofetse go fedisa mathata a bone ka yone nako eo.—Joh. 6:26, 27.

19. Bathu ba ka lingililani chi no thama kuti ba we ngwenu?

19 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Gompieno batho ba le bantsi ga ba re rate ka gonne ga re nne le seabe mo dipolotiking. Ba lebeletse gore re ye ditlhophong. Mme gone, re a itse gore fa re tlhopha go busiwa ke motho, re tla bo re gana Jehofa. (1 Sam. 8:4-7) Gape bangwe ba ka nna ba akanya gore re tshwanetse go aga dipetlele le go dira dilo dingwe tse di ka thusang batho mo lefelong le re nnang mo go lone. Ga ba batle go reetsa molaetsa wa rona ka gonne re tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera e seng mo go rarabololeng mathata a lefatshe.

20. Se kwa kwa ka lakidziwa na Jeso mu matama a mu na Matewu 7:21-23, ini cha ta ka fanila lingisa nkumbulo wedu mu chili kwazo?

20 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? (Bala Mathaio 7:21-23.) Selo sa botlhokwa thata mo go rona e tshwanetse go nna go dira tiro e Jesu a laetseng gore re e dire. (Math. 28:19, 20) Ga re a tshwanela go tshwarega ka go rarabolola mathata a lefatshe leno. Re rata batho e bile re amega ka mathata a bone. Mme gone, re a itse gore tsela e e molemo e re ka ba thusang ka yone, ke go ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo le go ba thusa gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa.

21. Mazwimisilo edu ya ka fanila ku be ni?

21 Mo setlhogong seno, re tlotlile ka mabaka a le manê a a dirileng gore batho ba motlha wa ga Jesu ba se ka mo reetsa le a a dirang gore batho ba se ka ba reetsa balatedi ba ga Jesu gompieno. A dilo tseno ke tsone fela tse di ka koafatsang tumelo ya rona mo go Jesu? Nnyaa. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dilo tse dingwe tse nnê tse di ka re kgoreletsang go latela Jesu. E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra letla sepe se re kgoreletsa go latela Jesu le go tswelela re nonotsha tumelo ya rona!

LUMBO 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri

^ ndi. 5 Le fa Jesu e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba mo motlheng wa gagwe ba ne ba sa batle go mo reetsa. Goreng? Mo setlhogong seno re tla tlotla ka mabaka a le manê a go bo ba ne ba sa batle go mo reetsa. Gape re tla bona gore ke eng fa batho ba le bantsi gompieno ba sa batle go reetsa balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri le go amogela tsela e ba tshelang ka yone. Sa botlhokwa le go feta, re tla ithuta gore ke eng se se ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona mo go Jesu gore re se ka ra tlogela go mo latela.

^ ndi. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Filipo o kgothaletsa Nathanaele gore a ye go kopana le Jesu.

^ ndi. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o rera dikgang tse di molemo.

^ ndi. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o fodisa monna yo o golafetseng seatla batho ba ba mo ganetsang ba lebile.

^ ndi. 66 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ya kwa thabeng a le nosi.