Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 19

Ha Kuna chi Nga Liga Balulwami

Ha Kuna chi Nga Liga Balulwami

“Banoda nlayo wenyu bana kunyalala kukulu, a kuna tjinobakutha.”—PIS. 119:165.

LUMBO 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Ini cha ka tongo legwa ne nkwali ngwe, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

GOMPIENO batho ba le bantsi ba re ba dumela mo go Jesu. Mme gone, ga ba dire dilo tse a neng a di ruta. (2 Tim. 4:3, 4) Tota e bile, mokwadi mongwe o ile a re: “Fa go ne go ka nna le monna yo o tshwanang le Jesu gompieno, a bua dilo ka tsela e Jesu a neng a di bua ka yone . . . , a re ne re tla gana go mo reetsa fela jaaka batho ba ne ba sa batle go reetsa Jesu dingwaga di le 2 000 tse di fetileng? . . . Boammaaruri ke gore: Re ne re ka se mo reetse.”

2 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba ne ba mo utlwa a ruta e bile ba mmona a dira dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ba ile ba gana go dumela mo go ene. Goreng? Mo setlhogong se se fetileng, re tlotlile ka mabaka a le manê a a dirileng gore batho ba kgopisiwe ke se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira. A jaanong re sekasekeng mabaka a mangwe a le manê. Mme re tla bona gore ke eng fa batho ba sa batle go reetsa molaetsa wa balatedi ba ga Jesu gompieno le gore re ka dira eng gore re se ka ra letla sepe se dira gore re tlogele go direla Jehofa.

(1) JESO WA KA BE A SINA KWA A KA LELEKELA

Batho ba le bantsi ba ile ba kgopisiwa ke go bona Jesu a fetsa nako le batho ba ba rileng. Seno se ka kgopisa batho ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 3) *

3. Jeso wa ka thamani cha ka thama kuti bangwe ba we?

3 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fetsa nako le batho ba mefuta yotlhe. O ne a ja le batho ba ba humileng le ba ba nang le taolo, e bile o ne a fetsa nako le batho ba ba humanegileng le ba ba gateletsweng. Mo godimo ga moo, o ne a utlwela batho ba ba neng ba bidiwa baleofi botlhoko. Batho bangwe ba ba boikgogomoso ba ne ba sa batle go reetsa Jesu ka ntlha ya se a neng a se dira. Ba ile ba botsa barutwa ba gagwe ba re: “Ke ka ntlha yang lo ja e bile lo nwa le bakgethisi le baleofi?” Mme Jesu o ne a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka. Ke tlile go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.”—Luke 5:29-32.

4. Ku yenda na mporofiti Izaya, Bajuta ba ka be ba ka fanila lingililani ne kwa Mesiya?

4 Baebele e a reng? Pele Mesia a tla mo lefatsheng, moporofeti Isaia o ne a sa bolo go bolelela pele gore batho ba ne ba se kitla ba mo amogela. Boporofeti joo bo ne bo re: “O ne a nyadiwa e bile a tilwa ke batho . . . Mme go ne ga nna jaaka e kete re subetswe sefatlhego sa motho. O ne a nyadiwa, mme re ne ra mo tsaya jaaka yo e seng wa sepe.” (Isa. 53:3) Boporofeti jono jwa re Mesia o ne a tla tilwa kgotsa a ganwa “ke batho,” ka jalo Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba tshwanetse go lebelela gore batho ba se ka ba reetsa Jesu.

5. Banjinji ba no linga badiyiwa ba Jeso chini ngwenu?

5 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba a itumela fa batho ba ba humileng le ba ba tsewang ba le botlhokwa mo lefatsheng, ba ya kwa dikerekeng tsa bone. Ba letlelela batho bao gore e nne maloko a dikereke tsa bone le fa ba dira dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Mme gone, baeteledipele bao ba bodumedi ba nyatsa batho ba ga Jehofa ba ba itshwereng sentle, ka gonne batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ba tsaya e se batho ba botlhokwa. Fela jaaka Paulo a buile, Modimo o tlhophile ba ba “lebelwang kwa tlase.” (1 Bakor. 1:26-29) Le fa go ntse jalo, Jehofa o tsaya batlhanka ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang ba le botlhokwa.

6. Ti nga yedza mazwibato a Jeso chini, se kwa ku lakidziwa mu na Matewu 11:25, 26?

6 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? (Bala Mathaio 11:25, 26.) O se ka wa leba batho ba Modimo ka tsela e batho ba ba lebang ka yone. Gopola gore Jehofa o dirisa fela batho ba ba boikokobetso go dira thato ya gagwe. (Pes. 138:6) Gape akanya ka dilo tse dintsi tse Jehofa a kgonang go di fitlhelela a dirisa batho ba ba tsewang ba se botlhale.

(2) JESO WA KA DUSILA MIKUMBULO I SA KA LULWAMA PA CHENA

7. Ini Jeso a ka be e ti Bafarasayi i bachengedzi, ngono ba ka zwibata chini?

7 Jesu o ile a kgala baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka gonne ba ne ba sa rute batho go obamela Jehofa ka tsela e e siameng. Ka sekai, o ile a senola gore Bafarasai ke baitimokanyi ka gonne ba ne ba tshwenyegile ka tsela e ba tshwanetseng go tlhapa diatla ka yone go na le go tlhokomela batsadi ba bone. (Math. 15:1-11) Barutwa ba ga Jesu ba ka tswa ba ile ba gakgamadiwa ke se Jesu a ileng a se bua. Ka jalo, ba ile ba mo raya ba re: “A o a itse gore Bafarasai ba ne ba kgotšwa fa ba utlwa se o neng o se bua?” Mme Jesu o ile a ba raya a re: “Semela sengwe le sengwe se Rre wa selegodimo a sa se jalang se tla kumolwa. A ba kgopisege. Ke bagogi ba ba foufetseng. Jaanong, fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.” (Math. 15:12-14) Le fa gone baeteledipele ba bodumedi ba ile ba galefela Jesu ka ntlha ya se a neng a se bua, ga a ka a tlogela go ba bolelela nnete.

8. Jeso wa ka lakidza chini kuti ha te zwithu zose zwi no dumigwa ne budumili zwi no amuchigwa ne Ndzimu?

8 Jesu o ile a senola gore dithuto dingwe tsa bodumedi ke tsa maaka. Ga a a ka a re Modimo o amogela dithuto tsotlhe tse madumedi a di rutang. Go na le moo, o ile a tlhalosa gore ba le bantsi ba ne ba tla tsamaya mo tseleng e e atlhameng e e isang tshenyegong, mme ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba tla tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong. (Math. 7:13, 14) Jesu o ile a re batho bangwe ba tla ipolela gore ba direla Modimo, mme gone ba sa mo direle. O ile a re: “Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.”—Math. 7:15-20.

Batho ba le bantsi ba ile ba kgopisiwa ke gore Jesu o ne a kgala dithuto tsa maaka le dilo tse ba neng ba di dira. Seno se ka kgopisa batho ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 9) *

9. I zwidiyo zwipi zwe manyekhwa zwa ka dusigwa pa chena na Jeso?

9 Baebele e a reng? Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla jewa ke tlhoafalo ya ntlo ya ga Jehofa. (Pes. 69:9; Joh. 2:14-17) Tlhoafalo eo e ne ya dira gore Jesu a senole dithuto tsa maaka le dilo tse di sa siamang tse madumedi a neng a di dira. Ka sekai, Bafarasai ba ne ba re moya ga o swe, mme Jesu ene o ne a ruta gore baswi ba robetse. (Joh. 11:11) Basadukae ba ne ba sa dumele gore baswi ba tlile go tsosiwa, mme Jesu ene o ne a tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro. (Joh. 11:43, 44; Dit. 23:8) Bafarasai ba ne ba ruta gore maatla mangwe a a sa bonaleng kgotsa Modimo, ke ene a dirang tshwetso ya gore batho ba tla diragalelwa ke eng mo botshelong kgotsa gore ba tla dira eng. Mme Jesu ene o ne a ruta gore batho ba kgona go itlhophela gore a ba tla direla Modimo kgotsa ga ba kitla ba mo direla.—Math. 11:28.

10. Ini bathu banjinji ba singa de zwidiyo zwedu?

10 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Batho ba le bantsi ga ba amogele molaetsa wa rona ka gonne re dirisa Baebele go bontsha batho gore dithuto dingwe tsa bodumedi di phoso. Baruti ba ruta maloko a dikereke tsa bone gore Modimo o otlhaya batho ba ba bosula kwa diheleng. Ba dirisa thuto eo gore ba kgone go laola batho. Rona batho ba ba obamelang Modimo yo o lorato e bong Jehofa, re thusa batho ba bangwe go tlhaloganya gore thuto eo ke maaka. Gape baruti ba ruta batho gore moya ga o swe. Fa thuto eno e ka bo e le boammaaruri, seo se ne se tla raya gore ga go tlhokege gore baswi ba tsosiwe. Ka jalo, re bontsha batho gore seo ga se se Baebele e se rutang. Fa madumedi a le mantsi a ruta gore Modimo kgotsa maatla mangwe a a sa bonaleng, ga a bolo go bonela pele dilo tse re tla di dirang mo botshelong, rona re ruta batho gore motho a ka kgona go itlhophela gore a o tla direla Modimo kgotsa nnyaa. Ke eng se baeteledipele ba bodumedi ba se dirang fa re senola gore dilo tse ba di rutang ke maaka? Gantsi ba a galefa!

11. Ku yenda ne matama a Jeso a mu na Johani 8:45-47, Ndzimu u no shaka kuti bathu babe ba thameni?

11 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? Fa e le gore re rata boammaaruri, re tshwanetse go dumela le go ikobela se Modimo a se buang. (Bala Johane 8:45-47.) Go farologana le Satane Diabolo, rona ga re kitla re tlogela boammaaruri. Ga re dire dilo tse di sa dumalaneng le se re se dumelang. (Joh. 8:44) Modimo o batla gore batho ba gagwe ba ‘tlhoe se se boikepo’ mme ba ‘ngaparele se se molemo,’ fela jaaka Jesu a ne a dira.—Bar. 12:9; Baheb. 1:9.

(3) JESO WA KA DZIYIDZIWA

Batho ba le bantsi ba ile ba kgopisiwa ke go bo Jesu a ile a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso. Seno se ka kgopisa batho ba bangwe jang gompieno? (Bona serapa 12) *

12. Ini zila Jeso ya a ka fa nayo ya ka liga Bajuta banjinji?

12 Ke eng gape se se neng sa dira gore Bajuda ba se ka ba dumela mo go Jesu? Paulo o ile a re: “Re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng ke selo se se kgopang.” (1 Bakor. 1:23) Goreng Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa batle go dumela mo go Jesu ka gonne a ile a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso? E re ka Jesu a ile a bolaelwa mo koteng, go ne go lebega e kete ke sekebekwa le moleofi mme seo se ile sa dira gore Bajuda ba se ka ba dumela gore ke Mesia.—Dute. 21:22, 23.

13. Ibabo ba ka wa mu lufu gwa Jeso ba ka kongwa ku yela njele ini?

13 Bajuda ba ba neng ba sa batle go dumela mo go Jesu ba ne ba sa lemoge gore Jesu ga a na molato, o latofadiwa ka dilo tse a sa di dirang e bile o ne a sa tshwarwa sentle. Batho ba ba neng ba atlhola Jesu ba ne ba sa kgathalele tshiamiso. Baatlhodi ba kgotlatshekelokgolo ya Bajuda ba ile ba kopana ka bonako gore ba tle go atlhola Jesu mme ga ba a ka ba latela melao e e malebana le go sekisa motho. (Luke 22:54; Joh. 18:24) Baatlhodi bao ga ba a ka ba atlhola ka tshiamo fa ba sena go utlwa ditatofatso le bosupi jo bo kgatlhanong le Jesu. Gape ba ile ba leka go batla “bosupi jwa maaka ka Jesu gore ba mmolaye.” Fa ba ne ba sa bone bosupi bope, moperesiti yo mogolo o ne a leka go dira gore Jesu a bue sengwe se se neng se tla dira gore a bonwe molato. Se ba neng ba se dira se ne se le kgatlhanong le molao. (Math. 26:59; Mar. 14:55-64) Morago ga gore Jesu a tsosiwe mo baswing, baatlhodi bao ba ba sa siamang ba ile ba duela masole a Roma a a neng a tlhokometse lebitla la gagwe “dipapetlana tsa selefera tsa palo e e lekaneng,” gore a anamise maaka a gore ke eng fa mmele wa ga Jesu o seyo mo lebitleng.—Math. 28:11-15.

14. Hwalo dza ka lebelani mbeli ne kwe lufu gwa Mesiya?

14 Baebele e a reng? Le fa gone Bajuda ba le bantsi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa lebelela gore Mesia o ne a tla swa, ela tlhoko gore Baebele e ne ya porofeta eng ka ene. E ne ya re: “O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong, a balelwa le batlodi; a tshola boleo jwa batho ba le bantsi, mme a tsereganyetsa batlodi.” (Isa. 53:12) Ka jalo, le fa gone Jesu a ile a latofadiwa ka gore o dirile sengwe se se sa siamang a bo a bolawa, leo e ne e se lebaka le le utlwalang la gore Bajuda ba se ka ba dumela mo go ene.

15. Wu bigwa nlandu kupi kwe Bafakazi ba Jehova kwa ka thama kuti bangwe ba we?

15 A go ntse jalo le gompieno? Ee! Jesu o ile a latofadiwa ka maaka a bo a bonwa molato, le gompieno Basupi ba ga Jehofa ba diragalelwa ke se se tshwanang. Akanya ka dikai tseno. Ka bo1930 le ka bo1940, Basupi ba ga Jehofa ba kwa United States ba ne ba isiwa kwa dikgotlatshekelong ka makgetlo a le mantsi ka gonne ba ne ba thibelwa go obamela Modimo ka kgololesego. Go ne go bonala sentle gore baatlhodi bangwe ba ne ba le kgatlhanong le Basupi. Kwa Quebec kwa Canada, baeteledipele ba bodumedi le babusi ba ne ba dirisana mmogo gore ba thibele tiro ya rona. Baboledi ba le bantsi ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba bua le baagelani ba bone ka Bogosi Jwa Modimo. Kwa Jeremane, puso ya Banasi e ne ya bolaya bakaulengwe ba le bantsi ba basha. Mme mo dingwageng tse di sa tswang go feta, bakaulengwe ba kwa Russia ba ile ba bonwa molato ba bo ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba bua le batho ka molaetsa wa Baebele, e leng tiro e balaodi ba reng ke “go feteletsa dilo.” Tota le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya Se-Russia, e ile ya thibelwa ya bo ya tsewa e le buka e e nang le “tshedimosetso e e feteletsang dilo” ka gonne e dirisa leina la Modimo e bong Jehofa.

16. Se kwa ku lakidziwa mu na 1 Johani 4:1, ini ti sa ka fanila dzimidziwa ne ndebo dze manyepkhwa ne kwe bathu ba Jehova?

16 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? Batlisisa dintlha tsotlhe. Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ile a bolelela bareetsi ba gagwe gore batho ba tla bua ka bone “selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo . . . , e bile ba aka.” (Math. 5:11) Maaka ano a tswa kwa go Satane. O tlhotlheletsa batho ba ba leng kgatlhanong le rona gore ba anamise maaka a matala ka rona. (Tshen. 12:9, 10) Re tshwanetse go gana go reetsa maaka a a buiwang ke batho bao, e bile ga re a tshwanela go letla maaka ao a dira gore re boife go direla Modimo kgotsa a koafatse tumelo ya rona mo go ene.—Bala 1 Johane 4:1.

(4) JESO WA KA TENGESIWA NE KU LASHIWA

Batho ba le bantsi ba ile ba kgopisiwa ke go bo Judase a ile a rekisa Jesu. Seno se ka kgopisa batho ba bangwe jang gompieno? (Bona dirapa 17-18) *

17. Zwithu zwa ka shingikala mbeli kwe lufu gwa Jeso zwi nga be zwa ka liga bangwe ne zila ya ka tini?

17 Pele ga Jesu a bolawa, mongwe wa baaposetoloi ba gagwe o ile a mo rekisa. Moaposetoloi yo mongwe o ile a mo itatola makgetlo a le mararo. Mme baaposetoloi ba bangwe botlhe ba ile ba mo tlogela ba tshaba mo maitseboeng a pele ga a bolawa. (Math. 26:14-16, 47, 56, 75) Jesu ga a ka a gakgamala. O ne a boleletse pele gore seo se ne se tla direga. (Joh. 6:64; 13:21, 26, 38; 16:32) Fa dilo tseno di direga, bangwe ba ne ba ka dira tshwetso ya gore ga ba kitla ba nna barutwa ba gagwe. Ba ne ba ka nna ba re, ‘Fa e le gore eno ke tsela e baaposetoloi ba ga Jesu ba dirang dilo ka yone, nna ga ke batle go nna mongwe wa bone!’

18. I buporofiti gupi gwa ka shingikadziwa ne kwe lufu gwa Jeso?

18 Baebele e a reng? Dingwaga di le dintsi pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, Jehofa o ile a bolelela pele gore Mesia o ne a tla rekisiwa ka dipapetla tsa selefera di le 30. (Seka. 11:12, 13) Motho yo o neng a tla rekisa Jesu e ne e tla nna mongwe wa ditsala tsa gagwe. (Pes. 41:9) Moporofeti Sekarea le ene o ile a re: “Itaya modisa, mme tsa letsomane di falale.” (Seka. 13:7) Mme gone, ditiragalo tseno di ne di se kitla di thibela batho ba ba ratang Jehofa gore ba dumele mo go Jesu. Go na le moo, tumelo ya bone e ne e tla nonofa fa ba bona boporofeti jono jo bo ka ga Jesu bo diragadiwa.

19. Ba na meya dza ka naka ba no yelani njele?

19 A go ntse jalo le gompieno? Ee. Mo motlheng wa rona, Basupi bangwe ba ba itsegeng ba ile ba tlogela go direla Jehofa, ba nna batlhanogi ba bo ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba tlogele go direla Jehofa. Ba ne ba anamisa tshedimosetso e e seng boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa mo makwalodikgannyeng, mo diradiong, mo dithelebisheneng le mo Internet. Mme batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa bone ga ba itetle go tsiediwa ke tshedimosetso eno. Go na le moo, ba a itse gore Baebele e ile ya bolelela pele gore dilo tseno di tlile go direga.—Math. 24:24; 2 Pet. 2:18-22.

20. Ti nga thamani kuti ti si ligwe ne ba ka lecha malebeswa? (2 Timoti 4:4, 5)

20 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke tumelo? Re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka go ithuta ka metlha, go rapela re sa kgaotse le go dira ka natla mo tirong e Jehofa a re neileng yone. (Bala 2 Timotheo 4:4, 5.) Fa re na le tumelo, ga re kitla re tshoga fa re utlwa tshedimosetso e e seng boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 28:16) Go rata Jehofa, Lefoko la gagwe le bakaulengwe, go tla re thusa gore re se ka ra tsiediwa ke batho ba ba tlogetseng go direla Jehofa.

21. Nenguba bunji gwe bathu gu lamba zibiso yedu ngwenu, ti nga galagwe ne kweni?

21 Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go mo reetsa. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba le bantsi ba ile ba mo reetsa. Bangwe ba batho bao ke “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti” le leloko la Sanehederine ya Bajuda. (Dit. 6:7; Math. 27:57-60; Mar. 15:43) Le gompieno batho ba le bantsi ba dirile tshwetso ya go nna balatedi ba ga Jesu. Goreng? Ka gonne ba itse boammaaruri jo bo mo Baebeleng e bile ba a bo rata. Lefoko la Modimo le a re: “Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e ntsi, mme ga ba na sekgopi.”—Pes. 119:165.

LUMBO 124 Re Ikanyege ka Metlha

^ ndi. 5 Mo setlhogong se se fetileng, re tlotlile ka mabaka a le manê a a dirileng gore batho ba motlha wa ga Jesu ba se ka mo reetsa le a a dirang gore batho ba se ka ba reetsa balatedi ba gagwe gompieno. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka mabaka a mangwe a le manê. Gape re tla bona gore goreng batho ba ba ratang Jehofa ba se kitla ba letla sepe se dira gore ba tlogele go mo direla.

^ ndi. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ja le Mathaio le bakgethisi.

^ ndi. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o koba batho ba ba rekisang mo tempeleng.

^ ndi. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o pegwa kota ya tlhokofatso mo mokwatleng.

^ ndi. 66 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Judase o tshwarisa Jesu ka go mo atla.