Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 23

Bazwadzi—Batshani Bana Benyu ku da Jehova

Bazwadzi—Batshani Bana Benyu ku da Jehova

“Ida She Ndzimu uwo nge moyo uwo wose nenge meya iyo yose nenge nkumbulo uwo wose.”—MAT. 22:37.

LUMBO 134 Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Chenesa se kwa milayontewo ye Baibili i nga hwika butuka mu tili ha mamo e buchilo gwedu e shanduka.

 GANTSI ka letsatsi la lenyalo, batho ba ba nyalanang ba reetsa puo e e theilweng mo Baebeleng e e buang ka lenyalo. E a bo e se lekgetlo la ntlha ba utlwa melaometheo e go tlotliwang ka tsone mo puong eo. Mme go tloga ka letsatsi leo, melaometheo eo e simolola go nna botlhokwa thata mo go bone. Goreng? Ka gonne ba tlile go e dirisa jaanong e le banyalani.

2 Go direga se se tshwanang fa banyalani ba Bakeresete e nna batsadi. Ba ka tswa ba ile ba utlwa dipuo tse dintsi tse di buang ka go godisa bana fa dingwaga di ntse di tsamaya. Le fa go ntse jalo, gone jaanong kgakololo e ba e newang mo dipuong tseo e nna botlhokwa fela thata mo go bone ka gonne ba tlile go nna le ngwana yo ba tshwanelwang ke go mo godisa. Ruri ao ke maikarabelo a a seng kana ka sepe! Ka jalo, fa maemo a fetoga mo botshelong jwa rona, melaometheo ya Baebele e re e itseng sentle e nna botlhokwa thata mo go rona. Ke sone se batho ba ba obamelang Jehofa, ba balang Baebele e bile ba akanyetsang kwa teng ka yone “malatsi otlhe” a botshelo jwa bone, fela jaaka dikgosi tsa kwa Iseraele di ne di laetswe gore di dire jalo.—Dute. 17:19.

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 Lona batsadi ba Bakeresete, lo na le maikarabelo a a seng kana ka sepe a go ruta bana ba lona ka Jehofa. Boammaaruri ke gore ga lo batle go bolelela bana ba lona ka Modimo fela, go na le moo lo batla le go ba thusa gore ba mo rate thata. O ka dira eng gore o thuse bana ba gago gore ba rate Jehofa? Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e le menê e e tla lo thusang. (2 Tim. 3:16) Gape re tlile go bona gore batsadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba solegelwa molemo jang ke go dirisa kgakololo eo ya Baebele.

MILAYONTEWO ILI 4 I NGA BATSHA BAZWADZI

Fa ka metlha o batla kaelo ya ga Jehofa e bile o tlhomela bana ba gago sekao se se molemo, seo se tla ba ama jang? (Bona serapa 4, 8)

4. I nlayontewo upi u nga batsha bazwadzi ku thama kuti bana babo ba de Jehova ku dwa mu moyo? (Jakubo 1:5)

4 Molaomotheo 1: Batla kaelo mo go Jehofa. Kopa Jehofa gore a go neye botlhale jwa go thusa bana ba gago gore ba mo rate. (Bala Jakobe 1:5.) A ka kgona go go naya kgakololo e e molemo. Go na le mabaka a le mantsi a go bo re rialo. Ela tlhoko mabaka ano a mabedi. La ntlha, Jehofa o na le maitemogelo a a sa tshwaneng le a ga ope a go nna motsadi. (Pes. 36:9) La bobedi, kgakololo e a re nayang yone ka metlha e re solegela molemo.—Isa. 48:17.

5. (a) Gubungano la Jehova lo shingisani ku batsha bazwadzi? (b) Se kwa kwa lakidziwa mu vidiyo, wa zwidiyani mu zila Nzwalani na Azwadzi Amorim ba ka kudza bana babo?

5 Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe go naya batsadi tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e ba ka e dirisang gore ba thuse bana ba bone go mo rata. (Math. 24:45) Ka sekai, o ka fitlhela kgakololo e ntsi e e mosola mo motseletseleng wa ditlhogo tsa “Go Thusa Lelapa” o o neng o tlhaga mo makasineng wa Tsogang! ka dingwaga di le dintsi, o gone jaanong o leng teng mo websaeteng ya rona. Gape go na le dibidio tse dintsi mo jw.org/tn tse di ka thusang batsadi gore ba dirise kgakololo e Jehofa a ba nayang yone ya go godisa bana ba bone. *Diane 2:4-6.

6. Nlume ngwe u no zwihwa chini ne se kwa iye ne nkadzi uwe ba ka batshiwa ne butungamili gwe gubungano la Jehova?

6 Batsadi ba le bantsi ba ne ba re ba lebogela thuso e Jehofa a ba neileng yone a dirisa phuthego ya gagwe. Rre mongwe yo o bidiwang Joe a re: “Go ruta bana ba le bararo boammaaruri, ga go motlhofo. Nna le mosadi wa me re rapela Jehofa ka metlha gore a re thuse. E bile re a tle re re setlhogo sengwe kgotsa bidio nngwe e tlile ka nako e re neng re e tlhoka gore e re thuse go fenya boemo bongwe jo re neng re na le jone. Ka metlha re ikaega ka kgakololo e Jehofa a re nayang yone.” Joe le mosadi wa gagwe ba lemogile gore ditlhogo le dibidio tseo di thusa bana ba bone gore ba atamalane le Jehofa.

7. Ini bazwadzi ba ka fanila yela njele zila ya ba no zwibata nayo mbeli kwe bana babo? (Baroma 2:21)

7 Molaomotheo 2: Tlhoma sekao se se molemo. Bana ba leba batsadi ba bone e bile gantsi ba a ba etsa. Boammaaruri ke gore ga go na motsadi ope yo o se nang boleo. (Bar. 3:23) Le fa go ntse jalo, batsadi ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhomela bana ba bone sekao se se molemo. (Bala Baroma 2:21.) Rre mongwe o bua jaana ka bana: “Ba tshwana le dipontšhe tse di monyang sengwe le sengwe.” Gape o ne a re: “Ba tlile go re bolelela fa re sa dire dilo tse re ba rutang gore ba di dire.” Ka jalo, fa e le gore re batla gore bana ba rona ba rate Jehofa, re tshwanetse go nonotsha tsela e re mo ratang ka yone re bo re dira gore e bonale sentle.

8-9. Wa zwidiyani mu na cha ka lebgwa na Andrew na Emma?

8 Go na le ditsela tse dintsi tse batsadi ba ka di dirisang go ruta bana ba bone go rata Jehofa. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Andrew yo o nang le dingwaga di le 17 a re: “Ka metlha batsadi ba me ba ne ba nthuta gore go rapela go botlhokwa thata. Maitseboa mangwe le mangwe, Papa o ne a tla go rapela le nna le fa gone ke ne ke setse ke rapetse. Batsadi ba me ba ne ba tle ba reye nna le bokgaitsadiake ba re: ‘Lo ka bua le Jehofa gantsi kafa lo ka kgonang ka gone.’ Seo se ne sa dira gore thapelo e nne botlhokwa thata mo go nna. Gone jaanong go motlhofo gore ke rapele e bile ke tsaya Jehofa e le Rre yo o nthatang.” Batsadi, ka metlha gakologelwang gore tsela e lo ratang Jehofa ka yone, e ka thusa bana ba lona gore le bone ba mo rate.

9 Ela tlhoko maitemogelo a ga Emma. Fa rraagwe a ne a tlogela lelapa la bone, o ne a kolota batho ba le bantsi madi a mmaagwe a neng a tshwanelwa ke go a duela. Emma a re: “Gantsi Mama o ne a sa nne le madi a a lekaneng, le fa go ntse jalo ka metlha o ne a re Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe. Tsela e a neng a tshela ka yone e ne e mpontsha gore ruri o dumela se a neng a se bua. Mama o ne a dira se a neng a se nthuta.” Ke eng se re se ithutang mo kgannyeng eno? Batsadi ba ka tlhomela bana ba bone sekao se se molemo le fa maemo a le thata.—Bagal. 6:9.

10. Bunji gwe bazwadzi be Baiziraele gwa ka be ne zwibaka zwipi zwe ku lebesana ne bana babo? (Ditironomi 6:6, 7)

10 Molaomotheo 3: Bua le bana ba gago ka metlha. Jehofa o ne a laela Baiseraele ba bogologolo gore ka metlha ba rute bana ba bone ka ene. (Bala Duteronome 6:6, 7.) Mo letsatsing, batsadi bao ba ne ba na le ditshono tse dintsi tsa go bua le bana ba bone le go ba thusa go rata Jehofa. Ka sekai, mosimanyana wa Moiseraele o ne a ka fetsa diura di le dintsi a thusa rraagwe go jala dijalo kgotsa go roba. Kgaitsadie o ne a ka fetsa nako e ntsi a thusa mmaagwe go roka, go loga le go dira ditiro tse dingwe tsa mo lelapeng. Fa batsadi le bana ba ntse ba bereka mmogo, ba ne ba ka kgona go tlotla ka dikgang tse dintsi tsa botlhokwa. Ka sekai, ba ne ba ka tlotla ka tsela e Jehofa a leng molemo ka yone le kafa a neng a thusa lelapa la bone ka gone.

11. I chibaka chipi chingwe chi nga shingisiwa ne bazwadzi ku lebesana ne bana babo?

11 Metlha e fetogile. Mo dinageng di le dintsi, batsadi le bana ga ba kgone go fetsa nako e ntsi mmogo mo letsatsing. Batsadi ba ya tirong, mme bana bone ba ya sekolong. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go leka ka natla gore ba nne le nako ya go bua le bana ba bone. (Baef. 5:15, 16; Bafil. 1:10) Ba ka bona nako eo fa ba tshwara kobamelo ya lelapa. Mokaulengwe yo mosha yo o bidiwang Alexander a re: “Ka metlha Rre o dira dithulaganyo tsa gore re nne le kobamelo ya lelapa, e bile ga a letle sepe gore se re kgoreletse go fetsa nako eo mmogo. Morago ga kobamelo ya lelapa, re bua ka sengwe le sengwe se re amegileng ka sone.”

12. Nsholo we nsha wa ka fanila kumbulilani ha a ka bata namato ye nsha?

12 Fa e le gore o tlhogo ya lelapa, o ka dira eng gore bana ba gago ba itumelele kobamelo ya lelapa? O ka ithuta le bana ba gago o dirisa buka e ntšha e e kgatlhang ya Itumelele go Tshelela Ruri! Buka eno e dira gore go nne motlhofo gore o tlotle le bana ba gago. O batla gore bana ba gago ba go bolelele se ba se akanyang le se ba tshwenyegileng ka sone. Ka jalo, o se ka wa dirisa kobamelo ya lelapa go ba tshwayatshwaya diphoso kgotsa go ba kgalemela. E bile o se ka wa galefa fa ka dinako dingwe bana ba gago ba bua sengwe se se sa dumalaneng le se Baebele e se rutang. Go na le moo, itumelele gore ba go boleletse se ba se akanyang, mme o ba kgothaletse gore ba tswelele ba dira jalo. O ka kgona go thusa bana ba gago fa fela o itse gore ba ikutlwa jang.

Batsadi ba ka dirisa popo jang go ruta bana ba bone ka dinonofo tsa ga Jehofa? (Bona serapa 13)

13. Bazwadzi ba na zwibaka zwingwe zwipi zwa ba nga batsha bana babo ku be pejo na Jehova?

13 Batsadi, batlang ditshono tse dingwe tsa go thusa bana ba lona go atamalana le Jehofa. Lo se ka lwa emela fela thuto e e rulagantsweng ya Baebele gore lo ba rute ka Modimo wa rona yo o lorato. Mmê mongwe yo o bidiwang Lisa a re: “Re dirisitse sengwe le sengwe se se re dikologileng go ruta bana ba rona ka Jehofa. Ka sekai, fa ntša ya rona e dira sengwe se se tshegisang bana ba rona, re ne re ba bolelela gore seo se bontsha gore Jehofa ke Modimo yo o itumetseng e bile o dirile gore le rona re itumelele dilo tse di tshegisang.”

Batsadi, a lo itse ditsala tsa bana ba lona? (Bona serapa 14) *

14. Ini i li chithu chikulu mu bazwadzi ku batsha bana babo ku shalula bakhwinya ne buchenjedu? (Zwiani 13:20)

14 Molaomotheo 4: Thusa bana ba gago go tlhopha ditsala tse di siameng. Lefoko la Modimo le re bolelela gore ditsala tsa rona di ka re tlhotlheletsa go dira dilo tse di siameng kgotsa tse di sa siamang. (Bala Diane 13:20.) Batsadi, a lo itse ditsala tsa bana ba lona? A lo kile lwa ba bona, lwa bo lwa fetsa nako le bone? Lo ka thusa bana ba lona jang gore ba nne le ditsala tse di ratang Jehofa? (1 Bakor. 15:33) Lo ka ba thusa ka go laletsa batho ba ba atamalaneng thata le Jehofa gore ba tle go fetsa nako le lona le bana ba lona lo dira dilo mmogo.—Pes. 119:63.

15. Bazwadzi ba nga batsha bana babo chini kuti ba be ne bakhwinya ba ka lulwama?

15 Rre mongwe yo o bidiwang Tony o tlhalosa se ene le mosadi wa gagwe ba se dirileng go thusa bana ba bone gore ba nne le ditsala tse di siameng. A re: “Ka dingwaga di le dintsi, nna le mosadi wa me re ne re laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba farologaneng kwa legaeng la rona. Bangwe ba bone ba ne ba le bagolo mme ba bangwe ba ne ba le bannye. Re ne re ja le bone re bo re tshwara kobamelo ya lelapa le bone. Eno ke tsela e e molemo ya go itse ba ba ratang Jehofa le ba ba mo direlang ba itumetse. Re ne ra laletsa balebedi ba potologo, barongwa le ba bangwe kwa legaeng la rona. Bana ba rona ba ne ba ithuta go le gontsi ka maitemogelo le matlhagatlhaga a bone le tsela e ba neng ba direla Jehofa ka yone, e bile seo se ne sa ba thusa go atamalana le Jehofa.” Batsadi, ikemisetseng go thusa bana ba lona go nna le ditsala tse di siameng.

U SI ZWITOBOKE!

16. Ku yingwi ha ngwana e lamba shingila Jehova?

16 O ka dira eng fa ngwana wa gago a go bolelela gore ga a batle go direla Jehofa le fa gone o mo tseetse matsapa? O se ka wa tsaya gore ga o motsadi yo o molemo. Jehofa o neile mongwe le mongwe wa rona, go akaretsa le ngwana wa gago, mpho ya go itlhophela e leng bokgoni jwa go tlhopha gore a re tla direla Modimo kgotsa nnyaa. Fa e le gore ngwana wa gago o tlogetse go direla Jehofa, nna o solofetse gore letsatsi lengwe o tla itharabologelwa. Gakologelwa setshwantsho sa morwa yo o latlhegileng. (Luke 15:11-19, 22-24) Lekawana leo le ne la dira dilo tse dintsi tse di bosula, mme kwa bofelong le ne la itharabologelwa. Bangwe ba ka nna ba re: “Seo ke setshwantsho fela, ga se selo sa mmatota se se diragetseng.” Mme e re ka o le motsadi, gongwe o ipotsa jaana: “A tota ngwanake a ka boela kwa go Jehofa?” Ee a ka boa! Tota e bile, seo ke se se neng sa direga ka lekawana le le bidiwang Elie.

17. Cha ka shingikalila Elie cho ku simisa chini?

17 Elie o bua jaana ka batsadi ba gagwe: “Ba dirile ka natla go nthusa go rata Jehofa le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Le fa go ntse jalo, fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka simolola go tsuologa.” Elie o ne a simolola go dira dilo tse di sa siamang mo sephiring mme a se ka a reetsa batsadi ba gagwe fa ba leka go mo thusa gore a tswelele a atamalane le Jehofa. Fa a sena go tswa kwa gaabo, o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang. Mme gone, ka dinako dingwe o ne a tle a bue le nngwe ya ditsala tsa gagwe ka Baebele. Elie a re: “Fa ke ntse ke bolelela tsala ya me ka Jehofa, seo se ne se dira gore ke akanye thata ka Jehofa. Peo ya boammaaruri e e neng e sa gole e batsadi ba me ba neng ba lekile go e jala mo pelong ya me, e ne ya simolola go gola ka iketlo.” Fa nako e ntse e tsamaya, Elie o ne a boela kwa go Jehofa. * Ruri batsadi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela tota gore ba ile ba leka go mo ruta go rata Jehofa go tloga a sa le monnye!—2 Tim. 3:14, 15.

18. U no zwihwa chini ne kwe bazwadzi ba no thama cha ba nga khona ku diya bana babo ku da Jehova?

18 Batsadi, Jehofa o lo neile tshiamelo e e itumedisang ya go godisa bana ba lona gore e nne kokomana e ntšha ya batho ba ba obamelang Jehofa. (Pes. 78:4-6) Eo ga se tiro e e motlhofo, mme re lo akgolela matsapa a lo a tsayang a go thusa bana ba lona! Fa lo dira sotlhe se lo se kgonang go thusa bana ba lona go rata Jehofa le go ba godisa ka go ba otlhaya le go ba kaela ka tsela e Jehofa a batlang ka yone, lo ka tlhomamisega gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o tla itumela.—Baef. 6:4.

LUMBO 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

^ Batsadi ba Bakeresete ba rata bana ba bone fela thata. Ba dira ka natla gore ba ba neye dilo tse ba di tlhokang le gore ba itumele. Sa botlhokwa le go feta, batsadi bao ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa bana ba bone gore ba rate Jehofa. Setlhogo seno se tlile go tlotla ka melaometheo ya Baebele e le menê e e ka thusang batsadi gore ba fitlhelele mokgele oo.

^ Leba bidio ya setlhogo se se reng “Jehofa o re Rutile go Godisa Bana ba Rona” e e mo jw.org/tn.

^ Bala setlhogo se se reng, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 1, 2012.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Rre o tshameka le morwawe le tsala ya morwawe baseketebolo gore a kgone go itse tsala ya ngwana wa gagwe.